LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/15 ts. 15-20
  • Go Bona Boitumelo mo Lefokong la ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bona Boitumelo mo Lefokong la ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhagolela Boikutlo jo bo Tshwanetseng
  • Dira Gore o Fenye Mathata
  • Tlhokafalo ya go Tlhatlhanya
  • Go Ithuta—Go Mosola e Bile go Monate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Latela Sekao sa Dikgosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tokafatsa Tsela e o Ithutang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Ithuta go a Duela
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/15 ts. 15-20

Go Bona Boitumelo mo Lefokong la ga Jehofa

“Go segō monna eo . . . go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa.”​—PESALEMA 1:1, 2.

1. Ke bomang bao ba abetsweng go ruta ba bangwe “dilō tse di senocweñ” ke Jehofa?

EREKA “dilō tse di senocweñ” di le botlhokwa jaana gore re bolokwe, Jehofa gantsi o ile a abela batho ba ba nang le boikarabelo go nna barutisi ba boammaaruri jo bo senotsweng. (Duteronome 29:29) Kwa Iseraele, Baperesiti le Balefi ba ne ba dira seabe seno. (Lefitiko 10:8-11; 2 Ditihalō 35:3) Batsadi ba Baiseraele, le bone, ba ne ba ruta bana ba bone ka sebele. (Duteronome 11:19; Diane 6:20) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., bagolwane bao ba tlhophilweng ka tshwanelo ba ne ba direla jaaka barutisi mo phuthegong ya Bakeresete ba ba tloditsweng, mme batsadi ba Bakeresete ba ne ba kgothalediwa go laya bana ba bone. (Baefesia 6:4; 1 Timotheo 3:2; 2 Timotheo 2:2) Go feta moo, Mokeresete mongwe le mongwe o ne a ikarabelela go itsise dilo tse di senotsweng tsa ga Jehofa go bao ba neng ba santse ba le ka kwantle ga phuthego ya Bokeresete.​—Ditihō 1:8.

2. A go lekane go ikaega ka ba bangwe go re ruta Lefoko la ga Jehofa? Tlhalosa.

2 A mme go lekane go ikaega ka ba bangwe go re ruta Lefoko la Modimo? Nnyaa. Mongwe le mongwe wa rona le ene o a ikarabelela ka namana go ithuta “dilō tse di senocweñ” ke Jehofa. Ka gone, mopesalema o ne a kwalela Baiseraele ka ene jaana: “Go segō monna eo . . . go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa; me o akanya mo molaoñ oa gagwè motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Moaposetoloi Petere, le ene, o ne a kgothaletsa baobamedi ka ene, ka go kwala jaana: “Hèla yaka banyana ba e leñ gōna ba tsalwañ, lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere, gore lo tlè lo golèlè polokoñ ka aōna.”​—1 Petere 2:2.

3. Tshekamelo ya tlholego ya ba le bantsi tebang le go ithuta e tlhokang?

3 O leba jang go ithuta Bibela? Fa e le gore o nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, kwantle ga pelaelo o utlwa metlotlo e mentsi e e molemo e e thailweng mo Bibeleng. Mme fa e le gore o ‘godiseditswe mo boammaaruring,’ jaaka bangwe ba rialo, kwantle ga pelaelo batsadi ba gago ba go rutile “dilō tse di senocweñ” ke Jehofa tse dintsi. Mme mo godimo ga seo, a o ithuta Bibela ka namana? Mopesalema ka phepafalo o ne a ipelela mofuta oo wa go ithuta, mme gongwe wena ka namana ga o go fitlhele go le motlhofo. Fa e le gore go ntse jalo, ga o esi. Lebaka la go bo Petere a ne a tlhotlhelediwa go kgothaletsa badumedi ka ene gore ba “tlhologèlèlwe’ . . . mashi a semōea [lefoko, NW]” le akantsha gore go ithuta ka namana go ne go se kitla go itlela fela ka tlholego mo go ba le bantsi. Mme re ka ithuta go go ipelela. Jang?

4. Ke setshwantsho sefe seo se bontshang gore thuto ya botho e ka dirwa gore e ikuele segolo?

4 Mme, go tweng fa e le gore o ne o laetswe gore o epe mosima o o boteng fa fatshe? Kwantle ga fa e le gore ka tlholego o ne o rata go dira tiro e e boima, ya matsogo, o ne o se kitla o lebelela pele go dira tiro eo. Mme a re re gongwe o ne o boleletswe gore go na le mahumo ao a epetsweng mo mmung oo? Jaanong tiro ya go epa e ne e se kitla e lebega e le boima go le kalo! Gongwe e ka nna ya nna monate, jaaka o tla bo o lebeletse pele go epolola mahumo ao a fitlhilweng. Ka mo go tshwanang, le eleng fa o sa rate go ithuta ka tlholego, go ithuta go ka kgatlhisa le go nna monate fa o na le boikutlo jo bo tshwanetseng. Mme go na le ditsela tsa go nna le boikutlo jono.

Tlhagolela Boikutlo jo bo Tshwanetseng

5, 6. Tlhalosa mangwe a masego a a sa tshwaneng le ape ao re ka a bonang ka Lefoko la ga Jehofa le le senotsweng.

5 Santlha, ka metlha re tshwanetse go gakologelwa mahumo ao re nang le one mo Bibeleng. Moaposetoloi Paulo o ne a akgela jaana: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le kicō ea Modimo!” (Baroma 11:33) Maikaelelo a ga Jehofa, ao a senotsweng kgato ka kgato mo diketeketeng tsa dingwaga, a jesa kgakge, a re bulela tsholofelo eo e leng molemo fela jaaka e tlhomame. Kgakololo ya go tshela eo Jehofa a dirileng gore e kwalwe mo Bibeleng ka metlha e tla tlisa katlego fa e dirisiwa. (2 Timotheo 3:16) Ga go gakgamatse go bo mopesalema a ile a opela a re: “Go bolèlèsèga ga mahoko a gago, goa senola; go tlo go nee ba ba sa tlhalehañ tlhaloganyō”!​—Pesalema 119:130.

6 Go feta moo, Bibela e na le megopolo ya Modimo, mme ka go iphepa ka megopolo eno, re a mo atamela. (Yakobe 4:8) Gape, re romilwe gore re rute ba bangwe go nna barutwa ba ga Jesu. (Mathaio 28:19, 20) Ereka Bibela e le sedirisiwa sa rona sa konokono mo tirong eno, re tshwanetse go e ithuta gore re ke re e dirise ka tshwanelo. (Baefesia 6:17; 2 Timotheo 2:15) Sa bofelo, go tlatsa megopolo ya rona ka megopolo e e thailweng mo Bibeleng go a re sireletsa, go re thusa go tsamaya mo bothokgaming jwa rona le go tila dipelaelo tseo di koafatsang tumelo le megopolo e e phoso.​—Diane 4:5, 6; 20:7; Bafilipi 4:8.

7, 8. Malebana le “dilō tse di senocweñ,” ke ka ntlhayang fa re segofaditswe segolo gompieno go gaisa ka moo batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng ba neng ba ntse ka gone?

7 Gape, tlhokomela gore gompieno re kgona “go tlhaloganya le baitshepi botlhe yo e leñ boatlhamō, le bolele, le bogodimo, le boteñ” jwa boammaaruri ka tsela eo batlhanka ba Modimo ba neng ba sa kgone go dira ka yone mo nakong e e fetileng. (Baefesia 3:14-18) Mme gakologelwa gore, Aberahame o ne a tlogela motse wa ga bone mme a ya go tshela botshelo jwa gagwe mo ditenteng lemororo le ka motlha mo botshelong jwa gagwe a ne a se kitla a bona tiragatso ya ditsholofetso tsa Modimo. (Bahebera 11:8-10) Mme Daniele o ne a kopa kutlwisiso ya diponatshegelo tse a neng a di bone mme o ne a bolelelwa gore: “Mahoko a cwalecwe, a kanelecwe go ea go hitlha mo motlheñ oa bokhutlō.” (Daniele 12:8, 9) Gompieno, Losika loo Aberahame a neng a lo lebeletse ga lo bolo go tlhaga. Jaanong, re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” fa bokao jwa bontsi jwa seo Daniele a se boneng bo ileng jwa tlatselediwa mo kutlwisisong ya rona ya “dilō tse di senocweñ.”

8 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “E le polokō e baperofeti ba kileñ ba botsa, ba ba ba kèlèka ka tlhōahalō kaga eōna, eboñ bōnè ba ba boleletseñ pele kaga tshegōhaco e e neñ e tla tla mo go lona: Ga senolèlwa bōnè bauō ha ba sa itihele, me ba dihèla lona ka dilō tseuō, . . . e le dilō tse baengele ba eletsañ go leba mo go cōna.” (1 Petere 1:10, 12) Ereka jaanong Jehofa a tshololetse lesedi mo dilong tse dintsintsi jaana tseo baperofeti bao ba pele ba neng ba tlhologeletswe go di itse, a ka boammaaruri re anaaneleng dinnete tseno mme re seka ra di tlhaetsa matlho.

9, 10. Ke dikao dife tseo di tshwanetseng go re dira gore re anaanele kgololesego eo bontsi jwa rona bo nang le yone ya go kopanela mo thutong ya botho ya Bibela?

9 Go bona boikutlo jo bo siameng, re tshwanetse go lemoga ka moo ba bangwe ba ileng ba tshwanelwa ke go lwa ka thata ka gone e le gore ba ithute Bibela. Ka motlha wa ga William Tyndale, e ne e le bokebekwa gore Moesemane ope a rekise, a reke, kana a bale phetolelo nngwe ya Dikwalo tsa Segerika ka puo ya gagwe. John Foxe, moreri wa lekgolo la dingwaga la bo-16 wa Mo-Puritan, o ne a bega seo se neng se diragala fa Moporesetanta yo o sa tswang go sokololwa bosheng a ne a tsenya Dibibela ka bokukuntshwane mo Spain. O ne a senolwa le go fisediwa mo mokgorong, mme ba le 800 ba bao ba neng ba reka Dibibela ba ne ba tshwarwa. Ba le masome a mabedi ba ne ba gadikelwa mo ditlhabong. Ba bangwe ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong botshelo jotlhe, ba bediwa mo pepeneneng, kana ba romelwa kwa mekorong. Ba sekae ba ne ba gololwa.

10 Mo metlheng ya segompieno, le gone, Basupi ba ga Jehofa ka dinako dingwe ba ile ba tshwanelwa ke go ithuta Bibela ba lebane le dikotsi tse di diphatsa. Fa ba le mo dikampeng tsa pogisetso kana mo dikgolegelong, ba ile ba itsenya mo kotsing ya go otlhaiwa kana ya loso ka go nna le Bibela. Morongwa mongwe, yo o neng a latlhetswe mo kgolegelong ya bojosi ka ntlha ya tumelo ya gagwe, o ne a kwala dikwalo tsotlhe tseo a neng a kgona go di gakologelwa mme morago ga moo a bo a tlhatlhoba dikarolo tsa “bodumedi” mo makwalo-dikgannyeng go bona ditemana tseo di neng di tlhola di tlhaga tseo di ntshitsweng mo Bibeleng. Ka dingwaga di le dintsi, eo e ne e le yone fela tsela eo a neng a ka fitlhelela Bibela ka yone. Ee, fa Bibela e thibetswe, Bakeresete ba dira bojotlhe jwa bone gore ba e bale. A rona ga re a tshwanela go dira ka natla ka mo go tshwanang fa, mo makgetlong a le mantsi, seo re tshwanetseng go se dira fela e le go otlolola letsogo le go e folosa mo motlobong wa rona wa dibuka?

11. A lebaka la gore tshedimosetso nngwe go tlotliwa ka yone kgapetsa le re dira gore re se amege go le kalo ka go ithuta Bibela?

11 Bangwe ba ile ba bolela gore ba kgona go araba dipotso tseo di leng mo makasineng wa Tora ya Tebelo kwantle ga bothata bope jo bo kalo ka gonne dintlha tse dingwe di a boelediwa. Ka ntlha ya moo, ga ba bone tlhokego ya thuto ya botho. Mopesalema o ne a rata dikgakololo tsa ga Jehofa, mme le rona re tshwanetse. (Pesalema 119:119) Gakologelwa, lefatshe le tswela pele le re gobelela ka maaka a le mangwe fela a boitshwaro jo bo sa siamang, le a go rata dilo tse di bonalang. Jalo re tshwanetse go nonotsha megopolo ya rona kgatlhanong le one ka dikgakololo tsa Bibela tseo di boelediwang.

Dira Gore o Fenye Mathata

12. Neela dikakantsho dingwe tse di mosola tsa go fenya bothata jwa go bona nako ya go ithuta Bibela

12 Motho yo o nang le boikutlo jo bo siameng ka go ithuta Bibela ka gale o tla bona tsela ya go ithuta, mme seno se ka se nne motlhofo. Go ka nna ga nna le mathata ao a tshwanetseng go fenngwa. Ka sekai, ke kae mo botshelong jwa gompieno jo bo tshwaregileng re bonang nako ya thuto ya botho gone? Kgato ya ntlha mo go rarabololeng bothata jono ke go lemoga gore go ithuta Bibela go a tlhokafala, jaaka bodihedi jwa tshimo le go nna gone kwa dipokanong. (1 Timotheo 4:15) Jaanong re ka tlhatlhoba thulaganyo ya rona ya letsatsi le letsatsi go go bonela sebaka. Bangwe ba kgona go ithuta fa ba tsamaya ka dipalangwa tsa botlhe. Ba bangwe ba reetsa mmalo wa Bibela o o gatisitsweng fa ba kgweetsa kana ba ntse ba bereka fa gae. Go na le bao ba ithutang ka nako ya bone ya dijo tsa motshegare kwa tirong. Ba bangwe ba tsoga esale gale go sekae mo mosong mme ba ithute go sekae pele ga thulaganyo ya letsatsi le letsatsi e simologa kana ba dirisa nako ba ithuta mo maitseboeng morago ga bana ba sena go ya go robala. Gantsi re tshwanetse go swela nako molemo go tswa mo ditirong tse dingwe tsa rona​—gongwe le eleng go tswa mo dinakong tsa boitapoloso—​gore re ithute. (Bakolosa 4:5) Mme ba bantsi ba fitlhela gore ka bonako fela ga ba tlhole ba tlhoka mefuta e mengele eo ya boitapoloso kgapetsa jaana ka ntlha ya gore go ithuta ka bogone go a ba lapolosa.

13. Re ka thusiwa jang gore re tlhome mogopolo mo go seo re se ithutang?

13 Bangwe ba fitlhela go tlhoma mogopolo mo sengweng ele bothata. Go thata mo go bone go emisa go akanya ka mathata a bone a letsatsi le letsatsi le go tlhoma mogopolo mo thutong ya Bibela. Thapelo e ka thusa go fenya seno. Pele ga o simolola go ithuta, ke ka ntlhayang fa o sa leboge Jehofa ka ntlha ya dilo tseo a di senotseng mme o mo kope gore a go thuse gore o tlhome mogopolo mo go tsone le gore o lemoge botlhokwa ma tsone? (Bafilipi 4:6; 2 Timotheo 2:7) Thapelo e e ntseng jalo e dumalana ka botlalo le thato ya ga Jehofa ka rona. (1 Yohane 5:14) Boikgapo, le jone, ke jwa botlhokwatlhokwa, segolo-bogolo fa e le gone o simololang. (1 Bakorintha 9:25) Baberea ba ne ba tlhatlhoba Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. (Ditihō 17:10, 11) Sekao sa bone ke se se molemo. Go ithuta ka metlha go tla akofa go nna go go kgatlhisang, mme gongwe o tla simolola go go lebelela pele, eseng go go dira ka go ikgoga.

14. Ke ka ntlhayang fa tikologo e e didimetseng e eletsega fa re kopanela mo thutong ya botho?

14 Go tlhoma mogopolo mo sengweng gape go thusiwa ke go nna le boemo jo bo tshwanetseng go go dikologa. Isake o ne a tswela kwa ntle kwa nageng fa ne a batla go tlhatlhanya​—kgakala le medumo-dumo ya ditente. (Genesise 24:63) Go boammaaruri, ga se botlhe ba rona bao ba ka bonang lefelo la go ithuta leo le senang dikgoreletsi jaaka naga e e atlhameng go ithutela mo go yone, mme ka metlha re ka fokotsa dikgoreletsi go re dikologa. Go ithutela fa pele ga thelebishine e e tshamekang kana seletso se se dirang modumo kafa morago ga go kitla go nna le matswela le eseng​—kana go kgatlhisa—​mo bōemong jwa go ithutela mo lefelong leo go didimetseng mo go lone. Ka metlha ga re kake ra tswa mo dikgoreletsing, mme bontsi jwa rona ka tlhomamo bo ka bona sekhutlonyana sengwe seo se didimetseng go ithutela mo go sone.

15. Ditsela dingwe tse di sa gagamalang go le kalo tsa go bona kitso ya Bibela ke dife?

15 Go ka nna ga nna le bothata jo bongwe: Bangwe ba ka nna ba seka ba itse ka moo ba ka ithutang ka gone. Mo matsatsing ano segolobogolo, ga go kake ga tlhaediwa matlho gore bana ba ithuta go bala kwa sekolong, mme bao ba tlogetseng sekolo mo lobakeng lo lotelele lo lo fetileng ba ka nna ba bo ba latlhegetswe ke mokgwa wa go ithuta. Mme, tota, go ithuta ga go boima go le kalo. Go ka nna motlhofo fela jaaka go bala ditlhogo tseo di go kgatlhang mo bukeng ya Aid to Bible Understanding kana go bala New World Translation Reference Bible. Go reetsa dikgang tsa Bibela tse di gatisitsweng mo ditheiping tsa dikhasete kana go nna o itirela dipatlisiso ka namana ke ditsela tse dingwe tsa go ithuta. A o kile wa leka go latlhela bofofu fela mo ditokololong tsa nako e e fetileng tsa makasine wa Tora ya Tebelo kana Awake! le go bala ditlhogo tseo di go kgatlhang? Ke boammaruri gore, seno ga se thuto e o tlhomang mogopolo mo go yone, mme e tla go thusa go godisa boitumelo jwa gago mo Lefokong la ga Jehofa.

16. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna bofe fa re ithutela Thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo?

16 Mme go tweng ka go ithuta go go gagametseng go se kae, jaaka, ka sekai, fa o baakanyetsa Thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo? Mo thutong e e ntseng jalo, moithuti o tshwanetse go nna le maitlhomo mangwe mo mogopolong. Maitlhomo a mofuta ofe? Mo kgannyeng ya go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo, o tshwanetse a batla go bona selekanyo se se rileng sa molemo go tswa go “diyō ka dipaka tse e leñ cōna” tseo di baakanyediwang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mme gape o tshwanetse a batla go thusa ba bangwe ka ditlhaloso tsa gagwe kwa dipokanong. (Mathaio 24:45) A ka dira seno jang? Ga go na ditao dipe, mme go na le dikakantsho tse di latelang:

17, 18. (a) Neela dikakantsho dingwe tsa ka moo seithuti se ka baakanyetsang Thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo ka gone. (b) Neela dikakantsho tse dingwe tseo o fitlhetseng di le mosola mo thutong ya botho. (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

17 Santlha, bala setlhogo sotlhe, gongwe ka bonako fela morago ga fa o sena go amogela sekaelo sa gago sa Tora ya Tebelo. Go bala goo ga ntlha go ka nna ga tsaya metsotso e le 20 fela, mme go tla go neela mogopolo ka kakaretso wa dintlha tsa konokono le mooko wa setlhogo seo. Fa go tla nako ya go ithuta ka tlhoafalo, dula fa fatshe ka Bibela ya gago le pene kana sengwe seo se tshwayang. Morago ga moo, bala serapa sa ntlha ka kelotlhoko, o lemoga dintlha tsa konokono le tsela eo dintlha di neelwang ka yone. Tlhatlhoba dikwalo dipe tseo di tlhagang tse di sa tsopolwang mo serapeng mme o bone fa e le gore o ka kgona go lemoga lebaka la go bo di thathamisitswe foo. Morago ga moo, bala potso ya serapa seo mme o bone gore a o itse karabo ya yone. Fa o sena go bona karabo, thalela mafoko a sekae mo serapeng seo ao a tla go gakololang karabo eo fa o le kwa Thutong ya Tora ya Tebelo. Kafa thoko, gape o ka nna wa batla go dira dintlhanyana tse dikhutshwane kaga dikwalo tseo o di lebileng, dintlha tseo o batlang go dira patlisiso e e oketsegileng mo go tsone, jalo le jalo.

18 Fa o sena go fetsa setlhogo seo sotlhe ka tsela eno, leba dipotso tseo di leng mo lebokosong le le rutang kwa bofelong jwa setlhogo seo mme o bone fa e le gore o tlhalogantse dintlha tsa konokono. Fa e le gore go na le dipotso dipe tse o sa kgoneng go di araba, tlhatlhoba gape mo setlhogong seo go iponela karabo. Fa o dira seno matsatsi a se makae pele ga Thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo, o ka nna wa go fitlhela go le molemo go latlhela bofofu mo setlhogong seo ka letsatsi leo se ithutiwang ka lone go se ikgakolola.a

Tlhokafalo ya go Tlhatlhanya

19.Go tlhatlhanya go ka thusa jang go godisa go rata Lefoko la Modimo?

19 Gakologelwa gore go ithuta go tshwanetse ga akareletsa go tlhatlhanya. Go ithuta kwantle ga go tlhatlhanya go tshwana le go ja kwa ntle ga go sila dijo. Ka gone, tlhatlhanya ka seo o ithutang ka sone. Leka go se nyalanya le dilo tse dingwe tseo o di itseng. Se ama botshelo jwa gago jang? O ka se dirisa jang go thusa ba bangwe? (Diane 15:28) Ithute go tlhokomela mabaka a konokono. Bua le ba bangwe kaga seo o se ithutang. Abalana diphitlhelelo tsa gago tse disha le ba bangwe. (Diane 27:17) Seno, le sone, se tla godisa boitumelo joo o bo fitlhelang mo Bibeleng.

20. Tlhalosa kanaanelo e e boteng eo Kgosi Dafide a neng a na le yone mo Lefokong la ga Jehofa le le senotsweng.

20 Kgosi Dafide o ne a na le kanaanelo e e tlhomologileng ka Lefoko la ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “Molaō oa ga Yehofa o itekanetse, o rudisa mōea: chupō ea ga Yehofa e tlhōmamō, e tlhalehisa ba ba sa tlhalehañ. Ditaeō tsa ga Yehofa di siame, di itumedisa pelo: taolō ea ga Yehofa e itshekile, e tsenya matlhō lesedi. Poihō ea ga Yehofa e ntlè, e nntse ka bosakhutleñ: dikatlholō tsa ga Yehofa di boamarure, di siame hèla gotlhe. Di eletsèga bogolo go gouda, E, bogolo go gouda e ntsi, e e bontlè bogolo: e bile di botshe bogolo go dinotshe, le bogolo go lomepa loa dinotshe.”​—Pesalema 19:7-10.

21. Ke ditshegofatso dife tseo re tla di robang fa re godisa lorato lwa mmatota mo ‘dilong tse di senotsweng’ ke Jehofa?

21 Ka go latela kgakololo ya pesalema ya ntlha, le go ithuta Bibela ka metlha, le wena, o tla nna le kanaanelo ya mofuta ono mo ‘dilong tse di senotsweng’ ke Jehofa. Mme seno, le sone, se tla go gogela kwa goreng o ipelele tshegofatso eo e e solofeditsweng mo pesalemeng eo mo mothong yoo boitumelo jwa gagwe bo leng mo Lefokong la ga Jehofa: “O tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ mo dinokaneñ tsa metse, se se uñwañ louñō loa shōna mo motlheñ oa shōna, se lekakaba ya shōna, le yeōna, le se keñ le shwaba; me leha e le eñ se o se dihañ se tla segōhala. . . . Yehofa [o] itse tsela ea basiami.”​—Pesalema 1:3, 6.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona dikakantsho malebana le dintlha tse dingwe tsa go ithuta le ka moo o ka baakanyetsang dipuo ka gone, bona buka ya Watch Tower ya Buka ea Tataiso ea Sekolo sa Boboleli sa Puso ea Leholimo.

O ka Tlhalosa Jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go sa lekana go ikaega ka ba bangwe fela go re ruta Lefoko la Modimo?

◻ Ke masego afe ao re tla a amogelang ka go nthuta Bibela?

◻ Nako ya go ithuta Bibela e ka bonwa jang?

◻ Dingwe tsa dithuso tsa go tlhoma mogopolo fa re ithuta ke dife?

◻ Maitlhomo a rona e tshwanetse go nna afe fa re baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Batho ba ile ba swela go bala Bibela

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re tshwanetse go bona nako ya go sekaseka Lefoko la Modimo golo gongwe mo matshelong a rona a a tshwaregileng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela