LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/15 ts. 24-25
  • Kgololo ya Modimo Mo go Nyelediweng ga Lotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololo ya Modimo Mo go Nyelediweng ga Lotso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Esethere O Nna Mohumagadi
  • Maano a ga Hamane
  • Maano Aa Kgorelediwa
  • Batho ba Modimo Baa Gololwa!
  • Buka ya Bibela ya bo 17—Esethere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esethere
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Moredekai le Esethere
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne A Dira Dilo ka Botlhale, a le Pelokgale e Bile a sa Ikakanyetse a le Esi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/15 ts. 24-25

Dintlha tsa Bibela Esethere 1:1–10:3

Kgololo ya Modimo Mo go Nyelediweng ga Lotso

Go bolawa ga bontsi-ntsi e tla nna go go tsitsibanyang eleruri: makau le batsofe, banyana le basadi, ba tla nyelediwa kwantle ga go tlogela ope. Ga go ope yo o tla ganetsang leano leno, gonne taelo ya go bolaya e ne e kannwe ke kgosi. Ee, Bajuda ba tla swa jaaka dikgomo tse di sa kgoneng go itshireletsa!

Bobotlana seno ke ka moo dilo di bonalang ka gone mo go Hamane, tonakgolo ya Peresia ya bogologolo. O rulagantse polao eno ya bontsi-ntsi ka ntlha ya letlhoo le legolo kgatlhanong le Mojuda ebong Moredekai. Mme fa Hamane a ntse a emetse phenyo ya gagwe ka pelo e tshweu, morafe wa Bajuda o rapelela kgololo. Matswela ya nna afe? A a senolwa mo bukeng ya ditiragalo ya Bibela ya Esethere. Tiragalo eno e e nonotshang tumelo ya ka moo thuso ya Modimo​—le tumelo ya mosadi yo mosha—​di neng tsa boloka morafe ka gone, e kwadilwe ke Moredekai ka namana.

Esethere O Nna Mohumagadi

Ka tswee bala Esethere 1:1–2:23. Mo e ka nnang ka 484 B.C.E., kgosi ya Peresia ebong Ahasueruse (Xerxes I) o rulaganya moletlo o mogolo wa dijo. Mme Mohumagadi Fasheti o gana go amogela ditaletso tsa gagwe tsa gore a nne gone koo. Kgosi e e betilweng ke pelo e mo tlosa mo maemong a gagwe mme e rulaganya go batla mohumagadi yo mosha. Morago ga go tlhatlhobisisa basadi ba bantle go gaisa mo lefatsheng leo, o tlhopha mosetsana wa Mojuda yo o boikokobetso yo o bidiwang Hadase, yo o neng a baakanyeditswe lebaka leno ke ntsalae ebong Moredekai. Mosadi yono yo mosha ga a senola gore ke Mojuda, ka go dirisa leina la gagwe la kwa Peresia ebong Esethere.

◆ 1:3-5​—Ke ka ntlhayang fa go ne go tshwarwa meletlo eno?

Go ya ka ra-ditiragalo ebong Herodotus, Xerxes o kile a epa pitso ya go rulaganya ntwa kgatlhanong le Gerika. Gongwe eno ke pokano e e tshwanang. Go ka direga gore, Xerxes o ne a bontsha kgalalelo le mahumo a bogosi jwa gagwe go tlhwatswa bahumi pelo gore o na le kgono ya go lwa ntwa ya Gerika.

◆ 1:8​—Molao wa go nwa e ne e le ofe?

Go bonala ekete Baperesia ba ne ba tlwaetse go gapeletsana go nwa go fitlha selekanyong se se beilweng mo dipokanong tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, kgosi e ne ya dira phetogo mo moletlong ono. Gore a seno se ne sa bakela go nwa go go lekanyeditsweng kana go go sa lekanyediwang, Bibela ga e bolele.

◆ 2:19, 20​—Ke ka ntlhayang fa Moredekai a ne a ‘dula mo kgorong ya kgosi’?

Go bonala Moredekai e ne e le mongwe wa dikgosana tsa Kgosi Ahasueruse. Banna bao ba maemo gantsi ba ne ba nna mo kgorong, ba emetse go arabela kopo ya kgosi. Maemo a ga Moredekai a tshwanetse a bo a ne a le a boikarabelo tota. Go seng jalo, Hamane a ka bo a mo kobile ka bonako. Ka jalo Moredekai o ne a le mo boemong jwa go ka lemoga le go fedisa leano la go bolaya kgosi.

Thuto mo go Rona: Esethere o ne a bontsha botlhokwa jwa boikokobetso ka go se kope dibenya tsa gauda kana diaparo tse dintle pele a ema fa pele ga kgosi. O ne a letlelela motho wa sephiri wa pelo ya gagwe, le “mōea oa boikokobeco le tidimalō,” go gapa pelo ya kgosi. (1 Petere 3:1-5) Ka mo go tshwanang, bao ba masalela a a tloditsweng bao ba neng ba kgobokanngwa fa esale ka 1919 ba gapile pelo ya Morena Jesu Keresete.

Maano a ga Hamane

Bala 3:1–5:14. Ahasueruse o dira Moamaleki yo o bidiwang Hamane tonakgolo. Mme Moredekai, ka ntlha ya go gopola gore Jehofa o ikaeletse go “nna le ntwa le Amaleka go cwa mo losikeñ lo loñwe go ea mo losikeñ lo Ioñwe,” o gana go ikobela Hamane. (Ekesodo 17:8-16) Gore a ipusolosetse, Hamane yo o ikgogomosang o tlhotlheletsa kgosi gore e nyeletse Bajuda!

Moredekai o kopa Esethere go di tsena, a mo gopotsa gore, fa a didimala, “Bayuda ba tla cogèlwa ke thusō le kgololō e e cwañ go sele.” Ereka tlholelo ya batho ba ga Jehofa le katlholo ya gagwe malebana le Baamaleke di amega, Moredekai o tlhatswegile pelo gore Modimo o tla ba falosa. (1 Samuele 12:22) Esethere o ya kwa kgosing a sa lalediwa​—se e ka nnang molato o mogolo! Lefa go ntse jalo, Ahasuerese ga a mmolaye mme o ya kwa moletlong o a o rulagantseng. Hamane o boela gae, a betilwe ke pelo gape ka ntlha ya fa Moredekai a ganne go mo ikobela, o loga maano a go mmolaya.

◆ 3:7​—Ke eng se se akarelediwang mo go tsheleng Pura?

“Pura” go bonala e le lefoko la Seperesia le le rayang “bola.” Gantsi bola bo ne bo tshelwa ke balepi ba dinaledi jaaka mokgwa wa go laola. Go bonala seno se ne se dirwa go itse nako e e tshwanetseng thata ya gore Hamane a diragatse maano a gagwe a go nyeletsa morafe.

◆ 4:3​—Ke ka ntlhayang fa Moredekai le Bajuda ba ne ba itima dijo?

Gonne tatlhego ya morafe e ne e atametse, e ne e le nako ya go akanya go go kelotlhoko, go go masisi. (Moreri 3:4) Ba ne ba tlhoka kaelo ya Modimo fela thata. Jalo go itima dijo go ne go bontsha go retologela ga bone go Jehofa go bona nonofo le botlhale tse di tlhokegang. Fa o lebane le diteko, a o retologela kwa go Jehofa ka thapelo?​—Bahebera 5:7.

◆ 5:6-8​—Ke ka ntlhayang fa Esethere a ne a diega go bolelela kgosi?

Tota bopelokgale jwa ga Esethere bo ne bo sa mo paledisa, ereka a ne a setse a kile a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ya loso. Lefa go ntse jalo, go bonala a ne a batla go gapa pelo ya kgosi pele. Ka gone, o ne a mo laletsa kwa moletlong wa bobedi. Kaelo ya Modimo le yone e ne e akarediwa, ereka nako e e neng e ntse e feta e ne e letlelela ditiragalo tse di rileng.

Thuto mo go Rona: Esethere o ne a bontsha tumelo, bopelokgale, le go rata go dirisa kgakololo ya ga Moredekai. Bao ba nnileng karolo ya masalela a a tloditsweng fa esale ka 1919 ba bontshitse tumelo, bopelokgale, le go rata go dira le maloko a a godileng a monyadiwa wa ga Keresete ka mo go tshwanang. Abo e le dikao tse di molemo jang ne!

Maano Aa Kgorelediwa

Bala 6:1–7:10. Ahasueruse oa tlhobaela, kwantle ga pelaelo go bakwa ke Modimo. Gongwe o ikutlwa gore o fositse ka tsela nngwe, o kopa gore a balelwe buka ya direkoto, gongwe buka ya ditiragalo tsa letsatsi ya segosi. Fa a lemoga gore Moredekai o ne a seka a duelelwa go senola maano a go bolaya kgosi, kgosi e kopa Hamane go akantsha tuelo e e tshwanetseng. Hamane o akanya gore ke ene yo o tlotliwang mme o akantsha moletlo o o manontlhotlho. Mme se se mo gakgamatsang ke gore o laelwa go rwesa Moredekai tlotlo e e ntseng jalo! Bagakolodi ba ga Hamane ba tsaya seno jaaka letshwao la go wa ga gagwe.

Go ise go ye kae morago ga gore maitemogelo ano a go isiwa fatshe a fete Hamane o patiwa go ya moletlong wa bobedi wa ga Esethere. Koo kgosi e kopa Esethere go dira kopo. “A nke ke newe botshelo yoa me ka thapèlō ea me, le batho ba ga echo ka tōpō ea me,” kgosigadi e e pelokgale e kopa jalo. Fa a sena go senola gore ke Mojuda, o ntshetsa maano a ga Hamane mo pepeneneng. Hamane yo o tshogileng o kopa gore a seka a bolawa mme go na le moo, a atlholelwa loso​—mo koteng yo polao yone eo a neng a e diretse Moredekai!

◆ 7:4​—Ke ka ntlhayang fa go fedisiwa ga Bajuda go ne go tla senyetsa kgosi?

Fa Hamane a ne a ka bo a logile maano a go rekisa Bajuda mo bokgobeng, seno go bonala se ne se tla tlisetsa kgosi Ahasueruse poelo e kgolo. Mme go fedisiwa ga batho botlhe go ne go tla bakela go latlhegelwa ke madi a a fetang ditalenta di le 10 000 tsa selefera kgakala tse Hamane a neng a solofeditse go di duela. Go atlega ga go nyelediwa ga lotso go ka ne gape go bakile gore kgosi a latlhegelwe ke mohumagadi wa gagwe​—tshenyegelo e kgolo ya botho eleruri!

◆ 7:8​—Ke ka ntlhayang fa sefatlhego sa ga Hamane se ne se khurumeditswe?

Hamane o ne a sa khurumetsa sefatlhego sa gagwe ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong kana go swaba. Kwantle ga pelaelo basimegi ba kgotla-tshekelo ba ne ba khurumetsa sefatlhego sa gagwe, gongwe go kaya go swaba kana katlholo. Go bonala seno e ne e le kgato ya ntlha e e tsewang mo go diragatseng katlholo ya loso.

Thuto mo go Rona: Ka bopelokgale Esethere o ne a senola gore ke Mojuda, a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing. Fa esale ka 1931, batho ba Modimo ba ne ba ipaya mo kotsing ya go bogisiwa ka mo go tshwanang ka go ipitsa Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) A o pelokgale go le kalo?

Batho ba Modimo Baa Gololwa!

Bala 8:1–10:3. Moredekai o nna tonakgolo mo boemong jwa ga Hamane. Esethere o baya botshelo jwa gagwe gape mo kotsing ka go ya kwa kgosing a sa lalediwa le go kopa gore go tsewe dikgato go dirolola maano a ga Hamane. Kgosi ea dumela mme e letlelela Moredekai go ntsha molao o o kgatlhanong le seo ka leina la ga Ahasueruse. Lemororo ka tlwaelo ya Peresia taelo ya ntlha ya go nyeletsa e ka seka ya phimolwa, molao o mosha o letlelela Bajuda go iphemela.

Go nna boitumelo mo Bajudeng! Ga e sa tlhole e le batswa-setlhabelo ba ba senang tshireletso, jaanong ba na le dikgwedi di le mmalwa tsa go rulaganya tshireletso ya bone. Labofelo, di 13 tsa Adara (February-March) di a fitlha. Ba ba 75 000 ‘ba ba ratileng go ba gobatsa’ ba bolawa ke Bajuda. Moredekai o laela gore Modiro wa ngwaga le ngwaga wa Purima o tshwarwe ka di 14 le di 15 tsa Adara, e se re kgotsa ba lebala gore phenyo e tswa go Jehofa.

◆ 8:5​—Esethere o ne a bontsha temogo jang?

Esethere o ne a tlhopha mafoko a gagwe ka kelotlhoko, fa a lopa kgosi gore e dirolole dikwalo tsa maano a ga Hamane, ‘tse o di kwadileng.’ Ka botswerere, o ne a tila go umaka boikarabelo bope jwa kgosi mo kgannyeng eno. Bakeresete ba botswerere ka mo go tshwanang fa ba supa fa pele ga basimegi ba puso.

◆ 8:17​—Batho ba ne ba ‘nna Bajuda’ jang?

Septuagint e re Baperesia bano “ba ne ba rupisiwa le go amogela mekgwa ya Sejuda.” Kwantle ga pelaelo ka go tsaya molao o o kgatlhanong jaaka letshwao la go tshegediwa ga Bajuda ke Modimo, Baperesia ba le bantsi ba ne ba nna bafetogela Sejudeng. Ka mo go tshwanang gompieno, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo eme mo letlhakoreng la masalela a a tloditsweng.​—Tshenolō 7:9; Yohane 10:16; Sekaria 8:23.

◆ 9:10, 15, 16​—Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba sa thopa dithoto?

Taolo ya kgosi e ne e ba naya tetla ya go thopa dithoto. Lefa go ntse jalo, go gana ga bone go dira jalo, go ne ga supa gore boikaelelo jwa bone e ne e le go ipoloka, eseng go ikhumisa.

Thuto mo go Rona: Jaaka Bajuda ba motlha wa ga Esethere, Basupi ba ga Jehofa ba ikuela mo go bogoromente le mo dikgotlatshekelong ka tshwanelo gore ba sirelediwe mo babeng. Segolo-bogolo ka Ntwa ya Lefatshe II go ne go tlhokafala gore go dirwe seno ka ntlha ya ditlhaselo tse di neng di tlhotlhelediwa ke baruti kgatlhanong le batho ba Modimo. Ka tshegofatso ya ga Jehofa, dintwa tse dintsi tsa dikgotla-tshekelo di ne tsa fenngwa.

Buka ya ga Esethere e dira jaaka motswedi wa tsholofelo le kgothatso go Basupi ba ga Jehofa gompieno. Baa itse gore letlhoo le legolo la ga Satane le tla akofa le ya magoletsa mo go lekeng ga gagwe ka bojotlhe go ba nyeletsa. Ga go itsiwe ka nepagalo gore Jehofa o tla ba sireletsa jang ka nako eo. (Esekiele 38:16-23) Mme tsholofelo ya bone ke gore, Jehofa gaa kitla a latlha batho ba gagwe, jaaka mo motlheng wa ga Esethere. Ka nako e e tshwanetseng, o tla ba neela “thusho le kgololō.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela