LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 7/15 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dumedisa go Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Go kgaola—go lebeng jaana . . .
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ganana le Botenegi, Ngaparela Boammaaruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Kotlhao Eo e Ka Ungwang Loungo lwa Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 7/15 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ A 2 Yohane 10, eo e reng go se tsholelwe mo tlung ya motho kana go dumedisa batho bangwe, e lebisitse go bao ba ileng ba etleetsa thuto ya motheo ya maaka?

Ka kakaretso kgakololo eno e ama “batsietsi ba le bantsi” ba ba tswetseng mo lefatsheng, “eboñ bonë ba ba sa ipoleleñ ha Yesu Keresete a tsile mo nameñ.” (2 Yohane 7) Moaposetoloi Johane o ne a ntsha kaelo ya kafa Bakeresete ka nako eo ba neng ba tshwanetse go dirisana ka gone le bao ba neng ba latola fa Keresete a ile a tla kana gore e ne e le Keresete le Morekolodi. Johane o ne a laela ka go re: “Ha moñwe a tla mo go lona, me a sa tle le thutō e, lo se ka loa mo cholèla mo tluñ ea lona, le gona lo se ka loa mo dumedisa: Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditihō tsa gagwè tse di boshula.” (2 Yohane 10, 11) Mme Bibela e supa gape golo gongwe gore seno se ne se na le bokao jo bogolwane.

Ka nako nngwe gareng ga Bakeresete mo Korintha, monna mongwe o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang, mme moaposetoloi Paulo o ne a ba kwalela a re “e tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè.” (1 Bakorintha 5:11) A mme he, seo se ne se raya bakaulengwe bao ba neng ba ile ba lelekelwa diphoso tse di masisi tse di rulagantsweng tseo?

Nnyaa. Tshenolō 21:8 e bontsha gore batho ba ba ntseng jalo jaaka babolai, baloi, le baaki ba ba sa ikwatlhaeng ba akarediwa mo go bao ba tshwanelwang ke loso lwa bobedi. Ruri kgakololo e e go 1 Bakorintha 5:11 gape e ne e tla dirisiwa fela ka nonofo e e lekanang mo Bakereseteng ba pele bao ba ileng ba nna molato wa diphoso tseno. Mme gape, Johane o ne a kwala ka gore bangwe ba ne ba “dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona; gonne ha e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa nntse ba na le rona: me ba cwa, gore ba tlè ba bōnatshiwè kaha ba señ ba rona botlhe ka gona.” (1 Yohane 2:18, 19) Johane o ne a se ka a re ba ne ba leleketswe boleo bongwe jo bo masisi. Gongwe bangwe ba bone ba ile ba itsamaela fela, ba feditse ka gore ga ba sa tlhole ba batla go nna moteng ga phuthego ka jaana ba ne ba sa amogele thuto nngwe ya motheo. Bangwe ba ka nna ba bo ba ile ba lapa mme ba fela pelo.​—1 Bakorintha 15:12; 2 Bathesalonia 2:1-3; Bahebera 12:3, 5.

Legale, fa mokaulengwe mongwe a ile a simolola go wela mo boleong, Bakeresete ba ba godileng ba ne ba tla bo ba ile ba leka go mo thusa. (Bagalatia 6:1; 1 Yohane 5:16) Fa a ile a nna le dipelaelo, ba ka bo ba ile ba leka go mo “shwatola mo moleloñ.” (Yude 23) Le eleng fa a ile a tsidifala, a sa tlhole a ya kwa dipokanong kana mo bodiheding jwa phatlalatsa, ba ba nonofileng mo semoyeng ba ne ba tla bo ba ile ba leka go mo tsosolosa. O ka nna a bo a ile a ba bolelela gore o ne a sa batle go tshwenngwa ka go nna mo phuthegong, go rialo a bontsha tumelo ya gagwe e e koafetseng le bomoya jo bo kwa tlase. Ba ka nna ba bo ba ile ba se ka ba mo kgopakgopetsa, mme ba ka nna ba bo ka dipaka tse dingwe ba ile ba mo etela ka maeto fela a botsalano. Maiteko a a ntseng jalo a a lorato, a a bopelotelele le kutlwelo botlhoko, a ne a tla bo a ile a bontsha kgatlhego ya Modimo ya gore ope a seka a latlhega.​—Luke 15:4-7.

Phapaanong le seo, mafoko a ga Johane a supa gore bangwe ba ne ba ya bokgakaleng jo bo fetang jwa bokoa jwa semoya le go tsidifala; tota tota ba ile ba ngala phuthego ya Modimo. Mongwe gongwe a ile a itshupa phatlalatsa fa a le kgatlhanong le batho ba Modimo, a ipolela fa a sa tlhole a batla go nna mo phuthegong. O ka nna a bo a ile a itatola tumelo ya gagwe ya pele, jaaka ka go kwala lekwalo. Legale, phuthego e ne e tla bo e ile ya amogela phetso ya gagwe ya gore a itomolole. Mme ba ne ba tla bo ba ile ba mo tshwara jang?

Johane o re: “Leha e le mañ eo o tlolèlañ pele, me a sa nnele rure mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Modimo: eo o nnèlañ rure mo thutoñ euo, ke èna eo o nañ le Rara le Morwawè. Ha moñwe a tla mo go lona, me a sa tle le thutō e, lo se ka loa mo cholèla mo tluñ ea lona, le gona lo se ka loa mo dumedisa.” (2 Yohane 9, 10) Mafoko ao ruri a ne a tla bo a ile a dira mo mothong yo o ileng a nna motenegi ka go ikopanya le bodumedi jwa maaka kana ka go anamisa thuto ya motheo ya maaka. (2 Timotheo 2:17-19) Mme gotweng kaga bao Johane a neng a re ka bone “ba dulè mo go rona”? Lemororo Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse gore ba ne ba sa tshwanela go ikopanya le modira phoso yo o lelekilweng kana le motenegi yo o tsidifetseng, a ba ne ba itshwara ka mo go tshwanang mo go mongwe yo o neng a sa lelekiwa mme ka bomo fela a itatotse tsela ya Bokeresete?

Aid to Bible Understanding e bontsha gore lefoko “botenegi” le tswa mo lefokong la Segerika leo tota tota le rayang “‘go emela kgakajana le’ mme le na le mogopolo wa ‘go furalela, go latlha kana botsuolodi.’”a Buka ya Aide oketsa e re: “Gareng ga mabaka a a farologaneng ao a tsalang botenegi a a thadisitsweng mo ditlhagisong tsa seaposetoloi e ne e le: tlhaelo ya tumelo (Baheb. 3:12), tlhaelo ya boitshoko fa go lebanwe le pogiso (Baheb. 10:32-39), go latlha ditekanyetso tsa boitsholo jo bo siameng (2 Pet. 2:15-22), go reetsa ‘mafoko a boithamako’ a barutisi ba maaka le ‘meya e e timetsang’ (1 Tim. 4:1-3) . . . Ba ba ntseng jalo ba latlha phuthego ya Bokeresete ka bomo fela ka gone ba nna karolo ya “moganetsa Keresete.” (1 Yohane 2:18, 19)”

Motho yoo ka bomo pele a ileng a itomolola mo phuthegong o ne a tla tshwanelana le tlhaloso eo. Ka go nyatsa phuthego ya Modimo ka bomo le go itatola tsela ya Bokeresete, o ne a tla bo a itirile motenegi. Mokeresete yo o ikanyegang o ne a ka se batle ka gope go tsalana le motenegi. Le eleng fa pele ba ne ba le ditsala, fa mongwe a ne a nyatsa phuthego, a nna motenegi, o ne a ganana le motheo wa katamalano ya bakaulengwe. Johane o ne a phepafatsa gore ene ka boene o ne a ka se ke a amogele mo gaeng ja gagwe mongwe yo o neng ‘a sena Modimo’ ebile ‘e se wa rona.’

Kafa Dikwalong, motho yo o neng a nyatsa phuthego ya Modimo o ne a nna le mokgobo o o fetang le wa ba ba mo lefatsheng. Ka baka lang? Mme kana, Paulo o ne a bontsha gore Bakeresete mo metlheng ya Roma ba ne ba amana ka metlha le baakahadi, baiphetlhi, le baobamedi ba medimo ya disetwa. Lefa go le jalo o ne a re Bakeresete ba ne ba tshwanetse go ‘ikgaoganya le mongwe yo go neng go twe ke mokaulengwe’ mme a boetse ditirong tse di bosula. (1 Bakorintha 5:9-11) Ka mo go tshwanang, Petere o ne a tlhalosa gore yo o ileng a “halola mo mashweñ a lehatshe” mme a ile a boela gape botshelong jwa gagwe jwa pele o ne a tshwana le kolobe e e neng e boela mo seretseng. (2 Petere 2:20-22) Ka jalo, Johane o ne a baakanyetsa ka kgakololo e e utlwalang mo go kaeleng Bakeresete bao ba neng ba sa tshwanela go ‘tsholela mo matlong a bone’ mongwe ‘yo o duleng mo go bone’ ka bomo.​—2 Yohane 10.

Johane o ne a oketsa a re: “Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditiho tsa gagwè tse di boshula.” (2 Yohane 11) Fano Johane o ne a dirisa lefoko la Segerika la tumediso ebong khai′ro go na le lefoko aspa′zo-mai, leo le fitlhelwang mo 2Yoh temaneng 13.

Khai′ro le ne le raya go ipela. (Luke 10:20; Bafilipi 3:1; 4:4) Le ne le dirisediwa gape go dumedisa, ka molomo kana ka go kwalwa. (Mathaio 28:9; Ditihō 15:23; 23:26) A·spaʹzo·mai le ne le raya “go kampa ka matsogo, ka gone go raya go dumedisa, go amogela.” (Luke 11:43; Ditihō 20:1, 37; 21:7, 19) Nngwe le nngwe ya tsone e ne e ka kaya tumediso, mme a·spaʹzo·mai ne e ka nna ya kaya se se fetang “dumela” fela e e bonolo kana “o tlhotse jang.” Jesu o ne a bolelela barutwa ba ba 70 gore ba se ka ba a·spaʹse·sthe mongwe le mongwe. Jalo he o ne a bontsha kafa tiro ya bone e neng e potlakile ka teng mme he e sa dumelele nako epe ya gore go ka dumedisiwa ka tsela ya Botlhabatsatsi ya go atlana, go kampana, le metlotlo e meleele. (Luke 10:4) Petere le Paulo ba ne ba kgothatsa ka gore: ‘Lo dumedisanye [a·spaʹse·sthe] ka katlo e e lorato, kana ka katlo e e boitshepo.’​—1 Petere 5:14; 2 Bakorintha 13:12, 13; 1 Bathesalonia 5:26.

Jalo, Johane o ka nna a bo a ile a dirisa khai′ro ka bomo fela mo go 2 Yohane 10, 11 go na le a·spaʹzo·mai (2Yoh temana 13). Fa go ntse jalo, Johane o ne a sa kgothaletse Bakeresete ka nako eo go tila fela tumediso e e bothito (ka go kampa, go atla le motlotlo) motho yo o neng a ruta maaka kana yo o neng a itatotse phuthego (a tenegile). Go na le moo, Johane o ne a bolela gore ba ne ba sa tshwanela le eleng go dumedisa motho yo o ntseng jalo ka khaiʹro, ebong “o tlhotse jang” yo o tlwaelegileng.”b

Bomasisi jwa kgakololo eno bo phepafala mo mafokong a ga Johane a a reng: “Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditihō tsa gagwè tse di boshula.” Go ne go se Mokeresete ope wa boammaaruri yo o neng a ka batla gore Modimo a mo lebe jaaka yo o tlhakanetseng mo ditirong tse di bosula ka go kopanela le modira-bosula yo o lelekilweng kana yo o ganneng phuthego ya Gagwe. Abo go le molemo jang ne go tlhakanela mo bokaulengweng jo bo lorato jwa Bokeresete, jaaka Johane a ile a kwala: “Se re se bonyeñ ra se utlwa, ke shona se re se lo bolèlèlañ le lona, gore le lona lo bōnè bolekane le rona; me rure bolekane yoa rona ke go kōpana le Rara, le Morwawè Yesu Keresete.”​—1 Yohane 1:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Webster’s New Collegiate Dictionary e re “botenegi” ke “1: go itatola tumelo ya sedumedi 2: go latlha boikanyegi jwa pele.”

b Mabapi le tiriso ya khai′ro go 2 Yohane 11, R. C. H. Lenski o akgela ka go re: “[E ne e] le tumediso e e tlwaelegileng fa go kopanwa kana go kgaoganwa. . . . Fano mogopolo ke wa go re: O se ka wa ba wa neela mofapogi le eleng tumediso eno! Seno se setse se go dira motlhakanedi le ene mo ditirong tse di boikepo tseo a tsenyeng mo go tsone. Johane [o lebisa]” . . . tumedisong ya mofuta lefa e ka nna ofe.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela