A o Mosupi wa Nako e e Tletseng?
1 A o ka araba potso eno ka ee? Le fa gone e se batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ba ka ikwadisetsang bodiredi jwa nako e e tletseng, a ga go utlwale go lebelela gore rotlhe re tshwanetse go iteba re le Basupi ba gagwe ba nako e e tletseng? Tota ruri re tshwanetse.
2 Ga go na selo se go tweng Mokeresete wa nakwana fela. Jesu o ne a bua jaana ka Rraagwe: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Joh. 8:29) Paulo, yo o neng a ikutlwa ka tsela e e tshwanang, o ne a re rotloetsa go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’ (1 Bakor. 10:31) Ka jalo he, rotlhe re tshwanetse go iteba re le Basupi ba ga Jehofa ba nako e e tletseng. Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go tla re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng mo go sengwe le sengwe se re se dirang.
3 Akanyetsa Bosupi: Tsela e re lebegang ka yone, puo ya rona le boitshwaro jwa rona bo ka bontsha batho ba bangwe gore tota re Basupi ba ga Jehofa. Re itse gore re tshwanetse ra nna bori mo tebegong, re nne le puo e e agang le boitshwaro jo bo tshwanetseng gongwe le gongwe koo re tshwaregileng mo tirelong ya tshimo gone kana fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a re ya sekolong, a re mo tirong ya go itshedisa, kana a re mo boitlosobodutung, sengwe le sengwe se re se dirang se tshwanetse go naya bosupi jwa gore re tshela ka ditekanyetso tse di siameng tsa ga Jehofa.
4 Jesu o rile: “Motse ga o ka ke wa fitlhega fa o tlhomilwe mo godimo ga thaba. . . . A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemomogolo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Math. 5:14-16) Go tshwanetse ga nna jalo mo go sengwe le sengwe se re se dirang le ka dinako tsotlhe. Fa le ka motlha re fitlhela gore re itsapa go neela bosupi ka ntlha ya fa re leng gone kana ka ntlha ya se re se dirang, re tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ke direla Jehofa ka nakwana fela kana ka nako e e tletseng?’ E ke te le ka motlha re se ka ra tlogela tshono epe ya go bua le ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e feta fela re sa e dirise.
5 Gakologelwa, re tlotla le go itumedisa Jehofa fa re ka arabela potso e e reng, “A o Mosupi wa nako e e tletseng?” ka “Ee” yo mogolo!