LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 3/1 ts. 8-10
  • Boammaaruri le Tumelo Di A Fenya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri le Tumelo Di A Fenya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisiwa Tumelo
  • Tumelo le Boammaaruri Di Fentse
  • Ba Bolaetswe Tumelo ya Bone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Batlola-Molao ba Amogela Kotlhao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Go Bipolola Masaitsiweng a Kimbilikiti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ba Bogiseditswe go Bua Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 3/1 ts. 8-10

Boammaaruri le Tumelo Di A Fenya

BASUPI BA GA JEHOFA ba ititeile dihuba go obamela Modimo “ka Mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Ee, molaetsa wa Bibela o ba o bolelang o senola phoso, mme jaaka moaposetoloi Paulo ba a botsa: ‘a ke gore, re diregile baba ba lona ka go bo re lo bolelela boammaaruri?’ (Bagalatia 4:16) Tota nnya! Bakeresete bano ba rata baagelani ba bone mme ba batla gore ba itumelele kgololesego ya semoya e e kgonagalang fela ka ntlha ya boammaaruri.​—Yohane 8:32.

Basupi gape ba ititeile dihuba go tshegetsa tumelo e e tiileng, le eleng fa ba bogisediwa go bua boammaaruri. Ruri-ruri, tumelo ya Bakeresete ba ba ikokobeditseng kwa Pangi e baakanyetsa ka bosupi jwa gore ka thuso ya ga Jehofa batlhanka ba gagwe ba ka tshegetsa bothokgami go ene go ya fela kwa bokhutlong. Seo e ka nna phelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo kana go swa ga motho a ikanyega, gongwe tlase ga pogiso e e setlhogo e e tlhotlhelediwang ke bodumedi.​—Mathaio 24:13.

Go Dirisiwa Tumelo

Barati ba boammaaruri bao ba ileng ba bolaiwa setlhogo mo kgaolong ya Kivu e ne e se bone fela ba ba bontshitseng tumelo e e tiileng. Ka sekai, akanya ka Bingimeaa Bunene, kgaitsadi yo o godileng. Bana ba gagwe ba babedi, Malala Ramazani le Akilimali Walugaba, ba ne ba le gareng ga bao ba bolailweng kwa Pangi. Go feta moo, bagolwane ba morafe ba ne ba pateletsa monna wa . gagwe go tsena mo babolaing ba setlogolo sa gagwe, Amisi Melende. Fa bana ba gagwe ba babedi le setlogolo sa gagwe ba ne ba bolawa, o ne a itatolwa ke ba lelapa la gagwe botlhe, go akareletsa le monna wa gagwe. Lefa go ntse jalo, o ne a bona kgomotso mo mafokong a ga mopesalema: “Gonne rrè le mmè ba ntatlhile, me Yehofa o tla nchola.” (Pesalema 27:10) Bakaulengwe ba gagwe le bokgaitsadi mo tumelong ba ne ba mo amogela le go mo phimola dikeledi, ka dikgakololo tse di lorato tsa tsholofelo e ntle ya tsogo.

Monna wa kgaitsadi yono, Ramaaani Musombwa, o ne a ntse a tshwerwe ka ntlha ya go kopanela mo polaong ya setlogolo sa gagwe, mme yare kwa morago a gololwa. Moragonyana, o ne a dumela fa a kgatlhilwe thata ke go ema ka bopelokgale ga mosadi wa gagwe le lorato lo Basupi ka ene ba lo mmontshitseng le dingwetsi tsa gagwe tsa bahutsahadi. Jaanong o bontsha boikotlhao jo bogolo mme o pata mosadi wa gagwe go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya phetogo ya gagwe e e feletseng, o fetogile yo o kgalwang le yo o nyadiwang thata mme o ikaeletse go direla Jehofa go tloga jaanong go ya pele.

Batlholagatsana botlhe ba bangwe ba bahutsahadi ba ne ba itatolwa ke ba malapa a bone ka ntlha ya go tshaba loso lwa go bolawa ke Kimbilikiti. Barweetsana botlhe ba ne ba tsepama mme ba gana go latola tumelo ya bone go Jehofa. Ba ne ba selwa ke badumedi-ka-bone mme ba itemogetse se Jesu a se boleletseng-pele ka go re: “Ga go na motho opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa bomorwa rragwè, kgotsa bokgantsadiè, kgotsa mmagwè, kgotsa rragwè, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, Eo o se ketlañ a bona ga lekgolo le yana mo lobakeñ lono, eboñ matlo, le bomorwa rragwè, le bokgantsadiè, le bommagwè, le bana, le masimō di na le dipogishō; me mo lehatshiñ ye le tlañ o tla bōna botshelo yo bo sa khutleñ.”​—Mareko 10:29, 30.

Tumelo le Boammaaruri Di Fentse

Gompieno, maemo ka Basupi ba ga Jehofa mo Pangi a boetse meriting. Bahutsahadi botlhe le batho ba ba neng ba patelesegile go tshabela kwa metseng le ditoropong tse dingwe ba boetse magaeng a bone. Gape-gape Basupi ba rera molaetsa wa Bogosi koo, ka tlhagafalo e e ntšhafaditsweng le ka boikemisetso Go sa kgathalesege tsotlhe tse ba thulaneng natso, ba tshwana le ‘bakaulengwe ba ba ikantseng mo dikgolegelong tsa ga Paulo, ba nna tshosologo segolo le go bua lefoko la Modimo ba sena poifo.’​—Bafilipi 1:14.

Mme kana, go na le khutsafalo ka go bolawa setlhogo ga banna botlhe ba ba herang bobedi ba Bakeresete ba ba ikanyegang ba phuthego ya Pangi. Mme modihedi yo mongwe wa mmulatsela jaanong o direla jaaka molebedi yo o okamelang, mme batho ba ga Jehofa koo mo bogare jwa Afrika ba na le tsholofelo mo loratong lwa Modimo go bone ka Keresete, jaaka go tlhalositswe mo mafokong a ga Paulo: “Mañ eo o tla re kgaoganyañ le loratō loa ga Keresete? A ke pitlaganō, kgotsa tlalèlō e e mahèhè, kgotsa pogishō, kgotsa tlala, kgotsa bosaikatègañ, kgotsa poitshègō, kgotsa chaka? . . . Nya, mo diloñ cotlhe tse re gaisa bahenyi ka èna eo o re ratileñ.”​—Baroma 8:35-39.

Lefa go ntse jalo, ke eng fa Jehofa a ile a letlelela polao ya Basupi bano ba ba ikanyegang? Mo lefatsheng la gompieno le le thubakanyo, go ile ga nna le dipaka tse dintsi tse ka phepafalo Jehofa a sireleditseng batho ba gagwe go tsone. Ka go dira jalo, a bontsha ka mo a ka nnang a ba sireletsa ka gone go ralala “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:21; Isaia 26:20;) Mme, jaaka Jesu a tlhalositse mo go Yohane 16:1-3, go ka nna ga nna le mabaka a mo go one a ka letlang baganetsi go ya bokgakaleng jwa go bolaya bangwe mo gare ga Basupi ba ga Jehofa. Go boloka bothokgami ga bone mo maemong a a ntseng jalo. Jaaka bakaulengwe ba rona ba ba ikanyegang ba dirile mo kgaolong ya Kiyu, go direla jaaka bosupi le jaaka pontsho gore batlhanka ba Modimo ba ititeile dihuba go tshegetsa bothokgami le eleng go ya losong.​—Yobe 27:5; Diane 27:11.

Re gakololwa ka bosupi jo bogolo jo bo nnileng gone morago ga loso lwa moswela-tumelo wa lekgolo la ntlha la dingwaga eleng Setefane. (Ditihō 8:1-8) Ka gone go ka nna ga direga gore polao e e setlhogo e e boitshegang eo e dire gore bontsi jwa ba morafe wa Rega le ba bangwe mo Zaire le gongwe le gon we ba akanyetse ka masisi boammaaruri jwa Bibela. Abo Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela jang ne go thusa batho bao ba ba dipelo di ikanyegang go gololesega go tswa mo poifong le mo tumela-botlhoding e e golaganeng le tumelo ya Kimbilikiti! Mme ebile abo go tla nna le kgololesego e e tla itumelelwang ke botlhe ba ba tlamparelang boammaaruri jo bo kgatlhang jwa Modimo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela