Fa Go Sa Ntse go na le Nako Tshaba!
FA JESU a ne a bolelela pele ka bokhutlo jwa tsamaiso ya sedumedi ya Sejuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gape o ne a akantse ka sengwe se se fetang bogolo. O itsile gore e ne e tla nna moriti wa se se tla solofelwang ka selekanyo se segolwane ka nako ya “mo metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3.
Re ka tlhomamisega jang gore eno e tla nna tiragatso e nngwe e e oketsegileng? Sekai ke gore mo polelelong pele ya gagwe Jesu o buile ka go tla ga gagwe mo isagweng “ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo.” Matswela a mangwe a seno e tla nna gore “hoñ dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla hutsahala” ka ntlha ya masetlapelo a a tla ba welang. (Mathaio 24:30) Dilo tseno ga di a ka tsa diragala fa Jerusalema le Judea di ne di thankgolwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga. Eleruri, tlhaloso ya ga Luke mo polelelo peleng eno e tsopola Jesu a re: “Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.”—Luke 21:24.
“Yerusalema” yo go buiwang ka ga gagwe fano ke eng? Ke leng “metlha ea Badichaba” e tlang bokhutlong jwa yone?
‘Helo Ga Boitshepo’ le “Se se Makgapha a a Shwahatsañ”
Bogosi jwa Modimo jwa tshwantshetso bo ne jwa busa mo Jerusalema go tloga ka 1070 go fitlha go 607 BCE. Bo ne bo emela bolaodi jwa Modimo mo lefatsheng. Mme ka nako eo bogosi joo jwa ga Dafide bo ne jwa thankgolwa ke Bababelona. Ga go bogosi bope jo bo kileng jwa busa gape mo Jerusalema wa selefatshe, nako kgolo ke eno. Lefa go ntse jalo, Jerusalema o ne a khutla go katakwa mo ntlheng eno: Bolaodi jwa Modimo jaanong bo tsile mo go reng bo laolwe ka “Yerusalema oa selegodimo”—bogosi jo bo solofeditsweng jwa ga Mesia, Keresete Jesu. Tshupa-mabaka ya Bibela, tiragatso ya polelelo-pele le tshupo ya bo-raditiragalo fa di kopana mmogo di supela ngwaga wa 1914 jaaka o o tshwayang bokhutlo jwa “metlha ea Badichaba” le tshimologo ya “pitlaganō ea merahe.”—Bahebera 12:22; Luke 21:24-26; Tshenolō 11:15.
“Yerusalema oa selegodimo,” yo o emelwang ke Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang mono lefatsheng, jaanong o mo “heloñ ga boitshèpō.” A mme merahe ya lefatshe e ile ya lemoga seno? Le bogologolo! Mo ngwageng wa 1919 ba ne ba akantshisa ka Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, leo baruti ba ba kokobolo ba ileng ba le bitsa “pontsho ya sepolotiki ya bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Ka mo go tshwanang, baeteledi pele ba bodumedi ba ile ba tlhalosa motlhatlhami wa Kgolagano ya Merafe, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo le neng la tlhagisiwa ka 1945, jaaka ‘tsholofelo e le yosi ya kagiso ya se-nna foo.’ Ka jalo baruti ba ne ba dira gore lekgotla leno la maitirelo a batho le eme ha “heloñ ga boitshèpō” koo bogosi jwa Modimo bo le josi ka Keresete wa gagwe bo tshwanetseng go dira bo le gone ka tshwanelo. Abo eleruri e le “se se makgapha,” mo ponong ya Modimo le barati ba tshiamo!
Lefa go ntse jalo, jaaka re sutelela kwa nakong ya Modimo ya go nyeletsa tsamaiso eno e e boikepo ya lefatshe, “se se makgapha,” merafe e e kopaneng ya UN, e nna matshosetsi a bodumedi jwa lefatshe ka sebele. Jang jalo? Ka go bo merafe e e leng maloko a a maatla a UN, bogolo jang ao a setlhopha sa Bokomanisi, a ile a tlhasela sebaka sa bodumedi. Maatla ano a balatola-modimo a nnile matshosetsi segolo bogolo go ditumelo tsa La-Bodumedi, jaaka ka sekai, mo China, le kwa Soviet Union le mo Mafatsheng a Botlhaba a Yuropa. Ka gone maloko a UN a a nyoretsweng puso a ema jaanong jaaka matshosetsi a ‘helo ga boitshepo’ mo go iphakwang ke La-Bodumedi. Seno se emela sengwe le sengwe se ditumelo tsa gagwe di se lebang se le boitshepo—fa a direlang gone, makgotla a gagwe, dikago tsa gagwe tsa kereke le matlotlo a mangwe a gagwe, le boiphako jwa gagwe jwa gore o na le tshwanelo ya go laola matshelo a batho ba gagwe. Bowelo jwa thulano e tla nna eng?
Moswafatsi wa segompieno, ‘sebatana se se ditlhogo di supa le dinaka tse di some’ tsa UN, go boleletswe pele fa se tla dira bodumedi jwa maaka “chwahaco le bosaikatèga” le go bo “hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:3, 16) Ka go dira jalo, ga se gore ba tla bo ba bontsha lorato longwe go Modimo, fela jaaka le Roma wa bogologolo a sa dira jalo. “Se se makgapha” sa segompieno ga jaanong se tla akaretsa merafe e le mentsi e e ilang Modimo, puso ya bogosi jwa gagwe le batho bao ba sikarang leina la Modimo, Jehofa. Mme, eleruri, moswafatsi yono ke karolo ya tsamaiso ya dilo ya jaanong e e laolwang ke Satane Diabolo.—Luke 4:5-8; 2 Bakorintha 4:4; Mathaio 6:9, 10.
‘Tshabelang Kwa Dithabeng’
Fa UN e ne e itlhagisa ka 1945, jaaka motlhatlhami wa Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, le eleng ka nako eo le ne la akaretsa le merafe ya balatola-Modimo mo gare ga lone. Ka gone tshupo e ne ya shafadiwa, ebile e le ka maatla a magolo, gore batho ba dipelo tse di siameng ba tseye-tsia tlhagiso ya ga Jesu mme ba simolole go ‘tshabela kwa dithabeng.’—Mathaio 24:16; Tshenolō 7:9, 10; 18:4.
Dithaba tseno tsa tshwantshetso ke eng gompieno? Ke lefelo la botshabelo le le baakantsweng la bomodimo, paakanyetso ya ga Jehofa ya go sireletsa batho ba gagwe mo lefatsheng go kgabaganya “sepitla se segolo” se se tlhalosiwang go Tshenolō 7:1, 14. Di fitlhelwa le phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa, eo e emelwang mo lefatsheng gompieno ke phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete. (1 Timotheo 3:15) “Mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele” phuthego eno e etelela pele mo kobamelong ya boammaaruri ‘kwa thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’ (Isaia 2:2, 3) Ka mo go tshwanang, Diane 18:10 e re: “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.”
Go tshabela kwa phuthegong ya ga Jehofa le kobamelo ya yone e e itshekileng, e e goleditsweng, gape go raya go tshaba mo ditsamaisong tsa bodumedi jwa maaka jwa lefatshe jeno, go kgaola ditirisanyo tsotlhe le tsone. Go raya gore mongwe a itshupe jaaka motlhanka wa boammaaruri wa ga Jehofa le morutwa wa ga Jesu Keresete.
O Se Diege
Ope a seka a diega go tshaba, a akanya gore go tla nna le tshwano e e tlhomameng ya go intsha ga masole a Roma ka 66 CE, go letlelela nako ya go tshaba. Ga go a tshwanelwa go lebelelwa tiragalo e e ntseng jalo, ereka jaana go sa tlhokafale gore motho a tshabele golo gongwe mo lefatsheng. Mo boemong jwa seo, go itlhagisa ga Lekgotla la Kgolagano ya Merafe morago ga Ntwa ya Lefatshe I le go iponatsa gape ga “sebatana” ka 1945 ka sebopego sa UN e tshwanetse ya nna tlhagiso e e lekaneng.
Go tshaba jaanong go potlakile eleruri. Ka ntlha yang? Ka go bo bosupi bo bontsha gore ka bofefo “se se makgapha” se tla swafatsa gape le ‘helo ga boitshepo,’ sebaka se se iphakwang ke dikereke tsa La-Bodumedi, go tshwaya tshimologo ya “sepitla se segolo.”
Ereka ba ba tla falolang “sepitla se segolo” ba na le go senkwa pele se simolola, ga go tlhokafale gore Jehofa a letlelele gore go nne le “seduledi” se se leeleleele. Go boammaaruri, gore jaaka Jesu a ne a bolelela pele, e tla nna nako ya masetlapelo a magolo go feta mo ditiragalong tsa motho tsotlhe. Mme se tla nna se se khutshwane ka mo go tshwanetseng, se ile sa “khutshadiwa,” fela jaaka seduledi sa Jerusalema, ereka “baitshenkedwi” ba Modimo ba tla bo ba setse ba tshabile.
“Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ,” go bolela jalo 1 Yohane 2:17. Ka jalo, bao ba dirang “go rata ga Modimo” ka go mo obamela sentle ke “motho” yo o tla falolang “sepitla se segolo” seno se se tlang. Jaaka Tshenolō 7:9-17 e bontsha, batho ba ba ntseng jalo ba akaretsa “boidiidi yo bogolo” go tswa merafeng yotlhe.
Gotweng ka bao ba sa tseeng-tsia tlhagiso ebile ba sa tsee sebaka go tshabela kwa “dithabeñ” tsa ga Jehofa jaanong? Polelelo pele go 2 Bathesalonia kgaolo 1, ditemana 7 go ya go 9, e araba ka phepafalo, e bua ka “tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ.”
Ee, go potlakile thata go tlhokomela tiro e Modimo o reng e dirwe mo lefatsheng gompieno tiragatsong ya mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 24:14: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Bao ba tsayang-tsia le go tshaba e tla nna tshupo e e tshelang ya bosaeng-kae boammaaruring jwa tsholofetso ya Bibela, eo e reng: “Yehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwè.” (Pesalema 94:14) Mme Jesu ene o ne a re: “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—Mathaio 24:13.
Nako ya Modimo ya go lehetsa katlholo kgatlhanong le La-Bodumedi le ‘helo ga boitshepo’ ga gagwe e a atamela. Moswahatsi o tloga a kgatimokanya, a fedisa sebaka lefa e ka nna sefe sa go tshabela kwa tshireletsong ya ga Jehofa. A o setse o ile wa tshabela “kwa dithabeñ” tsa tshwantshetso? Fa go sa nna jalo, he se diege. Go raya botshelo jwa gago tota.—Sefania 1:14-18; 2:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Baruti ba La-Bodumedi ba ne ba iphaka gore Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le UN di ka fitlhelela se fela bogosi jwa seka-thaba jwa Modimo bo ka se dirang, ka gone ba baya dilo tseo tsa maitirelo a batho fa “heloñ ga boitshèpō”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Dinaka” tsa mophato wa “sebatana” sa UN jaanong di bopela ‘helo ga boitshepo’ mo gongwe—sotlhe se La-Bodumedi le se tsayang jaaka lefelo la gagwe le le tshwanetseng la tlhotlheletso le tiro