Go Lemoga Dikgang
“Ntwa ya Makgaola Kgang” ya Southern Baptist
Boitumelo bo ne bo ile magoletsa kwa kopanong ya sedumedi mo Dallas Convention Center ka June. Baemedi ba ba fetang 45 000 ba Ma-Baptist ba ne ba kopanela seo The New York Times Magazine e se biditseng “ntwa ya makgaolakgang magareng ga bao ba dumelang mo melao-metheong ya Bibela fela le ditlhopha tsa ba ba mo bogareng kaga go tsamaisiwa ga bookamedi jwa Southern Baptist Convention,” kereke e kgolo ya Maprotestanta mo United States. Kwa bokhutlong, Charles Stanley yo o dumelang mo melao-metheong ya Bibela fela ebile a na le maemo mo kerekeng, o ne a tlhophiwa go nna kwa godimo ga moganetsi wa gagwe yo o mo bogareng, Winfred Moore. Mme kopano e dirile mo gonnye go fedisa ntwa magareng ga maloko a kereke.
Lemororo Ma-Southern Baptist ba dumela gore Bibela e tlhotlheleditswe, ba ba mo bogareng thata mo gare ga bone, bao ba dumelang mo melao-metheong ya Bibela fela ba ba bitsang ba ba ratang gore go nne le diphetogo, ga ba dumele gore Dikwalo tota ga di na phoso. Ba ba dumelang mo melao-metheong ya Bibela fela ba boifa gore ba ba leng mo bogareng ba itatola thuto ya boruti ya dingwao ya Baptist. Mo letlhakoreng le lengwe, ba ba leng mo bogareng ba nyatsa ntlha ya gore bakaulengwe ba bone ba ba dumelang mo melao-metheong ya Bibela fela ga ba ngaparele go ikgaoganya ga Kereke le Mmuso ka tlhoko mme ba itswakanya le dipolotiki, jaaka mo go boneng tetla ya semolao ya go rapela kwa sekolong le ya go thibela go ntsha dimpa. Dipharologanyo magareng ga ditlhopha tseno tse di ganetsanang di kgakala le go rarabololwa. Ka gone boemo ga bo dumalane le kgothatso ya moaposetoloi Paulo ya gore Bakeresete ba boammaaruri ba ‘bue puo e le nngwe’ mme ba “itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.”—1 Bakorintha 1:10.
Thubakanyo mo Metshamekong
“Ditediamo tsa kgwele ya dinao tsa Yuropa di setse di tshwana le mafelo a dintwa ka mo go oketsegileng.” Makasine wa Time o etse tlhoko jalo mo pegong e e mabapi le thubakanyo e e setlhogo e e neng e akareletsa baema-nokeng ba kgwele ya dinao ba Ma-Britani le ba Ma-Tadiana eo e neng ya felela ka go bolawa ga batho ba le 38 mo Sekgeleng sa makgaolakgang sa Yuropa mo Brussels ka May o o fetileng. Thubakanyo ka baema-nokeng ke bothata jo bo golang le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ka May, baema-nokeng ba Ma-Chaena mo Peking ba ne ba tsosa dikgaruru—ba thuba dibese, ba menola dikoloi, le go tshosetsa batswa-kwa—fa setlhopha sa bone sa kgwele ya dinao se ne se ntshiwa ke Hong Kong mo kgaisanong ya Sekgele sa Lefatshe.
Ke ka ntlhayang fa baema-nokeng ba metshameko ba latlhegeIwa ke go ikgapha? Balaodi ba bolela gore ke ka ntlha ya gore ba bantsi ba ba fisegelang metshameko ga baa tlhomelelwa sentle go lebana le go fenngwa kana go nyadiwa. “Mme go farologanngwa ga batho kana maemo a tsa itsholelo ga se mabaka a konokono a a go bakang,” go bolela jalo Dr. Jeffrey H. Goldstein, setswerere mo thubakanyong e e amanang le metshameko. “Ka mo go tlhomamisegileng ke bomorafe. Mo motlheng wa go tlhaeletsana ka ponyo ya leitlho, batho ka mo go oketsegileng ba dira dikganetsano tsa bomorafe tsa ditiragalo tsa metshameko ya merafe-rafe, mme batho ba tlhotlheledlwa ke dikgato tsa babega-dikgang, balaodi ba metshameko, bora-dlpolotlki le batshameki ka bobone.” Goldstein o oketsa ka gore go baema-nokeng “dltiragalo tsa metshameko ya merafe-rafe e fetoglle teko ya go siama kana go sa siama ga megopolo.”
Lemororo bomorafe bo ka tlhotlheletsa baema-nokeng ba bantsi ba metshameko go thubakanya, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tseye letlhakore, ke baemedi ba ba ratang kagiso ba Bogosi jwa Modlmo. Mo godimo ga moo, ba tila go wela mo moyeng wa lefatshe wa go gaisana.—Yohane 17:16; Baroma 12:18; Bagalatia 5:26.
Ga Ba ‘Ngaparele mo Tirong ya Bone’
“Sengwe sa dilo tse di gakgamatsang ka bobishopo ba rona ba ba buelelang bopolotlki ke gore ba lebega ba sena boikutlo bope ka dilo tse di tlang pele tsa Bokeresete,” go kwala jalo mokwadi wa dikoranta Paul Johnson go The Daily Telegraph ya London. Bobishopo ba kereke ba senya nako e ntsintsi mo dikgannyeng tsa dipolotiki, o bolela jalo, mme ba tlhokomologa bothata jo e leng jwa botlhokwatlhokwa. Johnson o bolela jaana: “Mo United States gammogo le kwa Britani, lebaka le le lengwe le le bakang lehuma ke lelapa la motsadi a le mongwe,” leo gantsi le nnang gone ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa basha. “Mme ka mo go gakgamatsang segolo ke nako e telele ke sa utlwe moruti ope, ke sa umake mobishopo, a rera thero ka masula a kgokafalo.” Fa bobishopo “ba ne ba ka ngaparela fela mo tirong ya bone ya motheo le ya ngwao jaaka balebedi ba boitsholo,” o konela ka gore, ba ne ba ka “nna le karolo e e botlhokwa go e dira mo go fokotseng mathata a tsa itsholelo.”
Dikakgelo tsa ga Johnson di re gakolola ka boemo mo Iseraeleng wa bogologolo. Ka nako eo baeteledi-pele ba bodumedi le bone ba ne ba palelwa ke go ruta Lefoko la Modimo gore batho ba tle ba ‘boe mo tseleng ya bone e e bosula.’ Ka banna bao, Modimo o ne a re: “Ke tlhabana le baperofeti ba ba ucwañ mahoko a me, . . . moñwe le moñwe a a ucwe mo go oa ga gabō.” (Yeremia 23:22, 30) Ka mo go tshwanang, baruti ba motlha wa segompieno ba ba palelwang ke go ruta maitsholo a a siameng a Bokeresete, gongwe le eleng go dirisetsa ditemana tsa Bibela mabaka a dipolotiki kana a mangwe ka mo go tshwanelang, ba ka lebelela go tshwanelwa ke go se amogelwe ke Modimo.—Bapisa Luke 11:52.