Lefoko la Modimo Le Tshedile
Loso Lwa Ga Jesu Le Rayang go Rona?
MORAGO ga loso lwa ga Jesu Keresete, batsamai Keleopase le tsala ya gagwe ba ne ba ema mo tseleng “ba tlhontse dihatlhōgō.” (Luke 24:17) Loso ke mmaba, ka jalo ka tlholego le tlisa bohutsana. Mme le fa go le jalo banna bano ba ne tota ba ka itumela gore Jesu o sule, mme le rona re ka dira jalo. A o itse gore ke ka ntlha yang?
Bibela e tlhalosa ka gore: “Keresete o shwetse dibe tsa rona.” “Eo o re shwetseñ, go re, . . . re be re tshela.” (1 Bakorintha 15:3; 1 Bathesalonia 5:10) Ee, Jesu o ne a rometswe mo lefatsheng go re boloka. Ka boene o ne a re: “Yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, . . . le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Mme tota go raya eng gore Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka “thèkololō”? Thekololo ke eng?
Lefoko “thèkololō” ga ntsi le dirisiwa fa go na le go utswiwa ga batho. Morago ga moutswi wa batho a sena go gapa motho, o ka nna a re o tla busa moutswiwa fa madi a a rileng a ka duelwa jaaka thekololo. Ka jalo thekololo ke sengwe seo se thusang go gololwa ga motho yo o ntshitsweng setshwarwa. Ke sengwe seo se duelwang gore motho a se latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe. Botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng jwa botho bo ne jwa ntshiwa go golola setho mo bokgobeng jwa sebe le loso. (1 Petere 1:18, 19; Baefesia 1:7) Ke ka ntlha yang kgololo e e ntseng jalo e ne e tlhokafala?
E ne e tlhokafala ka gore Adame, rraarona mogolo, o ne a tsuologela Modimo. (Genesise 2:17; 3:11, 12) Ka gone tsela ya gagwe ya botlhokakutlo e ne ya mo dira moleofi, e reka Bibela e tlhalosa gore “boleo ke boiphèhèrō mo molaoñ.” (1 Yohane 3:4; 5:17) Ka ntlha ya gona moo, o ne a sa tshwanelege go amogela mpho ya Modimo ya botshelo jo bosakhutleng. (Baroma 6:23) Ka jalo Adame o ne a itatlhela botshelo jwa botho jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. O ne gape a latlha tebelelo eno e e hakgamatsang ya bana ba gagwe botlhe ba a neng a tla ba tsala. O ka nna wa botsa, ‘mme ke ka ntlha yang bana botlhe ba gagwe ba ne ba swa, ereka e le ene Adame yo o neng a leofa?’
Seno ke ka ntlha ya gore Adame, fa a ne a nna moleofi, o ne a fetisetsa sebe le loso mo baneng ba gagwe, go akareletsa le batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng jaanong. (Yobe 14:4; Baroma 5:12) Ka jalo batho ba ntse ba a swa ka ntlha ya sebe seo ba se ruileng mo go Adame. He, seo se ne se tla kgonagala jang, ka loso lwa ga Jesu go golola batho botlhe mo bokgobeng jwa sebe le loso?
Molao-motheo wa se-molao wa Modimo wa tšhaba ya Iseraele o ne o kopanyelediwa. O tlhalosa gore “hoñ u beè botshelō mo boemoñ yoa botshelō.” (Ekesodo 21:23) Ka go tlhoka kutlo ga gagwe monna Adame yo o itekanetseng o ne a itatlhela botshelo jo bo itekanetseng jwa botho mo lefatsheng la paradaise le bana ba gagwe botlhe. Jesu Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go reka seo Adame a se latlhileng. Jaaka Bibela e tlhalosa, Jesu “eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.”—1 Timotheo 2:5, 6.
A ke o akanye fela gore seno se raya eng go rona! Se se raya gore Jesu o ne a tsholola madi a gagwe a botshelo mo losong gore re tle re kgone go nna le sebaka sa go tshelela ruri tlase ga puso ya bogosi jwa Modimo. A o tla bontsha tebogo ka go dirisa botshelo jwa gago go direla Modimo le Morwawe wa selegodimo, Jesu Keresete?—2 Bakorintha 5:14, 15.
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Ke jang ‘madi a thekololo’ a ka re thusang go tlhaloganya ka thekololo ya ga Jesu?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Botlhoka-kutlo jwa ga Adame bo feletse ka eng go ene le go lotso lotlhe la motho?
Ereka Jesu a ne a lekana le monna yo o itekanetseng Adame, seo se rayang go rona?