Go Utlwatsa Mafoko a a Molemo a Sengwe Se Sentle
“Kubuga, kubuga, u aparè nonohō ea gago, wèna Siona.”—ISAIA 52:1.
1. (a) Kgaso ya dikgang ya lefatshe e paletswe ka tsela efe? (b) Motswedi wa dikgang o o botlhale bogolo o dira go re go itsiweng?
KGOELETSO eno e e kwa godimo e ne ya utlwalela pele bosimologong jwa lekgolo la rona la dingwaga la bo-20. Mme ka ntlha yang? Ka gobo nako e ne e tsile ya go utlwatsa mafoko a a molemo a dilo tse dintle tsa setho. A re bala mafoko a a molemo ano mo dikoranteng tsa dikgang tsa lefatshe? Nnyaa, ka go bo kgaso ya dikgang e bona go le molemo go bega dilo tsa lefatshe tse di kgaolang pelo kana go gatisa dikgang ka tshenyegelo pele ya boitshwaro le boitsholo jo bo sa siamang. Lefa go ntse jalo, ga e ka ke ya supela tharabololo epe. Gompieno, bantsi ba tshaba tshenyego ya kgatlampolo e e nyerisang marapo, e e tsetsweng ke go thunya ga dibetsa tsa nuclear tseo di itiretsweng ke motho tse di kayang bofelo jwa motlha. Mme legale mongwe yo o botlhale go feta motho yo o swang o re bolelela gore fa bofelo jwa lefatshe bo tla bo tla bo bo tswa Motsweding o o farolaganeng. E tla bo e le go ntshiwa ga katlholo ya Modimo mo godimo ga baikepi le merafe e e boikepo. (Pesalema 110:5, 6) Motswedi ono wa dikgang o bolela gape ka tsosoloso e e gakgamatsang ya dingwaga tse di sekete tse di tla latelang, fa lefatshe la rona, le setho se se tla bong se le mo godimo ga lone, se tla tlisiwa boitekanelong jo bo gakgamatsang. Seo eleruri, ke mafoko a a molemo!—Tshenolō 20:6; Pesalema 72:16, 18, 19; Baroma 8:21.
2. Ke kgoeletso efe e e potlakileng e jaanong e tswelang pele, mme e tshwanetse ya arabiwa jang?
2 ‘Kubuga, kubuga!’ go goeletsa jalo Isaia. Ke ka ntlha yang go potlakile jaana? Tota, ditiragatso tse di jesang kgakge tsa polelelo-pele ya Bibela go tswa ngwageng ya 1914 go ya pele di bontsha gore Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete, “mo motsiñ oa Modimo o o tshedileñ, mo Yerusalema oa selegodimo,” jaanong bo a busa mo magodimong. Baemedi ba mo lefatsheng ba Siona, phuthego ya Modimo ya selegodimo, ba tshwanetse go kubugela tiro ka tlhagafalo. Ba tshwanetse ba utlwatsa mafoko a a molemo ano ka nonofo eo Modimo o e neelang bao ba mo utlwang jaaka mmusi.—Bahebera 12:22; Ditihō 5:32.
3. Isaia o bua le bomang, mme ka taletso efe?
3 Isaia o tswelela ka gore: “Apara diaparō tsa gago tse dintlèntlè wèna Yerusalema, motse o o boitshèpō: gonne go tloga hano gompiyeno ga go ketla go tlhōla go tsèna mo go wèna ba ba sa rupañ le ba ba itshekologileñ. Itlhotlhorè lorole; nanoga, u dulè ha hatshe, wèna Yerusalema; u ikhunololè mo dikgoleñ tsa thamu ea gago, wèna mochwarwa, morwadia Siona.”—Isaia 52:1, 2.
4. Ke jang polelelo-pele e nnileng le tlragatso ya yone mo lekgolong la dingwaga la bo-20?
4 Polelelo-pele eno e ne ya bona tiragatso ya yone e e kgatlhisang mo lekgolong la dingwaga la bo-20! Ka nako ya Ntwa e Kgolo ya 1914-18, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba nna ditshwarwa tsa semoya, mme ba bangwe, go kopanyeletsa le bagolwane ba Watch Tower Society, ba ne ba latlhelwa tota mo dikgolegelong. Mme ka 1919 kgololo e ne ya tla. Jaaka ba emela Siona wa selegodimo, Bakeresete bano ka nako eo ba ne ba apara “diaparō” tseo di neng di le dintle go tswa ponong ya Modimo—go supiwa ga bone jaaka batlhanka ba Morena Modimo wa lobopo. Ba ne ba ikgaoganya le leswe la mmele le Iwa semoya.—Bapisa 2 Bakorintha 6:17, koo moaposetoloi Paulo a tsopolang Isaia 52:11.
5. Batho ba Modimo ba tsere-tsia jang pitso ya ga Isaia le sekao sa ga Jesu?
5 Ka gone batho ba Modimo ba ne ba gololesega gotlhelele mo dithutong le ditirong tsa bodumedi jwa maaka. Ka go tsaya gape sekao sa ga Jesu fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, ba ne ba ipolela fa e se ba ‘iehatshe yeno,” go akareletsa le dipolotiki tsa lone tse di bodileng le koketsegelo pele ya boikepo. (Yohane 18:36; Tshenolō 18:2, 4) Mme ka ba ne ba tswa mo seemong sa bone se se kwa tlase-tlase go ya seemong se se amogelwang fa pele ga Modimo, ba ne ba tshwanelwa ke go latela dikgato tsa Morena wa bone le eleng ka tsela e e tlhamaletseng go feta, jaaka jaanong re tla bona.—1 Petere 2:21.
“Modimo Oa Gago Oa Busa!”
6. Ke “dinaō” tsa ga mang tseo jaanong di tlisang mafoko a a molemo, mme jaanong o goroga ka boikaelelo bofe?
6 Reetsa ka kelotlhoko e kgolo jaanong mafoko a a latelang a moperofeti: “Di dintlè yañ mo dithabeñ dinaō tsa gagwè eo o tlisañ mahoko a a molemō, eo o utlwatsañ kagishō, eo o tlisañ mahoko a mantlè a a molemō; eo o utlwatsañ polokō; eo o raeañ Siona, a re, Modimo oa gago oa busa!” (Isaia 52:7) Morongwa yono wa kagiso ga se ope fa e se Kgosi Jesu Keresete. Fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng o ne a tlodiwa ka moya wa Modimo go bolela mafoko a a molemo go bahumanegi, ba ba phatlogileng mo moyeng. Mme jaanong, ka go diragadiwa ga “metlha e e laotsweng ya merafe” ka 1914, o “tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe,” go tsaya bogosi jwa gagwe le go atlhola merafe le batho ba lefatshe.—Luke 4:18; 21:24; Mathaio 25:31, 32.
7. Ke mafoko afe a Morongwa a a tlisang?
7 Jaaka Morongwa yono a ne a bonadiwa, ka tshwantshetso, o tlola go tswa thabeng e nngwe go ya go e nngwe, a tlhagafaletse go utlwatsa mafoko a a molemo a dilo tse dintle go bao ba batlang Modimo. Abo “dinaō” tsa gagwe di le dintle jang! Di bofefo go mo tsaya ka molaetsa wa gagwe wa kagiso. Ka tlhagafalo, o bolela poloko go “morwadia Siona” yo o kileng a tshwarwa, masalela a Iseraele wa semoya a a golotsweng a ba ba 144 000, mme morago ga seno go ‘boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe jo bo senang palo.—Tshenolō 7:4, 9, 10.
8. Ke kgoeletso efe jaanong e e gwetlhang maikutlo e e dirwang, mme ka ntlha yang?
8 Go utlwatswa ga kagiso le mafoko a a molemo go ikaegile ka kgoeletso e e gwetlhang maikutlo: “Modimo oa gago oa busa!” Modimo ono ke mang, mme o nna Kgosi jang? Ke Modimo o o nyadiwang ebile gantsi o se ke o umakwa gareng ga ditumelo tsa La-Bodumedi, Morena Modimo JEHOFA. Ke Ene yo o bolelang mo ditemaneng tse di fa godimo tsa ga Isaia 52:5, 6: “Leina ya me le tlhōla le nntse le tlhapadiwa ka letsatsi yeotlhe hèla. Ke gōna ka mo, batho ba me ba tla itseñ leina ya me.” Leina la gagwe le le sa gaisegeng jaanong le tshwanetse la tlotlomadiwa ka go bo jaanong nako ya gagwe ya go atlhola merafe e gorogile. Bano le bone ba tshwanetse ba mmoifa jaaka “Kgosi ea merahe.”—Yeremia 10:7; Tshenolō 14:7.
9. (a) Maemo a a abetsweng “Morèna oa rona’’ le “Keresete oa gagwè” ke afe? (b) Bagalaletsi botlhe ba Modimo ba ka lebogelang?
9 Kgosi eno e kgolo ke Morena yo mantswe a magolo mo legodimong a ntseng a bolela ka gore malebana le ditiragalo tse di neng tsa diragala go tloga le morago ga 1914: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutlen le ka bosaeeñkae.” Ka ntlha ya seno, baobamedi ba bangwe ba Modimo ba oketsa ka mantswe a pako a botennye jwa pelo: “Re gu ntshetsa malebogō [Jehofa] Modimo, Mothataeotlhe, eo u leeoñ le eo u nntseñ u leeo; ka e le ha u itsetse thata ea gago e kgolo, me ua busa. Me dichaba tsa tlala bogale, me bogale yoa gago yoa tla.” Mo letsatsing leno la Bogosi, Keresete Jesu o busa jaaka Mmusi-Mmogo le Rraagwe, Morena Jehofa, yo o a diragatsang katlholo ya gagwe ya tshiamo.—Tshenolō 11:15, 17, 18; 12:10; Yohane 5:30.
10. Ka go tsopola Yoele 2:32 le Isaia 52:7, Paulo o ne a bontshang?
10 Kgosi eno ya Morongwa ga a nosi mo go utlwatseng kagiso. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore ke ka ntlha yang, fa a ne a tsopola Yoele 2:32 ka tsela eno: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya [ga Jehofa] o tla bolokwa.” He Paulo o botsa dipotso tse di tlhomaganang ebile a di feleletsa ka go lebisa go Isaia 52:7, ka gore: “Me yana ba tla bitsa yañ èna eo ba e señ ba dumele mo go èna? me ba ka dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè? me ba ka utlwa yañ ha ba sena morèredi? Me ba tla rèra yañ ha ba sa roñwa? hèla yaka go kwadilwe, ga twe, Ana dinaō di dintlè yañ tsa ba ba lereñ mahoko a a itumedisañ, a dilō tse di molemō!”—Baroma 10:13-15.
11. Bantsi ba bontshitse jang gompieno gore ba na le ‘dinao tse dintle’?
11 Ka jalo ba bangwe le bone ba na le ‘dinao tse dintle.’ Bano le bone ba ile ba tsaya-tsia mafoko a a molemo a a ileng a bolelwa ke Morongwa wa Modimo. Go tswa foo, le bone gape ba bo ba nna baboledi ba mafoko a a molemo—masole a bareri ba Bogosi. Gompieno ba fitlha go dimilione tse pedi le sephatlo, ba dirilwe ka banna, basadi le bana go tswa merafeng yotlhe ya setho! Abo o na le tshiamelo e ntle jang fa e le gore o mongwe wa bano, o rera “mahoko a mantlè a a molemō”! Mme go galalela maoto a gago ka sebele fa e le gore a go isa ka metlha go tsamaya ka ntlo le ntlo jaaka o utlwatsa poloko! Ka go bo ka tsela eno o na le karolo mo go diragatseng Pesalema 19:4, eo Paulo a e tsopolang mo go Baroma 10:18, ka gore: “Tumō ea bōnè e cwetse kwa lehatshiñ yeotlhe, le mahoko a bōnè kwa dikhutloñ tsa lehatshe.”—Bona gape Pesalema 99:1-3; 148:12, 13.
Phuthego ya Modimo E mo Tirong!
12. (a) Eno ke nako e e botlhokwa Jang? (b) Ke boammaaruri bofe jo bo tlhomologileng jo bo neng jwa itsisiwe ka 1925?
12 Ee, “Modimo oa gago oa busa!” Ka jalo ke nako e e botlhokwa go tsotlhe jaanong ya go goletsa leina la Modimo o o tshelang, Jehofa, le go mo tlotlomatsa jaaka Morena Modimo. Ka bo-1920 masalela a batlhanka ba Modimo a a tloditsweng a ne a itumela segolo bogolo gore ka metlha ‘lesedi le ne la phatsimela basiami’ malebana le Bogosi jwa Modimo. Mme go ne ga fitlhelelwa namane e tona ya tiro fa go ne go gatisiwa The Watchtower ya March 1, 1925. Setlhogo sa yone se segolo, se se neng se re “Birth of the Nation,” se ne sa papamatsa sentle dipolelelo-pele tse di bontshang gore Bogosi jwa Modimo jo bo solofeditsweng bo ne jwa tsalwa kwa magodimong ka 1914, le gore Kgosi ya Bomesia e ne ya piriganyetsa Diabolo le baengele ba gagwe mo lefatsheng, le gore go tla nna le ntwa go ya bofelong magareng ga phuthego ya Modimo le phuthego ya ga Satane.—Pesalema 97:11; Tshenolō 12:1-12.
13. (a) Ke kgatelo-pele efe e batho ba Modimo ba neng ba e dira go fitlhelela ka 1938? (b) Ke tiragalo efe e e mo nakong e e neng ya nna gone ka 1938?
13 Jaaka tlhabano eno ya semoya e ne e gatela pele, bao ba neng ba direla le phuthego ya ga Jehofa ba ne ba shafadiwa ka go phatsimela pele ga kutlwisiso ya Bibela, mme palo ya bone e ne ya golela-pele go fitlhelela fa ka 1938, ba bantsi ba ba ka nnang 50 769 ba neng ba bega tirelo ya Bogosi ka nako ya bosupi jwa merafe-rafe. Kgolo e e potlakileng e ne ya biletsa thulaganyo e e botoka, mme Jehofa o ne a baakanyetsa seo ka nako e e leng yone! Ditokololo tse pedi tsa The Watchtower tsa June 1 le 15, 1938, di ne di na le setlhogo se se ithutiwang se se reng: “Organization.” Tseno di ne tsa latelwa ke dikarolo tse nne tse di tlhomaganang tsa July le August ka “His War.” Eleruri thulaganyo ya bolegodimo e ne ya tlisiwa gareng ga Basupi ba ga Jehofa, mme seno se ne sa ba nonotsha thata bakeng sa tlhabano ya semoya e e gaketseng. Jaaka polelelo-pele ya ga Isaia, mo go Isa kgaolo 60 ditemana 17 le 22, di ne tsa bontsha, boemo jo bo tokafaditsweng gareng ga batho ba Modimo bo ne bo tla tlhotlheletsa go akofisiwa ga tiro ya Bogosi jwa ga Jehofa.
14. (a) Ke eng sa mo metlheng ya gompieno se se neng se tshwantshetsa thulaganyo ya kago ya ga Solomone? (b) Ka ntlha ya seno, go bodiwa potso efe?
14 Ditlhogo tseno tsa Watchtower mo go “Organization” di ne tsa tshwantsha puso ya ga Solomone ya lekgolo la dingwaga la bo-11 B.C.E. le eo ya Kgosi e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi Jesu, go simolola ka 1914 C.E. Solomone o ne a simolola thulaganyo ya gagwe ya kago mo ngwageng wa bone wa puso ya gagwe. Go ne ga tsaya dingwaga tse 7 go aga tempele, le dingwaga tse dingwe gape tse 13 go fetsa ntlo ya kgosi. Ka mo go tshwanang, Morena Jesu Keresete go bonala a ne a tsweledisa tiro ya kago segolo bogolo e e nyalanang le tsosoloso ya kobamelo ya boammaaruri le go agiwa semoyeng ga ‘ntlo ya Modimo’ ka lobaka lwa 1918-38. (1 Petere 4:17) Watchtower ya bofelo ka “Organization” e ne ya feleletsa ka kakgelo eno:
“Dikwalo di supa gore, morago ga dingwaga tse di masome mabedi tsa thulaganyo ya go aga ya ga Solomone Jaaka e tlhomilwe fa godimo, o ne a tsenelela mo thulaganyong ya go aga setšhaba ka bophara. (1 Dikg. 9:10, 17-23; 2 Ditiro. 8:1-10) He ga tla mohumagadi wa Sheba ‘go tswa kgakalakgakala mo lefatsheng go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone.’ (Math. 12:42; 1 Dikg. 10:1-10; 2 Ditih. 9:1-9, 12) Seno se tsosa potso: Isagwe ya batho ba ga Jehofa e e fela fa gaufi ke eng? Ka tsholofelo e e tletseng re tla ema, mme re tla bona go re go tla diragalang.”
Tota, ke eng seo jaanong re se bonang, dingwaga tse di ka nnang 46 moragonyana?
Kgolo E E Gakgamatsang!
15. (a) “Mohumagadi oa Sheba’’ yo o neng a iponatsa mo motlheng wa segompieno ke mang? (b) Ke dithulaganyo dife tsa phuthego tse di diretsweng setlhopha seno, mme jang?
15 “Go tswa kgakala-kgakala mo lefatsheng” setlhopha sa segompieno sa “mohumagadi wa Sheba” “dinku di sele” tsa Morena, se ntse se thelesegela ka matshwititshwiti a bone go tla go reetsa botlhale jwa Kgosi e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi, Jesu Keresete. Eleruri “eo mogolo go heta Solomone o hano.” Ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”—setlhopha seo sa Bakeresete ba ba tloditsweng seo Morena a se rulagantseng le go se laela—se ntse se aba letlotlo la dijo tse di nonneng tsa semoya. (Mathaio 12:42; 24:45-47) Mme le eleng fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e gaketse ka mabetwa-e-pelo, “motlhanka” yono o ne a tswelela pele ka go utlwatsa mafoko a a molemo le eleng go fetela kgakalakgakala. Ka 1943 Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower se ne sa bula dikgoro tsa sone kwa South Lansing, New York, U.S.A. Badihedi ba ba tshwanelegang ba ne ba thapisiwa jaaka barongwa, mme dikgwedi dingwe di le dingwe tse thataro dialogane tse di ka nnang lekgolo di ne di romelwa kwa dikhutlong tsa lefatshe.
16. (a) Tšhate e e patileng seno e bontshang mabapi le katologo fa e sale 1943? (b) Ke ditiragalo dife tse di diragetseng mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng?
16 A Jehofa o segofaditse tiro e e rulagantsweng ya basupi ba gagwe? Tšhate e e mo tsebeng ya 11, e e bontshang palogare ya baboledi ba Bogosi ba ba neng ba bega tirelo go Jehofa mo lobakeng Iwa dingwaga-some fa e sale 1943, e neela karabo. Kgatelo-pele mo dingwageng tsa bosheng jaana ya dingwaga tse some ke e e kgatlhisang go rona fela thata jaanong. Tseno e ne e le dingwaga tsa teko le go fefera, jaaka batenegi bangwe ba ba sa kgotsofaleleng sepe ba ne ba tlogela phuthego. Mme gape e nnile dingwaga tse di gakgamatsang tsa kago lefatshe ka bophara le go rulaganngwa gape, le go nonotshiwa ga bakaulengwe bakeng sa tiro e kgolo e e sa leng fa pele. Ka go bo ga go na pelaelo epe ya gore go sa ntse go tla phuthiwa “dinku” gapegape mme pele “metse e [kgakgabala] hèla.”—Isaia 6:11; bapisa Luke 22:31, 32; Mathaio 25:31-33.
17. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara jaanong ba na le lebaka la go ipela?
17 Ka 1983 tiro ya Bogosi e ne ya gola ka lobelo lo lo boitshegang. Go dikologa lefatshe, lefatshe lengwe le lengwe le ne la simolola go bega ka ditlhora tse disha tsa baboledi mo tshimong. Go ne ga nna le kgolo e e Jesang kgakge mo dikgweding tsa dikgakologo le tsa selemo, mo e leng gore tshimo mo lefatsheng e ne jaanong ya fitlhelela tlhora ya ka metlha ya baboledi ba ba 2 652 323—koketsego ya 174 715 go feta tlhora ya 1982—mo mafatsheng a a farologaneng a le 205. Re galaletsa Jehofa bakeng sa lesego leno!—Malaki 3:10; Duteronome 28:12, 13.
18. Pego kaga kolobetso e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dirang?
18 Abo go ne go omosa pelo jang ne go bona gape, koketsego mo dipalong tsa ba ba neng ba dira boineelo go Jehofa ka kolobetso ya metsing! Kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Kutlwano ya Bogosi” tsa 1983, ba bantsi ba basha ka gone ba ne ba tlisiwa kutlwanong le phuthego ya Modimo. Batho ba ba 161 896 ba ne ba kolobediwa ka 1983, koketsego ya diphesente tse 17 go feta ngwagatlola. Ekete Jehofa a ka re neela go ‘tshwara ditlhapi le go tsoma’ gape ka 1984! (Yeremia 16:16) Mme jaaka re tla bo re bona ba ba tshwanelang, a re ba otleng ka botswerere ka tiriso ya Lefoko la Modimo, ga mmogo le dibuka tse pedi tseo tse di molemo O Ka Tshelela Ruri mo Lefatshentg la Paradaise le Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri.—Mathaio 10:7, 11.
19. Pego ya 1983 ya Segopotso e supa eng?
19 Se se kgatlhisang segolo bogolo ke pego kaga Segopotso, se se neng sa tshwarwa mo maitseboeng a March 29, 1983, mo diphuthegong tse di ka nnang 46 235 go dikologa lefatshe. Ke batho ba le 9 292 fela ba ba neng ba supa tsholofelo ya bone ya selegodimo ka go ja ga ditshwantshetso, go supa gore “dinku di sele” ke tsone di neng tsa dira bontsi jwa ba ba neng ba le gone ba ba 6 767 707—koketsego ya 514 920 go feta palo ya 1982. A bontsi jo bogolo jwa batho ba ba pelonomi bao ba bontshang kgatlhego mo maikaelelong a bogosi jwa ga Jehofa!
20. Ke tlhokomelo efe e re tshwanetseng go e neela bakopanedi ba basha Jaanong, ga mmogo le batho ba ba tsidifetseng, mme ka ntlha yang?
20 Tlaseng ga tlhotlheletso ya moya wa Modimo, Kgosi Dafide o ne a bolela ka gore: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Pesalema 37:11; bona gape Mathaio 5:5) A gongwe le gongwe Basupi ba ga Jehofa ba nne tlhaga mo go ageng bapelonomi bao ba tlang go kopanela le bone, jaaka batla Segopotsong, le gape ba neele thuso e e lorato ya semoya go balekane ba pele bao ba ka tswang ba tsidifetse. Matshelo a bone a botlhokwa fela thata mo go Jehofa. (Mathaio 18:14) Go bona phalolo ka sepitla se segolo, bano jaanong ba tshwanetse ba ‘tlhatswa dikobo tsa bone, ba di sweufatsa ka madi a ga Kwana,’ mme ba di boloke ka metlha di le ditshweu. Ekete “boidiidi yo bogolo” bo ka tswelela go gola ka dipalo tse dikgolo jaaka bontsintsi jwa bapelonomi ba kubuga go ikgetholola jaaka batlhanka ba ga Jehofa le go nna le seabe ka boipelo le batho ba gagwe mo go ‘utlwatseng mafoko a a molemo a sengwe se sentle.’—Tshenolō 7:9, 14.
O ka araba jang tse?
◻ Isaia 52:1, 2 e nnile le tiragatso efe e e jesang kgakge mo motlheng wa segompieno?
◻ Isaia 52:5-7 e bona tiragatso ya yone jang mo baboleding ba Bogosi?
◻ Jehofa o ne a baakanyetsa jang batho ba gagwe bakeng sa kgolo ya isagwe?
◻ Go na le tshupo efe ya lesego la ga Jehofa mo masomeng a mantsi a dingwaga, mme segolo bogolo ka 1983?
[Tšhate mo go tsebe 11]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
KOKETSEGO YA BOGOSI
Lobaka lwa Dingwaga-Some
Palogare ya Baboledi ba ba Begang
1943109 794
1953468 106KOKETSEGO:358 312
1963956 648KOKETSEGO:488 542
19731 656 673KOKETSEGO:700 025
19832 501 722KOKETSEGO:845 049