O Ne “A Ba Ratèla Rure go Ea Bokhutloñ”
JOHANE, wa moaposetoloi, o ne a ipelela kamano e e monate thata le Jesu. E ne e le ene “eo Yesu o mo ratañ,” jaaka a kaiwa mo Efangeleong ya gagwe. Mo “selaleloñ” sa bofelo, Johane o ne a nna fa thoko ga Jesu, mme e ne e le ene yo Jesu, fa a ne a le mo thupeng ya tlhokofatso, a mo neileng tshiamelo e e kgethegileng ya go tseela mmaagwe Jesu, Maria, kwa legaeng la gagwe le go mo tlhokomela jaaka e ne ekete ke mmaagwe.—Yoh. 13:23; 19:25-27; 20:2; 21:20.
Sebofo se sa thuanyo gare ga Jesu le Johane ga se a tlhagelela fela ka ntlha ya tebego e ntle. Tota le Johane e ne e se motho yo o tsewang ke maikutlo, jaaka ba bangwe ba ne ba kaya, lemororo e le boammaaruri gore o ne a bua thata ka lorato. Tota-tota, lorato lwa Bomodimo lwa boammaaruri lo lo tswang pelong ke nonofo e e maatla le e e itshekileng, eo e amanang gaufi-ufi le boikanyegi. Mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, Johane o bontshitse lorato le boikanyegi tse di tiileng go Jesu Keresete le Jehofa. Jesu, jaaka “èna ka esi a itse se se mo mothuñ,” o ne a anaanela seno thata, ka jalo kgokagano e e boteng e ne ya direga gare ga bone.—Yoh. 2:25.
Fa re akanya ka selalelo sele sa bofelo seo Jesu a se jeleng le balatedi ba gagwe, go thata gore re ka ipaya mo boemong jwa bone. Ope wa bone, tota le eleng Johane, o ne a itse sentle kaga seo se neng se tla diragalela Jesu sigong joo. Erile fa go tla mo ntlheng ya fa Jesu a ne a re, “Lona lotlhe lo tla kgocwa kaga me sigoñ yono,” le go gana mo go maatla ga ga Petere gore dipe tsa dilo tseo ga di ne di diragala kaga gagwe, tota le eleng go itatola Morena wa gagwe, mme he “le barutwa botlhe ba bua hèla yalo.” (Math. 16:21-23; 26:31-35) Abo go nnile kutlo-botlhoko e kgolo jang fa dilo di ne di diragala fela jaaka di boleletswe-pele! Go bone, selalelo seo se simolotse fela jaaka sa ka gale sa go gopola selalelo sa ntlha sa Tlolaganyo. Go Jesu, lefa go le jalo, se ne se na le botlhokwa jo bogolo go gaisa lefa e le eng, jaaka go bontshiwa ke tsotlhe tseo Jesu a di boleletseng barutwa ba gagwe le go di umaka mo thapelong go Rraagwe, segolo fa a ne, “moragō ga selalèlō,” a simolola segopotso sa loso lo eleng lwa gagwe. Re ka ithuta mo gontsi kaga se ka go bala dikgaolo 13 go ya go 17 tsa Efangeleo ya ga Johane.
Pego e e tlhalositsweng sentle eo e ile ya kwalwa ekane dingwaga di le 65 morago ga ditiragalo tseo di setse di diragetse, mme seno eleruri se rurifatsa mafoko a ga Jesu maloka le go dira ga ga “Mogomotsi, eboñ Mōea o o Boitshèpō”: “Ѐna o tla lo ruta dilō cotlhe, me o tla lo gakolola cotlhe tse ke di buileñ le lona.” (Yoh. 14:26) Ee, Johane yo o ratwang o ne a rutilwe sentle, mme re ka akanya ka boteng jwa gagwe jwa boikutlo le kanaanelo fa a ne a kwala kaga Jesu:
“Me yana e rile pele ga modihō oa Tlolaganyō, Yesu ka a itse ha lobaka loa gagwè lo hitlhile, loa go cwa mo lehatshiñ yeno a ea go Rara, ereka a ratile ba gagwè ba ba mo lehatshiñ, a ba ratèla rure go ea bokhutloñ.”—Yoh. 13:1.
Johane o tshwanetse a bo a ne a ntse a akanya kaga dilo tse dintle tsa lorato lo lo boikanyo lo lo sa tlhaeleng loo lo bontshitsweng ke Jesu, tse di neng di bontsha letlotlo la bopelonomi jo bo bo sa tshwanelang. Barutwa bao ba ne ba tlhomamisegile kaga bone; lefa go le jalo ba ne ba le bokoa mme ba ne ba retelelwa fa teko e tla. Ga se gore ba ne ba le bosula mo dipelong tsa bone. E ne e le fela bokoa jwa botho, joo Satane a ileng a bo dirisa, mme ka lobakanyana fela.—Luke 22:32.
“DIHAÑ MO LO NKGOPOLE KA GŌNE”—KA NTLHAYANG?
Jaanong re setse re atamela segopotso sa loso lwa ga Jesu ka Nisane 14, 33 C.E., le go keteka gape “selalèlō sa Morèna.” Seno se tla tshwariwa ka Mantaga, March 31, 1980, fa letsatsi le sena go wela, mo diphuthegong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa. Jalo, ke dikgopolo dife tse di tlhomologileng segolo mo dikakanyong tsa rona? Ke ka ntlhayang Jesu, fa a sena go fetisa senkgwe mme morago a fetise senwelo go barutwa ba gagwe, a ne a boeletsa mafoko a: “Dihañ mo lo nkgopole ka gōna”?—1 Bakor. 11:20, 23-26.
Gore Jesu ka boene o ne a itse gore tsotlhe tse di ne di kayang go bontshiwa ke seo a se buileng malatsi a se makae pele ga moo, fa a ne a neela setshwantsho se se motlhofo, mme se na le tlhotlheletso e kgolo, a itshwantsha le tlhaka ya mabele: “Ha tlhaka ea mabèlè e sa wele mo mbuñ, ea shwa, e tle e nne eosi hèla: me ha e shwa, e uñwe louñō lo logolo.” (Yoh. 12:24) Mafoko a gagwe a a latelang a bontsha gore o ne a lebeletse pele ka botlalo eseng fela go pogisego ya gagwe e e utlwisang botlhoko le tshotlo tseo di amanang le loso lwa gagwe mo thupeng ya tlhokofatso mme gape le go diphelelo tse dintle le tse di akaretsang mo gontsi tsa sekai se segolo mo karolong ya gagwe ya lorato lo lo intshang setlhabelo. Mo mafokong ao Jesu o bontshitse keletso e e tswang pelong ya go galaletsa leina la ga Rraagwe, mme ka lona lobaka loo Jehofa o ile a arabela go kopo ya Morwawe, gonne “hoñ ga tla lencwe le cwa legodimoñ, ya re, Ke le galaleditse; me ke tla ba ke le galaletsa gapè.”—Yoh. 12:25-33.
Jesu o ile a bontsha lorato lo lo tshwanang le loo Rraagwe a nang le lona, jaaka a umakile go sa le galenyana mo tirelong ya gagwe: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè, botshelo yo bo sa khutleñ.” Ee, e ne e le “[monna], Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.” O kile a ‘boga loso bakeng sa mongwe le mongwe.’ (Yoh. 3:16; 1 Tim. 2:4-6; Baheb. 2:9) Tota-tota o tsere boemo jwa moleofi, jaaka go tlhalositswe sentle go Isaia 53:4-7, 10, mme moaposetoloi Paulo, go Bafilipi 2:5-11, o tlhomamisa ka moo “losho [loo lwa setlhabelo] loa mokgōrō” lo dirileng sentle thata bakeng sa setho. Go ne go tla nna molemo thata ka rona go bala dikarolo tse ka botlalo, le go tlhatlhanya ka tsone jaaka lobaka lwa Segopotso lo ntse lo atamela.
Kwantle ga diphelelo tse di akaretsang mo gontsi tseo di sa tswang go tlotliwa, go ne go na le diphelelo dingwe tsa lobaka loo tse di botlhokwa tseo Jesu ka mo go kgethegileng a neng a akanya ka tsone fa a ne a simolola segopotso sa loso lwa gagwe. Ke boammaaruri gore ka lobaka longwe o kile a bua kaga gagwe gore e ne e le “senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ,” mme a tswelela ka go re: “E, le gōna senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe.” (Yoh. 6:51) Lefa go le jalo, morago ga titinyo eo e ileng ya dirwa ke Bajuda bangwe ba ba neng ba reeditse, Jesu o ile a tswelapele go bua kaga sona setlhogo seo, ka botlhokwa jo bogolo thata go bao ba amegang. O ne a setse a buile kaga go ja “senkgwè” se sa tshwantshetso, mme jaanong o ile a tswelapele go re:
“Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. . . . Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o nntse mo go nna, le nna mo go èna.” (Yoh. 6:53-56)
Abo ke mafoko a a tlhokomelegang jang! A ile a kgopisa le eleng “barutwa ba gagwè ba le bantsi, . . . [bao ba sekang] ba tlhōla ba tsamaea nae.” Tlhaloso ke eng?—Yoh. 6:60-66.
Jesu o ne a itse gore setho ka kakaretso, seo go buiwang kaga sone mo dikwalong tse di fetileng, se tla nna le sebaka sa go ka amogela melemo ya setlhabelo sa thekololo ka nako ya bogosi jwa gagwe, koo go neng go tla nna le “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha” tota le eleng ‘loso ga lo kitla lo tlhola lo le gona.’ (Tshen. 21:1-4; Luke 23:42, 43) Mme gape o ne a itse gore Rraagwe o ne a itumela thata fa bangwe ba lelapa la setho mo lefatsheng le le tshwaeditsweng ke boleo ba arola le ene mo setulong sa gagwe sa bogosi kwa legodimong, ba busa le ene jaaka dikgosi le baperisiti. (Luke 22:28-30; Tshen. 3:21; 20:6) O ne a itse gore lefa ene, “e leñ Keresete,” segolo e le losika lwa ga Aberahame, lefa go le jalo bano ba bangwe ba phuthego ya Bokeresete ba ba “mo go Keresete Yesu,” bao ba bopang “Iseraela oa Modimo” wa semoya, le bone gape ba tla nna “losika loa ga Aberahame, lo baruaboshwa kaha poleloñ ya choloheco.” (Bagal. 3:16, 28, 29; 6:16) Seno eleruri e ne e le pontsho ya “tshegōhaco mo godimo ga tshegōhaco.”—Yoh. 1:16.
Baaposetoloi ba ba boikanyo ba ba 11 ba ba neng ba na le Jesu sigong joo, ka Nisane 14, e ne e le bone ba ntlha go ka lalediwa go ja senkgwe seo se se sa bedisiwang le go nwa ga senwelo seo sa beine, tseo, jaaka Jesu a kaile, di neng di emela nama ya gagwe e e senang boleo le madi a gagwe a botshelo. (1 Bakor. 11:23-26) Ba bangwe ba ne ba tla sala morago bao, jaaka Jesu a kaile, e neng e tla nna “ba ba dumèlañ mo go nna ka lehoko ya bōnè.” (Yoh. 17:20) Maloka le badumedi bano, tlhokomela poeletso ya gangwe le gape ya mafoko “mo go” (“mo bokopanong le,” NW) ao a dirisediwang fela go Jehofa le Jesu Keresete le go bao ba phuthego ya Bokeresete e e tloditsweng, jaaka go bontshitswe go Yohane 6:56; 10:38; 14:10, 11, 20; 15:4-7; 17:21-23, 26. An American Translation e dirisa ka bobedi polelwana “mo bokopanong le” le polelwana “kopantswe go (le) nna.”
Ditokololo tsa phuthego e di tshwariwa ka tsela e e kgethegileng, lemororo e se ka ntlha ya tshwanelo epe mo karolong ya bone. (Baef. 2:5; 1 Yoh. 2:2) Ba tsetswe ka moya wa Modimo go ya tsholofelong ya selegodimo, tsholofelo ya go arola le Keresete mo tsogong ya gagwe ya selegodimo, fa fela e le gore ba itshupa ba le boikanyo pele, jaaka Paulo a kaile, “go tlhakanèla naè dipogishō tsa gagwè, [go] bopègèla mo chwanoñ ea losho loa gagwè,” loso lwa setlhabelo, ba tlogela tsholofelo yotlhe ya go tshela mo lefatsheng la paradaise. (Bafil. 3:10) Tsela e ya setlhabelo e simolola go tloga ka nako ya fa mongwe a tlhophiwa ke Modimo jaaka tokololo ya phuthego eo ya Bokeresete, eo e dirang “mmele oa ga Keresete,”. jaaka go tlhalositswe go Mathaio 16:24 le 1 Bakorintha 12:12-27. Ditokololo tse di tlisiwa go “kgōlaganō e ncha,” eo e thailweng ka madi a ga Keresete a a tsholotsweng, le go arola mo tirelong ya yone.—1 Bakor. 11:25; 2 Bakor. 3:6; 4:1-7.
Go santse go na le bangwe bao ba leng “mo go Keresete Yesu” ebile ba na le bosupi jwa moya wa Modimo jwa go nna ga bone ‘bana ba Modimo ba ba tsetsweng ka moya’ le “baruaboshwa mmōgō le Keresete.” (Bar. 8:1, 14-17) Ba tla bo ba na le dinnete tse dintle tseno thata-thata mo kakanyong fa ba kokoana mmogo bakeng sa “selalèlō sa Morèna.” Lefa go le jalo, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bao ba tla kopanelang sigong joo ga ba na tsholofelo eo ya selegodimo. Ba itse gore ga se ba “lecomanyane,” mme ba ikgetholola le “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele” tseo Jesu a buileng ka tsone. (Luke 12:32; Yoh. 10:16; Tshen. 7:9) Le bone ba na le tumelo mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng. (Tshen. 7:14) Ba na le tsholofelo ya go ‘rua Bogosi,’ ka tlhaloganyo ya gore ba tla ipelela masego a jone a botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, jaaka Jesu a solofeditse go Mathaio 25:31-40. Gape ba ipelela bokopano jo bo gaufi-ufi le “bonnake” ba ga Keresete, bao ba umakilweng mo setshwantshong seo. Fa ba bapisiwa le Baiseraele ba semoya, jaaka “baeñ” ba anaanela thata tshiamelo le boikarabelo jwa go arola mo go tlhagiseng maungo a Bogosi. (Isa. 56:6, 7; 61:5; Math. 21:43) Ba bangwe ba bile ba sule ka ntlha ya go emela boammaaruri le go bolela ga bone molaetsa wa Bogosi ba sa boife. Lefa go le jalo, lemororo ba ka swa loso lwa boswela-tumelo, ga ba swe loso lwa setlhabelo jaaka Jesu le bao eleng “baruaboshwa mmōgō le Keresete” mo bogosing jwa selegodimo. Ereka ba lemoga pharologano e, ga ba je senkgwe se se sa bedisiwang le go nwa ga senwelo sa beine tsa tshwantshetso, tseo di bontshang eseng fela go amogela melemo ya loso lwa ga Keresete mme go kopanela le ene mo tseleng e e tshwanang ya setlhabelo.
BOITLHATLHOBO
Lemororo bontsi jwa bao gompieno ba bopang “lecomane le le leñwe hèla, [tlase ga] modisa a le moñwe hèla” ba lemoga pharologano e, potso e ka tsholetsega go bangwe kaga ka moo motho a itseng ka teng faele gore o laleditswe go ya pitsong ya selegodimo. Seno ga se ne se tlhola se lemogiwa ka tshupo epe ya kafa ntle jaaka fa dimpho tsa dikgakgamatso tsa moya di ne di neelwa mo metlheng ya pele ya phuthego ya Bokeresete. Mo eleng ga boleng bogolo go na le dimpho tseo, e ne e le tsholofelo e e galalelang ya go bona boswa jwa selegodimo joo bo neng bo neelwa bao ba neng ba “bidiwa bana ba Modimo” mme gape e ne e le “baabedwi ba picō ea selegodimo.” (Baheb. 3:1; 1 Yoh. 3:1-3) Ka nako eo go ne go na le tsholofelo e le nngwe fela, mme gompieno, fa karolo eo ya “taolo, NW” ya Modimo e setse e ya ntlheng ya go khutla, dikgoro tsa Bogosi di petlekana ka taletso go “boidiidi yo bogolo yoa batho” go bona masego a selefatshe, jaaka go setse go kailwe. Seno se nnile boammaaruri segolo go tloga ka 1935 go ya pele, fa “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo ne bo kgethololwa sentle jaaka setlhopha sa selefatshe ka tsholofelo ya botshelo jwa bosenabokhutlo mo lefatsheng la paradaise.—Baef. 1:10; Tshen. 7:9-17.
A go itswela mo mothong ka mongwe go itlhophela gore o tla ya tsholofelong efe, ekane ya selegodimo kana ya selefatshe? Nnya. Pele motho a ka nna le tsholofelo epe ya botho, kgato ya boineelo jo bo feletseng le kolobetso e tshwanetse go tsewa ka go dumela go motho go dira thato ya Modimo go tloga foo, eseng thato e eleng ya gagwe. Modimo o dira gore thato ya Ona e dirwe ka tiriso ya moya wa gagwe o o boitshepo. Tebang le kafa moya oo o dirang ka teng go bao ba tlhophilweng ke Modimo jaaka ba ba tla nnang ditokololo tsa “lecomanyane,” o akofisa tsholofelo ya selegodimo mo go bone, go tlhalositswe go Baroma 8:14-17. Bakeresete bao ba na le bosupi jo bo ka sekeng jwa fosiwa mo teng ga bone jwa gore ba bileditswe bogosing jwa selegodimo.
A batlhanka bao ba ineetseng bao ba amogelwang ke Modimo jaaka ditokololo tsa “boidiidi yo bogolo yoa batho” le bone ba amogela moya o o boitshepo? Eleruri go jalo, ka mokgwa o o tshwanang le wa batlhanka ba ba boikanyo ba Modimo ba pele ga metlha ya Bokeresete, jaaka Moshe le Johane Mokolobetsi, bao ba neng ba sena tsholofelo ya selegodimo. (Math. 11:11) Modimo o dirisana le mongwe ka mongwe wa batlhanka ba ona ba ba ineetseng gompieno, o tlhagolela mo go bone tsholofelo ya botshelo mo bogosing jwa ona. Paulo o boleletse Bakeresete bao ba pele gore ba ne ba “bolokilwe ke cholohèlō,” ya selegodimo. O ile a bua gape ka tsholofelo ya “lobopō,” karolo e e setseng ya lelapa la setho, loo lo neng lo “lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo” ka tebelelo ya go ipela ga bone “mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo” jaaka bana ba gagwe ba ba shafaditsweng ba selefatshe.—Bar. 8:18-25.
Ka jalo mongwe ka mongwe o na le go bolokiwa mo tsholofelong e e rileng. E tshwanetse go nna tsholofelo e e go amang ebile e tshwanetse go nna ya sebele tota go wena. Faele gore, morago ga tlhatlhobo e e boikanyo o bona gore go santse go na le selekano sa pelaelo, kana faele gore o lemoga gore e ne e le maikutlo a a feketsang ao a go tlhotlheleditseng gore o fetse ka gore o amogetse pitso ya selegodimo, kana gore ka gongwe pitso e e jalo e ile ya go tlhaola ka mokgwa mongwe jaaka yo o kgethegileng le yo o godimo ga ba bangwe, yo o tshwanetsweng ke tlhokomelo le tlotlo tse di kgethegileng, he o na le lebaka le le utlwalang la go tlhatlhobisa boemo jwa gago gape. Ka pelo yotlhe le ka boingotlo, o seka wa oka-oka go kopa Modimo bakeng sa botlhale le kaelo mmogo le thuso ya go dira thato ya gagwe. Ga a kitla a go kgoba. “Modimo o lo dihèla yaka bana,” bao a ba ratang.—1 Bakor. 11:28; Baheb. 12:4-11; Yak. 1:5-8.
Botlhe ba seka-dinku ba ba boammaaruri bao ba nnang gone ‘selalelong sa Morena,’ ekane e le babogedi kana ba ba jang, ba itumelela go nna gone gore ba ‘gopole’ dilo tsotlhe tse Jesu a di dirileng mo go supeng lorato lwa gagwe lo lo boikanyo bakeng sa Rraagwe, gape bakeng sa mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene. Jaaka Jesu a ile “a ba ratèla rure go ea bokhutloñ,” ekete re ka bontsha moya o o tshwanang wa boitshoko le boikanyegi go ya bokhutlong. Johane o buile kaga balatedi ba ga Jesu ba le “mo lehatshiñ.” Bakeng sa kgothatso ya rona, Jesu o ile a dumalana le se, mme a oketsa: “Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsegañ; ke hentse lehatshe.” (Yoh. 13:1; 16:33) Ka jalo a rotlhe, jaaka Paulo a laile, “re diheñ modihō, . . . ka senkgwè se se sa bedisiwañ sa bopelo e phèpa le boamarure,” tsatsi le letsatsi.—1 Bakor. 5:8.