LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 7/15 ts. 32
  • “Tharabololo ya Mathata Otlhe A Rona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tharabololo ya Mathata Otlhe A Rona”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 7/15 ts. 32

“Tharabololo ya Mathata Otlhe A Rona”

Seno ke se monana mongwe go tswa Puerto Rico a neng a se bolela ka seo a reng se ka fitlhelwa mo bukeng ya Bosha jwa Gago​—Go Iponela Molemo mo go Jone. O ne a kwala ka go re:

“Malobanyana jaana ke ne ka lo kwalela kaga bothata jo ke neng ke na najo, eleng jwa go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi, mme ka lo kopa gore lo nthuse ka kgakololo e lo ka e mphang ka go nneela boikitsiso bongwe mo makasineng wa lona. Lefa go le jalo, tsala ya me, yo eleng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nneela buka ya Bosha jwa Gago​—Go Iponela Molemo mo go Jone gore ke e bale. Seno se ne sa diragala mo kgweding e e fetileng. Ke rata go le itsise gore fa e sale ke bala kgaolo 5 ya buka eno, ga ke ise ke ko ke dirise tlwaelo eno gape. Ke ile ka lemoga gore go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi ga se selo se se tlhokafalang mo mothong. . . .

“Ke ka itumela fa mosha mongwe le mongwe a ka bala buka e, go sa kgathalesege gore ke wa bodumedi bofe. Banana botlhe ba na le mathata a a tshwanang, mme buka eno e tshwana le letlotlo, ka jaana e na le tharabololo ya mathata otlhe a rona. . . . Lo tsweleleng ka go gatisetsa basha dibuka ka go bo mo lefatsheng leno le le tletseng ka diokobatsi le boitsholo jo bo sa siamang, buka eno e tshwana le kopi ya metsi a a tsididi, a a lapolosang.”

Kwantle ga go bua fela ka phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi le bosodoma, buka eno e akareletsa le tiriso ya diokobatsi le tagi, metshameko, mmino, tantshe, thatano, lefereo, le ditlhogo tse dingwe tse dintsi tseo di amang basha. Ikamogelele sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.

Tswee-tswee, nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya ditsebe tse 192 ya Bosha jwa Gago​—Go Iponela Molemo mo go Jone. Ke romela le R1,40.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela