LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/15 ts. 15-20
  • Lo Seka Lwa Naya Diabolo Sebaka!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Seka Lwa Naya Diabolo Sebaka!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lo se Ka Lwa Naya Diabolo Sebaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Diabolo o Ntse Jang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/15 ts. 15-20

Lo Seka Lwa Naya Diabolo Sebaka!

“A letsatsi le se lo phirmele lo sa le bogale: Le gōna lo seka loa naea diabolo sebaka.”​—BAEFESIA 4:26, 27.

1. Petere o ne a tlhalosa Diabolo jang, mme ke tlhomamisetso efe ya tshireletso e moaposetoloi yono a neng a e neela?

SEBATANA se se kotsi se dule letsholo. Se na le keletso e e feteletseng ya go kometsa Bakeresete. Petere o tlhagisa jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo”nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ: Lo èmalanè nae lo nitame mo tumeloñ . . . Me Modimo oa tshegōhaco eotlhe. . . . e tla re lo sena go boga botlhoko ka lobakanyana, ōna ka osi . . . o lo thatahatse.”​—1 Petere 5:8-10.

2. (a) Ke maemo afe a a re bayang mo pepeneneng go ka tlhaselwa ke Satane? (b) Ke ka ntlhayang fa mongwe yo o nnang motswe-setlhabelo wa botenegi a tshwanetse go ipona molato mme eseng ba bangwe? (c) Ke bokoa bofe jo bo neng jwa bulela Diabolo sebaka sa go tsenya mo pelong ya ga Judase Isekariotha go oka Jesu?

2 Re ka tlhomamisega gore Diabolo le barongwa ba gagwe, badimona gammogo le batho, ba ema ba iketleeleditse go dirisa go belaela gope go go diphatsa, bokoa bope jo bo masisi jwa botho, go itsemeletsa gope ga rona ga go nna re nonofile semoyeng mo tumelong. Mme Lefoko la ga Jehofa le re tlhomamisetsa gore Diabolo ga a kitla a re kometsa fa re ema re nitame kgatlhanong le ene. (Yakobe 4:7) Ka sekai, ga go ope yo o nnang motswa-setlhabelo wa botenegi ka ntlha ya gore fela bo ka seka jwa tilwa. Ga go ope yo o laoletsweng go latlha tumelo. Ditlhotlheletso tsa pelo dia kopanyelediwa. Ke boammaaruri gore, Johane o ne a re ba bangwe “ba dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona.” (1 Yohane 2:19) Mme seno se ne sa diragala ka go bo ba tlhophile botenegi kana ba tsene mo phuthegong ya ga Jehofa ka boitlhomo jo bo maswe kwa tshimologong. Judase Isekariota o ne a na le pelo e e molemo fa a ne a bidiwa jaaka yo mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu ba ba 12, mme Diabolo o ne a berekela mo bokoeng jwa ga Judase jwa bogagaru. Le eleng pele ga bosigo jwa go okiwa ga ga Jesu, “diabolo [o ne] a setse a tlhotlheleditse pelo ea ga Yudase Isekariota morwa Simone, gore a mo ōke.”​—Yohane 13:2.

3. Ke mabaka afe a a ka tlhotlheletsang motho go nna motswe-setlhabelo wa botenegi?

3 Motho o nna bosula gonne a letlelela go akanya ga gagwe go go pelotshetlha, mekgele le dikeletso tsa gagwe, ditsala tsa gagwe tse a di tlhophileng le tikologo, go tlhotlheletsa go akanya ga gagwe le go laola thato ya gagwe. Paulo o ne a bua ka bangwe bao ba ‘kileng ba bonesiwa, ba lekeletsa neo ya selegodimo, mme ba tlogile ba tenega.’ (Bahebera 6:4-6) Fa re sa nne re ntshitse matlho dinameng, Diabolo a ka nna a dira gore dipelo tsa rona di amogele maikutlo a botenegi ka maaka a gagwe a a bolalome. Mme Diabolo o baakanya motho jang, gore go kgonege gore a nne motswa-setlhabelo wa botenegi?

4. Ke eng se se ka diragalang fa re ineela mo bobabeng, mo kgalefong, le mo go tshwaeng diphoso?

4 Maikutlo a a tlwaelegileng ao Satane a a lebelelang ke bobaba, kgalefo le go tshwaya diphoso. Maikutlo a a ntseng jalo a ka nonofa thata mo eleng gore go ka sala sebaka se se nnye sa lorato le kanaanelo. Gongwe bothata bongwe jo bo sa rarabololweng bo a gola, bo dira gore motho a ikutlwe a galefile mme a na le lebaka la go se ye kwa dipokanong tse di botlhokwa tsa Bokeresete. Ka go nna a galefile nako e telele, o ‘naya Diabolo sebaka.’ (Baefesia 4:27) Motho yo o kgopisegileng o bona fela makoa a botho a mokaulengwe wa gagwe, go na le go mo itshwarela “ga mashomè a shupa ga shupa,” mme o palelwa ke go dirisa maemo a a lekang jaaka dipaka tsa go itekanedisa dinonofo tsa Bokeresete. (Mathaio 18:22) Fa o ntse o le mo boemong jono jwa mogopolo, fa mongwe a ka tla mme a akantsha gore phuthego ya ga Jehofa e a gatelela kana ea thibela, kana le eleng gore e phoso mo dithutong dingwe tsa botlhokwa, pelo e e galefileng ya Mokeresete e ka nna ya amogela maiphako ano a a sa tlhomamang. Abo go le botlhokwa jang ne, go tila go letlelela bobaba le kgalefo gore di kokotlegele! O seka wa letlelela gore letsatsi le phirime o ntse o galefile. Go na le moo, a lorato lo bonale ka botlalo mo botshelong jwa gago.

5. (a) Boikgogomoso kana go galefela go siamisiwa go ka itshupa e le bokoa jang? (b) Ke karolo efe eo boikokobetso bo e tsayang mo go nneng re nonofile mo tumelong?

5 Ke maemo afe a mangwe a pelo le mogopolo ao Diabolo a a lebelelang? Tota, go na le boikgogomoso, boikutlo jwa go ipona o le botlhokwa, go galefela go se bone tumo eo motho a ikutlwang gore o tshwanetse go nna le yone. Ano ke mamena otlhe ao Diabolo a a dirisang. (Baroma 12:3) Fa o gakololwa kana le eleng fa o kgalemelelwa mokgwa kana boikutlo jo bo rileng jo bo phoso, seno le sone, se ka itshupa e le nako e e tshwanetseng ya ga Diabolo go go tlhotlheletsa go ipotsa gore a tota o mo phuthegong e e siameng. Jalo nna boikokobetso. Kgotsofalela go itshwara jaaka yo mmōtlana.” O seka wa letlelela boikgogomoso kana boikutlo jwa go ipona o le botlhokwa le ka motlha go go dira gore o reketle mo go emeng ga gago o nitame mo tumelong.​—Luke 9:48; 1 Petere 5:9.

6, 7. (a) Ke dipontsho dife tse dingwe tsa bopelo-khutshwane tseo Diabolo a potlakelang go di dirisa? (b) Fa mongwe a tlhoka botlhale, go tshwanetse ga dirwang?

6 Bopelo-khutshwane ke selo se sengwe se se lebelelwang ke Diabolo. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa gore diphetogo di tshwanetse go dirwa; re batla kgato ya ka bonako, dikarabo tse di bonako. ‘Bothata jono bo tshwanetse go rarabololwa gone jaanong, go seng jalo ke a tlogela. Ke tshwane tse go bona karabo ya potso eno gone jaanong, go seng jalo ga ke tswelepele. HaraMagedona le tsamaiso e ntšha fa e sale di ntse di le “gaufi” dingwaga di le dintsi jaanong. Ke lapisitswe ke go leta.’ Tlhomamisega gore Diabolo o iketleeleditse go jala dipeo tsa pelaelo le botsuolodi mo maemong a a ntseng jalo a bopelo-khutshwane. Bopelotelele le tumelo dia tlhokafala.​—Bahebera 10:36, 39.

7 Jakobe o ne a re: “Me o mmè bopelotelele bo dihè tihō ea yōna e e tletseñ, gore lo tle lo nnè botlalō le boitekanelō, lo sa tlhaele mo go sepè. Me ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa. Me a a lōpè ka tumèlō, a sa belaele sepè: gonne eo o belaelañ o chwana le makhubu a lewatlè a a kgweediwañ, a phailakwa ke phehō. Ka go bo motho eouō a a se gopole go re, o tla amogèla señwe mo Moreneñ; E le motho eo o maikutlō mabedi, eo o akgaakgègañ mo mekgweñ eotlhe ea gagwè.” (Yakobe 1:4-8) O seka wa letlelela Diabolo gore a go dire motenegi ka go bo o nnile pelo-khutshwane ka mo go sa tshwanelang, o belaela ditsholofetso tsa Modimo! Nna pelotelele, leboga. Letela Jehofa.​—Pesalema 42:5

8. Tshekamelo ya go tsuololega bolaodi e bulela Diabolo sebaka jang go oka motho gore a latlhe dikganelo tsa Dikwalo?

8 Ke eng se sengwe gape seo Diabolo a se dirisetsang go leka go re faposa? A ka gale gaa ka a leka go tlhotlheletsa botsuolodi, go dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba nyatse bao ba ba etelelang pele? ‘Bagolwane ga ba utlwisise. Ba nyatsa thata, ba batla dilo tse dintsi,’ ba bangwe ba ka bolela jalo. Mongwe a ka nna a tswelapele le go bolela gore Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa kana bakaulengwe ba bangwe ba ba ikarabelang ba sunya nko mo kgololesegong ya segakolodi le “tshiamelo” ya motho ya go tlhalosa Dikwalo. Mme gakologelwa mafoko a a boikokobetso a ga Josefa: “Diphuthololō a ga se tsa Modimo?” (Genesise 40:8) A mme Jesu ga a bolelela pele gore mo metlheng eno ya bofelo phuthego ya ba ba tloditsweng, “motlhanka yo o boikañō le eo o botlhale,” o tla abelwa go neela dijo tsa semoya ka dipaka tse e leng tsone? (Mathaio 24:45-47) Itiseng mo go bao ba lekang go eteletsa megopolo ya bone e e kgatlhanong pele. Gape itiseng mo go bao ba batlang go tlosa dikganelo tsotlhe kana bao ba solofetsang kgololesego, ba bolela gore Basupi ba ga Jehofa ke makgoba! Petere o rile ka baruti ba maaka: “Ba re, ba tla ba naea kgololosègō, me bōnè ka bosi e le batlhanka ba sebodu; gonne se motho o heñwañ ke shōna se o tseñwañ mo botlhankeñ ke shōna.”​—2 Petere 2:1, 19.

9. Bao ba nyatsang bao ba etelelang pele gantsi ba na le boikutlo bofe?

9 Gantsi boitlhomo jwa bao ba nyatsang Mokgatlho kana bao ba etelelang-pele ke bofe? A gantsi ga se gore go dirisiwa ga Dikwalo go ba ama ka namana? Go na le gore ba ineele mo thutong le mo kaelong tse di utlwalang, ba batla gore phuthego e fetoge. A re tshwantsheng seno ka dikai di sekae:

10. Go ganelela mo moaparong kana mo mekgweng ya go ikgabisa e e feteletseng go ka felela ka gore motho a ‘neye Diabolo sebaka’ jang?

10 Mokaulengwe o ganelela mo moaparong mongwe kana mo mokgweng mongwe wa boikgabiso o o feteletseng. Bagolwane ba akanya gore ga se sekao se se molemo mme ga ba mo neele ditshiamelo tse di rileng, jaaka go tlhagelela mo seraleng go neela puo. Oa galefa, a bolela gore ba bangwe ba leka go mo tseela kgololesego ya gagwe ya Bokeresete. Mme ke eng se se tlhotlheletsang boikutlo jo bo ntseng jalo? A gantsi ga se boikgogomoso, boikutlo jwa go itaola, kana tsela ya bongwana ya go itirela boithatelo? Lefa seno se bonala e le selo se sennye, motho yo o ikutlwang jalo a ka ‘naya Diabolo sebaka.’ Mme lorato le boikokobetso di tla re dira gore re apare le go ikgabisa ka tsela ya boingotlo, e e amogelesegang. Re tshwanetse go batla go dira dilo tsotlhe go tsweletsa mafoko a a molemo pele mme e seng go iitumedisa.​—Baroma 15:1, 2; 1 Bakorintha 10:23, 24.

11. Ke eng se se ka tlhotlheletsang go belaela gope ga taolo ya ga Jehofa ya go itisa mo mading?

11 A re tseeng sekai se sengwe. O ka nna wa utlwa mongwe kgapetsa a botsa gore a thibelo ya Dikwalo kgatlhanong le go ja madi tota e dira go ditshelo tsa madi. Mme ke eng se se tlhotlheletsang boikutlo jo bo ntseng jalo? A ke poifo​—poifo ya gore gongwe motho a ka latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe jwa ga jaanong kana botshelo jwa yo a mo ratang? A tsholofelo ya tsogo ea nyelela? Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba itatole molao wa Modimo kana ba batle ditsela tsa go o nyatsa. Go ithiba mo mading a a nonotshang mmele go tlhokafala fela jaaka go ithiba mo boakeng le mo go obameleng medimo ya disetwa, tsotlhe di ne di nyatsiwa mo taelong e e kaetsweng ke moya e e tshwanang ya baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema.​—Ditihō 15:19, 20, 28, 29.

12. Ke ka ntlhayang fa go ikanyega go go phoso go sa tshwanela go re dira gore re tlole patlafalo ya Dikwalo ya go tila kamano ya botho le bao ba kgaotsweng?

12 Bangwe bao ba nang le boikutlo jwa go nyatsa ba bolela gore phuthego ya ga Jehofa e gagametse thata kaga go kgaola dikamano tsa botho le batho ba ba kgaotsweng (2 Yohane 10, 11) Mme ke ka ntlhayang fa banyatsi bao ba ikutlwa ka tsela eo? A ba na le kamano e e gaufi ya lelapa kana boikanyego jo bo phoso go tsala nngwe joo ba bo eteletsang pele ga boikanyegi go Jehofa le ditekanyetso le dipatlafalo tsa gagwe? Gape, akanya gore go tswelela o itsalanya le motho yo o kgaotsweng, le eleng yo o gaufi jaaka wa losika, go ka baka gore motho yo o sentseng a fetse ka gore tsela ya gagwe ga e masisi go le kalo, mme seno se mo gobatse go feta. Lefa go ntse jalo, go kgaola kamano e e ntseng jalo go ka aga go tlhologelelwa seo se mo latlhegetseng le go eletsa go se bona gape. Tsela ya ga Jehofa ka metlha e molemo, mme e sireletsa rona.​—Diane 3:5.

13. Ke boikutlo bofe joo re tshwanetseng go nna le jone mabapi le go rera phatlalatsa ka ntlo le ntlo?

13 Gape motho mongwe a ka bolela ka mo go fosagetseng gore Dikwalo ga di tshegetse go rera phatlalatsa ka ntlo le ntlo. Mme a seno ke ka ntlha ya gore ga a sa tlhole a rata tiro eno e e botlhokwa mme o batla seipato sa go tlogela? Go rata Modimo le moagisani go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go bona go potlaka ga tiro eno e e bolokang botshelo. Gape, go itshoka goa tlhokafala. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka go itshoka ga gagwe mo go ‘supeleng Bajuda le Bagerika [ka botlalo]’ fa a ne a ntse a ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. (Ditihō 20:18-21) Go na le go ngongorega, a ga rea tshwanela go latela sekao sa gagwe se se molemo ka boikanyegi? Leba dikete tse di phuthilweng go nna “lecomane le le leñwe” ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa mo tirong ya ntlo le ntlo! (Yohane 10:16) Mme o seka wa lebala melemo e re e amogelang mo go thapiseng le mo go otlhayeng, go nonotsha tumelo ya rona, ka go ya ka ntlo le ntlo gore re fitlhelele batho ka mafoko a a molemo.​—Bapisa Ditihō 5:42; 1 Timotheo 4:16.

14. O akanya gore re tshwanetse go arabela jang fa banyatsi ba latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka gore ke baperofeti ba maaka?

14 Kwa bokhutlong, re ka akanyetsa se Mokgatlho o se gatisitseng mo nakong e e fetileng ka tlhatlhamano ya metlha. Baganetsi bangwe ba bolela gore Basupi ba ga Jehofa ke baperofeti ba maaka. Baganetsi bano ba re go ile ga tlhongwa matsatsi, mme ga go na sepe se se diragetseng. Gape re botsa gore, boitlhomo jwa baganetsi bano ke bofe? A ba kgothaletsa batho ba Modimo go tsiboga, kana go na le moo, ba leka go itshiamisa ka go wela mo bobodung jwa go robala? (1 Bathesalonia 5:4-9) Sa botlhokwa-tlhokwa, o tla dirang fa o utlwa go nyatsa go go ntseng jalo? Fa motho a botsa gore a re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno, kana gongwe o letlelela dikakanyo tsa gore Modimo o pelotlhomogi moo e leng gore ruri a ka seka a bolaya batho ba ba dimilione tse dintsi jaana ka “sepitla se segolo,” he motho yono o setse a baakanyeditse pelo ya gagwe go reetsa go nyatsa go go ntseng jalo.​—2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:21.

15. Go na le go nna baperofeti ba maaka, ke eng se se supang gore Basupi ba ga Jehofa ba dumela mo Lefokong la Modimo le ditsholofetso tsa lone tse di tlhomameng?

15 Ee, batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go fetola ditebelelo kgapetsa. Ka ntlha ya tlhoafalo ya rona, re ne re solofetse thulaganyo e ntšha pelenyana ga nako eo Jehofa a e beileng. Mme re bontsha tumelo ya rona mo Lefokong la Modimo le ditsholofetso tsa lone tse di tlhomameng ka go bolelela ba bangwe molaetsa wa lone. Go feta moo, re tlhoka go fetola kutlwisiso ya rona eo e re dirang gore re nne baperofeti ba maaka kana go fetola lebaka la gore re tshela mo “metlheñ ea bohelō” eo e tla akofang e bona “sepitla se segolo” seo se tla latelwang ke Paradaise ya selefatshe. Abo e le boeleele jang ne go tsaya pono ya gore ditebelelo tseo di tlhokang phetogo nngwe di tshwanetse go belaela setlhopha sotlhe sa boammaaruri! Bosupi jwa gore Jehofa o re dirisitse mme o tswelapele go dirisa phuthego ya gagwe e le nngwe, ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” a etelela-pele bo phepafetse. Ka gone, re ikutlwa jaaka Petere, yo o neng a re: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ.”​—Yohane 6:68.

16, 17. (a) Go dirisa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 7:15-20 go ka thusa jang go tlhaola phuthego e e nang le tshegofatso ya ga Jehofa? (b) Ke maungo afe a mangwe ao a ntshiwang mo matshelong a batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa?

16 Ke mo paradaiseng ya semoya fela, mo Basuping ba ga Jehofa, koo re ka bonang lorato lwa go iintsha setlhabelo loo Jesu a neng a re lo tla tlhaola barutwa ba gagwe ba boammaaruri (Yohane 13:34, 35) Ka maungo a bone a a bosula, baperofeti ba maaka ba senolwa ka seo tota ba leng sone. Mme Jesu o ne a bontsha gore ditlhare tse di molemo di tla bonwa ka maungo a tsone a a molemo. (Mathaio 7:15-20) Mme abo re na le maungo a a molemo jang ne mo paradaiseng eno ya semoya! Go diragala dikoketsego tse di gakgamatsang mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe. Babusiwa ba ba itumetseng ba Bogosi jwa Modimo ba ba fetang 3 000 000 go dikologa lefatshe lotlhe ke bosupi jo bo bonalang jwa gore Jehofa o na le batho mo lefatsheng.

17 Ka ntlha ya gore Basupi ba ga Jehofa ba rutiwa ke Modimo, ruri ba tlhagisa maungo a Bokeresete mo matshelong a bone. (Isaia 54:13) Ke batho ba ga Jehofa fela ba ba kgaoganeng gotlhelele le ditumela-botlhodi tsa Babelona. Ke bone fela bao ba nang le phuthego e e kgomarelang ka botlalo mo go seo Lefoko la Modimo le se bolelang ka boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, go ntshiwa ga dimpa, botagwa, bogodu, kobamelo ya medimo ya disetwa, go tlhaolwa ga lotso, le ditelekiso le mekgwa e mengwe ya lefatshe. Mme ke bone fela bao ba obamelang taelo ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa. (Mathaio 24:14) Kwantle ga pelaelo Lefoko la Modimo ka sebele le lebisa go Basupi ba ga Jehofa jaaka bone fela batho bao ba rulagantsweng bao ba nang le tshegofatso ya gagwe!

18. Boemo jwa batlhanka ba ga Jehofa bo tshwanetse go nna bofe, fa ba lebane le dithuto tsa botenegi?

18 Ee, go botlhe bao ba itshokang mo tseleng ya Bokeresete ka boikanyegi, re tlhomamisega gore boammaaruri jwa ga Jehofa bo santse bo le bontle, bo kgotsofatsa​—le eleng go feta fa ba ne ba simolola go bo utlwa. Ka gone, ikemisetse mo pelong ya gago gore ga o kitla o ama le eleng botlhole jo batenegi ba batlang gore o bo nwe. Tsayang ditaelo tse di botlhale le tse di tlhomameng tsa ga Jehofa go tila gotlhelele bao ba tla go tsietsang, ba go timetsa, ba go faposetsa kwa ditseleng tsa loso. Fa re rata Jehofa ka pelo, moya, le mogopolo tsa rona tsotlhe, mo letlhakoreng le lengwe re rata moagelani wa rona jaaka re ithata, ga re kitla re tlogela sebaka sa go tsenwa ke go akanya ga batenegi (Mathaio 22:37-39) Ga re kitla re “naea Diabolo sebaka” mme ga re kitla re nna le keletso epe ya go lebelela go sele. Ga re kitla re ‘akofa go tshikinngwa mogopolo’ ke dithuto tse dingwe tsa boitimokanyi.​—2 Bathesalonia 2:1, 2.

19. Ke tsela efe e e tla tlhomamisang gore ‘ga go motho ope yo o tla re tseelang seebelwa kgaiso’ sa botshelo jo bo sa khutleng?

19 A ka metlha re anaaneleng tshiamelo ya rona ya go nna mo paradaiseng ya semoya ya ga Jehofa, moo re ipelelang masego a mantsi a a humileng jaana gone. Rea itse gore ke bomang ba ba tshwareletseng ka boikanyegi mo dipolelong tseno tsa botshelo. Ka gone bolokang kamano e e gaufi le bone, re itse gore ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba mmatota ba ba ikanyegang mo tumelong. Ekete re ka tswelela go nna le boipelo le kgotsofalo tse di tshwanang tseo re neng re na le tsone fa re ne re simolola go ithuta boammaaruri, ka tlhomamisetso ya mokgele o o molemo wa botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya dilo ya ga Jehofa. Jaaka Paulo a boletse jaana ka tshwanelo: “Opè a se ka a lo tseèla sebeèlwa kgaishō.”​—Bakolosa 2:18.

A O Ka Araba?

◻ Ke ka ntlhayang fa e le boammaaruri gore ga go ope yo o laoletsweng go latlha tumelo?

◻ Kgalefo, boikgogomoso, le go nna pelo-khutshwane di ka naya Diabolo sebaka mo pelong jang?

◻ Ke eng seo gantsi se tlhotlheletsang go nyatsa kgakololo e e neelwang ke bao ba etelelang-pele?

◻ Ke leungo lefe le le ntshiwang ke Basupi ba ga Jehofa le le supang gore ke bone fela phuthego e Modimo a e dirisang?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ka go gana kgakololo, re ka “naea Diabolo sebaka”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Boikgogomoso bo ka isa mo go weng goo motho a ka sekeng a tlhola a kgona go tsoga mo go jone

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Batlhanka ba ba tshwaregileng le ba ba itumetseng ba ga Jehofa ga ba ‘neye Diabolo sebaka’ kana megopolo ya botenegi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela