A Leitlho la Gago le “Bōna Sentlè”?
“Ke Gōna ea re ha leitlhō ya gago le bōna sentle, mmele otlhe oa gago o tlale lesedi.”—MATHAIO 6:22.
1. Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore leitlho ke selo se se bopilweng ka botlhale thatathata?
PONO ke selo se gantsi se tsewang se tlhokega thata le go nna botlhokwa-tlhokwa mo dirweng tsa kutlo—segolo-bogolo mo go bao ba sa tlholeng ba na le yone. Baitseanape ba re bolelela gore mo motsotswaneng mongwe le mongwe dikabetlana tsa lesedi di le ditirilione di le lesome di feta mo dithakeng tsa matlho a rona. Fa di fitlha mo letheng la pono, di amogelwa ke dimilione di le lekgolo tsa disele tse di ditelele tse di motswi. Fa di tlhotlhelediwa ke letsatsi, disele tseno tsa methapo di simolola go romela ditlhase tsa melaetsa kwa bobokong. Koo, karolo e kgolo ya disele tsa boboko tse di dibilione tse di lekgolo di a theogela go farologanya se se amogetsweng le go dira phetso ya gore go tshwanetse ga arabelwa jang. Seno sotlhe se diragala fela mo karolong ya motsotswana. Tota ruri, leitlho ke namane e tona ya sekai sa kgakgamatso ya popo e e botlhale.—Pesalema 139:14.
2. Ke karolo efe ya pono e e santseng e akabatsa baitseanape?
2 Lemororo baitseanape ba itse thata kaga tsela e leitlho le dirisanang ka yone le boboko, ga ba itse thata gore ke jang ebile ke ka ntlhayang re arabelang mo go se re se bonang. Ka sekai, ga go tlhaloganngwe sentle ka botlalo gore ke ka ntlhayang fa motho yo mongwe a kgetha bohibidu go na le botala fa yo mongwe a kgetha botala go na le bohibidu, kana gore ke ka ntlhayang fa mebala e e farologaneng e re ama ka ditsela tse di farologaneng. Go amana ga pono le boitshwaro di santse di tsieditse batho. Mme Jehofa, ebong Modiri wa leitlho, le Morwawe le modiri-mmogo, Jesu Keresete, ba itse sentle matswakabele a leitlho la mmele, mme ba itse kafa leitlho le tlhotlheletsang ditiro tsa rona ka gone le matshelo a rona.
“Lobōne Loa Mmele”
3. Ke jang leitlho e leng “lobōnè loa mmele”?
3 Jesu o ne a akgela ka gore “lobōnè loa mmele ke leitlhō.” (Mathaio 6:22) Lobone lo dirisediwa go bonesa lefelo le le lefifi gore re tle re itse fa re leng teng, gore re tseye kgato efe, gore re tseye tsela efe, jalo le jalo. Ka go dumelela lesedi leo mo mebeleng ya rona, matlho a rona a dira fela jaaka lobone. A re kgonisa go amana le lefatshe le le re dikologileng le go arabela ka tsela e e botlhale le e e tlhomameng go na le go kaila, go kgopiwa, mme gongwe le eleng go ikutlwisa botlhoko.
4. Re amiwa jang ke boemo jwa leitlho?
4 Lefa go ntse jalo, bokgakala joo ka jone leitlho le ka direlang jaaka lesedi la mmele, bo ikaegile thatathata ka seemo sa leitlho. Ka ntlha ya seno, Jesu o ne a tswelelapele ka go re: “Ke gōna ea re ha leitlhō ya gago le bōna sentlè, mmele otlhe oa gago o tlale lesedi. Me ea re ha leitlhō ya gago le le boshula, mmele otlhe oa gago o tlale lehihi. Ke gōna ea re ha lesedi ye le mo go wèna e le lehihi, ana lehihi yeuō le le legolo yañ!” (Mathaio 6:22, 23) Ka seno re ka bona tlhotlheletso e e boitshegang eo leitlho le nang le yone mo go tsheleng gotlhe ga rona, e le molemong kana bosuleng.
Tlhotlheletso ya Leitlho
5. Leitlho le ne la kopanyelediwa go ya bokgakaleng bofe fa Efa a ne a raelwa ke Satane?
5 Akanyetsa kgang ya mosadi wa ntlha, ebong Efa. Bokgakala joo ka jone leitlho le neng la tlhotlheletsa ditiro tsa gagwe bo ka bonwa mo polelong ya Bibela fa a ne a kopane le Motsietsi, ebong Satane Diabolo. (2 Bakorintha 11:3; 1 Timotheo 2:14) Satane o ne a umaka gore ‘matlho a gagwe a ne a tla buduloga’ fa a ne a ka tlhokomologa taolo ya Modimo mme a tsee le go ja loungo lwa “setlhare sa kicō ea molemō le boshula.” O ne a arabela jang? Bibela e a re bolelela: “Me mosadi a . . . bōna ha setlhare se le molemō go yewa, se bile se kgatlha mo matlhoñ, le gōna ha setlhare se eletsèga.” O ne a dumelela matlho a gagwe go leba selo se a neng a se ileditswe. Seo e ne e le go sa dirise leitlho kafa tshwanelong. Phelelo e ne ya nna efe? “A tsaea louñō loa shōna, me a ya.”—Genesise 2:17; 3:4-6.
6. Leitlho la rona le tlhotlheletsa jang ditiro tsa rona?
6 Kwantle ga pelaelo e ne e se lantlha fa Efa a bona “setlhare sa kicō ea molemō le boshula” kana loungo lwa sona. Mme go ne go diragala sengwe se se farologaneng. Mo lobakeng lono se ne sa bonala ekete “se kgatlha mo matlhoñ” le go “eletsèga.” Go kgatlhegela le go eletsa gantsi ke dinonofo tse eseng tsa leitlho mme ke tsa pelo. Mme seo se bonwang ke leitlho se gotetsa kgatlhegelo le keletso ya pelo thatathata, mo eleng gore go felela ka kgato. Mo kgannyeng ya ga Efa, kgato e e ntseng jalo e ne ya gogela mo diphelelong tse di gobatsang mo go ene le mo monneng wa gagwe Adame, gammogo le mo lotsalong lwa bone lwa isagwe, go akareletsa le rona gompieno.—Baroma 5:12; Yakobe 1:14, 15.
7. Leitlho le ne la kopanyelediwa jang mo boitekong jwa boraro jwa ga Satane go timetsa Jesu, mme phelelo e ne ya nna eng?
7 Lefa go ntse jalo, go bontsha gore go ka kgonega go ganana le go tlhotlhelediwa mo bosuleng moo go ka tlang ka leitlho, re ka nna ra akanyetsa sekao sa ga Jesu Keresete. Gape, Moraedi yo o tshwanang, ebong Satane, o ne a kopanyelediwa. Mo boitekong jwa gagwe jwa boraro jwa go tlosa Jesu mo go direng thato ya Modimo, “diabolo a mo isa kwa thabeñ e e godileñ thata, a mmontsha magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea aōna.” Elatlhoko gore Satane fa a ne a solofetsa Jesu puso le kgalalelo mo lefatsheng lotlhe gore a mo obamele o ne a seka a dira seo ka molomo fela. O ne a “mmontsha” dilo tse, a dirisa tlhotlheletso e e nonofileng ya leitlho. Lefa go le jalo, ka go bo leitlho la ga Jesu le ne la seka la faposiwa ke ditsholofetso tse di raelang mme le ne le lebisitswe thata mo kamanong ya gagwe le Rraagwe wa selegodimo, Jehofa, o ne a atlega mo go ganeng leano le le boherehere la ga Satane.—Mathaio 4:8-10.
8. Ke dithuto dife tse re ka di ithutang mo dikaing tsa ga Efa le Jesu?
8 Ke eng seo re ka se ithutang mo dikaing tseno? Santlha, gore seo re lebisang matlho a rona mo go sone se ka nonotsha dikeletso tsa pelo ya rona tse di molemo kana tse di bosula. Seno se ka gogela mo kgatong eo e ka re tlisetsang le ba bangwe tshegofatso kana kotsi. Sa bobedi, go phepafetse sentle gore leitlho ke sone selo se Satane a se tlhotlheletsang go tsietsa ba a ba gobatsang. Mo ‘maanong’ otlhe ao Satane a a dirisang go timetsa setho, ikuelo eno mo leitlhong e bonala e le yone e e nonofileng thata go feta tsotlhe.—2 Bakorintha 2:11.
9. Satane o etleetsa jang “kgatlhègō ea matlhō” gompieno?
9 Gompieno, Satane o santse a ntse a dirisa maretshwa a a tshwanang mo maanong a gagwe a go faposa batho mo go direng thato ya Modimo. Ka maphatsiphatsi a lefatshe, Satane o etleetsa “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō.” (1 Yohane 2:16) Seno se bonwa ka phepafalo mo maanong a go bapatsa ao a dirisiwang ke babapatsi ba lefatshe. A ga go boammaaruri gore dipapatso tse di atlegang thata ke tseo di dirisang nonofo ya pono? Diketekete tsa dimati tse di mebalabala le dipone tse di bapatsang, ditshwantsho tse di lebegang sentle mo dimakasineng le mo dikoranteng, dikanamiso tsa TV ka tsela e e botlhale—le dibilione tsa didolara tse di senngwang mo go di tlhagiseng—tseno tsotlhe di supela gore maikaelelo otlhe a go bapatsa ke go tlhotlheletsa “kgatlhègō ea matlhō” ya moreki.
10. Ke eng seo totatota borapapadi ba se tlhotlheletsang?
10 Lemororo dipapatso tseno di gapa maikutlo otlhe, seo se leng boherehere thata ke lebaka la gore dipapatso tseno totatota ga di buelele dilwana tsa moreki fela mme gape le mekgwa ya botshelo. Gantsi dilwana di supiwa e le tse di dirisiwang ke batho ba ba sego thata, ba ba nonofileng, ba ba itumetseng, le ba bantle. Molaetsa wa tsona ke gore fa moreki a ka dirisa selwana sa go nna jalo, “mabela a botshelō” a gagwe a tla bo a setse fela a tshwana le a batho bao. Babapatsi ba itse gore fa motho a sena go amogela mokgwa o o rileng wa botshelo, go motlhofo fela go mo tlhotlheletsa gore a amogele dithoto kana didirisiwa tseo di tsamaelanang le one. Ka ntlha ya seno, abo go le botlhale jang ne gore Bakeresete ba ba ineetseng ba reetse kgakololo e e fitlhelwang go Bahebera 13:5! Koo re balang jaana: “Lo ikgololè mo go rateñ khumō ea madi; lo nnè boitumèlō ka dilō tse lo nañ nacō.”
Go Boloka Leitlho le “Bōna Sentlè,” Eseng le le “Boshula”
11. Tlhalosa gore mareo ‘go bona sentle’ le “boshula” mo tlhalosang ya ga Jesu ka ga leitlho a rayang
11 Re lebane le diphaposo tse di ntseng jalo tsa malatsi otlhe tsa dilo tse di gapang leitlho, re ka lemoga sentlentle gore ke ka ntlhayang fa Jesu Keresete a ne a re tlhagisa gore re boloke leitlho la rona le “bōna sentlè” mme eseng le le “boshula.” (Mathaio 6:22, 23) Seo se rayang? ‘Go bona sentle’ fano go ranotswe go tswa lefokong la Segerika ebong ha·plousʹ, leo totatota le rayang maikutlo a le mangwe fela kana go ineela boikaelelong bo le bongwe. Mo letlhakoreng le lengwe, “boshula” mo Segerikeng sa pelepele ke po·ne·rosʹ mme le raya maswe, go senang mosola, boikepo. Ka gone, ‘leitlho le le bonang sentle,’ go na le go faposiwa kana go tlosiwa mo tseleng ke sengwe le sengwe se se diragalang, le itebaganya le selo se le sengwe fela. Phapaanong le seo, ‘leitlho le le bosula’ le a kaila, le boherehere, le pelotshetlha, ebile le gogelwa mo dilong tse di lotobo le tse di lefifi.
12. Tlhatlhoba o bo o tlhalose kakaretso ya puo ya ga Jesu.
12 Mme ke eng seo leitlho le tshwanetseng go se leba gore ‘mmele otlhe o tlale lesedi’? Go akanyetsa mokwalo ka kakaretso go tla re thusa go bona karabo. Mo ditemaneng tse di kwa pele, Jesu o ne a bua kaga “dikhumō mo lehatshiñ” le “dikhumō kwa legodimoñ.” O ne a re “kwa khumō ea gago e gōna, pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna.” Go tswa foo, morago ga go bua kaga leitlho, o ne a boa gape a gatelela kafa go tlhokafalang ka gone go bontsha maikaelelo a a sa kgaoganang’ ka go re: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi,” Modimo le dikhumo. Mo ditemaneng tse di latelang, o ne a neela kgakololo kaga pono ya motho mo ditlhokafalong tsa malatsi otlhe mme a digela ka kgothatso e e reng: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:19-34.
13. Re tshwanetse go lebisa leitlho la rona go eng gore ‘mmele otlhe wa rona o tlale lesedi’? Ka ntlhayang
13 Ke eng seo re ka se bapalang mo go seno sotlhe? Jesu fano o bua kaga mekgele mo botshelong, a supa kafa go lelekisa dilo tse di bonalang go senang mosola ka gone le lesego la go tlhagolela kgatlhegelo ya dikgang tsa semoya. Ka phepafalo, o re bolelela gore ka go lebisa matlho a rona fela mo dikgatlhegong tsa semoya, ‘mmele otlhe wa rona o tla nna mo leseding.’ Ka ntlhayang? Ka go bo fa re fetola go dira thato ya Modimo mokgele mo botshelong jwa rona, re tla batla go bontsha mafoko a a molemo a a galalelang mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Re ka se lebe fela kwa isagweng e e phatsimang mme re ka gololesega mo lefifing la dilo tsa dinyana tseo di tlhagisiwang ke botshelo jwa go ineela mo ditelekisong tsa bogagapa.—2 Bakorintha 4:1-6.
14. Ke jang go lebisa ga motho leitlho la gagwe mo dikhumong tsa dilo tse di bonalang go felelang ka “lehihi”?
14 Moaposetoloi Paulo o ne a tiisetsa mafoko a ga jesu fa a ne a tlhalosa a re: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ.” (1 Timotheo 6:9) Tota ruri mafoko ano a a utlwala! Dikgang di tletse dipolelo kaga mapalamente, boratoropo, baatlhodi, bagolwane ba dibanka, baokamedi ba khampani, le ba bangwe ba ba ileng ba tshwarwa mo bogodung jwa babereki ba diofisi mo eleng gore, go ya ka pego nngwe, “ngwaga le ngwaga ba utswa didolara di ka nna dibilione tse 200” mo United States fela. ‘Thaelo le seru’ sa go huma di fetoletse batho bao pele ba neng ba tlotlega go nna disinyi le dikebekwa. Tota ruri, re tshwanetse go tila go ‘wela mo tshenyegong le mo tatlhegong,’ re nna mo ‘lefifing’ leo Jesu a neng a tlhagisa kaga lone.—Bona Diane 23:4, 5.
15, 16. (a) Ke “kgatlhègō ea matlhō” efe e nngwe e re tshwanetseng go e bifela? (b) O ka dirisa jang kgakololo e e go Diane 27:20 mo puisanong ya rona?
15 Lefa go ntse jalo, a ke fela bao ba tlhomileng matlho a bone mo go humeng ba ba lebaneng le kotsi ya go tsamaya mo lefifing? Nnyaa, ka go bo “Kgatlhègō ea matlhō” e akaretsa le tse dingwe di le dintsi. Gakologelwa mafoko a ga Jesu go Mathaio 5:28: “Moñwe le moñwe eo o lebañ mosadi hèla ka go mo eletsa, o setse a dihile boaka naè mo peduñ.” Tota ruri tlhagiso eo e ka dira gape mo mothong yo o letlelelang matlho a gagwe go leba dilo tse di bonalang tseo di diretsweng go tsosa kana go godisa dikgotelo le dikeletso tse di sa tshwanelang.
16 Mme he go na le tlhobaelo kaga dijo, dino, le diaparo tse Jesu a neng a bua kaga tsone. (Mathaio 6:25-32) Lemororo dilo tseno di tlhokafala, keletso e e sa tshwanelang ya gore ka metlha motho a nne le dilo tsa bosheng, a nne yo o humileng thata, a nne le dilo tse di elediwang thata, e ka gapa megopolo ya rona le dipelo. (Baroma 16:18; Bafilipi 3:19) Le eleng mo boitlosobodutung, ditirong tsa go intsha-bodutu, metshamekong, go itshidileng, jalo le jalo, re tshwanetse ra boloka tekatekanyo e e tshwanetseng le go itisa kgatlhanong le go tshwarega mo diphetogong le mo mekgabong ya lefatshe. Mo dikarolong tseno tsotlhe, go tla bo go le molemo go rona go gakologelwa mafoko a a botlhale a a fitlhelwang go Diane 27:20: “Bobipō le Bosenyegèlō ga di ke di kgora gopè; le matlhō a motho ga a ke a kgora gopè.” Tota ruri, re tshwanetse go bontsha boikgapo gore mo go lekeng go kgotsofatsa matlho a rona re seka ra ikgobatsa semoyeng
Masego a go Boloka Leitlho le “Bōna Sentlè”
17. Ke jang go boloka leitlho “le bōna sentlè” go thusitseng ba bangwe ka gone mo go lelekiseng dikgatlhego tsa Bogosi?
17 Ba ba bolokileng leitlho la bone le “bōna sentlè” mme ebile ba le lebisitse thata mo ditsholofetsong tsa Bogosi jwa Modimo ba ile ba amogela masego a le mantsi mo go Jehofa. Seno se tshwantshediwa sentle ke maitemogelo a batho go tswa mo lefatsheng lotlhe le go tswa dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Akanya ka dikai tseno:
“Fa ke ntse ke direla mo tlhokafalo e leng kgolo gone mo Colombia, mo Amerika Borwa, ke ne ke tshwanela go tshela ka madi a a tshwarang R200 ka kgwedi. Ke ne ke setse ke simolotse go bula tsela, mme ya re mo tshimologong ya kgwedi, ka wa mme ka robega legwejana. Ditshenyegelo tse di neng tsa nna gone tsa melemo di ne tsa ntseela dilo tsotlhe tsa boitshediso, mme go sena madi ape a ke neng ke ka a bona fa e se fela kwa bofelong jwa kgwedi. E ne e setse e le lobaka lwa gore ke ntshe moneelo wa Holo ya Bogosi, mme fa ke ne ke ka ntsha madi a moneelo, ke ne ke tla bo ke sena sepe se ke neng ke ka reka dijo tsa beke e e tlang ka sone. Morago ga fa ke sena go akanyetsa kgang eno ka malatsi a sekae, ke ne ka fetsa ka gore ke ntshe rente ya holo, jalo ke ne ka latlhela madi mo lebokosong la moneelo. Mo mosong fela o o latelang, ke ne ka amogela lekwalo go tswa kwa go kgaitsadi mongwe kwa United States yo o neng a kile a nketela mo Colombia. Mo lekwalong la gagwe o ne a tsentse madi mangwe a Colombia a a neng a mo saletse fa a sena go fetsa loeto. E ne e le selekanyo totatota se se tshwanang le se ke neng ke se latlhetse mo lebokosong.”
Mo motshegareng mongwe wa Labobedi o o mogote, Ki, yo o nang le kokelwana mo Taechun, mo Korea, o ne a lalediwa ke badiri ka ene ba bararo gore ba ye go senya nako ya thapama kwa lewatleng. Lemororo mogopolo ono o ne o eletsega, Ki o ne a itse gore fa a ne a ka tsamaya, o ne a ka seka a boa ka nako go tla Thutong ya Buka ya Phuthego mo maitseboeng ao. Jalo o ne a seka a dumalana le taletso eo. Metsotso e sekae moragonyana, ba bararo bao ba ne ba tlisiwa mo kokelwaneng—ba sule! Ba ne ba tlhagelwa ke kotsi e e maswe-maswe ya pharakano fela fa ba sena go tloga fa kokelwaneng. Ki o ne a hutsafalela se se diragetseng mme o ne a itumelela go bo a falodisitse botshelo jwa gagwe ka ntlha ya go kgomarela mo mokgweng o o molemo oo a neng a ile a o dira mo dingwageng tse di fetileng.—Bahebera 10:24, 25.
18. Ke jang ba babotlana ba ka rutiwang ka gone go boloka matlho a bone a “bōna sentlè”?
18 Le eleng ba babotlana ba ka godisediwa go tlhoma matlho a bone mo dikgatlhegong tsa Bogosi, jaaka go tshwantsheditswe ke maitemogelo a a latelang:
“Fa re sena go utlwa mo baeting ba le babedi gore bakaulengwe ba rona mo diphuthegong dingwe tse tharo mo Phillippines ba ne ba tshwanetse go ntsha R2 000 mo phuthegong nngwe le nngwe-moo e neng e le namane e tona ya madi mo go bone—go aga sesha Holo ya bone ya Bogosi e e neng e shele, nna le monna wa me re ne ra dira phetso ya gore re batle go ntsha moneelo. Go tweng ka bana ba rona ba bane, ba dingwaga tse di tlogang go dikgwedi di le nne go ya go dingwaga di le thataro? Beke nngwe le nngwe fa monna wa me a sena go duelwa, o ne a rekela ngwana mongwe le mongwe dolara ya selefera. Monna wa me o ne a kgaoganya madi ano go a neela ngwana mongwe le mongwe gore mongwe le mongwe wa bone a itse gore o na le bokae. Re ne ra umaka gape dingwe tsa dilo tse ba neng ba tlhomile dipelo tsa bone mo go tsone fa ba simolola go reka ka madi. Mme karabo ya bone e ne e tshwana ka dinako tsotlhe—ba ne ba batla go neela bakaulengwe madi ao.” Gammogo le R200 ya bone, bana ba ne ba romela gape le lekwalonyana. Bakaulengwe mo Phillippines ba ne ba amiwa thatathata ke lorato le bopelotshweu mo ba bantsi ba bone ba neng ba lela fa lekwalo le ne le balwa.
19. Re ka tlhomamisediwa isagwe e e itumedisang thata fa re tlhoma matlho a rona mo go eng?
19 “A matlhō a gago a lebèlè kwa pele, a dintshi tsa matlhō a gago di lolamèlè go lebèla kwa pele ga gago hèla.” (Diane 4:25) Abo go le botlhale jang ne ka rona go reetsa kgakololo eno mme re sa dumelele matlho a rona go leba kwa le kwa, gore re faposiwe! “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, eseñ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale,” Paulo o a gakolola, “Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula.” O ne a boa a kgothatsa gape a re: “Lo tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ.” (Baefesia 5:15-17) Ka go dira jalo, re ka tlhomamisega gore re tla atlega mo go bolokeng leitlho la rona le “bōna sentlè,” mme ka tsholofelo re ka lebelela isagwe e e galalelang—botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha e e solofeditsweng ke Modimo.—Bapisa 2 Bakorintha 4:17, 18.
A o ka Tlhalosa Gore
◻ Leitlho ke “lobōnè loa mmele” jang?
◻ Leitlho la rona le tlhotlheletsa jang ditiro tsa rona, jaaka go kailwe ke Efa le ke Jesu?
◻ Satane o ikuela ka ditsela dife go “kgatlhègo ea matlhō” gompieno?
◻ Ke eng se re tshwanetseng go se dira go boloka leitlho la rona le “bona sentle?”
◻ Ke eng se re tshwanetseng go tlhoma matlho a rona mo go sone gone jaanong?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Seo re tlhomang matlho a rona mo go sone se ka gakatsa keletso ya pelo