Ka Moo Re ka Nnang Badihedi ba ba Nang le Matswela ka Gone
“Ke gōna ka mouō ke romileñ Timotheo kwa go lona, [eo] o tla lo gopodisañ mekgwa ea me e e mo go Keresete, hèla yaka ke ruta gotlhe mo diphuthegoñ cotlhe hela.”—1 BAKORINTHA 4:17.
1, 2. Gore motho a gogelwe mo boammaaruring go tlhokega ntlha efe ya botlhokwa? (Ditihō 8:12)
PHUTHEGO ya Bakeresete e ne ya gola le go anama ka bonako ka go goromediwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete, 33 C.E. (Ditihō 2:40-42; 4:4; 6:7; 11:19-21) Sekopololo sa katlego ya yone e ne e le sefe? Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba bantsi mme morago Basamaria le Baditšhaba ba ile ba amogela Keresete le molaetsa wa Bogosi jwa Modimo?—Ditihō 8:4-8; 10:44-48.
2 Gore motho a amogele mafoko a a molemo a Bokeresete, dilo dingwe di tshwanetse go dirwa. Santlha, motho o tshwanetse go anaanela bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang go batho ka a ile a tsaya kgato ya ntlha ka go romela Morwawe mo lefatsheng jaaka setlhabelo sa thekololo. Jaaka mokwadi wa Bibela eleng Yohane a bontshitse jaana: “Loratō loa Modimo lo bōnatshedicwe rona ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ, gore re tshelè ka èna. Loratō lo mo, e señ go re, re ratile Modimo, ha e se go re, o ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.”—1 Yohane 4:9, 10.
3. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go amega ka tlhokafalo ya gago ya semoya?
3 Ntlha e nngwe ya botlhokwa ke boikutlo jwa motho mongwe le mongwe ka melemo ya semoya. Jesu o rile: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè. Go segō ba ba bolaecweñ tshiamō ke tlala le lenyōra: gonne ba tla kgorisiwa.” (Mathaio 5:3, 6) Motho yo o ritibetseng, a siame mo go ene gantsi ga a nke a lemoga tlhokafalo epe ya semoya mme ga a sa tlhole a ikemisetsa go amogela boammaaruri. Fa a neelwa molaetsa wa Bogosi ke Basupi ba ga Jehofa, gantsi yo o ntseng jalo o tla araba ka gore, ‘Ga ke na kgatlhego. Ke na le bodumedi jwa me.’ Ka mo go tshwanang, motho yo o nwetseng gotlhelele mo ditelekisong tsa dikhumo ga a ne a nna le nako ya dilo tsa semoya.—Mathaio 6:33, 34; 7:7, 8; Luke 12:16-21.
4. Ke dipotso dife tseo di tla sekasekiwang jaanong?
4 Mme go tweng ka bao ba “humanegileñ mo moeñ” mme ba iketleeleditse go batla Modimo le Bogosi jwa gagwe? Ba ka bonwa le go lemogiwa jang? A go na le sengwe seo re ka se dirang jaaka badihedi ba Lefoko la Modimo go dira gore molaetsa wa rona o tlhaloganyege segolo? Re ka nna badihedi ba ba nang le matswela segolo jang?
Re Tshwanetse Go Dirisa Mekgwa ya ga Mang?
5. Go ya ka Paulo, ke eng seo Timotheo a neng a tla se ruta Bakorintha?
5 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Korintha lekwalo la gagwe lantlha, o ne a ba bolelela gore o ne a tla romela Timotheo, yo o neng a tla ‘ba gopotsa mekgwa ya gagwe [ya ga Paulo] e e mo go Keresete.’ Mo boemong jwa “mekgwa,” dithanolo dingwe di bua ka “ditsela tsa go tshela,” “tsela ya botshelo” kana “tsela eo ke tshelang ka yone.” Lefa go ntse jalo, Greek-English Lexicon, of the New Testament ya ga Moporofesa Thayer e neela tlhaloso ya temana eno jaaka: “Mekgwa eo nna jaaka modihedi le moaposetoloi wa ga Keresete ke e latelang mo go direng kabelo ya me.” Ereka Paulo a konela polelo eno ka go re, “hèla yaka ke ruta gotlhe mo diphuthegoñ cotlhe hèla,” goa utlwala go swetsa ka gore dikakgelo tsa gagwe di akaretsa bodihedi jo bo tlhaga mme e seng fela boitshwaro jwa gagwe jwa botho jwa Bokeresete.—1 Bakorintha 4:17.
6. Ke ka ntlhayang fa bodihedi jwa ga Jesu bo ne bo na le matswela?
6 Bodihedi jwa ga Jesu e ne e se jo bo senang thulaganyo. O ne gape a dirisa mokgwa o o rileng mo go rereng ga gagwe. Go bontsha seno, o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe ka kelotlhoko, mme morago baefangedi ba le 70, ka moo ba ka rerang ka mo go nang le matswela ka gone. Go dirisa ga gagwe ditshwantsho, dipotso le ditsopolo tsa Dikwalo ka metlha e ne e le sekao go bone. E santse e le mokgwa o o molemo-lemo le gompieno.—Luke 9:1-6; 10:1-11.
7. Re ka fetisetsa mafoko a a molemo go fitlhelela palo e e kwa godimo ya batho jang?
7 Ereka bodihedi jwa Bokeresete e le kgang ya botshelo jo bo sa khutleng kana loso, re ka fetisetsa mafoko a a molemo jang kwa palong ya batho e e kwa godimo? Ee, re ka nna re “sena molato mo madiñ a bōnè” jang? Ka go dirisa tsela nngwe le nngwe ya tirelo, eo e akareletsang, jaaka moaposetoloi Paulo a umakile, bodihedi jwa go “tsamaea le matlo.” Kakgelo nngwe ya Sepaniše go Ditihō 20:20 e tlhalosa jaana: “Mono re na le mokgwa wa go rera oo Paulo a o latetseng fa a ne a le mo Efeso.”—Ditihō 20:20-27.
Bothata jwa Ntlha
8, 9. (a) Gantsi bothata jwa ntlha mo bodiheding ke eng? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a bua ka bopelokgale?
8 Gantsi bothata jwa ntlha joo re tlhokang go bo fenya mo bodiheding ke rona ka borona. Bangwe ba sekametse mo go ikutlweng ba le ditlhong, ba sena bokgoni gape ba se na thutego ya batho bao ba rakanang le bone. Mme Jesu o ne a ikutlwa jang? A o kile a tsena sekolo sa go ithuta sa baruti? A o ne a na le thuto e e kwa godingwana? Lefa go ntse jalo fa a ne a rera, batho ba gagwe ba ne ba itshola jang? Mathaio o re bolelela jaana: “Ba ba ba tla ba gakgamala, ba re, Monna eo o chotse botlhale yo, le ditihō tse tsa nonohō kae?” Ke boammaaruri, Jesu o ne a itekanetse, e le Morwa Modimo. Mme mekgwa ya gagwe e ne e le e e dirang segolo le go barutwa ba gagwe ba ba sa ‘rutegang,’ bao ba neng ba tshwanetse go mo etsa. Ba ile ba tsosa boemo bofe, le e leng mo babeng ba bone ba bodumedi? “Me yana ea re ba bōna bopelokgale yoa ga Petere le Yohane, me ba lemogile ha ba sa rutèga, e le batho hèla, ba gakgamala; me ba ba lemoga ha ba kile ba ne ba nna le Yesu.”—Mathaio 13:54; Ditihō 4:13.
9 Mme, Jesu o ne a bone kae dilo tsotlhe tseo a neng a di ruta? Ke ka ntlhayang fa a ne a atlega jaana mo bodiheding jwa gagwe? A o kile a dirisa maikutlo a a feteletseng jaaka bareri ba gompieno ba TV gore a tlhotlheletse bareetsi ba gagwe? Nnya. Motheo wa ga Jesu e ne e le bonolo ka bojone—o ne a bua puo e e tlwaelegileng go batho, o ne a tlhokometse ditlhokafalo tsa bone tsa semoya mme sa botlhokwa go feta tsotlhe desu o ne a itse gore o tshegeditswe ke Rraagwe. O ne a phepafatsa seno fa a ne a itsise thomo ya gagwe ya bodihedi mo sinagogeng mo motseng wa gaabo, eleng Nasaretha wa Galilea. O ne a bala mo momenong wa ga moperofeti Isaia jaana: “Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō; o nthomile (go hodisa ba ba pelo di phatlogileñ), go rèrèla bagolegwi kgololō, le phouhologō ea ba ba houhetseñ, go golola ba ba teketilweñ, Go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, . . . Me a simolola go ba raea, a re, Gompiyeno, lokwalō lo, lo dihahetse mo ditsebeñ tsa lona.”—Luke 4:16-21.
10, 11. (a) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka bodihedi jwa rona? (b) Paulo o araba jang?
10 Gompieno re na le tshegetso e e tshwanang mo bodiheding jwa rona—Jehofa Modimo, Molaodi wa lobopo. Re rera ka molaetsa wa gagwe, botlhale jwa gagwe. Re ikaegile ka Lefoko la gagwe mme re le dirisa ka kgololesego mo dipuisanong tsa rona. Ka jalo, a re tshwanetse go boifa go rerela le e leng batho ba ba rutegileng botoka kana ba ba humileng?
11 Paulo o araba jaana: “Motlhalehi o kae? mokwadi o kae? moganedi oa lehatshe yeno o kae? a Modimo ga oa ntsha botlhale yoa lehatshe dinyana hèla? . . . Gonne ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ: Me Modimo o intshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ; e bile gapè Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ bokōa ke lehatshe, gore o tlhabisè dilō tse di nonohileñ ditlhoñ; Le tse di kaiwañ matlakala a lehatshe, le dilō tse di nyatsègañ, Modimo o di itshenketse, E, le dilō tse di seeoñ, gore o nyeletsè dilō tse di leoñ: Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”—1 Bakorintha 1:18-29.
12. Katlego e ikaegile ka eng mo bodiheding jwa rona? (Yakobe 4:8)
12 Katlego mo bodiheding ga ea ikaega ka thuto ya rona kana go gotsa bagologolwane E ikaegile ka molaetsa wa Bogosi ka boone o o arabelwang ke motho yo o amegileng ka tlhokafalo ya semoya. Ntlha e nngwe ke go rata motho yoo ga ga Jehofa, gonne jaaka Jesu a umakile: “Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge.”—Yohane 6:44.
13. (a) Paulo le Barenabase ba ile ba itshola jang fa ba ne ba ganediwa? (b) Re ka ipelela bodihedi ka dinako tsotlhe jang?
13 Ka jalo, fa re ikanya mo tshegetsong ya ga Jehofa, re ka dira bodihedi jwa rona re tlhatswegile pelo fela jaaka go dirile Paulo le Barenabase mo lekgolong lantlha la dingwaga. Fa ba ne ba rera mo Ikonio, bodihedi jwa bone bo ne jwa baka go lwantshana go gogolo ga megopolo le kganetso nngwe. A seo se dirile gore ba ineele? Pego ya ga Luke e re bolelela jaana: “Me ba diega ka lobaka lo lolele gōna, ba bua ka pelokgale mo Moreneñ, Morèna a shupa kaga lehoko ya tshegōhaco ea gagwè, a ba naea gore dichupō le dikgakgamaco di dihwè ka diatla tsa bōnè.” Fa le rona ka mo go tshwanang re nna le maikutlo a mantle ka batho ba ba leng mo tshimong ya rona, mme re tlogela matswela mo diatleng tsa ga Jehofa, bodihedi bo tla itumedisa ka gale, e seng go nna morwalo.—Ditihō 14:1-3; Yakobe 1:2, 3.
Ka Moo Batho ba Itsholang ka Gone
14. Batho ba ne ba itshola jang fa Paulo a ne a rera?
14 Mo nakong ya thero ya bone, Jesu kana Paulo ga baa ka ba bona karabelo e ntle ka metlha. Ka sekai, batho ba ne ba itshola jang fa Paulo a ne a rera mo Athena? Pego e re bolelela jaana: “Me batlhale bañwe ba Baepikuria le Basetoika le bōnè ba ganetsanya naè. Me bañwe ba re, O ba a rata go buañ mmalabadi eo? Ba bañwe ba re, Ekete e ka nna mmoledi oa medimo e sele: ka go bo a bolèla Yesu le go coga ga bashwi. Me ba mo chwara, ba mo isa kwa Areopago, ba re, Cwè, a ga re kake ra itse thutō e ncha e, e u e bolèlañ, go re ke eñ? Gonne u lere dilō diñwe di sele mo ditsebeñ tsa rona.”—Ditihō 17:18-20.
15. Batho ba arabela bodihedi jwa gago jang? Mme re tshwanetse go gakologelwang?
15 Re tshwanetse go lemoga gore molaetsa wa rona le thanolo ya ona tse di phasaladiwang ke metswedi ya dikgang le ke baganetsi o ka utlwala o sa tlwaelega go batho ba motlha wa rona. Ka jalo, batho ba bantsi, bao magatwe a ba dirang gore ba tlhaole, ba atlholela kgang pele le go re koba ba ise ba utlwe sepe. Bangwe, jaaka bao ba kwa Athena, ba amogela boikitsiso jo bontsi pele ba dira tshwetso. Go ka diragala gore lefa ba setse ba reeditse ba ka sotla tsholofetso ya Bogosi jaaka sengwe se se sa utlwaleng. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore ba gana Keresete le molaetsa wa gagwe, e seng wena.—Ditihō 17:32-34; Mathaio 12:30.
Baeng ba o sa ba Itseng ba Fetoga Ditsala
16. (a) Re ne re ka itshola jang fa baeng ba re etela mo magaeng a rona? (b) Tsenyeletso ya rona e tshwanetse go fitlhelela eng?
16 O tle o ikutlwe jang fa baeng ba o sa ba itseng ba tla mo lapeng la gago? Ke dipotso dife tse di ka tlang mo mogopolong wa gago? Gongwe e ka nna, Ke bomang? Ba batlang? A ba tla ntlhagisetsa kotsi? Re tla gakologelwa seo fa re itlhagisa jaaka badihedi mo lapeng la mongwe. Ka jalo tsenyeletso ya rona e tshwanetse go ritibatsa megopolo ya bone ka dipotso tseo. Mme jang? Ke eng seo Jesu a se akantshitseng jaaka tsenyeletso? O rile: “Me e re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ, a kagishō ea lona e tlè mo go eōna: me ha e le e e sa chwanèlañ, a kagishō ea lona e boèlè mo go lona.”—Mathaio 10:12, 13.
17. Re ka ritibatsa motho jang ka tsenyeletso ya rona?
17 “A kagishō ea lona e tlè mo go eōna.” Seo se supang? Gore mo bodiheding jwa rona re eletsa gore kagiso ya rona e nne le motho mongwe le mongwe le ntlo nngwe le nngwe. Ka gone mafoko ao re simololang ka one a tshwanetse go bontsha gore re badihedi ba ba ratang kagiso ba Modimo. Le e leng mo motlheng ono Bajuda le Bamoseleme ba dirisa ditumediso tsa “Kagiso e nne le wena” kana “Kagiso” (“Shalom aleichem” kana “Shalom” ka Sehebera, mme “Assalām ‘alaikum” kana “Salām,” ka Searabia). Ke boammaaruri gore tumediso ya rona e tla farologana ka dinaga go ikaegilwe ka tlwaelo ya lefelo leo. Mme boikaelelo bo bongwe fela—go dira gore motho a phuthologe gore a tle a reetse molaetsa wa Bogosi. Gantsi go bolela leina la gago pele, le e leng go bolela kwa o agileng teng go tla thusa mo kgannyeng eo. Go bontsha gore ga go sepe se o se fitlhang. Boikaelelo le boikanyego tsa gago di itshupa go botlhe. Ka jalo o dira jaaka Paulo a gakolotse ka go re: “Tlhokomelang gore maitsholo a lona mo bathong a se kgalwe. Go ya bokgakaleng jwa boikarabelo jwa lona, tshelang ka kagiso le mongwe le mongwe.”—Baroma 12:17, 18, Phillips.
18. Ke tekanyetso efe eo re tshwanetseng go e fitlhelela ka dinako tsotlhe mo bodiheding jwa rona?
18 Go sa kgathalesege gore re mo bodiheding jwa ntlo le ntlo kana re le mo mmileng, re lebeletswe ke batho. Motlotlo le boitsholo tsa rona di tshwanetse gore ka dinako tsotlhe di se lere kgobo le kgopiso. Gone, lefa neelano ya rona e tshwanetse go nna bonolo le kagiso, ga ea tshwanela go neelwa ka tsela e e tla bonwang molato. Ga re tlhabisiwe ditlhong ke go bo re le badihedi ba phatlalatsa ba Modimo.—Mareko 8:38.
19, 20. (a) O ka atamela batho ba ba sa rateng go bua mo mmileng jang? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a nna le matswela mo katamelong e e sa ikaelelwang?
19 Mo merafeng mengwe batho ga ba rate go bua mme ba ila tumediso. Ba tenwa ke go atamelwa ke mongwe mo mmileng a ba bontsha dimakasine. Fa go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa o sa dirise mokgwa o o botlhale segolo wa katamelo? O ka simolola puisano le motho yo o sa itlhaganelang ka botlhale mme o ntshe buka ya Bibela ka tsela e e tlwaelegileng.
20 Jesu o ne a na le bokgoni mo mofuteng o o tshwanang wa go rera. Ereka Basamaria le basadi gantsi ba ne ba kgalwa ke Bajuda, Jesu o nnile botlhale mo go atameleng ga gagwe mosadi yo o boitsholo jo bo maswe wa Mosamaria fa sedibeng sa ga Jakobe. Puisano ya gagwe ke sekao sa bosupi jo bo sa ikaelelwang le jwa mmila. Gape ke sekao se sentle sa thuto e e kutlwelo-botlhoko le e e dirang.—Yohane 4:5-30.
21. Ke ntlha efe e nngwe ya botlhokwa e e bontshiwang mo bodiheding jwa ga Paulo?
21 Ntlha nngwe gape ya botlhokwa eo e tshwanetseng go gakologelwa fa re ntse re itsise mafoko a a molemo a Bogosi. Paulo e ne e le sethakga sa yone. Bona fa o ka e lemoga go tswa go dingwe tsa ditsenyeletso tsa gagwe go Ditihō 13:16-20; 17:22 le Dit 22:1-3. Tlhokomela gore mo tiragalong nngwe le nngwe o ne a batla go tshwana go go rileng le bareetsi ba gagwe. O ne a lekanya kitso ya gagwe le ya bone. Phelelo ke gore ba ne ba reetsa lefa ba ne ba sa dumalane le ene. Ka mo go tshwanang tsenyeletso ya rona e ka gapa motho maikutlo, e leng ntlha e e tshwanang gareng ga rona le mong wa ntlo. Gongwe o lemoga gore go na le bana mo lapeng, mme le wena o motsadi. Ka jalo le na le dilo tse di tshwanang, motheo o o botsalano. O na le ntlha ya go bua eo e ka gogelang mo molaetseng wa Bogosi.—Mathaio 18:1-6.
22. Ke dipotso dife jaanong tse di tlhokang karabo?
22 Mme dikakantsho tseno ke tshimologo fela. Ke dikgato dife tse di oketsegileng tse di tlhokegang tsa go nna le morutwa yo mongwe kwa bokhutlong? Ee, go tlhokegang gape go thusa yo mongwe gore a nne le kamano le Modimo ka Keresete? Ke dinonofo dife tse di tla dirang gore bodihedi jwa gago bo nne le matswela segolo?
O Ne O Tla Araba Jang
◻ Ke dintlha dife tse dingwe tse di akarelediwang mo go amogeleng ga motho molaetsa wa Bogosi?
◻ Boboi le go nna ditlhong di ka fenngwa jang mo bodiheding?
◻ Boikaelelo jwa ditsenyeletso tsa rona fa re le mo tirelong ya tshimo e tshwanetse go nna bofe?
◻ Sekao sa ga Jesu le Paulo se ka re thusa jang fa re atamela batho?
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Jesu o rutile barutwa ba gagwe mekgwa e e nang le matswela ya bodihedi
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Ke dipotso dife tse di tlang mo mogopolong fa moeng a goroga mo legaeng la gago?