LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/15 ts. 21-23
  • Re Ka “Kgatlha” Jehofa ka “Gotlhe” Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Ka “Kgatlha” Jehofa ka “Gotlhe” Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tweng Ka Megopolo ya Rona?
  • Go Tweng Ka Mafoko a Rona?
  • Go “Kgatlha” Jehofa ka “Gotlhe” ka Boitshwaro le Ditiro tsa Rona
  • A o Dira se Modimo a se Batlang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A o Mosupi wa Nako e e Tletseng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Itumedisa Jehofa Jaaka Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • O Tshwanetse go Ithuta ka Modimo
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/15 ts. 21-23

Re Ka “Kgatlha” Jehofa ka “Gotlhe” Jang?

GOMPIENO, abo e le ba sekae fela bao ba amegileng ka gore a megopolo, mafoko, le ditiro tsa bone di kgatlha Modimo! Tota le bao ba bolelang ka kamego eo bontsi jwa bone ba direla Modimo fela ka dipounama. Totatota, go ka twe ka bontsi-ntsi: “[Ga] ba . . . kgatlhe Modimo.”​—1 Bathesalonia 2:15.

Bangwe bao ba ipolelang go nna Bakeresete ba akanya gore fa fela ba sa robe Melao e e Lesome, ba kgatlha Modimo. Mme eseng jalo! Sekao sa rona Jesu Keresete o rile ka Modimo: “Ke diha ka metlha eotlhe dilō tse di mo kgatlhañ.” (Yohane 8:29) Ee, o ne a itumedisa Rragwe ka go dira dilo dingwe. Tiro e e siameng e a tlhokega, jaaka e ka bonwa mo thapelong ya moaposetoloi Paulo mo boemong jwa badumedi ka ena kwa Kolosa. O ne a ba rapelela gore ba“ tsamaeè mo go chwanetseñ Morena [ba] nntse [ba mo] kgatlha gotlhe, [ba] uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemo.”​—Bakolosa 1:9, 10.

Lefa go ntse jalo, a go a kgonega tota go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe”? Le gale, ka ntlha ya go sa itekanela, Bakeresete ba ka se kgone go kgatlha Jehofa ka mo go itekanetseng. Lefa go ntse jalo, ba ka direla ka tlhoafalo go ya ntlheng eo, boitlhomo jwa go mo “kgatlha [ka] gotlhe.” Ereka Paulo a umakile gore “lo uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō,” ditiro tse di siameng di a kopanyeletswa. Tota, ga re kake ra kgona go kwala ditiro tseo tsotlhe. Mme re ka neela dingwe go akanya ka tsone. Fa dintlha tseno di supa gore go na le dikarolo dingwe tsa botshelo tseo o tshwanetseng go dira dipaakanyo dingwe mo go tsone, tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago go mo kgatlha. Ntlha ke gore go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” go batla gore re tlhokomele megopolo, mafoko, le ditiro tsa rona.

Go Tweng Ka Megopolo ya Rona?

Lefoko la Modimo le re bolelela gore “ga go na sebopiwa sepè se se sa bonatshegeñ mo matlhoñ a ona: me dilō cothe di apogile, di senogile ha pele ga matlho a ōna o re nañ le go dihana nao.” (Bahebera 4:13) Ga go na batho kana badimona ba ba ka kgonang go bona megopolo ya rona, mme Modimo ene a ka kgona. Fa go ntse jalo, re batla gore megopolo ya rona e mo kgatlhe. Jalo re dira sentle go ipotsa gore: Ke rata go akanya ka eng fa ke sa kopiwe go dirisa mogopolo wa me mo tirong e e leng gone? Ke ntlha efe, jaaka e ne e ntse, eo mogopolo wa me o dikologang mo go yone ka metlha?

Gape re ka botsa gore: A ke rata go ijesa dijo tsa ditoro le go lora ke ipelela mahumo, botumo, kana tlotlo ka ntlha ya ditiro tsa me? A ke akanya ka mo go sa siamang, jaaka go boloka dikgopiso, go di boeletsa gangwele gape? A ke ikemiseditse go letla megopolo ya me go akanya ka dinako tsotlhe mo menateng ya go kopanela dikobo? Kana ka dinako tsotlhe ke tlatsa mogopolo wa me ka dithulaganyo tsa go dira madi?

Jaanong akanya: A re ka kgona go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” ka go tlatsa megopolo ya rona ka dikakanyo tse di ntseng jalo? Tota le eseng! Jalo ka thapelo e e tlhoafetseng le ka thuso ya Modimo, di tlose ka go tlatsa mogopolo ka dikakanyo tse di molemo, tse di siameng, tse di phepa, tse di itshekileng, le tse di rategang. (Bafilipi 4:8) Abo go le botoka jang ne gore re thapise megopolo ya rona gore re tle re akanye ka dilo tse di amanang le kobamelo ya rona go Jehofa! Akanya ka Bogosi jwa Modimo, jo bo gaufi-ufi jaana. Ikgakolole ka dintlha tsa bosheng tseo o di ithutileng go tswa mo Lefokong la Modimo. Sekaseka kgang ya setlhogo eo e tla tlotliwang mo dipokanong tse di tlang tsa phuthego, mme segolo-bogolo dikarolo dipe fela tse o ka nnang le tsone mo thulaganyong. Akanya ka moo o ka tokafatsang bodihedi jwa gago jwa tshimo ka gone. Santlha-ntlha, gakologelwa gore o modihedi wa Mokeresete.

Bangwe ba thusitswe ke go bala dikwalo tsotlhe tseo ba di tshwereng ka tlhogo, gammogo le go opela dipina tsa Bogosi ka modumo. Jaaka kgopotso modihedi mongwe wa Mokeresete o ne a fitlhela go le mosola go dira le go akanya kaga ditemana tseno:

“O Modimo nthuse mo go ineeleng,

Go seo thato ya gago le lorato di se letlelelang.

O a ka metlha ke se tsuolole,

Ereka o dira dilo tsotlhe ka tolamo.”

Ee, tswelapele o rapela jaaka go dirile kgosi Dafide wa bogologolo: “A . . . go akanya ga pelo ea me, go nnè tebosègo”​—ke gore, di kgatlhe, “mo ponoñ ea gago, Yehofa.”​—Pesalema 19:14.

Go Tweng Ka Mafoko a Rona?

Dafide le ene o rapetse jaana: “A mahoko a molomo oa me, . . . [a] nnè tebosego mo ponoñ ea gago, Yehofa.” (Pesalema 19:14) Jaaka re ithuta go tswa go Yakobe 3:2-12, ke monna yo o itekanetseng fela yo o ka kgonang go laola loleme ka botlalo. Mme re tshwanetse go leka go le laola, fa re batla go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe”.

Re bua mafoko a mantsi letsatsi lengwe le lengwe, mme tota, ga re kake ra lebelela go lekanyetsa dipolelo tsa rona mo dikgannyeng tsa Dikwalo. Go sa kgathelesege gore go tla direga gore re bua ka eng, lefa go ntse jalo, re ka akanya ka go kgatlha Jehofa. Ka sekai, re itse gore go itshekologa, makgapa, kana tsela le puo ya matlhapa ga go kgonege gore di kgatlhe Rrarona wa selegodimo. Jalo re tshwanetse go tila puo e e ntseng jalo.​—Baefesia 5:3, 4.

Mme gape, fa re batla go kgatlha Mmopi wa rona ka botlalo mabapi le puo ya rona, re tshwanetse go tlhokomela gore re seka ra bua dipuo tsa tatofatso, dilo tseo di nyenyefatsang ba bangwe. Ka rona, go tshwanetse go nna motlhofo go bua jaana: “Eo o sa pateletseñ ka loleme loa gagwè, leha e le go dihela tsala ea gagwè boshula, leha e le go amogela kgobo kaga oa ga gabo.” Tota lefa re ka boga tshimololo, re tshwanetse go tlhokomela go “bua boshula kaga motho opè”.​—Pesalema 15:3; Tito 3:2.

Abo re na le dipaka jang ne tsa go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” ka dipuo tsa rona ka dinako tsa dijo! Ka tlwaelo, eno ga se nako ya mafoko a a bogale kana puo e e kgopisang. Go na le dilo tse dintsi thata tse di molemo go ka di tlotla! Re tshwanetse go thanyetsa dipaka tseo segolo-bogolo fa re le baeng kana re na le baeng. Jalo gantsi motho yo o ratang go bua thata go na le Bakeresete ba ba godileng ka kitso o rata go laola motlotlo. A o tlile go nna le moeng wa Mokeresete yo o nang le maitemogelo a dingwaga tse dintsi mo tirelong ya nako e e tletseng? A o na le kitso e ntsi mo Lefokong la Modimo? Ka gone dirisa botlhale go mo dira gore a bue. “Kgakololo mo peduñ ea monna e nntse yaka metse a a boteñ; me motho eo o tlhaloganyō o tla a e ge hèla,” mo molemong wa botlhe ba ba gone.​—Diane 20:5.

Mo godimo ga moo, go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” mo puong ya rona, re tshwanetse go nna re buletse dipaka tsa bosupi jo bo sa ikaelelwang kaga leina la Modimo le Bogosi matlho. Tota-tota, ka dinako dingwe modihedi wa Mokeresete a ka fitlhelela go gontsi ka bosupi jo bo ntseng jalo jo bo sa ikaelelwang. Lefa go ntse jalo, tsela e kgolo ya go kgatlha Jehofa ka puo ya rona, lefa re ntse re segofatsa ba bangwe, ke ka go ya ka ntlo le ntlo ka molaetsa wa Bogosi.​—Ditihō 20:20.

Gore mafoko a rona a ‘kgatlhe’ Jehofa ka “gotlhe” fa re le mo bodiheding jwa tirelo ya tshimo ya Bokeresete, re tshwanetse go tswelapele re leka go tokafatsa neelano ya rona ya molaetsa wa Bogosi. Ereka re neetswe “mahoko a a molemo”, rona, jaaka moaposetoloi Paulo, re batla go “bua yalo; e señ go re, re kgatlha batho, ha e se Modimo hèla o o lekañ dipelo tsa rona.” Mme seo se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke patelesego ya go dirisa dipounama tsa rona go dira boipolelo jwa phatlalatsa jwa tumelo ya rona kwa dipokanong tsa Bokeresete, moo re ka kgonang go tlhotlheletsa ba bangwe mo loratong le mo ditirong tse di molemo.​—1 Bathesalonia 2:4; Bahebera 10:23-25.

Go “Kgatlha” Jehofa ka “Gotlhe” ka Boitshwaro le Ditiro tsa Rona

Gore re ‘kgatlhe’ Jehofa ka “gotlhe,” re tshwanetse gape go nna kelotlhoko ka boitshwaro jwa rona jwa letsatsi lengwe le lengwe, go kopanyeletsa le go itlosa-bodutu ga rona. Ee, tota lefa re batla boitloso-bodutu, ga re kake ra kgona go tlogela Modimo mo go seo. A seo se bonala se feteletse? Le eseng, gonne Paulo o rile: “Me ke gona, leha lo ya, leha o nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.” Re tshwanetse go gakologelwa tlhagiso ya gore “me ba ba mo namen ga ba kake ba kgatlha Modimo.” Ka jalo, mo godimo ga tsotlhe, boitloso-bodutu jwa rona bo tshwanetse go nna phepa.​—1 Bakorintha 10:31; Baroma 8:8.

Lefa e le go tlodisa matlho mabaka a go nna tekatekano le go boloka nako. Go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe,” re tshwanetse go baya boitloso-bodutu o lefelong la jone. Jaaka sengwe seo se tlang ka tshoganyetso mme eseng se se botlhokwa-tlhokwa. Ga rea tshwanela go letlelela boitloso-bodutu, e ka nna go lebelela lenaneo le le kgethegileng la thelebishene kana go ya mo lefelong la metshameko, go fitlha mo ntlheng ya gore e tsenelele mo go kopaneleng ga rona dipokano tsa Bokeresete kana go kopanela ka metlha mo bodiheding jwa tshimo.​—Mathaio 6:33.

Go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” gape go kopanyeletsa go direla bakaulengwe ba rona ba Bakeresete molemo, fa re kgona go bona sebaka lefa go tlhokega. Malebana le seno, re bala jaana: “Me go diha molemo le go thusanya, lo se ka loa go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di nntseñ yalo.” Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore bopelonomi joo Bakeresete ba Bafilipi ba mo bo bontshitseng e ne e le “Setlhabèlo se se lebosègañ, se se kgatlhañ Modimo.”​—Bahebera 13:16; Bafilipi 4:18.

Bana ba ka “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” jang go ya ka boitshwaro jwa bone? Paulo o bontsha gore tsela e e botlhokwa-tlhokwa ke ka go utlwa batsadi ba bone “mo Moreneñ.” Gape a re: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.”​—Baefesia 6:1-3; Bakolosa 3:20.

Batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba Modimo ba itemogetse bopelonomi jo bo lorato go tswa go Jehofa le mosele wa gagwe wa selefatshe gore, ka lorato le le feletseng le ditebogo, re tshwanetse go amega ka metlha ka go mo “kgatlha” ka “gotlhe”. Eleruri, ditebogo tse di lorato di batla gore re seka ra “amogelele tshegōhaco ea Modimo lehela.” (2 Bakorintha 6:1) Go amegela go kgatlha Jehofa ka gotlhe ke selo se se siameng go se dira, ereka e le Molaodi wa Lobopo lotlhe. Mo godimo ga moo, go batla go “kgatlha” Jehofa ka “gotlhe” ke tsela e e botlhale, ka go bo go dira jalo go molemo mo go rona gone jaanong mme go tshotse tsholofelo ya botshelo jo bo tlang.​—1 Timotheo 4:8.

Ee, re batla go disa megopolo ya rona, mafoko a rona, le boitshwaro le ditiro tsa rona. Ka thuso ya ga Jehofa, re tla dira gore re mo itumedise ka dinako tsotlhe ka gotlhe. Mme go dira jalo, a re sekeng ra itlhoboga. Go na le moo, ka dinako tsotlhe a re tlhokomeleng kgakololo ya moaposetoloi Paulo go Bakeresete kwa Thesolonia: “Me yana, sa bohèlō, ba ba echo, rea re, rea lo rapèla, re lo laea mo go Morèna Yesu, gore yaka lo amogetse mo go rona kaha lo chwanetseñ go tsamaea le go kgatlha Modimo ka gōna, hèla yaka lo nntse lo tsamaea, rea re, lo nnè lo totè segolo bogolo.”​—1 Bathesalonia 4:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

O seka wa letlelela boitloso-bodutu go tsenelela mo tirong ya Bokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela