LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 5/1 ts. 15-21
  • Gatelang-pele, Lona Badihedi ba Bogosi!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gatelang-pele, Lona Badihedi ba Bogosi!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka Moo Bodihedi bo Diragadiwang ka Teng
  • Tlhokomelo ya Lelapa le Bolebedi
  • Kutlwano ya Lefatshe ka Bophara ya Badihedi ba Modimo
  • A re tla Dirisa Nako?
  • Badihedi Ba Modimo Ke Bomang Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • A Bakeresete Botlhe Ba Boammaaruri Ba Tshwanetse Go Nna Badihedi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A le Wena O Ka Dihela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 5/1 ts. 15-21

Gatelang-pele, Lona Badihedi ba Bogosi!

“U dihè tihō ea motsamaisa Mahoko a a Molemō, u shwetsè tihèlō ea gago.”—2 Timotheo 4:5.

1. Phapaang ke eng magareng a boemo jwa semoya jwa Babelona o Mogolo le jwa Basupi ba ga Jehofa?

GOMPIENO, mo mafatsheng a le mantsi, mahulo a semoya a bodumedi jwa maaka a swabile le metsi ao Babelona o Mogolo a dutseng mo go one aa kgala. Se se gakolola polelelo-pele ya ga Isaia e e diragadiwang mo motlheng wa rona, ebong e e fitlhelwang go Isaia 65:13: “Bōnañ, batlhanka ba me ba tla ya, me lona lo tla bolawa ke tlala: bōnañ, batlhanka ba me ba tla nwa, me lona lo tla nyōrwa: bōnañ, batlhanka ba me ba tla itumèla, me lona lo tla tlhaywa ke ditlhoñ.” Se se ntse jalo ka gonne batho ba ga Jehofa eleruri ba batla Bogosi pele, ba dira maiteko otlhe gore ba tlhomamisege gore mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo jo bo mo diatleng tsa Kgosi-Morwawe, Keresete Jesu, a bolelwa lefatshe ka bophara.—Tshenolō 14:6-8; 16:12; 17:5, 15.

2. Ke bomang bao ba patelesegileng go gatela-pele jaaka badihedi ba Bogosi?

2 Mokgosi wa taolo mo motlheng wa rona ke o o reng ‘Gatelang-pele, lona badihedi ba Bogosi!’ Gore ba reetse mokgosi o jaaka setlhopha sa balatedi ba Morena wa rona Jesu Keresete Basupi botlhe ba ga Jehofa, ba ba mo boemong jwa bolebedi, gammogo le ba bangwe, banna, basadi, basimanyana le basetsanyana, ba tshwanela go emela bogosi jwa Modimo. (Pesalema 145:10-12; 148:12, 13; 2 Timotheo 4:2, 5) Se se ntse jalo lemororo bangwe, ka ntlha ya maemo, ba sa kgone go dira jalo jaaka ba bangwe. Mme gone tiro ya bone e gakolola ka motlholagadi yo o na a ntsha gotlhe lemororo go ne go lekana le madinyana a le mabedi fela a tlhotlhwa e e potlana.—Luke 21:1-4.

3. Setho se tlhoka Bogosi mo nakong eno go le kana-kang, mme ebile molaetsa wa Bogosi o akaretsang?

3 A setho gompieno se tlhoka Bogosi? Ija, abo ba tlhoka Bogosi joo jang ne! Ga ba bo tlhokele fela go fedisa botlhoko, bolwetsi, bohutsana le loso, mme gape ba bo tlhokela go fedisa maswe otlhe, boikepo jotlhe, bokebekwa jotlhe, bothubaki le ntwa, ee, go fedisa tshiamololo yotlhe, kgethololo yotlhe. (Isaia 9:7) Ka go gatela-pele ga rona jaaka badihedi ba Bogosi re neela batho sengwe sa go se solofela, sengwe sa go ba nonofisa go fitlhela Hara-Magedona e fedisa tsamaiso ya dilo ya ga Satane. Ka ntlha ya go ntsifala ga boikepo re tshwanetse ra gatelapele, e seng fela ka molaetsa wa lorato le tsholofelo, mme gape le ka molaetsa wa tlhagiso kaga ‘letsatsi la pusoloso la Modimo.’—Isaia 61:2.

4. Boitlhomo jwa pele-pele jo bo dirang gore motho a tlhagafale jaaka modihedi wa bogosi jwa Modimo e tshwanetse ya nna bofe?

4 Lefa go le jalo, mo lefatsheng je le tletseng ka ditlhotlheletso tse di sa tshwanelang le moya o o kwa godimo wa boithati, re ka tswelela jang ka moya wa go intsha setlhabelo mo go nneng badihedi ba Modimo mo lefatsheng? Sa ntlha, ka ntlha ya bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa jo a re bo bontshitseng, re tshwanetse ra batla go gatela pele ka ntlha ya lorato lwa rona go ene, ka ntlha ya kanaanelo ya tsotlhe tse a di dirileng, tse a di dirang le tse a tla tlogang a di re direla. Jaaka fa moaposetoloi Johane a re gakolola, go rata Modimo ke go boloka ditaolo tsa gagwe, mme e nngwe ya ditaolo tsa gagwe ke go rera mafoko a a molemo a bogosi jwa gagwe. (Mathaio 24:14; 1 Yohane 5:3) Gape, Jehofa Modimo o pegwa molato wa mathata a setho mme gape o patelediwa gore ke Modimo wa tlhokofatso ya bosakhutleng. Ruri go rata Jehofa, e leng Rraarona wa selegodimo yo o lorato, go tla re tlhotlheletsa go gatela pele jaaka badihedi ba gagwe, re thusa go tlosa pateletso eo e e boikepo mo leineng la gagwe.

5. Re na le boitlhomo bofe gape jwa gore re gatelepele jaaka badihedi ba Modimo?

5 Go rata mogarona le gone go tla re dira gore re gatele pele jaaka badihedi ba bogosi jwa Modimo. Go rata moagelani wa rona go tla re dira gore re beye dikgatlhego tsa gagwe tsa semoya, e leng botshelo jwa gagwe jwa bosakhutleng, kwa pele ga boiketlo jwa rona jwa botho. Lorato lo tla re tlhotlheletsa go akaretsa tshimo ya rona nako le nako le go dira jalo ka mo go tseneletseng. Lorato lo tla re tlhotlheletsa go dira maeto a a boelang le go amogela patelesego ya go tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa beke le beke le barati ba boammaaruri. Se se raya gore re tla nna pelonomi, pelotelele, bonolo le matsetseleko, re bontsha kamego ya bankarona le tlhomogelo-pelo.

6. Go tlhokomologa ga rona bodihedi jwa rona go ka re tseela boipelo jang?

6 A eleruri re dumela Lefoko la Modimo? Le re bolelela gore “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Ditihō 20:35) Fa re tlhokomologa tirelo ya tshimo re bontsha ka dikgato tsa rona gore ruri ga re dumele mafoko ao a ga Jesu. Re tlhomamisediwa gape gore ‘fa re jala ka bogolo re tla roba ka bogolo’ le gore “Motho eo o hañ ka pelontle o tla nontshiwa” le gore “Eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.” Dipolelwana tse ga se diphirimisi fela mme ke dinnete tse di sa falolweng le melao-metheo e e tlhatlhobang lorato lwa rona go Jehofa Modimo le go moagelani wa rona, boikanyegi jwa rona mo bogosing jwa Modimo.—2 Bakorintha 9:6; Diane 11:25.

7. Motho o ka itshupa jang fa a sena molato wa madi mo bathong botlhe?

7 Mme ga se fela matshelo a ba bangwe a a kopanyelediwang. Re tshwanetse ra gatela pele jaaka badihedi ba bogosi jwa Modimo gore re tle re tlhoke molato wa madi. Gakologelwa mafoko a Esekiele 33:2-4: “Morwa motho, bua le bana ba batho ba ga eno, me u ba reè, u re, Mogañ ke lereñ chaka mo lehatshiñ leñwe, ha batho ba lehatshe yeouō ba tsaea motho mo go bōnè, ba mmaea molebedi oa bōnè: Ha e tla re a bōna chaka e tla mo lehatshiñ, me a letsa lonaka, a tlhagisa batho; Hoñ leha e le mañ eo o utlwañ tumō ea lonaka, me a se ka a tlhagisèga, me ha chaka e tla e mo tlosa, madi a gagwè a tla nna mo tlhogoñ ea gagwè.” Re batla go bua fela jaaka moaposetoloi Paulo: ‘Ga ke na molato mo mading a botlhe.’—Ditihō 20:26, 27.

Ka Moo Bodihedi bo Diragadiwang ka Teng

8. Ke dipotso dife tseo ka tshwanelo di bodiwang kaga kafa bodihedi jo bo fitlhelelwang ka teng?

8 Lefa go le jalo, re ka gatela-pele jang? A ke ka nonofo ya rona? A ke ka go ikgodisa, go iikanya? A re ikantse motho? Kana, ka mo go feteletseng gape, a re boboi, re le maikutlo-mabedi le go bontsha poifo ya motho? A re tla gatela-pele ka bojosi jwa rona, re tlhokomologa kaelo ya ba ba eteletseng pele gareng ga rona? Ruri-ruri nnya! Go na le dintlha di le tharo tseo segolo re tshwanetseng ra di gakologelwa:

9. (a) Motho o tswelapele jang mo bodiheding ka thata ya ga Jehofa? (b) Ke kaelo efe eo 1 Petere 3:15 e e neelang kaga boitshwaro jwa rona mo bodiheding?

9 Ya ntlha ke e: Re gatela-pele jaaka badihedi ba bogosi jwa Modimo ka thata ya ga Jehofa Modimo, re ikantse moya wa gagwe gore o re tlhotlheletse, o re sedimosetsa le go re thatafatsa. Fa re gatela-pele ka thata ya ga Jehofa re ka bontsha kgololesego mo puong, botswerere jwa puo, bopelokgale tseo Petere le Johane ba ileng ba di bontsha mo go dirisanyeng le basimegi ba bodumedi ba motlha wa bone. (Ditihō 4:13) Ka nako e e tshwanang re batla go tlhokomela gore re neele molaetsa wa rona ka bonolo le ka tlotlo e e boteng.—1 Petere 3:15.

10. (a) Go rayang ka motho go nna ‘sejana se se phepa’ sa molaetsa wa ga Jehofa? (b) Kgakololo ya Bafilipi 1:10, 11 ke efe mo ntlheng eno?

10 Ya bobedi ke e: Re batla go gatela pele jaaka batshodi ba ba phepa ba molaetsa wa ga Jehofa, mo tumalanong le seo re se balang go Isaia 52:11: “Lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.” Dijana tsa ga Jehofa gompieno, e leng boammaaruri jo bo tlhokegang thata jwa Lefoko la gagwe, bo boitsheko, bo phepa, bo bontle bo bile bo tshiamo. Jalo botlhe ba ba bo tlisetsang batho ba tshwanetse ba ipoloka ba le phepa mo boitsholong ba bile ba le bantle mo moyeng. A ga re laletse batho gore ba iphepafatse mo boitsholong, ba itlose ditiro tsotlhe tsa nama fela jaaka Jesu a dirile, fa a ne a ‘biletsa baleofi boikwatlhaong’? (Luke 5:32) He a ga re a tshwanela go ba tlhomela sekao se sentle mo ditemeng tse? Gakologelwa gore Paulo o ne a gakolola Bakeresete kwa Filipi a re: “Lo dumalanè le dilō tse di molemō: gore lo kè lo nnè peloephèpa le botlhōka sekgope, go ea go hitlha mo motlheñ oa ga Keresete; Ka go tladiwa mauñō a tshiamō, a a leñ kgalaleco le pakō ea Modimo ka Yesu Keresete.”—Bafilipi 1:10, 11.

11. (a) Go ipaakanya mmeleng go botlhokwa go le kana-kang mo modiheding wa Modimo? (b) Ke sekao sa ga mang se se molemo seo re tshwanetseng go se latela mo ntlheng eno?

11 Ya boraro ke e: Mo go gateleng-pele ka metlha re tshwanetse ra batla go nna ba ba ipaakantseng sentle mo mmeleng. Gore ke go reng fa motlhanka wa ga Jehofa a batla go etsa mekgwa eo e tlhaolang ditlhopha tse di senang boitsholo, le tse di tsuololang tsa lefatshe la ga Diabolo ga go utlwalege sentle. Ana o lekelang go tshwana le lefatshe leo o bolelelang batho gore le tlelwa ke bokhutlo ka ditiro tsa tshiamo tsa Modimo? Ana o lekelang go tshwana le lefatshe mme ka gone o farologane le batho ba ga Jehofa? A mme bogolo ga re a tshwanela go bonala jaaka batho ba ga Jehofa, mme ka gone re farologane le batho ba lefatshe? Re leka go itumedisa mang? Re eletsa kamogelo ya ga mang? Ke ka ntlhayang fa o sa tseye malebela mo moaparong o o bothakga le go ipaakanya mmeleng ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng bao ba leng gareng ga rona mo diphuthegong? A re ka se ele tlhoko le go etsa sekao sa bone se se molemo?—1 Timotheo 2:9; 1 Petere 3:3, 4, 16, 17.

12. Lefa bodihedi jwa ntlo le ntlo bo ka nna jwa nna thata, e bo neela bao ba arolang mo go jone melemo efe?

12 Ke boammaaruri, ga go motlhofo ka bangwe go ka ya ka ntlo le ntlo ka mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo. Mme molemo le go atlega ga go dira jalo go ile ga bontshiwa ka nako le nako. (Mathaio 10:7, 11-13; Ditihō 20:20, 21) Tiriso ya rona e e molemo ya mokgwa wa ntlo le ntlo wa go rera e o dirile “lotshwao” lwa batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa. Mme ga e atlege fela fa re neela ba bangwe bosupi, mme tiro ya ntlo le ntlo ka boyone e solegela le rona ba re e dirang molemo thata. Ka lone lebaka la gore nama ya rona e ka e ikgogona mo go yone, modihedi wa Mokeresete o a fenya nako le nako fa a e dira.—1 Bakorintha 9:16, 27.

Tlhokomelo ya Lelapa le Bolebedi

13. Gammogo le dipatelesego tsa motho tsa bodihedi, ke boikarabelo bofe jo bo welang godimo ga ba le bantsi, go biletsa tekatekanong efe?

13 Se sengwe gape se re patelesegileng go se dira fa re le badihedi ba Bogosi ke boikarabelo jo bongwe jo bo welang godimo ga bao ba nang le malapa. Badihedi ba Bogosi ba ba gatelang-pele bao ba nang le malapa ba tshwanetse ba rute bana ba bone, ka ntlha ya tiro ya bone e ba e neetsweng ke Modimo jaaka batsadi. Ngwaga le ngwaga palo e kgolwane ya bao ba kolobediwang ke ya basha bao batsadi ba bone ba ba godiseditseng “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Ka kutlo-botlhoko, patelesego eno le sebaka seno di ile tsa tlhokomologiwa ke bangwe, mme ba ikhutsafatsa. Ruri go nna badihedi ba ba gatelang pele go batla tekatekano. Ga re batle go tlhokomologa tiro ya ntlo le ntlo ka seipato sa gore re dira bosupi jo bo sa ikaelelwang; kana gore re seegele kwa thoko dipaka tsa bosupi jo bo sa ikaelelwang ka go bo re tsamaya ka ntlo le ntlo. Ka mo go tshwanang, batsadi ga baa tshwanela go letlelela tirelo ya tshimo kana maikarabelo a phuthego le ditiro tse dingwe go tsaya nako e ntsi fela thata mo e leng gore ba tlhokomologa malapa a bone. Mme ebile tota, go tlhokomela ditlhokafalo tsa lelapa tsa semoya mmogo le tsa dilo tse di bonalang ke tshwanelo ya bone ya kwa pele-pele.—1 Timotheo 5:8.

14. (a) Bao e leng batsadi ba ka latlhegelwa ke letlotlo ja bone ja nako, tlhokomelo le madi mo go godiseng bana ba bone jang? (b) Ke tlhokafalo efe e e tswelelang mo go godiseng bana go tswa bonyaneng go ya bogoding?

14 Ee, bana ba tlhoka nako, tlhokomelo le madi. Go ile ga fopholediwa gore go tsaya diketekete tsa diranta go godisetsa ngwana mo bogoding. Tsela e e tlhomamisegang ya go latlhegelwa ke letlotlo je le ntseng jalo la madi, gammogo le lwa nako, ke go palelwa ke go neela bolebedi jo bo tshwanetseng jwa semoya go bao re ba tsalang. Palo e ntsi ya bana ba ba diganana gompieno e supela lebaka la gore bana ka bontsi ba tlogelwa ba le bosi ke batsadi ba bone. (Diane 29:15) Masea le banyana gantsi ba tlakisiwa ka mo go sa tlhokafaleng ke batsadi ba bone, ba-masika le ba bangwe. ‘Ba bantlenyane jang ne! A bathonyana ba marata-go-lejwa! Selonyana sa ga mmè, kana sa ga ntate!’ Gotlhe mo go ka tswa go le jalo tota. Mme batsadi ba tshwanetse go gakologelwa gore jaaka fa bana ba golela dingwageng tsa bokawana kana bokgarejwana, mme he go ya bonneng le bosading, ba ntse ba tlhoka pabalelo le tlhokomelo, lorato le kotlhao, thapiso le thuto tsa semoya. (Duteronome 11:18-21) Joo ke jone boikarabelo jwa batsadi ba Bakeresete. Badihedi ba Modimo ga ba kitla ba lebala patelesego e ba e sikarisitsweng.

Kutlwano ya Lefatshe ka Bophara ya Badihedi ba Modimo

15, 16. (a) Re ka tlhomamisa jang gore molaetsa wa Bogosi oo re o rerang o tlhomologile le go nna jaaka lonaka lo lo utlwalang sentle go bao ba o utlwang? (b) Ke thuso efe e re nang nayo go re thusa mo go bueng ka kutlwano lefatshe ka bophara?

15 Lefa go ntse jalo, akanyetsa boikarabelo jo bongwe jwa badihedi ba Bakeresete. “Ha lonaka lo ntsha pōrōmō e e sa tlhōmamañ, mañ eo o tla ipaakanyetsañ go ea ntweñ?” (1 Bakorintha 14:8) Ka mafoko ao moaposetoloi Paulo o ne a laela balatedi ba ga Keresete go dirisa diteme tsa bone ka tsela eo ba bangwe ba neng ba tla tlhaloganya se se buiwang. Mo motlheng wa rona gore molaetsa wa Bogosi oo re o rerang o tle o utlwale sentle, fela jaaka lonaka lo bitsa batho, he ke tshwanelo gore re bue ka kutlwano. Isaia 52:8 e re: “A lencwe ya balebedi ba gago! ba choletsa lencwe, ba ōpèla mmōgō.” Gore bakaulengwe ba arole mo pitsong eo e e tshwaraganyang go tlhokega gore ba nne boikokobetso le lorato. Re itse gore gore bosupi jwa rona bo atlege re tshwanetse ra rera molaetsa o o tshwanang, re bontsha leina la ga Jehofa, botlhale jwa gagwe le lorato le Bogosi jwa gagwe jaaka tsholofelo fela e le yosi ya setho. Go 1 Bakorintha 1:10 Paulo o gakolola gore rotlhe re tshwanetse ra nna puo nngwe fela.

16 Ga re batle gore molaetsa wa rona o hupediwe ke go sa itlhalose ga one. Re na le taolo jaaka badihedi ba Modimo. Isaia 61:1, 2 e thadisa sentle gore molaetsa wa rona ke wa eng. Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale wa ga Jehofa o leka kafa a ka kgonang ka teng go re thusa go bua puo e le nngwe fela, a anamisa Dibibela le dithuso tsa Bibela ka dipuo-puo gore batho ba tle ba fitlhelelwe ka molaetsa o ba ka o utlwisisang. Re ka dira seabe sa rona ka go batla go gasa “mahoko a a molemō” jaaka setlhopha se se utlwanang sa baobamedi ba ga Jehofa.—Pesalema 66:1, 2; 68:11.

A re tla Dirisa Nako?

17. Ke boitlhatlhobo bofe jo bo pelo-e-phepa joo re tshwanetseng go bo dira kaga bodihedi jwa rona?

17 Fa e le kaga go gatela pele ga rona motho-ka-mongwe, a e ka ne e le gore re ka dira botswelelopele jo bo oketsegileng mo selekanyong sa nako eo re e senyetsang bodihedi jwa rona? Mongwe le mongwe wa rona yo e leng mmoledi wa phuthego a itekanetse a bile a sena patelesego ya go godisa bana kana go tlhokomela baratiwa ba rona ba ba tsofetseng o tla bo a dira sentle fa a ipotsa jaana: ke kganelwa ke eng mo go direng tirelo ya nako e e tletseng? A e ka ne e le go palelwa ke go lemoga botlhokwa jwa bodihedi jwa Bogosi ka botlalo? A e ka ne e le go palelwa ke go nna le moya wa go intsha setlhabelo? Fa o bona ekete ga go phepafale sentle gore o ka direla jaaka mmulatsela yo o tlwaelegileng a o ka bulela tirelo ya bobulatsela jo bo thusang sebaka mo botshelong jwa gago? Fa e le gore o ka dira jalo ruri o tla bo o gatela pele jaaka modihedi wa Mokeresete. Boitlhatlhobo jo bo peloephepa bo ka nna jwa go senolela se wena mothoka-mongwe o ka se dirang mabapi le go oketsa nako e o e senyang kgwedi nngwe le nngwe o direla dikgatlhego tsa puso ya Bogosi jwa Rara wa selegodimo le Morwawe.—Pesalema 26:1, 2, 11, 12; Mareko 12:28-34.

18. Ke eng seo se tla re thusang go boloka kamano e e molemo le Jehofa le Keresete Jesu?

18 Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re tlhometse sekao ka go leba kwa pele le go gatela kwa pele. Gore rona mothoka-mongwe re dire jalo, santlha, re tlhoka go nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo. A re leka ka thata go boloka segakolodi se se molemo, re sa nne botlhaswa ka sengwe seo se ka nnang sa leswefatsa segakolodi sa rona? A re dirisa tshiamelo e e tlhokegang thata ya thapelo sentle, re nnela ruri mo go yone? (Baroma 12:12) A re ipha nako ya go ithuta le go tlhatlhanya? Gongwe go tshwanetse ga nna le diphetogo mo mokgweng wa rona wa go tshela gore re neele dilo tse di botlhokwa-tlhokwa tseno tlhokomelo eo di e tlhokang le gore bodihedi jwa rona bo nne kwa pele mo botshelong jwa rona mo lefokong le mo ditirong.—Baefesia 4:22-24.

19, 20. (a) “Lehoko ya Modimo” leo go buisanngwang ka lone go Bahebera kgaolo 4 ke eng? (b) “Lehoko” le itshupile jang gore le a tshela le bile le bogale go feta tšhaka e e magale mabedi, mme ke ka ntlhayang fa re tla boeletsa bontlhanngwe jwa tiro eo e dirilweng ka ngwaga wa tirelo wa 1981?

19 Ke boitumelo go bega gore, lefatshe ka bophara, badihedi ba ga Jehofa ba nnile ba tshwaregile le go tlhagafala mo go boleleng mafoko ano a a molemo a Bogosi mo ngwageng o o fetileng. Molaetsa ono o dirile kgatiso e e boteng le e e nnelang ruri mo matshelong a masome a diketekete tsa batho. Diphetogo tse di gakgamatsang di ile tsa dirwa mo matshelong a bone ka ntlha ya nonofo e e fetolang ya Lefoko la Modimo. Ga go na pelaelo ya gore molaetsa wa “mahoko a a molemō” o a tshela le gore o na le nonofo o bile o bogale go feta tšhaka e e magale mabedi. (Bahebera 4:2, 12, 13) Gape, fa lefoko la Modimo le dira tiro ya lone e e molemo mo diatleng tsa badihedi ba ba tshwanelegang, he leina la ga Jehofa le a galalediwa le bogosi jwa gagwe bo a tlotlomadiwa jaaka e le jone tsholofelo fela ya setho.—Baefesia 6:17.

20 Go go sedimosetsa kaga seo Basupi ba ga Jehofa ba kgonneng go se fitlhelela mo lobakeng lwa dikgwedi tse 12 tsa ngwaga wa tirelo wa 1981, boikitsiso jo bo latelang bo tla tlhalosa seo se ileng sa diragala mo lobakeng loo ka ntlha ya maiteko a a utlwanang a setlhophanyana se sa Bakeresete seo se dirang mo mafatsheng a le 206 le ditlhake tsa lewatle. (Diane 25:25) Re tlhomamisega gore o tla ipelela poeletso e khutshwanyane e ya tiro ya badihedi ba Modimo mo lekgolong le la bo-20 la dingwaga.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Re lebile go Jehofa gore a re nonofisetse tirelo ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Moaparo o o baakantsweng sentle le go baakanya mmele mo go molemo go tshwanela badihedi ba Bakeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Badihedi ba ba gatelang-pele ba godisetsa bana ba bone ‘mo kwatlhaong ya ga Jehofa’

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Badihedi ba ba godileng ba Bogosi ba nna ba gatela-pele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela