Ba Bolokile Nyalo
“Ngwaga e e fetileng re ne ra ikutlwa gore re ne re le gaufi le go tlhalana,” go bolela monna mongwe mo New Caledonia. Lebaka? Tlhaelo ya Puisano, go itshwara ka go sa tshwane, mathata a botsogo le bolwetse jwa go phamoga kafa letlhakoreng la mosadi. Morago ga dingwaga tse di lesome ba ntse ba le mmogo, ka bobedi ba ne ba ikutlwa gore lenyalo la bone le padile.
Mo mosong mongwe mosadi o ne a tlotlisanya le moagelani wa gagwe ka matshwenyego a gagwe. Moagelani, yo go neng ga diragala gore e be a le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a mmolelela kafa kgakololo e e dirang ya Bibela e thusitseng go rarabolola mathata a lelapa ka teng. Fa monna a ne a utlwela ka seno moragonyana, o ne a se ka a itumela. O ne a ikutlwa gore ga go sepe, se se ka fetolang bopelokhutshwane le botho jwa mosadi wa gagwe. Lefa go le jalo, mosadi ka bofefo o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a reetsa ka kelotlhoko jaaka a ne a tlhalosediwa melao-metheo ya Bibela mme a leka go e dirisa mo botshelong jwa gagwe.
Monna o bega ka gore: “Mo dibekeng di se kae ke ne ka simolola go bona diphetogo mo bothong jwa gagwe.” Ka a ne a akabetse, o ne a dumela go nna teng mo kopanong ya kgaolo go utlwa gore gatwe ga re go tsenyeng. Dipolelo koo di ne tsa mo ama tota. O ne a kopanela mo thutong ya Bibela ya mosadi wa gagwe, mme o dumela ka gore: “Jaanong re bone motheo wa mmatota wa botshelo jwa lelapa le le itumetseng. Mme re itumetse eleruri, mosadi wa me le nna, go abalana le ba bangwe tharabololo eno ya mathata a lelapa—tota, go mathata otlhe a batho gompieno ba lebaneng le one.”