Jaanong ke Nako ya go Rera Lefoko
“Ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.”—Ditihō 5:42.
1, 2. (a) Ke matswela afe a lekgolo la ntlha la dingwaga a go rerwa ga Bogosi ao a begilweng mo Bibeleng? (b) Jesu o ne a bontsha jang go Mathaio 28:19, 20 le Luke 1:8 gore go rera go tla nna tiro ya balatedi ba gagwe?
MORAGO ga go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete, balatedi ba ga Jesu Keresete ba ne ba tsenngwa nonofo le bopelokgale go tswelelapele kwantle ga go ema mo go ruteng le mo go boleleng mafoko a a molemo kaga Keresete, e leng Jesu. Matswela a ne a nna afe mo lekgolong leo la dingwaga? Re bolelelwa gore bontsi jwa bao ba ileng ba reetsa puo ya balatedi ba ga Jesu ba ne ba nna badumedi. Tota, palo ya batho bao ba ileng ba dumela e ne ya akaretsa mo e ka nnang 5 000. (Ditihō 4:4) Mo lobakeng longwe pego ya Bibela e re badumedi mo Moreneng ba ne ba nna ba okediwa, bontsintsi jwa banna le basadi.—Ditihō 5:14.
2 Ka nakonyana fela morago ga Pentekosete go ne go na le diketekete tsa bao ba ileng ba nna badumedi ka ntlha ya gotswelela ga balatedi ba ga Jesu kwantle ga go ema mo go ruteng Mafoko a a Molemo kaga Keresete. Go a itumedisa go bala diphitlhelelo tsa bao ba ileng ba arola mo go boleleng “mahoko a a molemō” mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng ka bokhutshwanyane fela morago ga loso le tsogo tsa ga Jesu, le morago ga go tshololwa ga moya o o boitshepo gore ba kgone tiro e e gakgamatsang jalo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga eleruri e ne e le badiri, badiri ba ba tlhoafetseng, ba dira seo ba neng ba se abetswe ke Morena Jesu Keresete.—Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8.
3, 4. (a) Mo metlheng ya segompieno, go ile ga tlhongwa sebaka sa go tsosolosa tiro ya go rera leng? (b) Go sa tlhokomelege go kgoreletsa ga La-Bodumedi tiro ya go rera ka Bogosi, Jehofa o ile a tswelela jang ka go dira gore tiro ya gagwe e fitlhelelwe, e le ka matswela afe mo motlheng o o matshwenyego thata o wa ditiragalo tsa motho?
3 A go nnile fela jalo mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20? A re tlhatlhobeng mabaka. Gakologelwa se kaga lekgolo la ntlha la dingwaga le tshimologo ya Bokeresete: Go ne ga simolola ka monna a le mongwehela, Morena Jesu Keresete. Go ne ga ya bokgakaleng jwa gore mo sebakeng se se khutshwanyane fela sa dingwaga di le tharo le sephatlo baganetsi ba gagwe ba bodumedi ba re: “Lehatshe le ile go mo sala moragō.” (Yohane 12:19) Mo motlheng wa rona, segolo-bogolo go ya bofelong jwa lekgolo la dingwaga la bo-19, lobaka lwa go simolola ga tiro e kgolo ya ga Jehofa Modimo ya thobo ka Keresete Jesu lo ne lo atamela. (Mathaio 13:24-30, 36-43) La-Bodumedi le ntse le le gone ka makgolokgolo a dingwaga, mme go na le gore le oketse lesedi la boammaaruri la mafoko a a molemo kaga Keresete Jesu le bogosi joo Bakeresete ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba bo rapelela le go bo lebelela, Le ntse le fitlha lesedi ka dithuto tsa motheo le dithero tse dintsi tsa lona tsa maaka. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ka se kganelwe jaaka nako e ne e atamela ka Morwawe go tsaya maatla a Bogosi. Ka setlhopha sa diithuti tsa Bibela tse di tlhoafetseng moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa simolola go baakanyetsa temogo go bao ba ratang tshiamo le bao ka bopelo-e-phepa ba batlang go dira thato le tiro ya gagwe. Matswela a ile a nna a a itumedisang thata e sa le malatsing ao a pele, fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Go ile ga hopholediwa gore mo dingwageng tsa pelenyana fela ga go goroga ga lekgolo la dingwaga la bo-20 go ne go na le ba le 4 000 fela bao ba neng ba arola mo go direng boipolelo jwa phatlalatsa jwa tsholofelo ya bone.
4 Fa re bala dingwaga tse 80 go tloga ka ngwaga wa 1900, re fitlhela gore go kgabaganya lobaka lo lo nang le matshwenyego a mantsi mo ditiragalong tsa motho Jehofa o nnile a oketsa dipalo tsa badihedi bao ba ntseng ba bolela mafoko a a molemo kaga Keresete le bogosi jwa gagwe. (Bapisa Ditihō 16:5.) Mme ngwaga wa tirelo wa 1981 wa tiro ya Basupi ba ga Jehofa o lerile masego a le mantsi go baboledi ba bogosi lefatshe ka bophara.
Se se Ntseng se Diragala
5. (a) Ke kgatlhego efe ka 1981 eo e ileng ya bontshiwa mo go ketekeng selalelo sa Morena ke Basupi ba ga Jehofa le ke ba ba kgatlhegang? (b) Go bao ba ileng ba nna gone, ke ba le kae bao ba ileng ba nna le seabe mo go direng boipolelo jwa phatlalatsa jwa Bogosi mo ngwageng?
5 Sa ntlha fa re retologela letsatsing je le botlhokwa thata mo khalendareng ya Sekeresete, e leng keteko ya Selalelo sa Morena go gopola loso lwa ga Keresete, mo diphuthegong di le 43 870 lefatshe ka bophara ka 1981 go ne ga nna le ba le 5 987 893 bao ba neng ba kokoane mmogo ka Sontaga, April 19 (Nisane 14, khalendareng ya Sejuda). Didikadike tseno di ile tsa utlwa go buisanngwa ka boammaaruri le seo tota se rewang ke loso lwa Morena jaaka fa se rutwa mo Bibeleng. Mo palong eo lefatshe ka bophara mo ngwageng wa tirelo wa 1981, go ne go na le ba le 2 247 486 bao ka metlha ba neng ba arola mo go rereng le mo go ruteng mafoko a a molemo a Bogosi mo mafatsheng a le 206 le ditlhake. Mme gape ga nna le tlhora ya Basupi ba le 2 361 896 bao ka nako nngwe mo ngwageng ba ileng ba nna le seabe mo bodiheding jo jo bo abilweng ke Modimo. Ba ile ba fitlhelelang? Molaetsa wa bone o tswelela jang mo go thuseng batho? A re bone.
Go Gasa Lefoko
6. (a) Ke dithuto tsa ga mang tsa bodumedi tseo di laotseng mo Amerika-Bogare le Amerika-Borwa ka makgolokgolo a dingwaga, go felela ka boemo bofe? (b) Lefa go ntse jalo, ke phetogo efe eo e ileng ya diragala mo mafatsheng ao?
6 Bokatoliki jwa Roma bo ile jwa laola kakanyo ya Amerika-Bogare le Amerika-Borwa ka makgolokgolo a dingwaga, go felela ka bontsintsi jwa batho bao ba nang le kanaanelo e potlana thata mo dithutong tsa boammaaruri tsa Bibela. (2 Bakorintha 4:4) Ka jalo, ereka batho ba sa itse Keresete Jesu le mafoko a a molemo a Bogosi, ba ile ba latlhega le go ya kwa le kwa, fela jaaka Bajuda bao ba neng ba le tlase ga bodipa jwa bakwadi le Bafarisai mo motlheng wa ga Jesu. (Mathaio 9:36) Lefa go ntse jalo, ka go bo Modimo o segofaditse tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong la dingwaga la bo-20 mo mafatsheng ano a Selatine, phetogo e e gakgamatsang ea diragala. Fela jaaka lesedi le phatsimile mo lefifing la semoya je le apesitseng lefatshe, diketekete tsa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ile ba phuthelwa mo phuthegong ya ga Jehofa.—Isaia 60:1, 2, 8.
7. Thadisa boitemogelo jo bontle jwa mosetsanyana wa dingwaga tse 12 mo Argentina.
7 Boammaaruri jwa Bibela bo itshetlela mo bathong ba dingwaga tsotlhe, bo ba thusa gore ba emele bogosi jwa ga Jehofa. (Pesalema 119:129, 130) Mmoledi wa dingwaga tse 12 mo Argentina, yo a iseng a kolobediwe, o ne a bolela ka boipelo jwa gagwe jo bogolo mo go tsamaiseng dithuto tsa Bibela tsa magae di fera-bobedi. O ne a kwala jaana: “Mo lobakeng lwa malatsi a boikhutso ke gone segolo ke senyang nako e ntsi kafa ke ka kgonang ka teng mo tirong ya ntlo le ntlo, mo maetong a a boelang le mo tirong ya thuto ya Bibela. Tiro e yotlhe e ntira gore ke itumele fela thata le go bo ke na le tshiamelo e kgolo ya go dirisiwa ke Jehofa jaaka sedirisiwa mo diatleng tsa gagwe go thusa batho ba le bantsi go itse Modimo wa boammaaruri. Ke rapelela gore ekete ke ka nnela ruri le tshiamelo e.” O rulaganyetsa go kolobediwa ka bonakonyana le go tswelela go ya mokgeleng wa gagwe jaaka mmulatsela. Se go tswa mosetsanyaneng wa dingwaga tse 12 fela! Abo Lefoko la Modimo le ka tlhotlheletsa go akanya ga rona sentle jang ne!
8. Ke kgolo efe e e gakgamatsang ya baboledi ba Bogosi eo e ileng ya diragala mo Amerika-Bogare le Amerika-Borwa go tloga ka 1945?
8 Ka 1945, mafelong a ntwa ya bobedi ya lefatshe, eo e neng e sentse lefatshe, gotlhe mo Amerika-Bogare le Amerika-Borwa, go akareletsa le Mexico, batho ba le 4 720 ba ile ba arola mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi. Mo ngwageng wa tirelo wa 1981 mo go tsone dinaga tsone tseo “mahoko a a molemō” a ne a rerwa ke tlhora ya baboledi ba le 373 919. Ruri metsi a boammaaruri a ile a tshelwa mo mafatsheng ao a komelelo mme ba ba nyorilweng ba ile ba arabela ka tsela e e gakgamatsang.—Bapisa Yohane 7:37, 38.
9. Boemo bo nnile bofe ka baboledi ba Bogosi mo Yuropa go tloga ka tshimologo ya lekgolo la dingwaga la bo-20?
9 Mafoko a a molemo a Bogosi a nnile le medi e e boteng mo dinageng tse dintsi tsa Yuropa. Go tloga mo tshimologong ya lekgolo la dingwaga la bo-20, le e leng pele ga moo mo mafatsheng mangwe, basupi ba ga Jehofa, ba santse ba itsiwe jaaka Diithuti tsa Bibela tsa Merafe Yotlhe, ba ne ba gasa mafoko a a molemo a Bogosi gareng ga batho. Ka sekai, pego ya ntlha ya bosupi bope jo bo neng bo dirwa mo Jeremane e simolola kwa morago fela fa lekgolo la dingwaga le simologa. Mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Society, Charles T. Russell, o ne a etela Jeremane ka 1891, mme morago ga dirwa dithulaganyo tsa go gatisa dibuka le dipampitshana dingwe ka puo ya Sejeremane. Diphuthego tsa Jeremane di ne tsa thaiwa e le la ntlha ka bokhutshwanyane fela morago ga 1901 mo Jeremane.
10. Ke boitemogelo bofe go tswa Jeremane jo bo bontshang go atlega mo go tsweletseng ga tirelo ya ntlo le ntlo?
10 Batho ba ga Jehofa mo Jeremane ba fitlhela gore tiro ya ntlo le ntlo ke tsela e e atlegang thata ya go gasa mafoko a a molemo a bogosi jwa ga Jehofa le go tla motlheng ono mo bathong. (Luke 9:1-6) Ka ntlha ya go neela bosupi banyalaning bangwe bao ba bonweng mo tirong ya ntlo le ntlo, batho ba le 12 go ya go 14 ba ne ba phuthega mmogo morago ga moo thutong ya Bibela eo e neng ya simololwa. Lelapa moragonyana le ne la fudugela kwa Australia mme koo lelapa lotlhe, fa e se morwadi a le mongwe fela yo o nyetsweng, le ne la tswelelapele go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Mmè le rre esale ka nako eo ba kolobediwa.
11. Mosupi wa ga Jehofa yo o godileng, a bile a golafetse mo West Berlin o ile a ikutlwa jang kaga tirelo ya gagwe?
11 Kakgelo go tswa go kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 84 mo West Berlin yo, lefa a golafetse mo go botlhoko, a kgonang go arola mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang e tla neela temotsho nngwe ya kafa a anaanelang boammaaruri ka teng le tlhokafalo ya go rera Lefoko la Modimo jaanong. O ne a re: “Ke rata Jehofa mo go golo fela thata mo ke bonang ke tshwanetse fela go arola mo tirelong le go nna gone dipokanong e le gore ke tle ke supe se go ene.”—Bapisa Pesalema 122:1.
12. (a) Ke go ya bokgakaleng bofe Italy e amogetseng mafoko a a molemo a Bogosi go tloga ka 1945 segolo-bogolo? (b) Ke boikitsiso bofe jo bo kgothatsang joo re nang najo kaga tiro ya Bogosi mo dinageng tsa Italy, Portugal le Spain?
12 Mo Italy, koo Kereke ya Roma Katoliki e ileng ya laola matshelo a badumedi a batho ka makgolokgolo a dingwaga, ditiragalo tsa dingwaga tsa bosheng di beile tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo pepeneneng go na lefa e le leng pele. Go tswa palonyaneng ya ba ba ka nnang 90 ka 1945, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba golela go ya go nneng phuthego ya bodumedi ya bobedi ka maemo a bogolo mo Italy. (Isaia 60:22) Mo ngwageng wa tirelo wa 1981 lekala la koo le ne la bega tlhora ya baboledi ba Bogosi ba ba 90 553. Jaanong go feta lefa e le leng pele nako e gorogile ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo Italy le mo mafatsheng a mangwe a Selatine a Yuropa. Mo Italy ka 1945, jaaka fa go boletswe, go ne go ka nna baboledi ba le 90, mme mo Spain le Portugal ngwaga oo ga go na pego epe ya Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi. Lefa go ntse jalo, ka 1981 kakaretso mo mafatsheng a mararo a e ile ya fitlha baboleding ba ba 159 972. Jaaka Jesu a umakile: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye.”—Mathaio 9:37.
Thobo Golo Gongwe Gape
13. (a) Dipego di bontshang mabapi le go gasiwa ga “Mahoko a a Molemō” mo lefatsheng la Afrika? (b) Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang gore nako ya thobo ya barati ba ba oketsegileng ba tshiamo eleruri e fitlhile?
13 Mo dikarolong di le dintsi tsa Afrika, diketekete di ile tsa arabela molaetseng wa boammaaruri o o bolelwang ke basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo lekgolong la dingwaga la bo-20. Mo mafelong mangwe, jaaka Nigeria, South Africa, Zambia, Zimbabwe le Malawi, dipeo tsa boammaaruri di ne di setse di jadilwe go tswa bogologolong ka bo-1923 go ya go 1927, fa mo mafatsheng a mangwe, jaaka Mali, Mauritania, Upper Volta le Rwanda, molaetsa ga wa ka wa tlhagisa baboledi ba Bogosi go fitlhelela lobaka lwa fa gare ga 1962 le 1970. Ruri e ke nako ya go dira sengwe le sengwe se se ka kgonagalang go thusa ba ba nyorilweng go tla metsing a boammaaruri pele ga Jehofa a ka re tiro e weditswe. Mo Zambia mmulatsela yo o kgethegileng o ne a etela kgosana ya motsana mongwe yo o neng a bontsha kgatlhego e kgolo mo molaetseng wa Bogosi. Kgosana e ne ya lere ba bangwe puisanong, mo batho ba le 18 ba neng ba tla go reetsa molaetsa wa mmulatsela yo o kgethegileng yo, moo go neng ga felela ka palonyana e e rileng ya dithuto tsa Bibela tse di simolotsweng. Ka nakonyana e khutshwane phuthego ya lefelo leo e ne ya oketsegelwa ke baboledi go tloga go 65 go ya go 86. Gompieno ke mafelo a sekae fela mo lefatsheng la Afrika koo go senang basupi ba ga Jehofa ba ba rerang “Mahoko a a Molemō” teng.
14. Ke boitemogelo bofe jo bo kgatlhisang thata joo bo begwang fa bo diragetse mo ditlhakeng tsa Torres Straits?
14 Dipego tsa ngogola go tswa mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe di itshupile e le tsa masego le tswelelopele. Kwa bokone jo bo kgakala jwa Australia go na le ditlhake tsa Torres Straits. Go na le ditlhake di le 100 mo setlhopheng se, tse 20 di na le baagi. Sengwe sa ditlhake tse, Thursday Island, se na le phuthego e e golang ya Basupi ba ga Jehofa. Molebedi wa potologo le bakaulengwe ba le babedi ba Thursday Island ba ne ba etela nngwe ya ditlhake tse se se bidiwang Sue, koo ba ileng ba amogelwa ga bothito. Modulasetilo wa setlhake, jaaka fa a bidiwa, o ne a laleditse bakaulengwe go tla ereka a ne a na le kgatlhego mo boammaaruring jwa Bibela le mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa, a bile a tshotse dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Abo bakaulengwe ba ile ba gakgamala jang ne fa ba fitlhela modulasetilo yo a gagamaditse thata kaga bophepa le bothakga gareng ga batho ba setlhake gammogo le boitshwaro jwa bone. Ka metlha o rulaganyetsa gore batho ba nne le mofuta mongwe wa bokopano jwa semoya. Fa bakaulengwe ba ntse ba etile, ba ne ba reetsa dipina tse di neng di opelwa go nngwe ya dipokano tse, mafoko a tsone a tserwe go dingwe tsa dikgatiso tsa Watch Tower Society. Ba ne ba kgona go neela batho ba polelo, ba ka tshwara 40 ka palo, le go ba kgothaletsa thuto ya bone ya Bibela ka tiriso ya dikgatiso tsa Mokgatlho.
Bosupi jwa Lefatshe ka Bophara
15. Ka gone, ke eng se se tswelelang go nna boikarabelo jwa badihedi ba ga Jehofa ba Bogosi?
15 Abo re ile ra tsopola gangwe le gape mafoko a ga Jesu a Mathaio 24:14 a a reng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ”! Bosupi jwa Bogosi bo a neelwa ka lefoko le ka ditiro ke batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Fa bosupi jo bo lekanetseng bo setse bo neetswe—joo motlhomamisi wa jone e leng Jehofa Modimo—foo ke gona bokhutlo bo tla tlang. Kabelo ya rona he e e tswelelang pele, ke go nna re ntse re neela bosupi ka tiragalo e kgolo thata e e tla bonwang ke lefatshe, e leng go tla ga bogosi jwa ga Jehofa mo diatleng tsa Kgosi ya gagwe e e busang, Morena wa rona Jesu Keresete.
16. (a) Ke dipalo dife tse go neelanweng ka tsone go bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore jaanong ke nako ya go rera Lefoko? (b) Jaanong mongwe le mongwe wa rona o bodiwa potso efe?
16 Mo dinageng di le 206 le ditlhake tsa lefatshe ngogola, go sentswe dioura di le 358 581 547 mo tirelong ke baboledi ba mafoko a a molemo a Bogosi ba ba 2 361 896 mo go gaseng molaetsa o o kgatlhisang thata o. Ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 1 475 177 gammogo le go aba dibuka le dibukana di le 31 444 062 le dikaelo tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! lefatshe ka bophara di le 234 163 921. Mo, go tlhakanngwa le bosupi jo bogolo jo bo neetsweng mo dingwageng di le dintsi tsa lekgolo la dingwaga la bo-20, go neela tshupo e kgolo thata ya keletso ya batho ba ga Jehofa go diragatsa thomo ya ‘go rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo, go hapa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololo le ba ba golegilweng gore ntlo ya kgolegelo e budilwe, go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa le letsatsi ja pusoloso ja Modimo wa rona, go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.’ (Isaia 61:1, 2) A o na le seabe JAANONG mo go rereng Lefoko la Modimo le bogosi jwa gagwe jo bo solofeditsweng?
17. Ke bosupi bofe jo bo oketsegileng jwa lesego la ga Jehofa joo re tla bo akanyetsang gape?
17 Mo ngwageng wa tirelo wa 1981 batho ba le 119 836 ba ne ba kopanela le bao ba ineetseng matshelo a bone go Jehofa mme ba bontsha seo ka kolobetso ya metsing. Re amogela ba mo bokaulengweng jwa Bokeresete. Fa o ntse o tlhatlhoba tšhate e e mo makasineng o, eo e thadisang tiro ya go rera ka Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng wa tirelo wa 1981, o tla bona gore go tswa Botlhabatsatsi go ya Bophirimatsatsi diketekete di ile tsa tla metsing a botshelo le a boammaaruri ao a baakanyediwang ke Lefoko la Modimo, mme bano ba kopanetse mo go boleleng mafoko a a molemo a Bogosi.
18. Ereka nako e e santseng e saletse e ngotlega tsatsi le letsatsi, se se rayang kaga botlhokwa jwa tiro ya rona ya go rera, mme jalo phetso ya rona e tshwanetse go nna efe?
18 Ka malatsi otlhe, nako e e sa saletseng tsamaiso e e boikepo e ya dilo e ntse e ngotlega, go raya gore dipaka tsa rona tsa go rera “mahoko a a molemō” di ntse di bona botlhokwa jo bogolwane. Ekete letsatsi lengwe le lengwe le ka re fitlhela re ntse re dira maiteko a a nonofileng go itshupa re le balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu, re senka go etsa tsela ya gagwe ya botshelo jaaka motshegetsi wa kobamelo e e itshekileng. Fela jaaka Dafide, yo o ikanyegang, ekete tlhoafalo ya ntlo ya ga Jehofa, e leng kobamelo ya gagwe e e itshekileng le e e phepa, di ka re dira gore re itshwarelele mo boikanyegong jwa rona mme re tswelele re le baboledi ba Bogosi go fitlhela Jehofa a re tiro e fedile.—Pesalema 69:9.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]
Kgolo ya bareri ba Lefoko mo AMERIKA-BOGARE le AMERIKA-BORWA—
1945 . . . baboledi ba le 4 720
1981 . . . baboledi ba le 373 919
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]
Koketsego ya baboledi ba Bogosi mo SPAIN, PORTUGAL le ITALY—
1945 . . . baboledi ba le 90
1981 . . . baboledi ba le 159 972
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]
Koketsego ya Basupi mo Afrika—
1945 . . . baboledi ba le 19 083
1981 . . . baboledi ba le 300 989
[Tšhate mo go tsebe 26-29]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1981
(Leba kgatiso)