‘Nna o Sena Selabe, O Sena Molato, O le mo Kagisong’
“Lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.”—2 PETERE 3:14.
1, 2. Boitshepo ke eng?
JEHOFA MODIMO o boitshepo. Morwawe, ebong Jesu Keresete, e ne ya re fa a rapela a lebisa go ene jaaka “Rara eo o boitshèpō.” (Yohane 17:1, 11) Mme ebile dibopiwa tsa semoya mo legodimong di tlhalosiwa jaaka tse di reng: “Go boitshèpō, go boitshèpō, go boitshèpō Yehofa oa mashomōshomō.” (Isaia 6:3) Mme boitshepo ke eng?
2 Mareo “boitshepo” le “go itshepa” a ranotswe go tswa mafokong a Sehebera ao a ka rayang “go phatsima,” “go shafala kana go itekanela, go sa leswafala kana go nna phepa” mo mmeleng. Lefa go ntse jalo, kafa Dikwalong, mafoko ano a dirisediwa thatathata kafa tseleng ya boitsholo kana ya semoya. Sehebera sa pelepele le sona se lere kgopolo eno ya kgaogano, go felela, kana go itshepela Modimo o o boitshepo, Jehofa. Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, le gone, mafoko ao go tweng “boitshepo” le “go itshepa” a kaya go farologanyediwa Modimo. A dirisediwa gape go lebisa boitshepong jaaka nonofo ya ga Jehofa, gammogo le boitsheko kana boitekanelo mo boitshwarong jwa motho ka sebele. Jalo boitshepo bo raya bophepa, boitsheko, le go itshepa
Boitshepo bo a Tlhokafala Mo Bathong ba ga Jehofa
3. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a tlhoka kobamelo e e phepa?
3 Ke eng he, se se bolelwang ke polelo eno ya selegodimo: “O boitshèpō, o boitshèpō, o boitshèpō, Morèna Modimo, Mothataeotlhe”? (Tshenolō 4:8) Aitsane, seno se kaya fa Modimo a le boitshepo, a le phepa ka selekanyo se se kwa godimo! Ka gone, Jehofa, “Moitshepi,” o tlhoka kobamelo e e phepa. (Diane 9:10) Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a laela moperofeti Moshe go raya Baiseraela a re: “Lo tla nna boitshèpō: ka gonne Nna Yehofa Modimo oa lona ke boitshèpō.”—Lefitiko 19:1, 2.
4. Go ke kgonega jang fela go obamela Jehofa kafa tshwanelong?
4 Mongwe le mongwe yo o iphakang gore o direla Jehofa tirelo e e boitshepo mme a ntse a tsweletse ka go sa nneng phepa o ferosa sebete mo matlhong a gagwe, ka go bo ke fela ka botlhale jwa bomodimo le boitshepo go ka kgonegang gore o mo obamele ka tsela e a e amogelang. (Diane 20:25; 21:27) Ka gone, fa Modimo a ne a bolelela pele gore o tla bulela batho ba gagwe ba ba isitsweng botshwaro tsela ya go boela Jerusalema go tloga Babelona, o ne a re: “Go tla bidiwa tsela ea boitshèpō; ba ba sa itshèkañ ga ba ketla ba tla ka eōna.” (Isaia 35:8) Masalela ao a neng a boa ka 537 B.C.E. a ne a dira jalo ka maitlhomo a a boitshepo, go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri ya “Moitshepi.” Mme Baiseraele ba ka bo ba ile ba itshupa ba le boitshepo ka go utlwa Modimo. Mme ba ne ba palelwa ke go ipoloka ba le boitshepo, ba sa mathwa ke sepe fa pele ga one.—Bapisa Yakobe 1:27.
5. Paulo o ne a bontsha jang gore Baiseraele ba semoya ba tshwanetse go obamela Modimo ka boitshepo?
5 Baiseraela ba semoya, kana Bakeresete ba ba tloditsweng, le bone ba tshwanetse go obamela Jehofa ka boitshepo. (Bagalatia 6:16) Mabapi le seno, moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene ‘go ntsha mebele ya bone setlhabelo se se tshedileng, se se itshekileng, le se se lebosegang mo Modimong.’ Go dira seno badumedi bano ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlhomamisa gore ba ne ba dira thato ya bomodimo, ka go bo Paulo o ne a oketsa a re: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.”—Baroma 12:1, 2.
6. Ke eng seo Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go itisa go sone?
6 Mo nakong eno ya koketsego, ba le bantsi ba basha ba thelesegela mo phuthegong ya ga Jehofa. Le bone, ba obamela Jehofa ka boitshepo. Abo ba ipela jang ne go bo ba na le tebelelo ya go falola “sepitla se segolo” le go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise mo tsamaisong e e ntšha ya Modimo ya tshiamo! (Mathaio 24:21; Luke 23:43) Mme fa e le gore ba ba nang le tsholofelo ya selegodimo le “boidiidi yo bogolo” jo bo nang le tsholofelo ya selefatshe ba tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng, ba tshwanetse ba itisa kgatlhanong le mekgwa lefa e ka nna efe e e leswafatsang kana sepe fela se se ka neng se thulana le maitsholo a a kafa Dikwalong le dithuto.—Tshenolō 7:9, 14.
7. Ke eng se Petere a neng a se bolela se se supang gore go tlhoma sekao “mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō” go a tlhokafala?
7 Fa a ne a lebisa motlheng wa rona, moaposetoloi Petere o ne a kwala a re: “Letsatsi ya Morèna le tla tla yaka legodu; me mo go yeōna magodimo [mebuso ya selefatshe] a tla nyèrèga ka mogote o o tukañ, le lehatshe [mokgatlho wa batho o o ikgogonneng mo Modimong] le ditihō [maikutlo a selefatshe le ditsela] tse di mo go yeōna di tla lailwa ke molelō” go sha fela jaaka “magodimo” le “ditihō” mo ‘molelong’ o o senyang wa letsatsi la ga Jehofa. Jalo Petere o ne a oketsa a re: “Ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo, ye e leñ yeōna magodimo ka a sha a tla nyèrègañ ka yeōna, le dipopō tsa magodimo a tla tlhapologa ka mogote o o tukañ?” Ee, Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhoma sekao mo “go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō.” Mme bao ba tshegetsang boitshepo ba ka lebelela go bona sebaka se se bolokesegileng mo teng ga “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” tsa tshiamo. (2 Petere 3:7, 10-13) Abo e le ditebelelo tse di molemo-lemo jang ne!
8. Ke eng se Mokeresete a tlhokang go se dira fa a fapogile mo tseleng ya boitshepo?
8 Lefa go ntse jalo, go tweng fa Mokeresete e ka re a sena go dira sentle mo tirelong ya ga Jehofa ka lobakanyana mme ya re moragonyana a simolola mekgwa e e leswafatsang kana a fapaana le dithuto tsa motheo tsa Bibela kana maitsholo? He jaanong o fapogile tsela ya boitshepo mme o tlhoka go bontsha boikotlhao jwa boammaaruri mme a tseye dikgato tse di tshwanetseng go alafa seo. Ke fela jaaka Paulo a ne a bolelela batlodiwa ka ene a re: “Ereka re na le dipolèlō tse tsa choloheco, a re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Mokeresete mongwe le mongwe yo o tlhokang go siamisa tsela ya gagwe ya boganana o tla fitlhela kgakololo ya Dikwalo ya balebedi ba ba lorato e le lesego e le ruri.—Diane 28:13; Yakobe 5:13-20.
9. Go ya ka 2 Petere 3:14, ke potso efe e e tsogang?
9 Morago ga go bua kaga tsamaiso e ntšha ya tshiamo, Petere o ne a oketsa: “Baratwa, ereka lo lebeletse dilō tse, lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.” (2 Petere 3:14) Mafoko ao a ne a lebisitswe go Bakeresete ba ba tloditsweng, mme ruri basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira gore ba fitlhelwe ‘ba sena selabe, ba sena molato, ba le mo kagisong.’ Jalo, re tshwanetse go dirang?
‘Go Senang Selabe le Molato’
10. Ke jang ba “boidiidi yo bogolo” ba tlhatswitseng “dikobō” tsa bone mo mading a ga Jesu?
10 Re tshwanetse go dira maiteko otlhe go fitlhelwa re sena ‘selabe le molato.’ Ba “boidiidi yo bogolo” ba ‘tlhatswitse dikobo tsa bone ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.’ Ka nako nngwe, ba ne ba le bontlhanngwe jwa lefatshe le le leofileng mme dikobo tsa bone tsa boikgethololo di ne di mathilwe ke lone, di le leswe mo ponong ya ga Jehofa. Ba ne ba tlhatswa dikobo tsa bone jang gore di nne ditshweu-tshweu mo ‘mading a ga Kwana,’ ebong Jesu Keresete? Ka go bontsha tumelo ya bone gore ‘ga go na boitshwarelo bope kwantle ga go tshololwa ga madi’ le gore Jesu ke “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.” (Tshenolō 7:9, 14; Bahebera 9:22; Yohane 1:29, 36) Ba dirile seno ka boineelo jo bo feletseng mo Modimong le go bo tshwantshetsa ka kolobetso, go nwediwa gotlhelele mo metsing. Boineelo jo bo ntseng jalo bo tshwanetswe go dirwa ka Jesu Keresete le ka tlhatswegopelo ya gore madi a gagwe a a tsholotsweng a kgonisa gore Modimo a itshwarele maleo a bone le go dira gore ba amogelesege mo ponong ya Gagwe.
11. Ereke jaana boleo bo senya kagisano ya rona le Jehofa, re tshwanetse ra nna mo boemong bofe?
11 “Boidiidi yo bogolo” bo tshwanetse go boloka “dikobō” tsa bone di sweufetse ka go sa mathiwe ke boselefatshe mme ka gone ba latlhegelwa ke botho jwa bone jwa Bokeresete le go kgethololwa jaaka basupi ba Jehofa a ba amogelang. Tota ruri, Bakeresete botlhe ba mmatota ba tshwanetse go ithiba mo go mathiweng ke ditsela tsa lefatshe, ke ditiro, le maikutlo. Ereka boleo bo kgoreletsa kagisano ya rona le Jehofa, ke fela ka go nna mo boemong joo maleo a rona a ka tlosiwang re ka fitlhelwang re le “mo kagishoñ” fa “letsatsi ya Modimo” le tla. Ga re a tshwanela go nna le dilabe dipe tsa ditlwaelo tsa bodumedi jwa maaka kana boitsholo jwa lefatshe leno jo bo sa siamang.
12. 2 Petere 2:13 e ka dirisiwa jang le eleng mo phuthegong ya Bokeresete?
12 Gore motho a nne a sena selabe lefa e le molato go raya gore a nne le boitshwaro le maikutlo ao a farologaneng le a “baruti ba e señ bōnè” bao Petere a neng a kwala ka bone a re: “[Ke] batho ba ba kaeañ, go re, ke monate go tlhapèlwa go le motshegare; ke dilabe le dicubaba, ke ba ba tlhapèlwañ mo medihoñ ea bōnè ea dithatō, ka ba ya modihō le lona.” (2 Petere 2:1, 13) Ee, le eleng mo teng ga phuthego re tshwanetse ra itisa mo barutising ba maaka “ba ba kaeañ go re, ke monate go tlhapèlwa go le motshegare.” Mo motshegareng, fa go ka dirwa go le gontsi go solegela ba bangwe molemo kafa semoyeng, batho ba eseng ba semoya ba ka nna ba tshwarega mo tirong e e phoso, go akareletsa le tlhapelo le go ja le go nwa mo go feteletseng. Ba ka nna ba leka go fetolela ditiragalo tse di ntseng jalo tsa bommogo jaaka mediro ya manyalo go nna dipaka tsa mmino o o tsosang kgotelo, go tantsha moo go tsosang kgotelo ya nama, bohatlha, le go nwa dino tsa tagi ka mo go feteletseng. Ga go a tshwanelwa go dumelela sepe sa tseno go diragala gareng ga batho ba ga Jehofa.—Isaia 5:11, 12; bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1984, dits. 16-22.
13. Ke eng seo molaletsi a ka se dirang gore kokoano ya bommogo e nne e e agelelang kafa semoyeng?
13 Molaletsi kwa dikokoanong tsa bommogo ke ene a ikarabelang ka se se diragalang koo. Gore tiragalo e agelele semoyeng, go botlhale go lekanyetsa bogolo jwa yone le go sa laletse lefa e le ope yo o ka nnang a tlisa tlhotlheletso e e seng phepa. Jaaka mafoko a ga Paulo go 2 Timotheo 2:20-22 a supa, ga se gore botlhe ba ba kopanelang le phuthego go raya gore ke balekane ba ba eletsegang. Ka jalo, molaletsi wa Mokeresete ga a tlamege go laletsa batho bao go itsegeng gore ga ba laole puo ya bone kana ba ja le go nwa mo go feteletseng. O gakologelwa gore ‘lefa re ja lefa re nwa kana re dira sepe se sele, re tshwanetse ra direla tsotlhe go galaletsa Modimo.’—1 Bakorintha 10:31.
14. Ke boemo bofe jo bo tshwanetseng go tsewa mabapi le barutisi ba maaka?
14 Ke ba se kae fela ba ba leng ‘dilabe le ditshubaba, ba ba tla tsenyang dithuto tse di senyang’ fa ba ntse ba kopanela le rona. Mme balebedi le ba bangwe mo phuthegong ba tshwanetse go tlhagafala, ba ganana gotlhelele le baruti bano ba maaka bao ba ka nnang ba kukunela mo phuthegong mme ba leke go etleetsa boitsholo jo bo sa siamang kana thuto ya motheo e e phoso. (Yude 3, 4) Ke fela ka go ineela thata mo ditekanyetsong tsa tshiamo tsa Modimo go ka kgonegang gore re boloke phuthego e sena selabe ebile e sena molato.
Ke Eng se se Tlhokwang go Nna “mo Kagishoñ?”
15. (a) Motho o ka bona jang kagisano le Modimo? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se dira go fitlhelwa re le“ mo kagishoñ” fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le tla?
15 Gore ba fitlhelwe ba le“ mo kagishoñ,” batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go agisana le ene. (2 Petere 3:14) Re ile ra newa boemo jono ka Jesu Keresete, yo ka ene moaposetoloi Paulo a neng a kwala a re: “E ne e le mo go kgatlhileñ Rara, gore botlalō yotlhe bo agè mo go èna; Le gore a itetlanyetsè dilō cotlhe ka èna, ka a dihile kagishō ka madi a mokgōrō oa gagwè; ka re, ka èna, leha e ka ne e le dilō tse di mo lehatshiñ, kgotsa dilō tse di kwa magodimoñ.” (Bakolosa 1:19, 20) Maleo a a masisi a senya kamano ya motho le Jehofa le go dira gore motho yoo a tlhajwe ke segakolodi, a tshwenyege, lemororo ba ba reetsang ditaolo tsa Modimo bone ba na le kagiso. (Pesalema 38:3; Isaia 48:18) Go fitlhelwa “mo kagishoñ” fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le tla, he, re tshwanetse ra nna mo poifongmodimo eo e dirang gore maleo a rona a tlosiwe ka madi a a tshololetsweng mo mokgorong a ga Jesu.
16. Go ya ka moaposetoloi Paulo, re ka latelela kagiso jang le badumedi ka rona?
16 Re tshwanetse gape ra agisana le baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa. Paulo o ne a kgothatsa a re: “A re lateleñ dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.” Mokwalo ka kakaretso o bontsha gore re tshwanetse ra itisa gore re se kgopise badumedi ka rona malebana le dijo, dino, kana lefa e le eng. (Baroma 14:13-23) Mme go na le se sengwe se se fetang seo, ka go bo Paulo o ne a raya Bakeresete ba Baefesia a re: “Ke gōna, . . . ke lo rapèla thata, gore lo sepelè mo go chwanetseñ picō e lo bidicweñ ka eōna, Ka boikokobeco yotlhe le bonōlō, le ka bopelotelele, ka go iphapaanyana mo loratoñ; Le ka go tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.” (Baefesia 4:1-3) Tota ruri, re tla batla go bontsha kutlwano ka go tila mafoko a a senyang kagiso le ditiro le ka go ema re nonofile jaaka batshegetsi ba bolaodi jwa ga Jehofa.
17. Go ya ka 1 Petere 3:10-12, ke eng se se kopanyelediwang mo go ‘batleng kagiso’?
17 ‘Go batla kagiso’ ruri go tlhoka gore re itise mo ditirong tsa rona le mo mafokong a rona, ka go bo moaposetoloi Petere o ne a kwala a re: “Eo o eletsañ go rata botshelō, le go bōna metlha e e molemō, a kganèlè loleme loa gagwè mo boshuleñ, le molomo oa gagwè, gore o se bue boherehere bopè: Me a a hapogè boshula, a dihè molemō; a a batlè kagishō, me a a e latèlèlè. Gonne matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ, le ditsèbè tsa gagwè mo mekokotleloñ ea bōnè: me sehatlhōgō sa ga Yehofa se bihetse ba ba dihañ boshula.” (1 Petere 3:10-12; Pesalema 34:12-16) Ka ditsela tse di farologaneng he, batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetse go tswelela pele ba ‘batla kagiso’ fa e le gore ba tla fitlhelwa ba le “mo kagishoñ.”
Ikaege ka Thuso ya ga Jehofa
18. Ke eng se re ka se dirang fa e le gore ditsela tsa selefatshe, ditiro, kana maikutlo di ikuela mo go rona?
18 Petere o ne a supa gore “dipopō,” eleng moya wa selefatshe, kana maikutlo le ditsela, di tla “tlhapologa,” kana go senngwa, mo ‘letsatsing la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:7, 10) Mme re ka dirang fa e le gore ditsela tsa selefatshe, ditiro, kana maikutlo di ikuela mo go rona? Tota ruri, re tshwanetse go sola molemo thata dipaakanyetso tsa semoya tse di dirilweng ka phuthego ya ga Jehofa. Se sengwe gape, re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka dikgatiso tsa Bokeresete tse di baakanyeditsweng ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Re tshwanetse gape go tswelela re bontsha tebogo mo paakanyetsong ya thekololo, ebong “madi a a tlhōkègañ, ekete a kwanyana e e senañ bogōlè, leha e le selabe,” eleng a ga Jesu.—1 Petere 1:18, 19.
19 Thapelo e ka thusa jang fa e le gore re tlhotlhelediwa ke maikutlo a selefatshe?
19 Re tshwanetse ra rapela gore Modimo a re thuse gore re “latèlè tshiamō.” (1 Timotheo 6:11-14) Fa re lemoga gore maikutlo a lefatshe a a re tlhotlheletsa, kana fa modumedi mongwe ka rona yo o lorato a re tlhokomedisitse seno, go tla bo go le botlhale go bua kaga bothata jono ka tlhamalalo mo dithapelong tsa rona ka go kopa Jehofa gore a re thuse go fenya ditshekamelo tseno. Tota ruri, go tla bo go tshwanetse go kopa moya wa Modimo gore o re thuse go tlhagolela loungo lwa ona lo lo sa tshwaneng le maikutlo a selefatshe le ditsela. (Bagalatia 5:16-26; Pesalema 25:4, 5; 119:27, 35) Jehofa o ka re thusa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di tshiamo, tse di boitsheko, tse di molemo, le tse di nang le pako. Mme ebile abo go tshwanela jang ne go mo kokotlelela ka tlhoafalo gore “kagishō ea Modimo” e e senang bolekanngo e dihele dipelo tsa rona le megopolo! (Bafilipi 4:6, 7) Jalo he, ditlhobaelo, dithaelo, le tse dingwe tse di tshwanang ga di kitla di gola go ya ntlheng ya go se laolesege. Go na le moo, matshelo a rona a tla nna le tshisibalo e e tswang mo Modimong. Ruri, “‘ba ba ratañ molaō [wa ga Jehofa] ba na le kagishō e kgolo.”—Pesalema 119:165.
Nna o ‘Sena Selabe, O Sena Molato, O le mo Kagishong’
20. Ke ka ntlhayang fa re ka bolela gore boemo jwa go nna o sa leswafala kafa semoyeng bo ka kgonega?
20 Ka boitumelo, botlhe ba ba mo teng ga phuthego ya ga Jehofa, go akareletsa le ba basha ba ba tsenang mo teng, ba ka amogelwa ke Modimo. (Ditihō 10:34, 35) Ka thuso ya ga Jehofa, go ka kgonega go ‘ikgaoganya le boikepo le dithato tsa lefatshe’ le go tshela jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse (Tito 2:11-14) Lemororo pele re ne re ikgogonne mo go Jehofa, mme ebile megopolo ya rona e ne e le mo ditirong tse di boikepo, re ile ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa ga Keresete. Jalo boemo jwa go senang molato mo semoeng bo ka kgonega, fa fela re ka tswelela mo tumelong mme re sa tlosiwe mo tsholofelong ya mafoko a a molemo.—Bakolosa 1:21-23.
21. Ke jang kgabagare re ka fitlhelwang ‘re sena selabe, re sena molato, ebile re le mo kagisong?’
21 Ka thuso ya ga Jehofa, Lefoko la gagwe, le phuthego ya gagwe, re ka nna re sa mathiwa gope ke lefatshe le go leswafadiwa ke ditsela tsa lone, ditiro, le maikutlo. Ka gone re ka itse gape le kagiso ya boammaaruri. Ee, ka go nnela ruri mo kobamelong ya rona e e boitshepo ya ga Jehofa, e ka re kgabagare ra fitlhelwa re sena selabe, ‘re sena molato, ebile re le mo kagisong.’
O Arabela Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go tlhokwa boitshepo mo bathong ba ga Jehofa?
◻ Re ka nna jang re sena selabe lefa e le molato?
◻ Ke eng se se tlhokafalang go nna “mo kagishon”?
◻ Re ka bontsha ka ditsela dife gore re ikaegile ka thuso ya Modimo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16 le 17]
Dikarolo tsa go ipoloka ‘o sena selabe, O sena molato, o le mo kagisong’
Go direla Modimo ka boineelo jwa pelo yotlhe
Go tlhagolela botho jwa Bokeresete
Go nna le bokopano jo bo agelelang kafa semoyeng
Go batla go agisana le Modimo ka thapelo