LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/1 ts. 21
  • ‘Yo o Bonang Botlhale o Bona Botshelo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Yo o Bonang Botlhale o Bona Botshelo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Patlisiso ya Boammaaruri e Duetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Go Ikemisetsa go Tshela ka Ditekanyetso tse di Siameng tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/1 ts. 21

Pego ya Baboledi ba Bogosi

‘Yo o Bonang Botlhale o Bona Botshelo’

“BOAMMAARURI bo gogela ‘batho ba mefuta yotlhe,‘ go tswa ditlhopheng tse di farologaneng tseo di dirang Naga ya Iseraela ya segompieno,ʺ ga kwala jalo ofisi ya lekala ya naga eo ya Mokgatlho wa Watchtower. Babatli bano ba boammaaruri ba ba pelo di ikanyegang ba tlhomamisediwa ka gore: “Eo o mpōnañ [botlhale bo kaiwa jaaka motho] o bōna botshelō, me o tla bōna botsalanō mo go Yehofa.” (1 Timotheo 2:4; Diane 8:35) Boitemogelo jwa mosadi mongwe mo Iseraela bo tshwantshetsa seno.

◻ Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a etela mmeeletsi mongwe wa Tora ya Tebelo mme a rulaganyetsa gore o tla mo tshwarela thuto ya Bibela. Mosadi yoo o ne a itumelela go tshwarelwa thuto. Moagelani wa gagwe o ne a utlwa kaga yone mme a nna gone. Moagelani “ka bofefo o ne a lemoga seno jaaka selo se a neng a ntse a se batla mo dingwageng di se kae tse di fetileng.” pego ya bolela. Mme abo a ile a dira diphetogo dile dintsi jang ne mo botshelong jwa gagwe! Ene le monna wa gagwe ba ne ba saletswe ke malatsi a se makae fela bo ba bona taolo ya gore ba tlhalane mme ba ne ba e fedisa mme ba agisana. O ne a tseneletse thata mo tepong-dinaledi le go dirisana le boloi mme o ne a latlha dibuka tsotlhe tse di tlhotlhwa-kgolo le sengwe le sengwe se se neng se amana le bodimona. O ne a simolola go nna gone mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le go bua le balosika le ditsala kaga tumelo ya gagwe e a e boneng bosheng. Mabapi le ditsala tseo di neng tsa mo latlhegela ka ntlha ya gona moo, a re: “Go bonala fa e ne e se ditsala tsa mmatota.”

Mosadi yono jaanong o neela bosupi ka tlhagafalo go bareki bao ba tlang go reka mo lebenkeleng la mo lapeng mme ebile o arola ka metlha mo go rereng mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo. Abo a itumelela jang ne go bo a bone botlhale le go bo a ithutile kaga dipaakanyetso tse di molemo-lemo tsa ga Jehofa tsa botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong ya gagwe e ntsha! Moagelani wa gagwe yo pele a neng a batla peeletso le ene o ile a tswelela ka go ithuta le go dira kgatelopele.

◻ Lloyd o nna mo Guyana. Mosepele wa gagwe wa go bona kgololesego ya bodumedi o ne o le moleele. O ne a o simolola fa a ne a le Mo-Presbyterian. O ne a nyala Mo-Hindu mme le ene a nna Mo-Presbyterian. “Ke ne ka kgopisiwa ke boitimokanyi jo bo neng bo le bogolo” mo kerekeng eo, a bolela jalo moragonyana. Jalo a retologela mo go nneng Mo-Iselamo, mme seno se ne sa seka sa kgotsofatsa keletso ya gagwe ya kgololesego. Morago ga moo o ne a leka go nna Mo-Hindu. Fa a sena go ithuta mo gontsi kaga go tsalwa gape le melao ya Karma, o ne a simolola go belaela dithuto tseno tsa motheo. O ne a fetogela mo Boselamoseng, a aga sebeso mme a tsenya lelapa la gagwe thuto eo. “Mme maitemogelo a a boifisang le a a tshosang ao ke neng ka nna le one le lelapa la me a ne a ntira gore ke latlhe bodumedi joo,” a bolela. O ne a tsaya tsela ya go rata dilo tse di bonalang, mme lelapa la gagwe le ne le “thubagana.” Jalo a re: “Ke ne ka rapela Modimo, Rara, Allah, le Ram ka mmolelela gore ke bua le Mmopi wa dilo tsotlhe. Ke ne ka mo itsise gore ke ne ke batla go mo itumedisa eseng motho.”

Ka nako eo, Mosupi mongwe wa ga Jehofa “yo o apereng sentle, yo o lentswe le le bonolo, yo o pelonomi” o ne a etela mo ntlong ya ga Lloyd mme a araba dipotso tsa gagwe ka mo go kgotsofatsang. Mosupi o ne a mo tlogelela buka e e reng, Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng le Bibela. Ka bonakonyana thuto ya Bibela e ne ya simololwa go tshwarelwa Lloyd le mosadi wa gagwe, mme ba tswelela mo kitsong, ba kgaogana le Babelona o Mogolo​—ebong tsamaiso ya lefatshe ka bophara ya bodumedi jwa maaka. Morago ba ne ba ineela le go kolobediwa. Lloyd o ne a re: “Lorato, ebong lorato lwa mmannete lo ne lwa tseela sebaka kilo le bogale mme go feta tsotlhe, botshelo jwa rona bo ne jwa tlelwa ke molemo le mosola.”

Jaanong ba itumelela ‘boammaaruri jo bo ba golotseng.’​—Yohane 8:32

◻ Mosadi yo mosha kwa Seychelles le ene o ne a ithuta ka Jehofa, seo se feletseng ka tshegofatso. O ne a nna le monna yo a sa nyalanang le ene mme a na le bana ba le mmalwa le ene. Mosadi yono o ne a anaanela boammaaruri jo a neng a bo ithuta mo Bibeleng mme a go fitlhela go le thata go tsaya letlhakore gore a tshwanelegele tirelo ya ga Jehofa. O ne a nna mo ntlong e ntle e e nang le dithoto tse di manobonobo tseo batho ba le mmalwa ba neng ba di itumelela. Morago ga thapelo le kgothatso tsa molebedi wa potologo, o ne a dira gore monna yo a neng a nna le ene a tlhophe​—ba ne ba tla tshwanela go nyala ka molao, kana ba kgaogane. Monna yono o ne a gana go tsaya kgato epe ya tseno, jalo a fuduga. Abo o ne a itumetse jang ne gore morago ga moo o ne a tshwanelega go rera mafoko a a molemo le go neela botshelo jwa gagwe go Jehofa mme a kolobediwa! O ne a dira jalo. Ka mo go kgatlhisang, monna yo a neng a nna le ene o ne a kgatlhiwa thata ke kemo ya gagwe e e pelokgale ya melao-metheo ya Bibela mo eleng gore o ne a simolola go dira dithulaganyo tsa go kopanya lelapa leno ka lenyalo la molao.

Mopesalema o ne a dumela jaana: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau [Jehofa].” (Pesalema 36:9) Batho bano le bone ba ne ba dumela seno, mme ba ne ba batla botlhale gore ba itse Jehofa le dipatlafalo tsa gagwe tsa botshelo. Abo ba anaanela boammaaruri jwa gore ‘yo o bonang [botlhale] o tla bona botshelo jang ne’!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela