Balebedi, Tsholetsang Mantswe A Lona!
“A lencwe ya balebedi ba gago! ba choletsa lencwe.”—ISAIA 52:8.
1, 2. (a) Malebana le Isaia 52:8, go tsoga potso efe? (b) Ke boipobolo bofe jo bo neng jwa dirwa ke moruti mongwe?
BALEBEDI ba ba umakiwang fano ke bomang? A ke balebedi ba ditumelo tsa La-Bodumedi? Tota, ke eng seo baruti ba La-Bodumedi ba se bolelang gompieno ka Bogosi jwa Modimo? Sekai se se latelang ka gongwe se ka re thusa go araba potso eo.
2 Moruti yo o tlotlegang a bile a bitswa “Reverend Doctor” wa Yunibesithi ya Aberdeen, mo Scotland, o ne a ngongorega ka tsela e e latelang:
“Mo dingwageng tse di lesome le borataro tse di fetileng [1963-78] ke gakologelwa dipaka di le pedi fela tseo go tsone ke utlwileng dithero tse ka tlhamalalo di neng di lebisitswe go setlhogo sa Bogosi jwa Modimo. . . . Ke bona tidimalo eno e gakgamatsa fela thata ka go bo go dumelwa gongwe le gongwe ke baithuti ba Testamente e Ntšha gore setlhogo sa konokono sa diefangele le go ruta ga ga Jesu e ne e le bogosi jwa Modimo. . . . Ke ka ntlha yang fa batho ba sa rere ka bogosi jwa Modimo? Ke gopola gore karabo e e motlhofo e nngwe, ‘Ka ntlha ya gore re ne ra seka ra rutwa kafa re ka e dirang.’ ”
3. Mafoko a ga Isaia 56:10, 11 a na le tiragatso ya one jang gompieno?
3 Ka phepafalo, baruti ba ba paleIwang ke go rera Bogosi jwa Modimo ga ba ise ba tlhaloganye botlhokwa jo e leng jone jwa mafoko a a molemo. Ga ba a ka ba tsaya-tsia tlhagiso ya ga Isaia ya go kubuga. Ga ba kgone go utlwatsa mafoko a a molemo a sengwe se sentle, ka go bo ga ba itse sepe fa e se ditaolo le mokgwa-gale wa bodumedi jwa lefatshe. Ke ‘balebedi ba ba difofu,’ bao go neelwang tlhaloso e e papametseng mo go Isaia 56:10, 11.
4. (a) Balebedi ba ga Isaia 52:8 ba fapaana jang le baruti ba segompieno? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leboga Mokaedi wa rona yo Mogolo?
4 “Re ne ra se ka ra rutwa kafa re ka e dirang ka teng.” Leo ke lebaka le “Reverend Doctor” a le neelang ka ntlha ya go sa rere ka Bogosi jwa Modimo. Mme, ka mo go itumedisang, go na le balebedi bao ba rerang ka Bogosi jwa Modimo gompieno, mme ba kgona go dira seno ka tlhatswego pelo, ka lebaka la gore ba ne ba rutiwa ebile ba ntse ba rutwa. Ke bone bao moperofeti wa Modimo a buang ka bone fa a kwala ka gore: “Yehofa ke Modimo oa katlholō; go segō botlhe ba ba mo letañ. . . . baruti ba gago ga ba ketla ba tlhōla ba shubèga gopè, me matlhō a gago a tla bōna baruti ba gago: Le ditsèbè tsa gago di tla utlwa lehoko sehularoñ sa gago, le re, Tsela ke e, tsamaeañ mo go eona: ke go re, mogañ lo hapogèlañ kaha lecogoñ ye le siameñ, leha lo hapogèla kaha go ya molèma.”—Isaia 30:18, 20, 21.
5. (a) Jehofa o diretse batho ba gagwe dithulaganyo dife tsa phuthego? (b) Ke mo mabakeng afe, malebana le Bogosi, ao ka one Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tshwanang le Jesu le baaposetoloi ba gagwe?
5 Basupi ba ga Jehofa ba rutwa mabapi le Bogosi jwa Modimo, eseng mo dikolong tsa boruti tsa makoko a La-Bodumedi, mme mo Sekolong sa Tirelo sa Bolegodimo le mo dipokanong tse dingwe tsa beke le beke mo Diholong tsa Bogosi tsa bone. Ba thapisediwa go ruta ka tlhagafalo ka Bogosi ka ntlo le ntlo le ka go tsamaisa dithuto tsa Bibela le batho ba ba rutegang bao ba batlang go itse sengwe ka Bogosi. Tao eno e tswa kwa go Jehofa ka phuthego ya gagwe, eo a lebisang go yone ka gore: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” Basupi ba ga Jehofa ba itse sotlhe se Bogosi e leng sone, le gore bo tla tlisa masego a a iseng a ke a bonwe ke setho mono mo lefatsheng. Fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle mme ka tlhagafalo ba rera ka tsholofelo ya Bogosi.—Isaia 54:13; Mathaio 4:17; 6:10; 10:7; 12:21; 24:14.
Balebedi, Goeletsang!
6. (a) Ke bomang ba ba dirang setlhopha sa molebedi gompieno, mme ba dira tirelo efe? (b) Ke tlhagiso efe e jaanong molebedi a e utlwatsang, a dirisa sedirisiwa sefe?
6 Mo dikwalong di le mmalwa, baperofeti ba Modimo ba umaka balebedi. Mo metlheng ya bogologolo bano ba ne ba nna ba lebeletse ka metlha, ba ipaakanyeditse go ntsha tlhagiso mabapi le go tlhagelela ga mmaba. Mo go Isaia 21:8 mongwe wa bano o bega ka gore: “Morèna, ke tlhōla ke eme mo seraleñ sa go tlhōla mo motshegariñ, ke lala ke emisicwe mo tebeloñ ea me masigo a ee go sa.” Gompieno setlhopha sa molebedi, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhaIe” yo o tloditsweng yo o emelang Morena Jesu Keresete mono mo lefatsheng, o diragatsa tirelo e e ntseng jalo. Molebedi yono o etsetlhoko kafa ditiragalo di nnang ka teng mo lefatsheng tiragatsong ya polelelo-pele ya Bibela, o ntsha tlhagiso ya “sepitla se segolo mo metlheh euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe” mme o utlwatsa “mahoko a mantlè a a molemō.” Tora ya Tebelo, ka kgatiso ya yone ya lefatshe ka bophara ya dikaelo tse 10 200 000 tsa tokololo nngwe le nngwe, ke nngwe ya didirisiwa tse molebedi a di dirisang mo go utlwatseng mafoko a a molemo ano.—Mathaio 24:14, 21, 45-47; Isaia 52:7.
7. Ke bomang ba ba tshegeditseng “balebedi,” mme ke ka ntlha yang fa thuso ya bone e tlhokwa?
7 Setlhopha sa molebedi sa “motlhanka” se na le tshegetso e e boikanngo mo go utlwatseng mafoko a a molemo. Jaaka setlhogo sa pele se ne sa bontsha, mo go begeng palo ya ba ba neng ba le mo Segopotsong ka 1983, masalela a “motlhanka” a a tloditsweng mo lefatsheng jaanong a feta fela go se kae 9 000. Ba tlhoka thuso mo go tswelediseng tiro ya go rera gore e fitlhelelwe ka tlhagafalo. Mme thuso eno ba nnile ba e bona! Dimilione tsa balekane di ntse di thelesegela letlhakoreng la bone, mme bano le bone, ba tsholetsa mantswe a bone ga mmogo le “balebedi” ba ba tlhalosiwang mo Isaia 52:8. Ka tlhaloganyo ya sebele, bano ba bopaganya mantswe a bone le ao a “balebedi” mo go phatlalatseng mafoko a a molemo.
8. (a) Tèhate e e mo ditsebeng 16 le 17 e bontshang mabapi le kgolo ya Bogosi? (b) Seemo ke sefe mo mafatsheng ao tiro ya Bogosi e thibetsweng?
8 Bula ditsebe 16 le 17 tsa makasine ono mme o tla bona seo, mo selekanyong sa kgolokwe, gore Jehofa o segofatsa balebedi bano le balekane ba bone ba ba boikanngo. “Ba choletsa lencwe” ja bone go ya bokgakaleng jwa gore koketsego e kgolo ya baboledi e ipelelwa gongwe le gongwe. Seno se tshwanetse sa lebelelwa ka ntlha ya gore Keresete Jesu jaanong o busa mo Bogosing jwa ga Rraagwe, antsaana Isaia 9:6, 7 ga e re ka “Kgōsana ea Kagishō” eno: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō?” Jaaka tšhate e bontsha, go na le dikarolo tsa lefatshe, go akareletsa le dipalo tse dikgolo thata tsa baagi, koo dithibelo mo tirong ya go rera ka Bogosi di leng bokete. Basupi mo mafelong ano ba dira seo ba ka se kgonang ka thuso ya moya wa ga Jehofa. (Sekaria 4:6) Basimegi ba puso bao ba ganetsang, le merafe e e tshegetsang ba ba ntseng jalo, ba tla nna le molato o mogolo wa madi fela thata fa sepitla se segolo se ratha.—Bapisa Esekiele 3:17-19.
Baboledi ba Mafoko a a Molemo Ba Babulatsela
9. (a) O lebisitse mo tšhateng, o na le kakgelo efe kaga koketsego ya bobulatsela? (b) Makala a Watch Tower a rometse dipego dife tse di ipedisang?
9 Tšhate ya kgolokwe gape e neela koketsego ya babulatsela go kgabaganya lefatshe ka 1983. Seno eleruri se jesa kgakge! Jaaka go supilwe ke tshobokanyo ya dipego tse di mo tlase, makala a Watch Tower lefatshe lotlhe a ipela ka dipalo tsa bao ba tlang go ipelela tirelo ya bobulatsela jo bo thusang, jwa ka metlha mme (fa go tlhokafala) bobulatsela jo bo kgethegileng:
Barbados: Palo ya babulatsela ba ba thusang ka Moranang e ne e le 292 ka 1981, 529 ka 1982 le 740 ka 1983.
Belgium: Difomo tsa bobulatsela jwa ka metlha di ne tsa oketsega ka diphesente tse 30 ka 1983.
Chile: Palogare ya babulatsela ba ba thusang e ne e le 987—koketsego ya diphesente tse 40.
Ivory Coast: Palo ya babulatsela ba ka metlha e ne ya ya godimo ka diphesente tse 15 go feta ngwagatlola.
Portugal: Se se neng se jesa kgakge ammaaruri e ne e le tlhora ya babulatsela ba ba thusang ka Moranang ya 3 064, koketsego ya 140 go feta tlhora ya go le pele.
Sweden: Tlhora ya ka metlha ya 796 ya babulatsela ba ka metlha ba ba neng ba bega.
Thailand: Ka Moranang, diphesente tse 23 tsa baboledi ba rona ba ba 821 ba ne ba bega jaaka babulatsela.
Venezuela: Ba ba fetang 200 ba ne ba simolola tiro ya bobulatsela jwa ka metlha ka 1983.
10. Ke eng se se bontshang gore pogiso ga e ka ke ya didlmatsa balebedi?
10 Dinaga tse tiro ya Bogosi e thibetsweng fela thata le tsone di bega koketsego ya baboledi le babulatsela. Naga ya Afrika koo dipogiso di neng di le maswe go feta dingwaga tse di ka nnang 15 tse di fetileng e ne ya fitlhelela ditlhora tsa babulatsela ba ka metlha ba le 616 le babulatsela ba ba thusang ba le 207 ka nako ya ngwaga wa tirelo wa 1983. Mme mo khontinenteng e e tshwanang, mo lefatsheng leo bakaulengwe ba le 75 ba neng ba latlhelwa mo kgolegelong, palo ya baboledi e ne ya oketsega ka diphesente tse 35 go feta palogare ya ngwagatlola, fa palo ya babulatsela ba ba thusang ka Moranang ngogola e ne e le diphesente tse 151 go feta tlhora ya ngwagatlola. “Balebedi” le balekane ba bone ba ganeletse mo goreng ba nne ba tsholetse mantswe a bone!
11. Tiro ya bobulatsela e solegela phuthego molemo jang, ga mmogo le tshimo lefatsheng lotlhe?
11 Tiro eno e e tlhagafetseng yotlhe ya bobulatsela e tutumotsa tiro ya Bogosi ka mo go gakgamatsang. Ka sekai, go felela ka gore tshimo e akarediwe fela thata-thata le ka dioura tse dintsi-ntsi di senngwa mo go utlwatseng mafoko a a molemo. Ka 1983 palo-kakaretso e e neng ya senngwa lefatshe ka bophara mo go boleleng Bogosi di ne tsa fitlha go 436 720 991, koketsego e e gakgamatsang ya diphesente tse 13.5! Go simolotswe dithuto tse dintsi—bontsi jwa tsone e le ka babulatsela ba ba thusang—mme batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang ba gogelwa mo go kopaneleng le phuthego ya Modimo.
12. Bobulatsela bo tlisa melemo efe ya botho?
12 Go bula tsela gape go tlisa melemo ya botho. Ka nako ya kgwedi e a neng a le mmulatsela yo o thusang, mmoledi mongwe o tlhagafala fela thata le go nna seleta mo go bueng molaetsa wa Bogosi go ba bangwe! Go sa na gape le boipelo jo bongwe, ka go kopanela le ba bangwe ba ba mo tirelong eno le go bona go tsamaisiwa ga dimakasine, maeto a a boelang le dithuto tsa Bibela di oketsega. Bantsi ba ile ba ipelela dikgwedi tseno tsa gangwe le gape tsa bobulatsela jo bo thusang mo e leng gore ba ne ba dira dipaakanyo tse di tlhokafalang go nna babulatsela ba ka metlha. Babulatsela ba bangwe ba ba thusang ba dira jalo ka metlha.
13. Ke kgothatso efe e re ka e amogelang go tswa maitemogelong a Pakistan?
13 Tshimo ya Semoseleme ya Pakistan go bolelwa fa e le bokete go e bereka. Mme lefa go le jalo pego eno e tswa kwa go lone lefatshe leo:
Mokaulengwe mongwe yo o neng a kgona go nna mmulatsela yo o thusang ka metlha mo dikgweding tse 30 tse di fetileng o ne a tlhalosa ka gore: “Go bonala jaanong fa imdadi (lefoko la Se-Urdu la bobulatsela jo bo thusang) bo nkgomaretse tota, mme ke ikutlwa gore ke tla nna le mathata a magolo motsing ke batlang go tswa mo go jone. E nnile karolo ya botshelo jwa me le tiro ya letsatsi le letsatsi go senya bobotlana dioura tse pedi ke supela ba bangwe.”
“Bobotlana dioura tse pedi” letsatsi le letsatsi mo tirelong ya Bogosi—seo ke sone sotlhe se bobulatsela jo bo thusang bo se tlhokang. A o ka dira seo? Bo ka nna jwa go nonotsha le go itumedisa, jaaka boitemogelo jono jo bo tswang Pakistan bo tswela pele go akantsha:
Mokaulengwe mongwe yo o neng a tlogela tiro a le dingwaga tse 58 mme e sale nako eo a tsenelela ditlhopha tsa babulatsela ba ba thusang o ne a bolela jaana: “Ke sa le ke nnile Mosupi dingwaga tse 28 tse di fetileng, mme fa e sale ga ke ise ke ke ke ipelele le go anaanela go nna ga me Mosupi go na le jaaka ke dirile mo dikgweding tse di robang bobedi tsa fa ke sale ke nna mmulatsela yo o thusang ka metlha. Fa ke ne ke araba potso ya babereki-ka-nna ba pele gore goreng ke bonala ke le sihatmand (nonofile, Se-Urdu) le khush (itumetse, Se-Urdu) fa e sale go tlogela tiro ga me, ke ba bolelela gore ke go direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa, ka botlalo moo go nneelang boipelo le kgotsofalo le go ntira gore ke lebege ke le sihatmand le go nna khush.”
A ga o ka ke wa rata go nna sihatmand le khush le wena? Ka jalo he dirisa dipaka tsa gago ka botlalo bakeng sa bobulatsela jo bo thusang!
Go Lekela Masego a Bobulatsela
14. Fa re lebisa mo tshateng mo ditsebeng 20-23, go ka lemogiwa kgatelo-pele efe ya boboledi le bobulatsela, mme mo masimong a le makae?
14 Are boeleng go Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 1983 wa Basupi ba ga Jehofa Lefatshe ka Bophara jaaka e bonala mo ditsebeng 20-23 tsa makasine ono. Ditsebe tseno tse nne di re bontsha se se fetang dinomoro fela. Di supela boiteko jo bo gakgamatsang jo baboledi ba Bogosi ba bo dirileng mo mafatsheng a a 205 kana dikgaolo go rera mafoko a a molemo. A ke o lebe mo kolomong ya setlhogo “Palogare ya Baboledi ba Babulatsela” mme o bone boiteko jo bo molemo jo dinaga tse dintsi di bo dirileng mo tirelong eno. Mme babulatsela ba ile ba nna le tshegetso e e molemo gape, go tswa baboleding ba phuthego, bao ba ileng ba nna le moya o o tlhaga o o tshwanang wa tirelo, lemororo maiteko a bangwe a ka tshwantshiwa le ‘lemmenyana la motlholagadi.’—Mareko 12:41-44.
15. Malapa a ka segofadiwa jang fa a tlatseletsa boitekong jwa bobulatsela?
15 Malapa a a ageletseng matshelo a one go dikologa tirelo ya bobutsela eleruri a segofaditswe. Malapa mangwe a itiretse mokgele wa go nna lelapa la bobulatsela mme a ile a fitlhelela mokgele oo, go arola jaaka lelapa mo tirong nngwe e e seng ya nako yotlhe eo e ‘dirang gore mosalagae molelo o se time.’ Maloko a mangwe a lelapa a ikokoanyetsa go tshegetsa leloko le le lengwe la lelapa mo tirong ya bobulatsela jwa ka metlha, mme ka gone moya wa bobulatsela o o simolodisiwang mo lelapeng o solegela mongwe le mongwe molemo.
16. (a) Batsadi ba ka bontsha kgatlhego mo kgatelo-peleng ya bomoya Jwa bana ba bone jang? (b) Mo go tlhatlhobiseng botshelo jwa ga Jesu, re bona sekao sefe se se molemo?
16 Botlhe ba ba neng ba nna gone go Kopano ya Kgaolo ya “Kutlwano ya Bogosi” ba ne ba utlwa polelo e e molemo ka go itlhomela mekgele. Go nna le kgatlhego ya bana mo dipelong tsa bone, batsadi ba ka thapisa bana ba bone go nna le mekgele ya botlhokwa mo botshelong. (Diane 22:6) Mengwe ya eno e ka nna tirelo ya bobulatsela. GakologeIwa thapiso e Jesu ka boene a neng a e amogela mo bonyaneng jwa gagwe. Fa a ne a le dingwaga tse 12 o ne a rutilwe sentle-ntle mo Dikwalong mo eleng gore o ne a ka akantshana le baruti kwa tempeleng. (Luke 2:46, 47) Ga a ka fitlhelela tiro ya boitshediso, jaaka ya “law” kana “medicine.” Go na le moo o ne a ithuta go dira ka matsogo a gagwe jaaka mmetli, ka nako eo a sa ntse a itlhomelela semoyeng bakeng sa tiro e e neng e mo letetse. (Mareko 6:3; Yohane 7:46) Fa ba sa ntse ba le kwa sekolong, bana ba Basupi ba ga Jehofa gompieno ka go tshwana ba direla malebana le mekgele e e mosola. Batsadi ba ka ba kgothatsa mo go seno.
17. Phapaanong le basha ba lefatshe, ke tsholofelo efe e basha ba babulatsela ba ba intshang-setlhabelo ba ka nnang le yone?
17 Go bolelwa fa dialogane tse dintsi tsa kholetshe gompieno di tlhoka mmereko. Mme gantsi basha ba ba thapisitsweng sentle ba Bakeresete bao e ya reng go tlogeleng sekolo se segolwane ba tsene mo tirelong ya bobulatsela ba fitlhela e le gore tiro ya nakwana e e tshwanelang e tla ka nako e tota e tlhokwang ka yone. Jehofa o kgona go segofatsa le go baakanyetsa bao ba ikaegang ka ene fa ba ntse ba tsweletse ba ‘batla pele bogosi’ ka moya wa go intsha-setlhabelo.—Mathaio 6:19-21, 31-33; Diane 3:5, 6; Malaki 3:10.
18. Puisano ya tirelo ya bobulatsela e ne ya solegela molemo jang phuthego ya Filipino?
18 Bangwe mo phuthegong ba ka nna ba akgela ka gore, ‘Ke ka ntlha yang polelo eno e bua ka bobulatsela? Bontsi jwa rona re ka se lale re kgonne tota.’ Mme babulatsela ba ba ipelang ba ka tlatseletsa ga molemo bakeng sa moya wa phuthego le katolosong ya tiro mo lefelong leo! Tora ya Tebelo ya June 1, 1983, e ne e na le setlhogo se se ithutiwang se se neng se re “Moya wa Bodihedi jwa Bokeresete.” Potso ya serapa 7 e ne e re: “Ke potso efe e modihedi mongwe le mongwe wa Mokeresete o tshwanetseng go e ipotsa?” Seno se ne sa kaela tlhokomelo mo potsong e e mo serapeng, e e neng e re: “A eleruri ke ka ipata ka sengwe fa pele ga ga Jehofa gore ke eng ke se mmulatsela?” Fa ba ne ba akgela mo serapeng seno mo thutong ya Tora ya Tebelo mo Philippines, ba bararo mo go bao ba neng ba le teng, ba dingwaga tse di farologaneng, ba ne ba tlhalosa ka gore, ka go tlhatlologana, gore go tlhatlhanya ka potso eno go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba nne babulatsela. Ba ne ba opelwa legofi le le babanyanyang ditsebe ke phuthego.
19. Bao ba sa kgoneng go bobulatsela ba ka tlatseletsa jang molemong wa phuthego?
19 Go boammaaruri, go na le Basupi ba ba ineetseng bao, pele ga ga Jehofa, ba seng mo boemong jwa go ka bula tsela. Bontsi jo bo mo phuthegong bo ka nna jwa bo bo se mo seemong se se ntseng jalo. Lefa go le jalo, bano ba ka tlatseletsa moyeng wa bobulatsela mo phuthegong. Bagolwane le ditlhogo tsa malapa ba ka kgothatsa basha go dira bobulatsela mokgele wa bone. Phuthego yotlhe e ka tshegetsa ka bongwefela jwa pelo bao e setseng e le babulatsela. Mo dipakeng tse di tshwanetseng, jaaka kwa Segopotsong, ka nako ya loeto lwa molebedi wa potologo kana ka nako ya maitapoloso a sekolo, go na le ba bantsi ba ba ka dirang boiteko jwa go tsenelela bobulatsela jo bo thusang. Nna le tumelo mo go Jehofa gore o tla go nonotsha jaaka o dira boiteko. “A go lo dihalèlè yaka tumèlō ea lona.” (Mathaio 9:29) Mme fa e le gore botsogo jo bo fokolang, maikarabelo kana dilo tse dingwe di go kgoreletsa go tsena mo tseleng ya bobulatsela jo bo thusang, boloka pono e e tlhamaletseng. Senya nako efe fela e o ka e bonang go utlwatsa “mahoko a mantlè a a molemō” mme tshegetsa le go kgothatsa bao ba bulang tsela.
20. (a) Ke seemong sefe sa lefatshe se re tshwanetseng gore ka metlha re bo re kubugile ka sone? (b) Ka jalo he, boikutlo jwa rona e tshwanetse ya nna bofe malebana le tiro ya poloko?
20 Gompieno re tshela mo lefatsheng le le thubakanyo le la boitsholo jo bo sa siamang. Jehofa o gaufi le go ntsha katlholo, le eleng jaaka a ne a dira mo metlheng ya bogologolo. (Genesise 6:11; 18:20; Luke 17:26-30) Eno eleruri ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5, 13) A re aroleng, jaaka re nna le sebaka, mo tirong e kgolo ya go utlwatsa poloko go bao ba sa ntseng ba tla tswa mo tsamaisong e kgologolo go tsaya letlhakore la bone kafa Bogosing jwa ga Jehofa. Re itumela fela thata ka ntlha ya gore Jehofa o ne a segofatsa tiro ya gagwe ka mo go humileng mo ngwageng e e fetileng. Ka 1984, ekete re ka kopanela gape le balebedi ba Bogosi mo go tsholetseng mantswe a rona kgalaletsong ya ga Jehofa.—Isaia 62:6.
Dipotso dingwe tsa poeletso:
◻ Baruti ba paletswe ke go rera mafoko a a molemo afe, mme ka ntlha yang?
◻ Tšhate e e mo dltsebeng 16 le 17 e bontshang malebana le tiro ya balebedi ba Siona?
◻ Ke melemo efe e e tlisiwang ke bobulatsela go motho-ka-bongwe le phuthego?
◻ Baboledi botlhe mo phuthegong ba ka tlatseietsa jang malebana le moya o o molemo wa bobulatsela?
[Tšhate mo go tsebe 16, 17]
Kgolo ya bogosi Ngwaga wa Tirelo wa 1983
“Tumō ea bōnè e cwetse kwa lehatshiñ yeotlhe.”—Baroma 10:18; Ditihō 1:8.
Tšhate eno e bontsha koketsego ya kgwedi le kgwedi ya palogare lefatshe ka bophara
Amerika Bokone
Baboledi: 690 979;koketsego: 6%
Babulatsela: 58 381;koketsego: 16%
Yuropa
Baboledi: 610 918;koketsego: 5%
Babulatsela: 38 978;koketsego: 17%
Latin America
(Go akaretsa Ditlhake tsa Caribean)
Baboledi: 472 816;koketsego: 11%
Babulatsela: 35 450;koketsego: 23%
Asia
Baboledi: 122 726;koketsego: 12%
Babulatsela: 34 586;koketsego: 24%
Ditlhake tsa Pacific
Baboledi: 117 816;koketsego: 8%
Babulatsela: 11 386;koketsego: 24%
Afrika
Baboledi: 266 375;koketsego: 6%
Babulatsela: 21 690;koketsego:17%
Mafatshe A A Thibetsweng
Baboledi: 229 092;koketsego: 4%
Babulatsela: 5 627;koketsego: 20%
[Tšhate mo go tsebe 20-23]
PEGO YA NGWAGA WA TIRELO WA 1983 WA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA
(Leba kgatiso)