Go Itekanedisa Boitshepo ka Poifomodimo
“A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.”—2 BAKORINTHA 7:1.
1. Re itse jang gore baengele ba maemo a a kwa godimo ba tlotla boitshepo jwa ga Jehofa?
JEHOFA ke Modimo o o boitshepo. Baengele ba maemo a a kwa godimo kwa legodimong ba bolela seo ka papamalo. “Go boitshèpō, go boitshèpō, go boitshèpō, Yehofa oa mashomōshomō; lehatshe yeotlhe le tletse kgalalèlō ea gagwè.” Eo e ne e le kgoeletso e e tsosang maikutlo ya boserafa eo e neng ya bonwa ke moperofeti Isaia mo ponatshegelong mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Johane o ne a bona diponatshegelo tsa seo se neng se tla diragala ka “letsatsi ya Morèna,” leo re leng mo go lone jaanong. O ne a bona ditshedi tse nne di dikologile setulo sa ga Jehofa sa bogosi mme a utlwa di goa di sa kgaotse di re: “O boitshèpō, o boitshèpō, o boitshèpō, Morèna Modimo Mothataeotlhe, eo o na a nntse a leeō, le eo o leeoñ, le eo o tlañ.” Dikgoeletso tse di boaboelediwang gararo tseno tse di dirwang ke dibopiwa tsa semoya tsa selegodimo tsa ga Jehofa di otlelela boitshepo jo bogolo jwa Mmopi.—Isaia 6:2, 3; Tshenolō 1:10; 4:6-8.
Boitshepo le go Tlhaolega
2. (a) Ke dikarolo dife tse di leng gone tsa boitshepo, mme Jehofa o boitshepo jang mo dikarolong tseno ka bobedi? (b) Moshe o ne a gatelela boitshepo jwa ga Jehofa jang?
2 Go nna boitshepo ga go reye fela go nna phepa le go itsheka mo tumelong mme go raya go tlhaolega, kana go kgethega. Jehofa o phepa ka mo go tlhomologileng, kana o itshekile; mme gape o tlhaolega gotlhelele mo medimong yotlhe e e maswe ya merafe. Karolo eno ya go itshepa ga gagwe, kana go kgethega ga gagwe, e ne ya otlelelwa ke Moshe fa a ne a opela jaana: “Yehofa emañ eo o chwanañ nau mo medimoñ? Emañ eo o chwanañ nau, u le kgalalèlō mo boitshepoñ?”—Ekesodo 15:11.
3. Ke ka ditsela dife Baiseraele botlhe ba neng ba tlhoka go nna boitshepo, mme Jehofa o ne a ba thusa jang mo go seno?
3 Modimo o o boitshepo Jehofa o ne o batla gore Baiseraele ba bogologolo, ba e neng e le batho ba gagwe ba mo lefatsheng, ba nne boitshepo. Seno se ne se batliwa eseng fela mo baperesiting le mo Balefing mme le mo morafeng otlhe. Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Bua le phuthègō eotlhe ea bana ba Iseraela, o ba reè, u re, Lo tla nna boitshèpō: ka gonne Nna Yehofa Modimo oa lona ke boitshèpō.” (Lefitiko 19:2) Tumalanong le seo, Jehofa o ne a ba naya melao e e tla ba thusang go nna phepa mo semoyeng, mo boitsholong, mo tlhaloganyong, mo mmeleng, le mo meletlong ya bone, seno sa bofelo e le seo se neng se le mabapi le kobamelo ya bone kwa motlaaganeng mme, moragonyana, kwa tempeleng.
Batho Ba Ba Lomolotsweng
4, 5. (a) Baiseraele ba senama e ne e le morafe o o boitshepo jang? (b) Ke eng se se tlhokegang mo Iseraeleng wa semoya, mme moaposetoloi Paulo o tlhomamisa seno jang?
4 Go sala ga Baiseraele melao ya Modimo morago go ne go tla ba tlhomolola mo merafeng e e makgapha e e neng e ba dikologile. Ba ne ba bonala sentle jaaka batho ba ba lomolotsweng, kana ba ba kgethetsweng tirelo ya Modimo o o boitshepo Jehofa. Moshe o ne a ba boleletse gore: “U chaba e e itshepetseñ Yehofa Modimo oa gago; Yehofa Modimo oa gago o gu itshenketse gore u nnè chaba ea gagwè e e tlhaolegileñ, go heta dichaba cotlhe tse di mo lehatshiñ.”—Duteronome 7:6.
5 Go nna phepa le go tlhaolega go go ntseng jalo go a tlhokega le mo Iseraeleng wa semoya. Moaposetoloi Petere o ne a kwalela ba ba tlhopilweng go nna Iseraele wa semoya jaana: “Lo nnè yaka bana ba ba utlwañ, lo sa ipope kaha dithatoñ tsa lona tsa galè, tsa motlha oa go tlhōka go itse ga lona: Me yaka eo o lo biditseñ a le boitshèpō, le lona lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga lona; Ka go kwadilwe, ga twe, Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.”—1 Petere 1:1, 14-16.
6, 7. (a) Maloko a “boidiidi yo bogolo” a tlhalosiwa jang mo go Tshenolō kgaolo 7, mme go tlhokwa eng mo go bone? (b) Ke eng seo se ileng go sekasekiwa mo dirapeng tse di latelang?
6 Mo go Tshenolō kgaolo 7, maloko a “boidiidi yo bogolo” a tlhalosiwa a “eme ha pele ga setulō sa bogosi, [sa ga Jehofa] le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu,” mme ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” (Tshenolō 7:9, 14) Dikobo tsa bone tse ditshweu di tshwantshetsa boemo jwa bone jo bo phepa, jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa, joo a bo ba nayang ka ntlha ya tumelo ya bone mo mading a a gololang a ga Keresete. Ka phepafalo, he, ga se Bakeresete ba ba tloditsweng fela bao ba tshwanelwang ke go nna phepa mo semoyeng le mo boitsholong go re ba obamele Jehofa ka tsela eo a e amogelang mme le ba “dinku di sele” le bone ba tshwanetse go dira jalo.—Yohane 10:16.
7 A jaanong re sekasekeng ka moo batho ba Modimo ba nako e e fetileng ba neng ba tshwanetse go itshupa ba le phepa le boitshepo ka gone le gore ke ka ntlhayang melao-metheo e e tshwanang e dira mo bathong ba Modimo ba gompieno.
Bophepa jwa Semoya
8. Ke ka mabaka afe Baiseraele ba neng ba tshwanetse go itomolola mo ditumelong tsa Bakanana?
8 Baiseraele ba senama ba ne ba tshwanetse go ipoloka ba le phepa ka mo go feletseng ba farologane le merafe e e neng e dira ditiro tse di maswe tsa bodumedi. Fa a bua ka Moshe, Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “U itisè, u se ka ua diha kgōlaganō le banni ba lehatshe ye u eañ kwa go yeōna, gore e se ka ea nna seru mo gare ga lona: Lo tla rutla dibesho tsa bōnè [tseo ba neng ba di dirisa malebana le kobamelo e e makgapha ya tlhakanelo-dikobo], lo thubaganyè dihikancwe tse di motloutlō tsa bōnè, lo rèmè medimakō ea bōnè. Gonne ga u ketla u ōbamèla modimo opè o sele; gonne Yehofa eo leina ya gagwè go tweñ, Kelehuha, ke Modimo o o lehuha rure [kana, “Modimo o o batlang kobamelo e e kgethegileng,” New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase]: U ka tla ua diha kgōlaganō le banni ba lehatshe, ua akahalèla medimo ea bōnè, ua isetsa medimo ea bōnè chupèlō.”—Ekesodo 34:12-15.
9. Ke ditaolo dife tse di gagametseng tseo masalela a a ikanyegang a a neng a tswa kwa Babelona a neng a di fiwa ka 537 B.C.E.?
9 Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa moperofeti Isaia go lebisa mafoko ano a boperofeti go masalela a a ikanyegang ao a neng a tla tswa kwa Babelona a boela kwa Juda: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa [tseo di neng di tla dirisediwa go tsosolosa kobamelo e e itekanetseng kwa tempeleng ya Jerusalema].”—Isaia 52:11.
10, 11. (a) Ke ditaolo dife tse di tshwanang tseo di neng tsa fiwa Iseraele wa semoya mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.? (b) Ditaolo tseo di ile tsa latelwa jang segolo bogolo go tloga ka 1919 le 1935, mme batlodiwa le balekane ba bone ba itshola ba le phepa mo semoyeng ka tsela efe e nngwe gape?
10 Ka mo go tshwanang, Baiseraele ba semoya gammogo le balekane ba bone ba tshwanetse go itshola ba sa leswefadiwa ke ditumelo tse di obamelang medimo ya disetwa tsa lefatshe leno. Fa a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng kwa phuthegong ya Korintha, moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana: “Tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa? gonne rona re tempela ea Modimo o o tshedileñ; hèla yaka Modimo o rile, Ke tla aga mo go bōnè, ke ba ke tsamaea mo go bōnè; me ke tla nna Modimo oa bōnè, me ba tla nna batho ba me. Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ke loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla.”—2 Bakorintha 6:16, 17.
11 Go tloga ka 1919 maloko a masalela a a tloditsweng a a phepafaditsweng le go ntlafadiwa a ile a gololwa mo ditumelong tsa Babelona o Mogolo tse di seng phepa, le tse di obamelang medimo ya disetwa. (Malaki 3:1-3) Ba ile ba utlwa pitso eno ya selegodimo: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshenolō 18:4) Go tloga ka 1935 boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” jo bo oketsegang ka tsela e e tshwanang bo ile jwa utlwa pitso eno mme jwa tlogela ditumelo tse di seng phepa tsa Sebabelona. Batlodiwa le balekane ba bone le bone ba itshola ba le phepa mo semoyeng ka go tila bokopano bope fela le dikgopolo tse di bodisang tsa batenegi.—Yohane 10:16; 2 Yohane 9-11.
Bophepa mo Boitsholong
12. (a) Jehofa o ile a tsholeletsa seemo sa boitsholo sa Baiseraele kwa godimo ga sa merafe e e neng e ba dikologile ka tsela efe? (b) Ke ditaolo dife tseo di neng di gagametse segolo bogolo mo baperesiting?
12 Jehofa o ne a tsholeletsa maemo a Baiseraele a boitsholo kwa godimo go feta boemo jo bo kwa tlase jwa merafe e e neng e ba dikologile, ka kgolagano ya Molao. Lenyalo le botshelo jwa lelapa di ne di sireleditswe mo Iseraele. Wa bosupa mo Melaong e e Lesome o ne o iletsa boaka. Boaka gammogo le kgokafalo di ne di otlhaelwa fela thata. (Duteronome 22:22-24) Molao o ne o sireletsa makgarebane. (Duteronome 22:28, 29) Melao ya lenyalo e ne e le e e gagametseng segolo bogolo mo baperesiting. Moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go tlhopha mosadi yo e leng lekgarebane le yo o itshekileng.—Lefitiko 21:6, 7, 10, 13.
13. Maloko a “monyadwi” wa ga Keresete a tshwantshiwa le mang, mme ka ntlhayang?
13 Ka mo go tshwanang, Moperesiti yo Mogolo, Jesu Keresete, o na le “monyadwi” yo o bopiwang ke Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000, bao ba tshwantshiwang le “makgarebane.” (Tshenolō 14:1-5; 21:9) Ba ipoloka ba sa leswefadiwa ke lefatshe la ga Satane mme ba nna ba itshekile mo go seo ba se rutang le mo boitsholong. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba kwa Korintha jaana: “Gonne ke lo tlhōahaletse ka tlhōahalō ea semodimo: gonne ke ne ke lo beeleletse monna a le moñwe hèla, gore ke tlè ke lo neèlè Keresete lo le kgarebane e e itshekileñ.” (2 Bakorintha 11:2) Paulo o ne a kwala gape jaana: “Keresete le èna [o] ratile phuthègō, me a intshetsa eōna: Gore a e itshepisè, a sena go e tlhapisa ka tlhapishō ea metse ka lehoko, Gore a tlè a ineè phuthègō, e le e e galalèlañ, e e senañ selabe, leha e le khuanō, leha e le sepè se se ka nnañ yalo; ha e se gore e nnè boitshèpō le botlhōka bogōlè.”—Baefesia 5:25-27.
14, 15. (a) Ke eng seo se tshwanetseng go tsamaisana le bophepa jwa semoya jwa setlhopha sa monyadiwa, mme ke lokwalo lofe lo lo bontshang seno? (b) Ke ka ntlhayang fa go phepafetse gore ditlhokafalo tse di tshwanang tsa go nna phepa mo boitsholong di tlhokwe le mo go ba dinku di sele?
14 Boitsheko jono jwa semoya jwa maloko a monyadiwa wa ga Keresete bo tshwanetse jwa fitlhelelwa ka go nna phepa mo boitsholong. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo. Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa, loa itshepisiwa.”—1 Bakorintha 6:9-11.
15 Seo se bontshang gore ditlhokafalo tsa go nna phepa mo boitsholong di tlhokwa gape le mo go ba dinku di sele go bonala fa go tlhokomelwa bao Jehofa a tla sekang a ba letla go tsena mo legodimong le lesha le lefatshe le lesha tseo di solofeditsweng. Re bala jaana: “Me kaga . . . ba ba mashwè, le babolai, le bagokahadi, . . . kabèlō ya bōnè e tla nna mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura; mo e leñ losho loa bobedi.”—Tshenolō 21:1, 8.
Lenyalo Le Le Tlotlegang
16, 17. (a) Ke dikwalo dife tseo di bontshang gore motho ga a patelediwe go nna a sa nyala e le gore a nne phepa mo boitsholong? (b) Mokeresete a ka bontsha go boifa Modimo jang fa a tlhopha molekane wa lenyalo, mme ke ka ntlhayang fa go tla bo go se botlhale go itlhokomolosa thibelo eno ya boaposetoloi?
16 Gore ba nne phepa mo boitsholong, maloko a a tloditsweng a setlhopha sa monyadiwa le ba dinku di sele ga ba patelediwe go nna ba sa nyala. Go patelediwa go nna o sa nyala ga se ga dikwalo. (1 Timotheo 4:1-3) Go tlhakanela dikobo mo kgolaganong ya lenyalo ke selo se se itshekileng. Lefoko la Modimo le bua jaana: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolao bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.”—Bahebera 13:4.
17 Lefa go ntse jalo, Mokeresete yo o batlang go ‘itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo’ ga a tshwanela go ikutlwa a gololesegile go nyala kana go nyalwa ke motho ope fela yo a mmatlang. Pele a naya Bakeresete-ka-ene kgakololo ya go ‘itsheka mo maitshekologong otlhe a nama le a moya, go itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo,’ moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? . . . kgotsa eo o dumelañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ?” (2 Bakorintha 6:14, 15; 7:1) Jaaka mongwe wa batho ba ga Jehofa ba ba tlhaolegileng le ba ba phepa, monna wa Mokeresete kana mosadi yo a batlang go nyala/nyalwa o tla amogela thibelo eno ya boaposetoloi ya go nyala “mo Moreneñ hèla,” ke gore, go tlhopha motho yo e leng motlhanka yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng, ebile e le yo o ikanyegang wa ga Jehofa. (1 Bakorintha 7:39) Jaaka mo nakong e e fetileng, go ntse jalo le gompieno, eleruri go tla bo go se botlhale gore batho ba ba ineetseng ba ba leng mo gare ga batho ba Modimo ba itlhokomolose kgakololo eno ya Dikwalo. (Bapisa Duteronome 7:3, 4; Nehemia 13:23-27.) Go tla bo go sa bontshe poifo e e molemo ya Mong wa rona yo Mogolo, Jehofa.—Malaki 1:6.
18. Ke ka tsela efe e nngwe gape Bakeresete ba ka tsholang manyalo a bone a tlotlega?
18 Mo godimo ga moo, kwa Iseraeleng, go ne go tlhomilwe melao e e neng e lekanyetsa tlhakanelo-dikobo le eleng mo sebofong sa lenyalo. Monna o ne a tshwanetse go ithiba mo go tlhakanelengdikobo le mosadi wa gagwe fa a ne a le mo kgweding. (Lefitiko 15:24; 18:19; 20:18) Seno se ne se batla kakanyetso e e lorato le boikgapo mo banneng ba Baiseraele. A Bakeresete le bone ga ba a tshwanela go akanyetsa basadi ba bone ka tsela e e tshwanang? Moaposetoloi Petere o bolela gore banna ba Bakeresete ba tshwanetse go tshedisana le basadi ba bone “kaha kicoñ,” ke gore, ka go itse popego ya bone jaaka “seyana se se señ thata.”—1 Petere 3:7.
Go Tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’
19, 20. (a) Tlhalosa tsela e e atlhameng eo e latelwang ke bontsi jwa batho. (b) Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go farologana jang le lefatshe la ga Satane? (c) Ke tsela efe ya mheru eo batho ba Modimo ba tsamayang mo go yone, e ne ya bulwa leng, mme ke bomang fela ba ba letlelelwang mo go yone?
19 Se se fa godimo se otlelela pharologano e e ntseng e golela pele eo e kgaoganyang batho ba ga Jehofa le lefatshe la ga Satane. Boitaolo le go tlhoka boitshwaro di ntse di oketsega mo tsamaisong ya jaanong ya lefatshe ya dilo. Jesu o ne a bua jaana: “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi.” (Mathaio 7:13) Bontsi jwa batho bo tsamaya ka tsela eo e kgolo. Fa re tsopola se se builweng ke moaposetoloi Petere, ke go tsamaya mo “bopepeñ, le mo dithatoñ, le mo go nweñ boyalwa, le mo ditlhapeloñ, le mo ditagoñ, le mo ditiheloñ tse di makgapha tsa medimo ea disètwa,” eleng tsela e e isang kwa “tlhapeloñ euō e e heteletseñ.” (1 Petere 4:3, 4) Phelelo ya yone ke tshenyego.
20 Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba Modimo, ba tsamaya mo tseleng e e farologaneng, tsela e e phepa eo e tsamaiwang ke batho ba ba phepa. Go bulwa ga tsela eno mo nakong eno ya bokhutlo go ne ga bolelelwa pele ke moperofeti Isaia, yo a neng a kwala jaana: “Le tsela ea mheru e tla nna gōna, le bohetō; me go tla bidiwa tsela ea boitshèpō; ba ba sa itshèkañ ga ba ketla ba tla ka eōna.” (Isaia 35:8) Fa e akgela ka boperofeti jono, buka Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō” e bua jaana: “Jalo ka 1919 go ne ga nna jaaka ekete tsela ya mheru ya tshwantshetso e ne e buletswe batlhanka ba Modimo ba ba itumetseng. Ba ba neng ba batla go nna boitshepo mo ponong ya ga Jehofa e ne e le bone ba ba neng ba tsamaya mo ‘tseleng ya mheru’ eo, ‘tsela ea boitshèpō.’ . . . Gompieno, kwa moragorago ga ‘bofelo jwa tsamaiso ya dilo,’ ‘tsela ea mheru’ eo e e baakanyeditsweng ke Modimo e ntse e bulegile. Bontsintsi jwa batho ba ba bontshang kanaanelo ba . . . tsena mo tseleng ya paradaise ya semoya, ‘tsela ea boitshèpō.’”a
21. Ke jang le gone ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go itlhaola mo bathong ba ga Diabolo, mme ke eng seo go tla tlotliwang ka sone mo setlhogong se se latelang?
21 Ee, masalela a a tloditsweng a Iseraele wa semoya le balekane ba bone, ba dinku di sele, ba itlhaotse jaaka batho ba ba tlhaolegileng mo lefatsheng la ga Satane gompieno, leo mo go lone kgopolo ya boitshepo e latlhegetsweng ke bokao. Ga go na sepe seo se leng boitshepo mo bathong ba ga Diabolo bao ba tsamayang mo ‘tseleng e kgolo e e isang tshenyegong.’ Ga ba a leswefala fela mo semoyeng le mo boitsholong mme ka ditsela tse dintsi ba leswafetse mo mmeleng, ba lebega botlhaswa, fa re bua di sekae fela. Lefa go le jalo, moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Setlhogo se se latelang se tla sekaseka ditsela tseo batho ba Modimo ba tshwanetseng go tlhokomela gore ba nne phepa mo mogopolong le mo mmeleng ka tsone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgaolo 16, ditsebe 134-5.
Dintlha tsa Poeletso
◻ Ke dikarolo dife tseo di leng gone tsa boitshepo, mme ke ka ntlhayang fa go ka twe Jehofa o boitshepo ka mo go tlhomologileng?
◻ Ke ka ditsela dife tse pedi tseo ka tsone Baiseraele ba neng ba tshwanetse go itshupa e le morafe o o boitshepo?
◻ Ke eng seo se tlhokegang mo Baiseraeleng ba semoya le balekane ba bone, ba dinku di sele?
◻ Go boifa ga rona Modimo go tshwanetse ga ama go tlhopha ga rona molekane wa lenyalo jang?
◻ Ke ditsela dife tse pedi tseo di ka latelwang gompieno, mme ke ka ntlhayang fa go tshwanetswe ga dirwa tlhopho e e phepafetseng?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Lefoko la Modimo le a re: “A nyalō e tlotlwè”