Go Lebogela Botshelo jo bo Monate jwa Tirelo
Jaaka go Boletse John Booth
KA PHALANE 1921 puo “Dimilione tse ga Jaanong Di Tshelang Ga Di Ketla di Swa” e ne ya itsisiwe fa e tla neelwa mo holong ya toropo ya rona mo Wallkill, New York. Go sa kgathalege keletso ya rona ya go batla go itse, ga go ope wa lelapa la ga etsho yo o neng a nna teng. Lefa go ntse jalo, ke ne ka kwala ke kopa dibuka tse di neng di umakilwe mo taletsong. Fa bukana What Say the Scriptures About Hell? le buka The Divine Plan of the Ages, tse di neng di kwadilwe ke C. T. Russell, di goroga, di ne di kgatlhisa mo ke neng ka palelwa le ke go di baya fa fatshe.
E ne ya re go le pele mo ngwageng oo ka bo ke ile ka aloga mo sekolong se segolwane, mme ke ne ke batlisisa se boikaelelo jwa botshelo e leng sona. Lelapa la rona e ne e le la bodumedi leo ka metlha le neng le nna gone go Kereke ya Dutch Reformed eo ke neng ke ruta go yone mo sekolong sa Sontaga. Moruti o ne a batla gore ke ye kwa kholetšheng go ithuta boruti, mme seo se ne sa seka sa ikuela mo go nna ereka ke ne ke tsaya gore baruti ba ne ba tshela botshelo jwa bogagapa. Lefa go le jalo ke ne ke batla go thusa setho, mme ka jala ka akanya gore go ne go ka nna molemo fa ke ne ke ka nna morongwa mo mafatsheng a sele.
Ya re ke sena go itse kwa Diithuti tsa Bibela (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) ba kopanelang gone, mo selemong se se latelang ka bo ke setse ke simolotse go tsamaya dimmaele tse 15 (24 km) ka baesekele ya me go nna gone mo dipokanong mo Newburgh, New York. Go tswa foo, ya re fa moruti wa kereke ya rona a ne a neela thero ka “dihele” e e neng e ganetsana le thuto ya Bibela gore baswi ga ba ikutlwe, nna le mmè re ne ra tlogela kereke. (Moreri 9:5, 10) Rre, lefa a ne a ipelela dibuka tsa rona tsa Bibela, o ne a tswelela le kereke e a goletseng mo go yone. Mo letlhakoreng le lengwe, barwa-rre ba babedi le bokgaitsadiake ba bararo, fa nako e ya, le bone ba nna Basupi.
Go Direla kwa Staten Island
Ka selemo sa 1923 ke ne ka amogela taletso ya go thusa mo kagong ya seteitšhane sa radio se sesha sa Watchtower Society WBBR mo Staten Island. Gareng ga bao ba neng ba tla go thusa ka mafelo-beke go tswa ntlong-kgolo mo Brooklyn e ne e le Nathan H. Knorr yo o neng a le dingwaga di le 18, yo e neng ya re ka 1942 a nna mookamedi wa boraro wa Mokgatlho wa Watchtower. E ne ele fa ke ne ke bereka fano ke bile ke tsile kopanong mo New York City ke neng ka kolobediwa ka Phalane 19, 1923. E ne e le paka ya me ya ntlha ya go bontsha boineelo jwa me go direla Jehofa Modimo.
Mo marigeng ao ke ne ka boela kwa gae go dira mo polasenyaneng ya mashi ya ga etsho gaufi le Wallkill, mme ka dikgakologo ke ne ka boela kwa Staten Island go dira tiro ya go kgabisa le go baakanya ditsela. Jaaka kabelo ya me ya nakwana ya go dira koo e ne e le gaufi le go fela, bantsi ba ne ba dira dithulaganyo tsa go nna gone kopanong e kgolo mo Columbus, Ohio, ka Phukwi 1924. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go ya kwa go yone ke pagame terena e e kgethegileng. Mo kopanong eno maloko otlhe a diphuthego a ne a rulaganyediwa go rera ka ntlo le ntlo.
Go Rera Tikologong ya Wallkill
Fa ke sena go boa kwa Columbus, ke ne ka simolola go neela bosupi mo tikologong ya polase ya ga etsho, mo kgaolong eo jaanong go leng Watchtower Farms gone. Santlha ke ne ka akaretsa tshimo ya me ka baesekele, mme he ka reka Model T Ford go e dirisa mo go direng tshimo e e kgakalanyana. Fa buka Deliverance e ne e ntshiwa ka 1926 ke ne ka rulaganyetsa thuto ya Bibela mo go lengwe la malapa kwa Scotts Corners, gaufi le Walden. Bangwe bao ba ileng ba nna gone ba ne ba dira botswelelo-pele mme moragonyana ba nna Basupi.
Lelapa la ga etsho le nna ka metlha re ne re nna gone dipokanong mo Newburgh. Fa dipokano tsa gare ga beke tsa Prayer, Praise le Testimony e ne ya re kgabagare tsa fetolelwa go nna Dipokano tsa Tirelo, ka gone di otlelela bodihedi jwa rona jwa ntlo le ntlo, ba sekae ba ne ba seka ba rata seno. Mme ke ne ka itumedisiwa ke kotlelelo ya go anamisa molaetsa wa Bogosi ka tsela eno ya seaposetoloi. (Ditihō 20:20) Ka Moranang 1928 ke ne ka simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera jaaka mmulatsela wa ka metlha.
Go Rera mo Borwa
Go ne go tlwaelegile ka babulatsela mo dingwageng tseo gore ba dire tshimo kwa bokone mo selemong mme e re mo marigeng ba bo ba neela bosupi kwa borwa. Ka jalo mo marigeng a 1928 go fitlha go 1935 molekane wa me wa mmulatsela Rudolph Abbuhl le nna re ne ra dira dikgaolo tsa Virginia, West Virginia, North Carolina, Georgia, Tennessee le Kentucky.
Go neela bosupi mo borwa mo dingwageng tseo e ne e le boitemogelo jo bo sa lebalesegeng. Gantsi go ne go na le ditsela di sekae tse di neng di siamisitswe, mme re ne ra nna ditswerere mo go itseng gore re ka ya bokgala Jo bokae kwa ntle ga gore re thibelwe ke matlapa kana go nwela mo seretseng. Re ne re tsamaya ka maoto thata ereka batho ba bantsi ba ne ba nna koo dikoloi di neng di ka se fete gone.
Mo metseng ya magae batho ka bontsi ba ne ba humanegile mme ba sena didirisiwa tsa segompieno. Tota, mo dikarolong dingwe tsa Kentucky megotswana ikage e ne e tlwaelegile mme le metšhine ya segologolo e e otlhang dikhai e ne e santse e dirisiwa. Botshelo bo ne bo sa farologane thata le metlheng ya ga Daniel Boone, dingwaga tse di ka nnang 150 go le pele.
Gore re bone boroko re ne re a tle re rente kamore, gantsi ka mo e batlang e nna $10 ka kgwedi. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, re ne re nna fela mo magaeng a batho ba kgaolo eo, re duela mo e ka nnang dolara bosigo bongwe le bongwe mme go akarelediwa le dijo moteng. Ka dinako tse dingwe re ne re a tle re bone mmalapa yoa neng a ikemiseditse go re tlhatswetsa mme re bo re mo tlogelela dibuka. Ereka batho ba ne ba sena madi a mantsi, bontsi jwa dibuka tsa rona di ne di tsamaisiwa ka go di ananya ka dijo.
Mmalapa o ne gantsi a tle a re, “Le ka nna la tsaya koko ke eo fa e le gore le ka kgona go e tshwara.” Re ne re nna re ipaakanyeditse, ka ebile re ne re tshotse serubi sa dikoko ka kwa morago ga koloi. Ka go dirisa waere e e nang le sekgoge, re ne ra nna dithakga mo go tshwareng koko ka leoto. Mae e ne e le tse dingwe tsa tse re neng re ananya ka tsona, mme gape re ne re ananya ka mefuta yotlhe ya maungo a a mo ditshitswaneng. Dijo tse re neng re sa di dirise re ne re di rekisa go reka peterolo. Ka nako nngwe ebile go ne ga nna le mafelo a bojelo ao re neng re atisitse go a rekisetsa ka metlha dilo tse re neng re di anantse ka dibuka.
Go bo batho ba ne ba setse ba re ikanya, re ne ra thusega go fenya kganetso le mathata. Go ne ga diragala jalo mo Cleveland, Georgia, koo agente, yo o neng gape e le moruti wa sekolo sa Sontaga, a neng a ile a re tshwarisa ka molato gore re rekisa re sena laesense. Batho ba le mmalwa ba ne ba tla go re emela mo tshekong, go akareletsa le monna yo re neng re nna mo ntlong ya gagwe. Fa re sena go kgona go tlhalosa mofuta wa tiro ya rona, kgetsi e ne ya tshololwa mme ga kopiwa maitshwarelo mo go rona.
Mo dithabeng gaufi le Ferrum, Virginia, jaaka go ne go ntse mo mafelong a mangwe, go dirwa ga dino tsa tagi mo e seng ga kafa molaong go ne go tlwaelegile. Banna ba ba tlhomeletseng ka dibetsa ba ne ba disa matitielo, mme go ne go se baeti bape ba ba neng ba letlelelwa mo kgaolong eo. Mme, kwantle go go go lemoga, re ne re setse re ikanngwa ke batho mme pego e e molemo e ne ya re etelela pele. Ka gone re ne ra kgona go neela bosupi mo kgaolong eo kwantle go kgaupetso kana kgobalo epe. Re ne ra bona mosadi mongwe yoo, ka ntlha ya go utlwa dithulaganyo tsa rona tsa radio, a neng a tsaya dibuka mme ebile a ne a bontsha kanaanelo ya gagwe ka go bua le ba bangwe kaga dilo tse a neng a di ithuta. E ne ya re moragonyana a kolobediwa a bo a fetsa dingwaga di le dintsi e le Mosupi yo o ikanyegang.
Fa re ne re le mo kgaolong ya Harlan, Kentucky, e ne e itsiwe e le lefelo la tshololo ya madi la Harlan, mme go na le lebaka le le molemo. Batho ba ne ba na le ditlhobolo mme ba di dirisa. Ka nako nngwe mmulatsela ka nna Raymond Hall o ne a hulwa mo legetleng ke banna bangwe bao go neng go lebega ba ne ba re ba leka go mo tshosa. Kwa sepateleng koo re neng ra mo isa teng gore a alafiwe ga ba a ka ba botsa le eleng dipotso; ka dintho tse di ntseng jalo go ne go bonala e le ditiragalo tsa ka metlha. Morago ga go neela bosupi mo kgaolong eo, re ne ra utlwalela ka pego e e reng bathusi ba basimegi-bagolo ba roba bobedi le ba bangwe ba ba ka nnang lekgolo ba ne ba bolawa mo ngwageng e re neng re le koo ka yone. Lefa go ntse jalo, re ne ra itumedisiwa ke go bona malapa a mabedi ao a neng a arabela boammaaruring. Moragonyana mongwe wa barwa ba teng o ne a tla mo Bethele mo Brooklyn.
Go Rera mo Bokone
Mo dikgweding tsa selemo polase ya rona gaufi le Wallkill e ne ya nna mathibelelo a me ao ke neng ke tla neela bosupi mo dikgaolong tse nne tse di mo tikologong ya lefelo leo. Ke ne ke tsaya merwalo ya me mme ke bo ke kampa sebaka sa beke, ke neela bosupi mo tshimong eo, mme he ke bo ke boela kwa gae ka mafelo beke go nna gone dipokanong mo Newburgh. Ka tsela eno ke ne ke kgona go dira dioura tse di lesome letsatsi le letsatsi mo tirong ya go rera mo tshimong e e kgakala. Ke ne ka go bona go duela go dira maeto a a boelang mo bathong ba bantsi ba ba neng ba kgatlhegela. Go ne ga nneela boipelo jo bogolo fa mosadi mongwe moragonyana a ne a tla kwa go nna mo kopanong mme a mpolelela gore dibuka tse ke neng ka di mo tsamaisetsa di ne tsa mo tsenya mo tseleng ya botshelo.
Basupi ba ne ba aga ba tshwaretswe ruri mo dingwageng tseo, segolo bogolo mo New Jersey. Ke ne ke le gaufi le gone mo selemong mme jalo ke ne ke arabela piletso ya tlhabano ya go rulaganyediwa go neela bosupi mo lefelong le le tletseng ka matshwenyego. Ka dinako tse dingwe re ne re a tle re tshwarwe mme e re morago mo maitseboeng re gololwe, mme ka di nako tse dingwe re ne re a tle re tshwarwe gore re tle re sekisiwe. Mo lekgetlong le lengwe, fa ke ne ke kiba mo kgolegelong malatsi a le lesome, re ne ra neela bosupi go mongwe wa magolegwa yo o neng a amogela mafoko a a molemo mme ya re moragonyana a nna Mosupi wa mmulatsela.
Mo e batlileng e nna ka yone nako eo re ne ra simolola go dirisa fela thata mo bodiheding jwa rona jwa ntlo le ntlo direkoto tsa “phonograph” tsa dipuisano tse dikhutshwane tsa Bibela. Metšhine e mebotlana le yone gape e ne ya tsenngwa mo dikoloing go dira koloi ya segoagoe. Ke ne ka ya kwa ntlong-kgolo kwa Brooklyn mme ka tsenyediwa o mongwe mo koloing ya me ka $175. Mo maitsiboaneng a selemo ke ne ke ema mo mokgatsha o simologang teng mme mantswe a direkote a utlwiwe mo e ka nnang mmaele kana go feta. Ke ne ka tsamaya dikete tse dintsi tsa dimmaele mo dingwageng tse di latelang ka digoagoe tseno tse dikgolo mo koloing, ke fitlhelela batho ba bantsi ka molaetsa wa Bogosi.
Karolo e kgolo ya botshelo jwa rona mo selemong e ne e le go nna gone dikopanong tse dikgolo. Segolo bogolo e e sa lebalesegeng e ne e le eo ya 1931 kwa Columbus, Ohio, koo re neng ra simolola go itirisetsa leina le le kafa Dikwalong la Basupi ba ga Jehofa.
Dikabelo tse Disha
Boaphelong jwa letlhabula la 1935 re ne ra boa mo kabelong ya rona ya bobulatsela mo borwa go thusa mo tirong ya Bethele mo Brooklyn. Morago ga go dira malatsi a se makae fela mo feketering, Mokaulengwe Knorr o ne a mpiletsa kwa ofising mme a nkopa gore a ke ka se simolole loeto jaaka “Regional Service Director.” ke etela dikhamphane (jaaka diphuthego di ne di bitswa ka nako eo). “Ga ke ise ke ke ke neele khamphane polelo ebile ga ke itse sepe ka thulaganyetso ya khamphane,” ke ne ka bolela.
“Ga go tlhokafale dibui tse di seleta mo puong, mme fela mongwe yo o ratang tirelo ebile a tla etelela pele mo go yone le go bua ka tirelo mo dipokanong,” Mokaulengwe Knorr a tlhalosa.
Ka jalo mo dikgweding di sekaenyana tse di latelang ke ne ka amogela thapiso nngwe ya kabelo ya me e ntšha, ke patile Mokaulengwe Knorr le ba bangwe mo maetong a mafelo beke go ya dikhamphaneng. Tiro e kgolo e ne e le go rulaganyetsa dikhamphane go dira maeto a a boelang le tiro ya thuto ya Bibela eo ka nako eo e neng e le tiro e ntšha fela thata. Ke ne ka etela kwa gae mafelo beke mangwe (e le loeto lwa me lwa bofelo mo dingwageng tse thataro), ka feta ka sadisa dilo dingwe tseo di neng di sa tlhokafale mme ka ipaakanyetsa loeto. Ka jalo, ka Mopitlo 1936, lefa ke ne ke ikutlwa ke sa nonofela mo go kalo kabelo e e ntseng jalo, ke ne ka simolola.
Mo Loetong
Loeto lwa me lwa ntlha e ne e le kwa Easton, Pennsylvania. Gantsi ke ne ke goroga kwa lefelong ka nako e e leng ya tirelo ya tshimo mo mosong, ke tshware pokano le batlhanka ba khamphane ka lotlatlana mme e re morago ke tshware e nngwe le phuthego yotlhe. Gantsi ke ne ke senya malatsi a mabedi le khamphane mme le lengwe le setlhopha se se botlanyana, ka dinako tse dingwe ke etela ditlhopha tse di ntseng jalo di le thataro mo bekeng. Ke ne ke nna fela mo mosepeleng.
Ka bo 1936 le 1937 ke ne ka akaretsa dikarolo tsa Pennsylvania, West Virginia, Ohio, Indiana, Illinois, Iowa, Nebraska, Wyoming, Colorado, New Mexlco le Texas. Ka ko Bophirima go ne go le go sha gotlhe mo go nna go bile go kgatlhisa—tsela ya botshelo, dipoa, dithaba le dikgala tse di leele. Ke ne ke etela dikhamphane tsotlhe mo New Mexico mo dibekeng tse pedi. Ka selemo sa 1937 ke ne ke le mo Texas. Go ne go sena batlhanka bape ba kgaolo ba ba buang Sepanishe mo dikgaolong tseo, ka Jalo ke ne ka etela le dikhampane tsa Sepanishe, ke bua le tsone ka go tolokololelwa.
Mo khamphaneng nngwe e potlanyana e e buang Seesemane mo Texas mosetsanyana mongwe wa ngwaga tse 18 o ne a dlrela jaaka motlhanka wa setlhopha sa khamphane. Rraagwe o ne a solofetswe go swa mo letsatsing leo, mme ga nna fela jalo, mme ba nkopa gore ke nne gone go tla go tsamaisa phitlho.
Re ne ra tswela mo tirelong ya tshlmo, mme ra tshwara pokano ya rona ya mo maitseboeng mme ya re mo mosong o o latelang ka tshwara tirelo ya phitlho. Lefa ba ne ba hutsafetse mo lebakeng leo, ba ne ba ipela thata go bo ke ne ka ba neela polelo.
Morago ga go nna gone mo kopanong ya Columbus, Ohio, ka Lwetse 1937, ke ne ka fetsa mariga ke etela dikhamphane tse di mo dikgaolong tsa bokone tsa North Dakota, Montana le Idaho. Ka Tlhakole 1938 ke ne ka kgabaganya dithaba mme ke ne ka gakgamadiwa fela thata ke go bona gore go ne go le bothito mme metlhwa e ne e le metala mo lotshitshing lwa Pacific. Lefa jaanong e na lè diphuthego tse 21, Seattle ka nako eo e ne e na le lefelo le le lengwe fela la bokopanelo.
Dikopano tsa Kgaolwana
Ka dikgakologo tsa 1938 pokano e e kgethegileng ya dikhamphane mo lefelong le le mo moeding la San Francisco e ne ya rulaganyediwa mme e ne ya tsenwa ke Basupi ba ba ka nnang 600. E ne ya felelela e le motlapele wa kopano ya kgaolwana (e jaanong e bidiwang kopano ya potologo). Thulaganyo e ntšha ya maeto a ka metlha a molebedi wa kgaolwana (wa potologo) le ya dikopano tsa kgaolwana e ne ya simolola ka Phalane 1, 1938.
Jaaka motlhanka wa kgaolo, ke ne ka nna le boikarabelo jwa kopano ya kgaoIwana beke e nngwe le e nngwe. Dipokano tseno tsa tao ya semoya gape di ne di baakanyetsa bao ba leng gone sebaka sa go abalana mo tirong ya thero ya ntlo le ntlo le go kolobediwa ga ba basha. Pele ga dikopano tsa kgaolwana re ne re kolobetsa ba basha nako nngwe le nngwe kana gongwe le gongwe. Ke gakologelwa ke kolobeletsa monna mongwe mo metsing a a dikgapetlana a mokgatšha o o tletseng kapoko wa thaba ya Oregon le mo pakeng e nngwe ke kolobetsa monna yo mongwe mo mogojwaneng o go nwelang dikgomo tsa gagwe.
Ka nako ya dikopano tseno tsa kgaolwana re ne ra simolola go nna le boikitsiso jwa go gwanta. Re ne re tsamaya re tshotse matshwao ao a neng a balega mo letlhakoreng le lengwe a re “Bodumedi ke Seru ebile ke Papadi ya Boferefere,” mme mo go le lengwe, “Direla Modimo le Keresete Kgosi.” Tseno di ne tsa gapa tlhokomelo e ntsi thata mme ka dinako tse dingwe kganetso. Go tswa foo, ka Lwetse 1939, Ntwa ya Lefatshe II ya simolola mo Yuropa mme kganetso mo tirong ya rona ya gola.
Batlhasedi ba ne ba phatlalatsa dikopano tsa rona kwa Hannibal, Missouri, Columbus, Nebraska; le St. Cloud, Minnesota. Kwa Marinette, Wisconsin, ra-toropo o ne a re laela gore re tswe mo holong ya kopano, mme ya re fa mapodisi a bona gore re na le tshwanelo ya kafa molaong ya go bo re le foo ba re sireletsa. Mo letlhakoreng le lengwe, mapodisi a Huttonsville, West Virginia, a ne a nna le seabe mo tlhaselong kgatlhanong le rona ka nako ya kopano ya rona mo Elkins, mme re ne ra ba tshwarisa mme ba tshwaneIwa ke go duela $500 ba letetse tsheko ba le ka kwantle. Kgetsi e ne ya tlosolosiwa kgafetsa-kgafetsa mme ya re bofelong ya tshololwa, mme mapodisi koo a seka a tlhola a itlhakanya le tiro ya rona gape.
Ke ne ke a ga ke le mo kgotleng ya ditsheko ka ntlha ya ditiragalo tse di ntseng jalo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke a tle ke dire jaaka mmueledi wa mosekisiwa, mme mo dikgetseng tse dingwe ke nne mosekisiwa, jaaka kwa Quincy, Illinois, koo re neng ra fenya kgetse. Hayden Covington, agente ya Mokgatlho ka nako eo, le Fred Franz, yo jaanong e leng mookamedi wa Watch Tower Society, ba ne ba re thusa mo dikgetseng tse dingwe, jaaka e nngwe e e neng e le kwa London, Kentucky, eo le yone re neng ra fenya.
Mo tshekong ya kgotla ya ditsheko kwa Indianapolis, Indiana, e e neng e kopanyeletsa Basupi ba ka nna 60 ba ba neng ba pegwa molato wa botlhabetsi mo pusong, Mokaulengwe Franz le nna re ne re le gone go neela bosupi ka nako ya tsheko ya malatsi a matlhano. Lefa bakaulengwe ba rona ba ne ba bonwa molato, e ne ya re moragonyana ba tlhokwa molato ke kgotla-kgolo ya ditsheko. Mo bekeng yone eo ya tsheko eo ke ne ke le mosekisiwa mo kgannyeng e nngwe mo Joliet, Illinois, mme ya re mo go e nngwe ya mokaulengwe ka bo gape ke le agente mo Madison, Indiana, mme mo godimo ga moo, ka bo ke na le boikarabelo jwa kopano ya kgaolwana mafelo beke mangwe le mangwe. Go ka tlhoka buka gore ke tsonkolole ditiragalo tse ka botlalo ka dinako tseo tse di neng di kgatlhisa.
Boitumelo jo bogolo e ne ya nna kopano ya malatsi a matlhano mo St. Louis ka Phatwe 1941. Ke ne ka bidiwa dibeke di sekae pelenyana mme ka abelwa go dira mo lefelong le go bewang dikolotsana tsa bothibelelo. Morago ga go kgaola bojang jwa leruo jwa molemi mongwe, re ne ra aga motse wa ba ba 5 000 mo masimong a bojang jwa leruo. Mme le eleng pele ga kopano e simolola re ne re na le batho ba le 10 000 mo bothibelelong, ka dikoloi, dilori le bathibeledi, botlhe ba bopeletse mo tseleng gore ba tsene moteng. Kgabagare re ne ra nna le ba ba fetang 15 000 mo bothibelelong, koo bantsi ba neng ba nna teng mme ba reetsa thulaganyo ka go gokelelwa ga megala. Fa bana ba ba 15 000 ba ne ba ema ka dinao mo holong e kgolo mme ba amogela sekaelo sa mahala sa bone sa buka Children, nna ka abela bana ba bantsi ba ba mo bothibelelong dikaelo tsa mahala tsa buka eo.
Kingdom Farm le Watchtower Farm
Ka bofefo fela morago ga kopano ya St. Louis, go ne ga nnela bokete kwa pele go ka tshwara dikopano tsa rona tsa kgaolwana. Ka jalo go ne ga fediwa ka gore di emisiwe. Ke ne ka bolelelwa gore ke ipege kwa Bethele kwa Brooklyn. Morago ga go goroga koo malatsi a se makaenyana fela Mokaulengwe Rutherford o ne a nkopa gore a ke ka se direle kwa Kingdom Farm gaufi le Ithaca, New York. Pele ga ke ya kabelong eno e ntšha ke ne ka etela legae la me gaufi le Wallkill. Mmè o ne a tlhokafetse, mme barwarre le bokgaitsadiake ba ne ba nyetse botlhe. Ke ne ka fudugela kwa Kingdom Farm koo ke neng ka abelwa kamore e ke neng ka nna mo go yone dingwaga tse di latelang tse 28.
Morago ga thero ya nako e e tletseng ya dingwaga tse di fetang 13, go ne go le bokete gore ke ka wela sentle mo temong. Mme ke ne ka kgona mme ka ipelela ditshiamelo tse dintsi tsa tirelo mabapi le ditiro tsa Kingdom Farm. Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, ke ne ka tswelela go abalana ka metlha mo tirong ya go rera mo maitseboaneng le ka mafelo-beke. Ke ne ka tsamaisa dithuto tsa Bibela le batho ba le bantsi, bontsinyana jwa bone jwa ba jwa nna Basupi ba ba kolobeditsweng.
Lefa go le jalo tiro ya me e kgolo jaanong e ne e le malebana le go dira dikabelo tsa me tsa tiro mo polaseng. Ke ne ka inaakanya le go ithuta kaga menontshane ya diphologolo le ya dimela, ka dirisa ka botlalo University e e fa gaufi ya Cornell le motlobo wa yone wa dibuka. Ka maiteko a rona re ne ra kgona gore re oketse dikuno tsa polase. Fa go ntse go ya re ne ra kgona go ntsha dijo tse di lekaneng go ka jewa ke lelapa le le golang la Bethele mo Brooklyn, gammogo le kwa Kingdom Farm.
Kgolo e e gakgamatsang mo badiring e ne ya diragala kwa polaseng ka Tlhakole 1, 1943, fa Sekolo sa Gileade se sesha se ne se simolola go dira. Go tswa foo, dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro, re ne re na le setlhopha se sesha sa baithuti ba ba ka nnang lekgolo go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Abo e ne e le boipelo go bo ke ne ka tlwaelana ka namana le baithuti ba ba ka nnang 3 700 ba ditlelase tse 35 tseo di neng tsa amogela thapiso ya tiro ya borongwa kwa polaseng pele ga Sekolo sa Gileade se fudusediwa mo Brooklyn ka 1961! Mo dingwageng tseo re ne ra itshokela kganetso e ntsi, tlhaselo e le nngwe le tsheko ya kgotla ya ditsheko, tseo re neng ra di fenya. Kgabagare setlhopha sa rona se se ngwefela se se botlanyana mo kgaolong eo se ne sa gola go nna diphuthego tse nne.
Jaaka Sekolo sa Gileade se ne se fetsa go direla kwa Kingdom Farm, Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi se sesha sa balebedi mo diphuthegong se ne se setse se simolola koo. Mo dingwageng tse di batlileng di nna supa tse di latelang re ne ra nna le banna bagolo ba le 7 000 ba ba neng ba nna gone mo thutong ya lobaka Iwa kgwedi, eo e neng ya re moragonyana ya fokolediwa go dibeke tse pedi ka boleele.
Ka Ferikgong 1963 Mokgatlho o ne wa bona tshwanelo ya didirisiwa gautshwane lefa ke goletseng gone, kwa Wallkill, New York. Didirisiwa tseno di ne tsa bidiwa Watchtower Farms. Go kgabaganya dingwaga didirisiwa tseno di ile tsa atolosiwa le go tlhabololwa, go okediwa le ka difeketeri tsa magatisetso. Ka Ferikgong 1, 1970, kabelo ya me e ne ya fetolelwa mo lefelong le, mme ka jalo ka boela ka ya mo lefelong le le tshwanang le ke neng ka simolola go neela bosupi mo go lone dingwaga tse di ka nnang 45 pele! Bagodi bangwe ba sekae mo motseng oo ba ne ba sa ntse ba nkgakologeIwa.
Fa ke ne ke goroga kwa Watchtower Farms, go ne go na le maloko a lelapa a le 55, mme jaanong ba ba fetang 750 ba direla koo! Gareng ga bano go na le ditlogolwana tsa me di le tharo. Ke na gape le eleng ngwana wa ga kgaitsadiake yo o etang le monna wa gagwe mo tirong ya bopotologi. Ke ipela fela thata go bo maloko a lelapa la gaetsho a a fetang 30 a kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ka Ngwanatsele 1974 ke ne ka nna le tshiamelo ya go tlhomiwa jaaka mongwe wa leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, mme ka tlhomo e e ntseng jalo ke ne ka boela gape kwa ntlong-kgolo kwa Brooklyn.
Ke itumela eleruri gore, morago ga go aloga mo sekolong se segolwane, Jehofa Modimo o ne a ntemotsha boikaelelo jo bogolo mo botshelong ebong go mo direla. Go latela boikaelelo joo mo dingwageng tse 60 tse di fetileng eleruri e ile ya nna mo go duelang le mo go kgotsofatsang. Go ile ga nkatamalanya gautshwane thata le Rraarona wa selegodimo mme go ile ga ntetlelela go bona ka tsela e e leng yone tota tshireletso le lesego la gagwe godimo ga batho ba gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ke le mo kgolegelong ka ntlha ya go rera
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Ka bo-1930 ke ne ka dirisa koloi ya digoagoa go neela bosupi
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Ke ne ka senya dingwaga tse 28 kwa Kingdom Farm, lefelo la pele la Sekolo sa Gileade
Ba babedi go ba ba 3 700 bao ke ba boneng ba aloga mo Sekolong sa Gileade
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Ke ne ka direla gape dingwaga tse tlhano kwa Watchtower Farms