Pono ya Mokeresete ka Dikhumo
A BOSHENG jaana o ile wa bala lokwalo lwa ntlha Iwa ga moaposetoloi Paulo go Timotheo, segolo bogolo kgaolo 1Ti 6:6-19? Le tlhalosa seabe seo mahumo a tshwanetseng go nna le sone mo matshelong a Bakeresete. Lekwalo le ne la fitlhela Timotheo a nna mo motseng o o humileng thata wa Efeso. Bakeresete bao ba neng ba nna mo boremelelong jo bogolo joo jwa kgwebo ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tlhabantshane le pono ya selefatshe ya go leba mahumo jaaka selo se se tona. Ka bokhutshwane, ditemana tseo di ne di gakolola ka gore: Kgotsofala ka seo o nang naso, mme o se ka wa senka go huma; bao ba setseng ba humile, lo se ka Iwa ikanya mo dilong tse di bonalang. Boemong jwa seo, botlhe ba tshwanetse go huma ditiro tse di molemo mme botlhe ba bontshe moya wa bopelotshweu.
Pono e e phoso ka mahumo e faposetsa batho kwa bogagapeng. Bogagapa bo nna sekgaoganyi seo se ka re ngaparololang mo kgomarelong ya rona ya Bokeresete mo dithutong tse di utlwalang tsa ga Keresete. Fa a sena go kgaoganngwa le mogopolo o o phepa wa boammaaruri, jaanong o wela mo thulanong e e bogale nako le nako le bao ba leng moteng le ba ba ka kwantle ga phuthego. Tsela eno e ka gogela mo ‘bopelotshetlheng, kgang, dikgalo, dipateletso, ditatalalo tsa batho ba ba bodileng megopolo, le ba ba latlhegetsweng ke boammaaruri, ba ba itlhomang poifomodimo e le mokgwa wa papadi.’—1 Timotheo 6:3-5.
Mme go nna fela jalo ka bao ba dirisetsang dikamano tsa Bokeresete go bona “papadi.” Ba tlhaela go bona dikhumo tsa mmannete tseo di ka tlisiwang fela ke poifomodimo, ebong “botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” Ka gone, kgakololo ya ga Paulo go botlhe ke ya gore ‘o ritibale’ ka dijo le diaparo.—1 Timotheo 4:8; 6:8.
A O Eletsa Go Huma?
Fa bahumi ba ipegela kwa godimo, ba bangwe gantsi ba ikutlwa ba le kwa tlase, seo se bo se ka tsala lefufa, mme morago, keletso e e nonofileng le e e bofang ya mahumo kana bobotlana dilo tse di ka rekwang ka mahumo. Kana lefufa la bone le ka ba dira gore ba nne le phetso e e phoso ya gore ga ba na molato fa ba sola khumo ya bone le mahumo molemo ka go ba tlhodia ka malatsi otlhe go re ba bafe madi ntswa ba tila go a busa. Ka boitumelo, 1 Timotheo 6:6-16 e re neela kgakololo e e utlwalang ya gore ke jang le gore ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go tila keletso e e senyang ya go huma.
◻ 6:6-8—Ga se gantsi kgotsofalo e tsamaelana le dikhumo, mme e tsamaelana ka metlha le poifomodimo. Ke eng o meletsa mathe dilo tsa ba bangwe? Ke tsa nakwana fela, gonne ga re a tla le sepe mo lefatsheng, mme ga re na go tsamaya le sepe.
◻ 6:9—Ga se gore thata thata ke bahumi mme eleng bao ba “eletsañ go huma” bao, jaaka phologolo e e sa itseng sepe, ba ngaparelang mo seraing se se okisang, ba raraediwang ke seru, ba bo ba nna ditshwaro tsa ‘dithato tsa bosilo’ tseo di “nwetsañ” batho mo tshenyegong (mo tota tota go rayang go ba gogela kwa tlase).
◻ 6:10—Dilo tsotlhe tse di bosula di ungwa mo ‘go rateng madi.’ Batho ba ile ba sokamisa tshiamiso, ba utswa, ba itira diaka, ba bolaya, ba oka ba bangwe le go aka ka ntlha ya madi. Ga go ke go tlhaga sepe se se molemo mo mofuteng o wa lorato. Ka ntlha yang? Ka go bo modi wa lone ke bosula. Ereka bontsi jwa medi bo fitlhegile, Bakeresete ba ba seng kelotlhoko ba nyatsa nonofo e kgolo ya bosula eo e theilweng mo ‘go rateng madi.’ Ke fela ka go ‘gwalalela lorato lo’—eseng go nna le madi—mo ‘bangwe ba ileng ba timelwa ke tumelo.’ Phelelo ke gore motho o ‘iphololetsa ka botlhoko jwa maikutlo le jwa mmele le jwa semoya,’ ka ntlha ya go leka go bapala le go tshwarelela mo dikhumong. Dikhumo di le tsosi ga di ke di lere boitumelo.
◻ 6:11-16—Mo boemong jwa go lelekisa dikhumo, Bakeresete ba babotlhale ba tshaba bogagapa. Motho o tshwanetse go tshabela kgakala kgakala. Ba dirisetsa nonofo ya bone go bapala melemo ya “tshiamō; le poihōmodimo, le tumèlō, le loratō, le bopelotelele, le bopelonōlō” gore ba tle ba nne ka “mo go senañ selabe, le ka mo go senañ mokgōbō” fa pele ga ga Jehofa, Keresete le badumedi mmogo.
A O Mohumi?
Bangwe ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba humile. Ba ka nna ba bo ba ile ba bona letlotlo la bone jaaka boswa kana ba le bapala ka tsela nngwe e e senang mokgobo ya kgwebo. Ka sekai, Lidia wa Filipi o ne a le mo kgwebong ya go rekisa e ka ne e le sefetola-mebala kana matsela a a mebala-bala. Ereka jaana sefetola-mebala se se bohibidu jo bo mokgona le matsela ao a neng a tshasitswe mmala o o bohibidu jo bo mokgona a ne a le tlhotlhwa-kgolo, go bonala fa Lidia a ne a na le selekanyo se se rileng sa khumo. O ne a dirisa dikhumo tsa gagwe jang? Lidia e ne e se moipelafatsi. O ne a dirisa dithoto tsa gagwe ka boikokobetso go bontsha bopelotshweu jwa mmatota jwa Bokeresete le go tsweledisa kanamiso ya mafoko a a molemo. Ka boitumelo, gompieno, go na le ba ba nang le moya o o tshwanang o montle.—Ditihō 16:14, 15, 40.
Timotheo wa ntlha 6:17-19 e na le tlhagiso e e molemo go bao ba ratang go etsa sekao sa ga Lidia.
◻ 6:17—Mo boemong jwa go itlotlomatsa ka khumo, bahumi ba tlhagisiwa go bontsha boikokobetso—ba sa ikgopole fa ba le botoka mo bathong ba ba humanegileng. Tsela ya bone ya botshelo e tshwanetse ya bontsha ba ba lebeletseng gore tota ga ba a ikanya mo dikhumong, mme, go na le moo, ba tsetsepeditswe mo Modimong. Ka tsela eno ga ba beye lebaka lepe le le utlwalang la go kgopisa bao ba sa humang; ga ba kgobere gore go nne bogagapa ka lefufa. Gape, ga ba a tshwanela go lebala gore dithoto tse di bonalang le khumo ga di a nitama mme ka gone di ka nyera ka bofefo go gaisa kapoko mo letsatsing je le bogale.
◻ 6:18, 19—Dirisa o bo o ipelele dikhumo tsa gago go ithusa le ba bangwe go direla Jehofa, ke kgakololo ya ga Paulo. Bahumi ba tshwanetse go leka ka dintlha tsotlhe go direla ba bangwe melemo ya semoya, ba ikemiseditse go neelana ka thuso ya dilo tse di bonalang bao tota tota ba tlhokang, le go ipelela bolekane le botlhe ba ba mo phuthegong, go akareletsa le bahumanegi le ba ba kwa tlase-tlase.
A seno se raya gore bao ba sa humang ba ka pateletsa gore ba fiwe sengwe ke badumedi ka bone ba ba humileng? Nnyaa. Jaaka fa go supilwe go 2 Bathesalonia 3:10-12 le 1 Timotheo 5:8, Mokeresete mongwe le mongwe yo o kgonang o na le tshwanelo ya go tlamela ba lelapa la gagwe. Jalo fa motho a gana go dira, go mo fa madi tota ruri ga go na go mo thusa. Go ntse fela jalo le ka bao ka boeleele ba senyang madi a bone. Madi a a oketsegileng tota ruri ga a na go ba thusa. Mme abo e le lesego jang ne mo phuthegong fa badumedi ba ba ikanyegang ba ba tlhokang eleruri ka bopelonomi ba neelwa thuso ya nama kana ya semoya. Ka tsela eno, dipelo tsotlhe di tla tlhomama mo go bolokeng mahumo a selegodimo ao a tla lereng dipoelo tse dikgolo ka dituelo tsa semoya go tswa go Jehofa.
Ka gone, rona rotlhe jaanong re tshwanetse ra akanya kaga boemo jwa rona fa pele ga Modimo le Keresete. Diane 11:4 e gakolola ka gore: “Dikhumō ga di thuse sepè mo tsatsiñ ya bogale: me tshiamo e golola mo loshuñ.” Jalo tota o dirisetsang lefatshe leno je le swang, ka botlalo? (1 Bakorintha 7:29-31) Tshaba bogagapa le dithaelo tsa jone tse di kotsi! Ga re a salelwa ke nako e ntsi-ntsi ya go itirela motlhala wa ditiro tse di molemo. Ekete re ka fitlhelwa re le batho ba ba nang le letlotlo je legolo mo legodimong.—Mathaio 6:20.