LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 5/1 ts. 8-14
  • Re Tlhoafetse mo “Tihoñ ea Morèna”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tlhoafetse mo “Tihoñ ea Morèna”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Nitamisiwa ke Tsholofelo ya Tsogo
  • “Lo Tlhōmamè”
  • “Lo Nitamè”
  • “Lo Nntse Lo Totahetse mo Tihoñ ea Morèna ka Metlha Eotlhe”
  • Tshegetsang “Mahoko a a Molemō”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Tsholofelo ya Tsogo e Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Baswi ba Tla Tsosiwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tsogo ya Baswi—Thuto E e Go Amang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 5/1 ts. 8-14

Re Tlhoafetse mo “Tihoñ ea Morèna”

“Lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe.”—1 Bakor. 15:58.

1. Ke ka ntlhayang fa tsholofelo ya tsogo e tshwanetse go nna le bokao jwa sebele go rona rotlhe?

TSHOLOFELO ya tsogo ka metlha e tshwanetse ya tlhotlheletsa mongwe le mongwe wa rona thata-thata. Ka go bo mmaba loso o tla ba a nna a ama matshelo a mongwe le mongwe wa rona ka tlhamalalo kana ka go potela. Fa ba ba rategang baa swa, re ka akanya ka maikaelelo a ga Jehofa a magolo, gore re “se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.” Re ka nna le tumelo ya gore baswi ba tla tsoga gape, fela jaaka Jesu a tsogile mo baswing. (1 Bathes. 4:13, 14) Gape, re na le tebelelo e e tlhomamisitsweng ya gore, lefa re ka swa, Jehofa o tla re gakologela mo tsogong, fa e le gore re ne re ikanyega mo boineelong jwa rona go ene.—Yoh. 5:28, 29; 6:40.

2. Go ya ka Moreri 9:11, re tshwanetse go ikutlwa jang ka botshelo?

2 Jaaka ‘metlha eno ya bofelo’ e potlakela kwa bokhutlong jwa yone, bontsi jwa rona bo solofela go falola “sepitla se segolo” kwa ntle ga go swa gope. (Math. 24:21; 2 Tim. 3:1) Lefa go ntse jalo, tota le ba ba lobelo, ba ba thata, ba ba botlhale le ba ba nang le tlhaloganyo—“ba dihahalèlwa [botlhe] ke motlha le bowèlō.” Bolwetsi, kotsi kana kudumedi tse di sa lebelelwang di ka diragala. Fa e diragetse, abo go eletsega jang ne gore re bo re ne re ntse re dira ka natla mo tirelong ya Modimo ka pelo, moya, mogopolo le thata tsotlhe tsa rona! Ka go bo ka go dira jalo kamogelo ya gagwe le go nna ga rona le seabe mo tsogong go tla tlhomamisiwa. Go feta moo, go boloka ga rona bothokgami e ka bo e nnile kgothatso le tshegofatso go ba bangwe bao ba re tlhokometseng le go re reetsa, gore le bone ba tle ba bolokiwe ka tsholofelo ya tsogo.—Mor. 9:11; Mar. 12:30; 1 Tim. 4:15, 16.

Re Nitamisiwa ke Tsholofelo ya Tsogo

3. (a) Matlho a rona a tshwanetse go tlhongwa mo mokgeleng ofe, mme ka ntlhayang? (b) Tsholofelo ya tsogo e tshwanetse ya nonotsha Bakeresete jang, e ka ne e le ba batlodiwa kana ba “boidiidi yo bogolo”?

3 Moaposetoloi Paulo o rile: “E ka re ha re sholohetse mo go Keresete mo botsheloñ yono bo le yosi hèla, ke rona ba re tlhomolañ pelo bogolo go batho botlhe.” Tumelo ya rona le go rera ga rona e ne e tla nna tsa lefela fela. Mme matlho a rona a tlhomilwe mo mokgeleng o o tlhomamisitsweng oo wa go tshela mo thulaganyong e ntšha ya ga Jehofa—e ka ne re o fitlhelela ka go falola Hara-Magedona, kana, jaaka ka ba bangwe, ka go tsosiwa go sa le gale mo baswing. Mo motlheng wa ga Paulo, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba tloditswe ka moya wa Modimo, ebile go ne go tlhokega gore ba kolobelediwe mo losong, fela jaaka go diragetse ka Jesu mo dingwageng di le tharo le sephatlo go fitlha fa a ne a bolawa kwa Calvary. Ka jalo Paulo o botsa potso eno: “Ha bashwi ba sa cosiwe gopè, ba tla ba ba kolobelediwe go reñ?” Ee, tsholofelo ya tsogo e ile ya nonotsha Bakeresete bao, e ba thusa gore ba itshokele dithaelo tse dintsi, mme ebile e kgona go nonotsha Bakeresete gompieno, e ka ne tsholofelo ya bone ke ya botshelo jo bo sa khutleng mo bogosing jwa selegodimo kana—ka ba bantsi—ke ya go tshela mo sebakeng sa lefatshe sa bogosi joo.—1 Bakor. 15:13-19, 29.

4. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tila go leswefatswa ke matlhale a Baefeso?

4 Fa Paulo a ne a kwala ka boemo jo mo motlheng wa gagwe, o ne a tswelapele ka go re: “Le rona, re emetseñ mo poitshegoñ ka dipaka cotlhe? Kea ikana ka go ipelahatsa ga me ka lona ba ga echo, mo ke nañ nagō mo go Keresete Yesu Morèna oa rona, ka re, kea shwa ka malatsi aotlhe. Ha ke lole le dibatana kwa Efeso kaha mokgweñ oa batho, goa bo go nthusañ? A e re ha bashwi ba sa cosiwe, a re yeñ, re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō.” Fa Paulo a ne a bolela “Mahoko a a Molemō” a a neng a bua kaga Keresete yo o tsositsweng, o ne a welwa ke dikotsi le dipogisego tse dintsi, mme Modimo o no wa mo sireletsa le go mo segofatsa mo go tsone. Fa tsogo e ka bo e le tsietso fela, gotlhe mo e ka bo e le lefela fela. Fa go ka bo go ntse jalo, Paulo le bakaulengwe ba gagwe ba Bakorintha, ba ka bo ba ile ba ijela le go inwela fela, fela jaaka bo-ramatlhale ba kwa Efeso le balatedi ba bone.—1 Bakor. 15:30-32.

5. (a) Tsholofelo ya tsogo e tshwanetse go nna ya sebele jang go rona? (b) Re na le dikao dife tse di molemo tsa motlha wa gompieno fa re ntse re dira Bogosi mokgele wa rona?

5 Lefa go ntse jalo, tsholofelo ya tsogo le bogosi jwa Bomesia ke tsa sebele. Di logagane le boikaelelo jwa Modimo jwa bosakhutleng. Fela jaaka Bakeresete mo metlheng ya baaposetoloi ba ne ba nonotshwa ke tsholofelo eo, go ntse fela jalo le gompieno. Ditiragalo tsa gompieno tsa Basupi ba ga Jehofa di kgabisitswe ke sekao sa dikete-kete tsa Bakeresete bao ba ileng ba lebana le loso kwa ntle ga go ineela, ba itse gore boikanyegi jwa bone bo ba tlhomamisetsa tsogo ya ka pele e ka ne e le mo ‘legodimong le lesha’ kana mo ‘lefatsheng le lesha.’ Go na le makgolo-kgolo a Basupi ba ba neng ba kgaolwa ditlhogo, ba thuntshwa, ba bolaisiwa tlala kana ba itewa la go swa mo dikampeng tsa pogisetso tsa ga Hitler wa Mokatoliki. Mo bosheng jaana, ba bantsi ba itshoketse dikotsi le dipogisego mo mafatsheng mangwe a boja-mmogo le a a santseng a tlhabologa. Mme ka metlha ba nnile ba ikanya bogosi jwa Modimo jo bo tlang. Jone e nnile mokgele wa bone, e ka ne e le gore o fitlhelelwa ka go falola “sepitla se segolo” kana ka tsogo. Ruri bo tshwanetse go nna mokgele wa mongwe le mongwe wa rona jaanong!—Tshen. 21:1-4.

6. Ke sekai sefe se se tswang mo Afrika se se kgothatsang balebedi gore ba dire ka bopelokgale?

6 Sekao se sengwe ke sa naga ya mo Afrika kwa Zimbabwe, eo ka dingwagangwaga e neng e kgaogantswe ke kgotlhang ya selegae. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhomologile mo boitlhaoding jwa bone, mmogo le mo go rereng ga bone mo go tswetseng pele ka nako eo ya bothubaki. (Yoh. 17:16) Go ne go le kotsi thata ka balebedi ba ba etang gore ba tswelepele ba etela diphuthego go di nitamisa. Mme tota ba bile ba tswelapele, ba sa kgathalele go swa. Ka dinako dingwe bakaulengwe ba ba ikanyegang bano ba ne ba golegwa fa ba ntse ba etela diphuthego. Ba ne ba latofadiwa ka gore ke basele le ditlhodi mo kgaolong eo, ebile matshelo a bone a ne a tshosediwa. Go bolailwe molebedi a le mongwe wa potologo, mme setopo sa gagwe se ne sa tlogelwa se rapaletse fa thoko ga baesekele ya gagwe jaaka tlhagiso go bafetika-tsela. Lefa go ntse jalo, bapotologi ba bangwe ba ne ba tsweletsa tirelo ya bone kwa ntle ga poifo, go fitlhela fa metlha e e nang le kagiso bogolo e ne e ba golola mo kotsing eo. Fa re ka tshogana re lebana le maemo ao, a re nneng pelokgale fela jalo fa re ntse re tsweletsa ‘tirelo ya rona e e boitshepo’ go Modimo!—Luke 12:4-7; Bar. 12:1, 2.

7. Bakaulengwe ba rona ba kwa El Salvador ba segofaditswe jang ka go tshegetsa tsholofelo ya bone?

7 Gompieno, go na le tlalelo e e ntseng jalo mo El Salvador, moo kgotlhang ya selegae e runtseng go kgabaganya lefatshe leo. Gape, Basupi ba ga Jehofa ba itlhaotse gotlhelele mo bothubaking jo. Lefa go ntse jalo, bangwe ba bone ba bolaiwe fa go thuntshanwa. Mme bagolwane ba ba ikanyegang ba tswetsepele ba direla diphuthego le ditlhopha tse di kwa thoko ba di nitamisa le go di kgothatsa. (Bapisa Isaia 32:1, 2) Bangwe ba bone ba falotse loso ka ‘tshoba la mogodu, mme ba ikemiseditse gore ba gatelepele mo tirong ya bone ya go ruta le ya bodisa, tota lefa matshosetsi a matshelo a bone a ntse a tswelapele. (1 Pet. 5:1-4) Diphuthego di tshwara dipokano tsa tsone pele ga nako e e laoletsweng go nna mo matlung, mme Jehofa o ba segofaditse mo go humileng ka koketsego ya 22-lekgolong ya baboledi ka 1981. Baboledi bano ba Bogosi ba le 8 242 ba ne ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae di le 13 948 le batho ba ba sa tswang go kgatlhega fa ngwaga wa tirelo o ne o ela go wela. Abo Modimo wa rona o segofatsa botlhe ba ba gatelang pele ka bopelokgale sentle jang ne, lemororo ba le “mo poitshegoñ ka dipaka cotlhe”!

8, 9. (a) Bangwe ba ba mo dinageng tse di humileng ba hepisitswe jang? (b) Re tshwanetse ra dira eng, mme ka ntlhayang?

8 Lefa go ntse jalo, bangwe ba ba mo dinageng tse eketeng di humile ebile di bonala di “bolokesegile” ba hepiseditswe go tsena mo tseleng ya botshelo e e kotsi thata semoyeng. Ba akanya gore ba ka itsalanya le lefatshe ba bo ba itlhapedisa ka mokgwa wa Baefeso, mme ka nako e e tshwanang ba tlhoma leoto le le lengwe mo phuthegong ya ga Jehofa. Ba ka ne ba tlhotlheleditswe ke botsala jo bo seng botlhale mmogo le batenegi, ka gone ba gogelwa mo go ngotleng kanaanelo ya bone ya tshiamelo ya tirelo ya ka metlha le e e tlhoafetseng ya Bogosi. A boeleele! Paulo ka tlhamalalo o ba raya a re: “Lo se ka loa tsietsèga: go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Mekgwa ya bolegodimo e e thusang ya go tla dipokanong le go direla Modimo tirelo e kgona go sutela go itlhapedisa mo maipelong a lefatshe le le duleng tseleng ka bofefo. Pono ya thulaganyo e ntšha ya Modimo e a nyelela, mmogo le tsholofelo ya tsogo. Dilo tseo di diragaletse Humenaio, Alekesandere le Fileto mo motlheng wa ga Paulo. Mme, ka maswabi, dilo tseo di diragalela ba bangwe gompieno.—1 Bakor. 15:33; 1 Tim. 1:18-20; 2 Tim. 2:15-19.

9 Ope yo o lesang go tshegetsa phuthego ya ga Jehofa le tirelo ya yone ka pelo yotlhe mo motlheng ono wa morago-rago, o itlhabisa ditlhong ruri! Tsamaiso ya jaanong ya lefatshe e tloga e ikela. Re “bolokwa” fela ka go ema mo ‘mafokong a a molemo,’ ka go nna re ntse re a “tshegeditse.” Go tlhokega gore re tswelepele le go nna re oketsega mo go itseng Modimo. Mo go tshwanelang, Paulo o raya bao ba reteletsweng mo ntlheng eno, a re: “Tsitsibogèlañ kwa tshiamoñ, me se leoheñ: gonne bañwe ga ba na kitso ya Modimo; mo, ke go bua go lo tlhabisa ditlhoñ.”—1 Bakor. 15:1, 2, 34.

“Lo Tlhōmamè”

10. (a) Paulo mmogo le setlhopha sa “motlhanka” sa gompieno ba ikutlwa jang ka ‘bagaabo ba ba rategang’? (b) Temana ya rona ya ngwaga wa 1982 e nyalana jang le seno?

10 Paulo o wetsa kgang ya gagwe e e emelang tsholofelo e ntle ya tsogo ka boikutlo jo bo bothito le jo bo ikuelang. “Me ke gōna ba ga echo ba ba ratègañ,” a rialo. O batla gore bakaulengwe ba gagwe ba semoya ba fitlhelele mokgele wa bone. Fela jalo le gompieno, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o amega thata ka katlego ya semoya ya dimilione tsa lefatshe lotlhe tseo di kgatlhegelang bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlang. “Motlhanka” yo o batla go bona “boidiidi [jotlhe] yo bogolo” bo tshwanelegela go tshela mo sebakeng sa selefatshe sa bogosi joo. Ba tshwanelega jalo ka ‘go tlhatswa dikobo tsa bone’ le go direla Modimo, gore ba tswe mo “pitlaganoñ e kgolo” ba sa gobala. (Math. 24:45-47; Tshen. 7:9, 14) Mokgele oo o ka fitlhelelwa jang? Ka go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya Morena wa rona Jesu Keresete. Paulo o bontsha jalo mo mafokong ano, ao e nnang temana ya ngwaga wa 1982 ya Basupi ba ga Jehofa:

“Lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe.”—1 Bakor. 15:58.

11. Go re “lo tlhōmamè” go kaya eng?

11 Nonofo ya go tlhomama e tlhokega mo go bao ba eletsang go goroga mo thulaganyong e ntšha ya ga Jehofa. Go tlhomama go raya go lekalekana, go tiya, go sa tshikinyege. Ke mofuta wa tumelo e re tshwanetseng go nna nayo, e leng go ikanya kaga dilo tse di sa bonweng tse di fa pele, mme e le tsa sebele go rona jaaka ekete di setse di le fano ka ntlha ya go ithuta ga rona Dikwalo.—Baheb. 11:1.

12. Re na le mabaka afe a gore re se tshikinyege mo tirelong ya rona?

12 Re itse gore bogosi jwa Bomesia bo fa gaufi, gonne bo tlhomilwe kwa magodimong ka 1914. Re bone “seshupō” sa “go tla” ga ga Keresete mo kgalalelong ya Bogosi mo ditiragalong tse di tsubutlang mo lefatsheng mo “metlheñ [eno] ea bohèlō.” Re lemogile gore batho ba Modimo ba kaelwa ke baengele fa ba ntse ba rera ka tlhoafalo ya borongwa “mo lehatshiñ yeotlhe,” ka dimilione tsa batho di tlhwaela “Mahoko a a Molemō” tsebe. Dikgatelelo tsa lefatshe la ga Satane kwa ntle ga pelaelo di tla oketsega, mme a seno ke lebaka la go etsaetsega mo ‘tirelong ya rona e e boitshepo,’ e leng tirelo ya rona e e tlhotlhwakgolo go Molaodi wa matshelo a rona, Jehofa Modimo? Nnya le e seng!—Math. 24:3-14; 25:31-34; Tshen. 7:15; 14:6, 7.

“Lo Nitamè”

13. Re ka ipontsha jang gore re “nitame” fela jaaka Jobe?

13 Gape Paulo o re kgothaletsa gore re nne re “nitamè.” Mo go amana le go tlhomama. Go kaya gore, mo go obameleng ditaolo tsa Modimo, re se ka ra ba ra tshikinngwa mo boikanyeging jwa rona. E ne e le boikutlo jwa ga Jobe yo e leng sekao mo go bolokeng bothokgami, yo o buileng jaana kaga Modimo le Moatlhodi wa gagwe a re: “E tla re o sena go nteka, ke cwe yaka gouda.” A le rona re ka rialo? Ee, fa re kgona go bua kaga Jehofa fela jaaka Jobe a buile a re: “Ke tseetse rure tsela ea ōna, ke sa e hapoge. Ga kea boea mo ditaoloñ tsa dipounama tsa ōna; ke bolokile mahoko a molomo oa ōna bogolo go diyō tse ke tshelañ ka cōna.” (Yobe 23:10-12) Fa rona, fela jaaka Jobe, re ka dira go feta seo re se rulaganyeditsweng kwa dipokanong, re fata kwa botennye jwa dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower gore re sedimosediwe mo go oketsegileng ka tiriso ya segompieno ya Lefoko la Modimo, ruri re tla thusiwa mo go nneng re tlhomame, re nitame mo boammaaruring.

14. (a) Tora ya Tebelo e nnile ya tlisetsa batho ba ba pelo-e-phepa tshedimosetso jang kgato ka kgato, mme ka matswela afe? (b) E tlhaeleditse tlhagiso efe, mme ba bantsi ba arabile jang?

14 Mo go fetang dingwaga di le 100 jaanong, Tora ya Tebelo E itsise Bogosi jwa ga Jehofa e nnile ya aga, kgato ka kgato, mmele wa boammaaruri o o amanang le thekololo ya ga Jesu, tsholofelo ya tsogo le bogosi jo bo tlang jwa Modimo wa rona. Mo ditsebeng tsa yone, e tshedisitse Bibela mo megopolong le mo dipelong tsa dimilione tsa batho ba ba pelo-e-phepa. E ba thusitse go lemoga diphoso tse di rutiwang ke ditumelo tsa La-Bodumedi mme tota le mo mmusong otlhe wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka—“Babelona o Mogolo.” E tlhokomedisitse ka go wa mo gogolo ga semoya ga “Babelona o Mogolo” mme ebile e tlhaeletsa taolo ya boperofeti ya moengele e e reng: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshen. 17:1, 5, 15, 18; 18:2, 4) Ba bantsi ba thusitswe go dira fela jalo, ebile ba nnile batshegetsi ba ba ikanyegang ba bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia.

15, 16. (a) Ba bangwe ba reteletswe ke go lemoga eng? (b) “Motlhanka eo” go Mathaio 24:46 ke mang? (c) Maloka le “motlhanka” yoo, go phepafetse leng ebile jang gore Modimo o ne o dirisa mosele o le mongwe fela mo go abeng boammaaruri?

15 Lefa go ntse jalo, ka metlha go nnile bao, bogolo go go nna ba nitame mo go tshegetseng Bogosi ka boikanyegi, ba batlang go boela kwa morago kwa ditumelong le ditseleng tsa bodumedi jwa maaka. Ga ba lemoge gore Morena, Keresete Jesu, o dirisa setlhopha se se tloditsweng sa balatedi ba gagwe mo lefatsheng jaaka “motlhanka eo boikañō le eo o botlhale” mo go abeng dijo tsa semoya.—Math. 24:45-47.

16 Ditsala dingwe tsa Zion’s Watch Tower di simolotse ka 1895 go akantsha gore makasine ono o tsamaisana le “motlhanka eo.” (Math. 24:46) Baba ba ne ba ganetsa pono eno ya ditsala tseo mo go botlhoko, mo e leng gore The Watch Tower ya October 1, 1909, e bile ya re:

“Ditsala tsa rona di ganelela gore temana eno e bontsha gore mo bokhutlong jwa motlha ono wa Efangele Morena o tla dirisa mosele o le mongwe fela mo go abeng boammaaruri, mme e seng e mentsi . . . Ba kaya gore botlhe ba amogetse kitso ya bone ya Boammaaruri jwa Jaanong ka tlhamalalo go tswa mo dibukeng tsa Watch Tower Bible and Tract Society, kana ka go potela ka bao ba boneng tshedimosetso ya bone ka mosele ono. Le bone ba itumelela go tshwarisana le tiro ya Mokgatlho jaaka ‘batlhanka-mmogo’, ba dumela gore ka go dira jalo ba latela dikgogo tsa Kaelo ya Bomodimo, gammogo le ditaelo tsa Lefoko la Modimo.”

17. (a) Mo metlheng ya bogologolo le ya gompieno, bangwe ba senkile go nyatsa boammaaruri jang? (b) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go itumelela go nna re “nitame” mo bokopanong le “motlhanka” yoo?

17 Morago, erile The Watch Tower e bua ka baba bao ba boammaaruri, ya re:

“Ba senka go sokamisetsa megopolo ya ba ba sedimoseditsweng go sele ka go ba bolelela gore ‘mongwe le mongwe o tshwanetse go iphatela’ maphatsi-phatsi a Boammaaruri jwa Modimo; gore dikgatiso tsa Mokgatlho di ba neile fela tshimologo eo ba tshwanetseng go e tokafatsa, gore labofelo dithuto tsa one di bo di lebetswe gotlhelele. ‘Batlhanka-mmogo’ bano ba ba sa ikanyegeng ba akantsha gape gore go na le kotsi ya gore go ka obamelwa Mokgatlho mme le gore go e tila go tlhokega gore o ragelwe kwa kana o neelwe mekwatla. Ba re, A re ithuteng Bibela, mme re leseng dibuka tsa Mokgatlho!

Seo se kwadilwe dingwaga di le 72 tse di fetileng mme le gompieno go santse go na le ba le mmalwa ba ba lekang go nyatsa mmele wa boammaaruri oo Jehofa a o agileng kgato ka kgato, a dirisa mosele wa gagwe o le esi. Jaaka lesedi la boammaaruri le ntse le phatsimela pele, abo re tshwanetse ra itumela jang ne fa re “nitamè” mo bokopanong jwa rona le “motlhanka eo o boikañō” wa Morena!—Bakol. 1:21-23.

“Lo Nntse Lo Totahetse mo Tihoñ ea Morèna ka Metlha Eotlhe”

18. (a) Motswako wa go nna re tshedile sentle semoyeng ke ofe, mme buka ya Diane e bontsha seno jang? (b) Go na le mefuta efe ya ditiro tsa gore re nne re totafetse “mo tihoñ ea Morèna”?

18 Ee, ‘totafalang’ ka se lo se dirang, e seng ‘mo go direng maratwa-e-pelo,’ mme mo tirong ya Morena Jesu Keresete. Seo ke motswako wa gore re nne re ntse re tshedile sentle mo moyeng. Bobodu jwa semoya bo ka gogela kwa dipelaelong. Bo ka nna kotsi thata, fela jaaka Diane 19:15 e bontsha: “Bobodu bo digèla motho mo thulameloñ e kgolo; le gōna motho eo o sa diheñ sepe o tla bolawa ke tlala.” Fa bobodu jwa semoya bo nnela ruri, matswela e tla nna mmopamo le loso tsa semoya. A he re tshwaregeng—re rera ka metlha go ya ka ntlo le ntlo (tota le mo ditshimong tse di popota), re rera ka go sa ikaelela ka paka nngwe le nngwe, re etela batho ba sekadinku gape le go tsamaisa le bone dithuto tsa ka metlha tsa Bibela mo magaeng a bone ka nngwe ya dikgatiso tsa Mokgatlho. Bangwe ba rona ba ka kgona go direla jaaka “babulatsela,” kana baboledi ba nako e e tletseng ba Bogosi, mo tirong eno ya Morena Jesu, yo tota e leng “mmulatsela” kana “mosimolodi” wa tumelo ya rona.—Baheb. 12:2, Moffatt; Isa. 6:8-10.

19. Rotlhe re ka bontsha moya ofe, mme ba bangwe ba ka nna le seabe se segolwane jang mo tirong eno?

19 E ka ne re kwadisitse jaaka babulatsela kana nnya, rotlhe re ka dira ‘tirelo ya rona e e boitshepo’ ka boipelo, ka moya wa bobulatsela tota. Mo go ka gogela ba bantsi ba rona gore ba dire tiro ya “bobulatsela jo bo thusang” ka nako le nako, mme fa boipelo jo bo rafiwang mo go yone bo ka kgothaletsa bangwe ba rona gore e nne babulatsela ba ba tlwaelegileng, abo seabe sa rona se tla nna segolo jang ne “mo tihoñ ea Morena”!—Bar. 12:1, 2.

20. (a) Re na le tshiamelo ya go nna badiri-mmogo le bomang? (b) Re tshwanetse ra gatela pele kwa mokgeleng wa rona ka tlhomamisetso efe? (c) Labofelo, re tshwanetse ra itseela mafoko afe a ga Paulo, mme ka ntlhayang?

20 Tiro eno ya Morena Jesu, e e latelang dikgato tsa gagwe, gape ke “tihō ea Morèna [Jehofa].” (1 Bakor. 16:10; Yoh. 5:17) Abo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna badiri-mmogo le Molaodi Morena Jehofa, Morena Jesu Keresete le baengele ba selegodimo mo ‘bokhutlong jono jwa lefatshe’! (1 Bakor. 3:9; Math. 25:31-33; 28:19, 20) Ka go bo re itse gore tiro ya rona ga e “ketla e nna lehèla mo Moreneñ.” E ka ne re goroga mo Thulaganyong e Ntšha ka tsogo kana ka go falola “sepitla se segolo,” a re bueng mafoko a ga moaposetoloi Paulo yo o ikanyegang, a a go 1 Bakorintha 15:57: “Me a go lebogwè Modimo, o o re naeañ phenyo ka Morèna oa rona Yesu Keresete.” Ee, re fenya loso, mo go re isang kwa masegong a magolo a botshelo jo bo sa khutleng!

A o lemoga dintlha tseno?

◻ Lebaka la go bo ka dinako tsotlhe go le botlhokwa go nna re thanyeditse tsolofelo ya tsogo

◻ Gore tsholofelo ya tsogo e neela bakaulengwe ba rona bao ba lebaganeng le loso tsatsi lengwe le lengwe kgothatso

◻ Lebaka la go bo bao ba itsalanyang le babelaedi kana batenegi ba tshwanetse go tlhabisiwa ditlhong

◻ Lebaka la go bo nonofo ya go tlhomama e tlhokega mo go bao ba eletsang go goroga mo thulaganyong e ntšha ya ga Jehofa

◻ Gore se se builweng ka “mosele o le mongwe” go “The Watch Tower” dingwaga tse di fetang 70 tse di fetileng se na le bokao go le kana-kang

◻ Kafa bobulatsela kana ka go nna re totafetse ka mokgwa mongwe “mo tihoñ ea Morèna” go ka re sireletsang ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Balebedi ba bangwe ba ba pelokgale ba direla “mo poitshegoñ ka dipaka cotlhe”

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Mekgwa e mentle ya go tla dipokanong le go dira tirelo ya tshimo e re thusa go nna re tlhoafaletse bogosi jwa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela