Go Tshwanelega Jaaka Barutisi mo Phuthegong
“E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a ke a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale.”—Yak. 3:13.
1. Ke ka baka lang fa go le botlhokwa gore ba ba direlang jaaka barutisi mo phuthegong ya Bakeresete ba bo ba le banna ba ba tshwanelegang?
TLHOTLHELETSO ya morutisi e ka nna le mosola kana ya gobatsa. Bogolo se se ntse jalo mo dikgannyeng tsa kobamelo. A lebisitse go Bafarisai, Jesu Keresete o ne a re: “Ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmogō mo kgatampiñ.” (Math. 15:14) Botlhe bao ka bofofu ba salang morago dithuto tse eseng tsa dikwalo tsa Bafarisai ba ne ba gogela kwa go senyegelweng ke bomoya le loso, fa bao ba neng ba utlwa dithuto tse di utlwalang tsa Morwa Modimo ba ne ba le mo tseleng ya botshelo. (Mat. 7:13-20, 24-27) Ntlha ya gore matshelo a a kopanyelediwa e gatelela gore bao ba direlang jaaka barutisi mo phuthegong ya Bokeresete e nne banna ba ba tshwanelegang.
2. Ke ka baka lang fa moaposetoloi Paulo a ka re, ‘ga kena molato mo mading a bone’?
2 Se moaposetoloi Paulo a neng a se bolelela bagolwane ba phuthego ya Efeso malebana le ene se bontsha gore tsela eo morutisi wa Mokeresete a tshwarang boikarabelo jwa gagwe e ka mo dira yo o leng molato wa madi kana yo o senang molato wa madi. Moaposetoloi o ne a bolela: “Me ke gōna, ke shupa mo go lona gompiyeno kaga batho botlhe, ha ke sena molato mo madiñ a bōnè. Gonne ga kea ka ka boiha go lo bolèlèla kgakololō eotlhe ea Modimo.” (Dit. 20:26, 27) Fa fela bagolwane bangwe mo phuthegong ya Efeso ba ne ba tlhoka go ikanyega mme ba simolola go sokamisa dikwalo ba senya bomoya jwa bone ba ba ba gobatsa badumedi-ka-bona, se e ne e ka seke e nne molato wa ga Paulo. (Bapisa Ditiho 20:29, 30.) Bona ka bobone ba ne ba tla bo ba na le molato wa madi. Moaposetoloi o ne a dirile bojotlhe jwa gagwe go ba bolelela “kgakololō eotlhe ea Modimo.” O ne a sa ba huparelela sepe se se neng se le sa botlhokwa bakeng sa poloko. E ne e sa nna keletso ya gagwe go bona tumo ka go babanya ditsebe kana go tila dipolelo tse ka maatla di neng di baya maikutlo a a phoso, mafoko le ditiro mo pepeneneng.—Bapisa 2 Timotheo 4:3, 4.
3. Tumalanong le sekai sa ga Paulo, re tshwanetse go solofela eng mo monneng yo o tshwanelegang jaaka morutisi mo phuthegong?
3 Tumalanong le sekai sa ga moaposetoloi Paulo, monna yo o tshwanelegang jaaka morutisi mo phuthegong ya Bokeresete o tshwanetse go itse le go utlwisisa sengwe le sengwe se eleng sa botlhokwa bakeng sa poloko e le gore thuto ya gagwe e se ka ya tlhaela mo go maswemaswe. Gape o tshwanetse go rata go bolela “kgakololō eotlhe ea Modimo,” go sa kgathalesege boikutlo jwa phuthego. Go ka nna ga nna le dinako tseo mo go tsone phuthego e arabelang sentle taong le kgalemelong e e neelwang ka Lefoko la Modimo. Mme gape go ka nna le dinako tseo mo go tsone bontsi tota bo sa batleng go fetola maikutlo a bone a a phoso le ditsela. Lefa go ntse jalo, morutisi wa Mokeresete o tshwanetse go tswelela ka go ngaparela lefoko la Modimo ka boikanyegi mo go tlameleng ka thuso ya semoya. Fa bangwe ba sekametse mo go direng phoso, o tshwanetse go ithiba mo go feleng pelo mme a tswelele ka go bolela boammaaruri. Malebana le se, elatlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Timotheo: “Rèra lehoko; u tlhoahalè go le lobaka le go se lobaka; u tlhotlhomisè, u kgalemèlè, u laeè ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta.”—2 Tim. 4:2.
4. Kgakololo e e go Yakobe 3:1 e ne e lebisitswe go bomang?
4 Ka gonne thuto ya motheo e e utlwalang e na le seabe mo polokong ya motho, go ruta ke boikarabelo jo bo tshwanetseng go rwesiwa banna ba ba tshwanelegang fela. Morutwa wa Mokeresete Jakobe o ne a kwala: “Ba gaecho lo se ka loa nna baruti lo le bantsi.” (Yak. 3:1) Taelo e e tlhotlheleditsweng e e ne e sa neelwe go kgoba banna ba ba tshwanelegang marapo go nna barutisi, gonne dikwalo gape tsa re: “Ha motho a senka boemō yoa mookami wa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.” (1 Tim. 3:1) Jakobe o ne a lebisitse mafoko a gagwe go banna ba ba neng ba ipaya mo boemong jwa barutisi ba badumedi-ka-bone lemororo ba ne ba sa tlhophiwa kana go tshwanelega go ruta. Banna ba ba sa tshwanelegeng ba ba ne ba batla tlotlomalo le bolaodi tseo di neng di tshwaragane le go nna barutisi, ba sa tsee tsia ditshwanelego. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwana le banna ba moaposetoloi Paulo a neng a ba tlhalosa jaaka ba ‘ba eletsang go nna barutisi ba molao, lemororo ba sa tlhaloganye se ba se buang, lefa e le se ba tlhomamisang kaga sone.’—1 Tim. 1:7.
“TSHEKISHŌ E E BOKETE BOGOLO”
5. Barutisi ba “bōna tshekishō e e bokete bogolo” jang?
5 Ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo kana go anaanela “kgakololō eotlhe ea Modimo,” barutisi ba ba italetsang ba ne ba tshwanetse go ka bo ba gatisitse mo go bone boemo jo bo masisi jo morutusi a iphitlhelang mo go jone. Jakobe o ne a bontsha gore barutisi, go kopanyeletsa le ene, ba “tla bōna tshekishō e e bokete bogolo.” (Yak. 3:1) Ka gonne morutisi a ema fa pele ga ba bangwe jaaka yo o ba layang kana yo o ba etelelang pele, go solofelwa mo gontsi mo go ene go gaisa mo malokong a mangwe a phuthego. Se se dumalana le molaomotheo wa Dikwalo: “Motho eo batho ba mo neetseñ go le gotona, ba tla lōpa mo go hetisañ mo go èna.” (Luke 12:48) Ka gone, mafoko a morutisi le ditiro di sekasekiwa thata go gaisa tsa Bakeresete ba bangwe. Go feta moo, fa monna a fosa mo go ruteng ga gagwe mme se se felela ka mathata mo malokong a phuthego, kana fa ditiro tsa gagwe ka dinako tse dingwe di le kgatlhanong le molao, o tla mo seemong sa katlholo e e botlhoko ka Jehofa Modimo ka Morena Jesu Keresete. Morwa Modimo o ne a re: “Me ke lo raea, ke re, Lehoko leñwe le leñwe ya boithamako ye batho ba tla le buañ, ba tla le bodiwa mo motlheñ oa tshekisō. Gonne u tla atlholèlwa ka mahoko a gago, le ka mahoko a gago u tla sekisiwa.”—Math. 12:36, 37.
6. Go ya ka Yakobe 3:2, ke bodiphatsa bofe jo bo leng mo go ruteng?
6 Morutwa Jakobe o tswelela ka kgang ya gagwe: “Gonne re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ.” (Yak. 3:2) Ereka le eleng barutisi ba ba leng dikao tse di molemo ba sekametse mo go foseng ka lefoko, kotsi ya go dira jalo e kgolo thata mo temeng ya banna ba ba sa tshwanelegeng. Mme fa morutisi a tswelela ka go fosa, go tla felela ka kgobalo e e oketsegileng mo phuthegong mme katlholo e tla nna bokete go gaisa mo mothong yoo.
“E MAÑ EO O BOTLHALE LE TLHALOGANYŌ”
7. Potso e e fitlhelwang go Yakobe 3:13 e senola eng malebana le go tshwanelega ga monna jaaka morutisi?
7 Ponong ya bodiphatsa jo bo leng mo go ruteng ba bangwe, go ka nna ga bodiwa sentle: Ke mang tota yo o tshwanelegang go dira jalo? Morutwa Jakobe o ne a botsa potso e e tshwanang: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona?” (Yak. 3:13) Go lemotshega gore Jakobe ga ka a botsa fela: ‘Ke mang yo o kgonang go bua sentle?’ Go nna morutisi yo o molemo, monna o tlhoka se se fetang kgono ya go itlhalosa sentle. Botlhale le kutlwisiso di a tlhokega. Motho yo o botlhale o boifa Jehofa Modimo ka tlhamalalo ebile o itse kafa a ka dirisang kitso ka teng ka mokgwa o o tla lereng matswela a a molemo. (Dia. 9:10) Yo o nang le kutlwisiso o kgona go sekaseka kgang, go e tlhaloganya le go lemoga dikamano tsa dipono tse di farologaneng tsa boemo kana mabaka. Motho yoo o isa kwa tlhogong botlhokwa jo bogolo jwa se a se sekasekang. Se se raya gore o tshwanetse a bo a le Mokeresete yo o tiileng yoo ‘maikutlo a gagwe a tlwaeditsweng go lemoga molemo le bosula.’—Baheb. 5:14.
8. Ke eng se se neng se tla supa gore monna o na le kutlwisiso le botlhale tse di tlhokegang go ruta badumedi-ka-ene?
8 Go bonala jang gore monna o na le botlhale jo bo tlhokegang le kutlwisiso go ka ruta badumedi-ka-ene? Botshelo jwa gagwe bo tshwanetse go supa gore o na le botlhale le kutlwisiso e e golaganeng le go boifa Jehofa Modimo mo go boteng, mo go masisi. Morutwa Jakobe o tswelela ka go re: “A a ke a shupè ditihō tsa gagwè ka bonolō yoa botlhale.” (Yak. 3:13) Ka jalo he, ba bangwe ba tshwanetse go kgona go bona gore o itshwara ka tsela eo e nyalanang le botho jwa Modimo, ditsela le ditirisano.
9. “Bonōlō yoa botlhale” bo ka bontshiwa jang ke monna, mme ke ka baka lang fa se se le botlhokwa fa e le gore o tla direla jaaka morutisi?
9 Boitshwaro jo bo siameng joo bo kopanyeletsa go bontsha ga gagwe “bonōlō yoa botlhale.” Go tshwanelega jaaka morutisi, o tshwanetse go nna pelonamagadi, a didimetse a le kagiso, a se bogale, modumo le go gana dikgakololo kana a le boikgodiso. Le gone ga tshwanela go tlwaela go dira ditlhomamiso tse di gagametseng a sena mabaka a a utlwalang kana bosupi jo bo ka mo emang nokeng. Monna yo o senang bonolo o tla thatafalelwa ke go dira tumalanong le kgakololo ya ga Paulo go Timotheo: “Motlhanka oa Morèna ga aa chwanèla go lwa, ha e se go nna bonōlō hela mo go botlhe, a le secwiriri go ruta, a le boiphapaanyō. A le boikokobeco, a shokolola ba ba ikgantshañ.”—2 Tim. 2:24, 25.
DIPOPEGO TSE Dl DIRANG GORE MOTHO A SE TSHWANELEGE
10. (a) Go ka kopanyelediwa eng mo go nneng ga motho “lehuha ye le galakañ”? (b) Botatalala ke eng?
10 A kaela tlhokomelo ya gagwe bogolo go banna ba ba neng ba ithaya ba re ba tshwanelega go nna barutisi mo phuthegong, morutwa Jakobe morago a bontsha dipopego tse di dirang gore motho a se tshwanelege. Re a bala: “Me ha lo na le lehuha ye le galakañ, le kgañ mo peduñ tsa lona, lo se ka loa ipelahatsa, lo se ka loa aketsa boamarure.” (Yak. 3:14) Mafoko a a biletsa boitlhatlhobo. Monna o ka ipotsa: ‘A ke letlelela lefufa go nna mo mogopolong wa me? A ke setatalala?’ Lefufa le le galakang le tla kopanyeletsa go nna ga motho le keletso e e feteletseng ya go ikgalaletsa le megopolo ya gagwe. Le ka itshupa ka botlhaga jo bo feteletseng le jwa botlhogo-e-thata mo diponong tse e leng tsa gagwe fa a nyatsa megopolo e e fapaaneng le ya gagwe fela thata, kana a retelelwa ke go itse gore ba bangwe ba na le botlhale le kutlwisiso tse di lekanang kana tse di fetang tsa gagwe. Fa e le ka botatalala, se se kaya go nna ga motho le moya wa komano kana kganetsano. Monna o ka ne a sekametse mo go diriseng dilo tse di tsosang kgoreletso e le gore a tle a katle ba bangwe tlhogo mme a tsweledise diphetso tsa gagwe. Botatalala jo bo ntseng jaana e tla bo e leungo la boikgogomoso le boikgodiso jwa bogagapa.
11. Ke ka ntlhayang fa Jakobe a ka re monna yo e tla nnang morutisi yo o lefufa le le galakang le yo o setatalala o ‘ikganshetsa le go akela boammaaruri’?
11 Monna yo o lefufa le le galakang le yo o setatalala, ka go kaela tlhokomelo mo ditshwanelegong tsa gagwe jaaka morutisi, ruri o tla bo a itumisa kana a ikgantsha. Lefa go ntse jalo, boammaaruri jwa Bokeresete, jo a tla bolelang gore o a bo ruta, bo latola dipopego tse di maswe tse a di bontshang. Ka gone he, monna yo o nang le moya o o kgaoganyang wa bobaba mme a ikutlwa gore o tshwanelega jaaka morutisi wa Mokeresete o faposa kana go akela boammaaruri jo bo kwadilweng mo Dikwalong. Go feta moo, ka gonne a na le dipopego tse di sa eletsegeng, o tla seke a nne le lebaka la go ikgantsha ka ditshwanelego tsa gagwe jaaka morutisi. Go dira jalo ga gagwe e tla bo e le maaka. Lebaka la gobo a ipatlela se e leng sa gagwe a bile a omana bobe mo polelong le tla seke le mo tshwanelegise jaaka morutisi wa Mokeresete.
12. Monna yo o lefufa le le galakang le yo o setatalala o na le botlhale jwa mofuta ofe?
12 Botlhale jo monna yo o ipatlelang, yo o setatalala yo a tla bong a iphaka go nna le jone e tla bo e se botlhale jwa selegodimo. Morutwa Jakobe o a kwala: “Botlhale yo, ga se yo bo hologañ kwa godimo, ke yoa selehatshe, yoa senama, yoa sebadimo.” (Yak. 3:15) Botlhale jwa bomodimo bo ganetsana le lefufa le le galakang le botatalala.—Dia. 6:16-19.
13-15. Botlhale jo ke jwa (a) “selehatshe,” (b) “senama” le (c) “sebadimo” jang?
13 Botlhale jo bo ipolelwang jwa yo e tla nnang morutisi yo bo tshwana le jwa batho ba selefatshe ba ba kgatlhanong le Modimo. O tshwana le bao ba senang bomoya mme ba senya nako ya bone le nonofo mo go neneketseng dikeletso tsa bone tsa boitumelo kana go senka go bona bokwagodimo le bolaodi mo tsamaisong eno ya dilo e e sa iketlang, e e fetogang ka metlha. (Bafil. 3:19; Bakol. 3:2) Tlhotlheletso ya go batla go nna ga gagwe morutisi e phoso. Ka gonne a ikgogomosa, o batla tlotlo le tlotlego tse mo mogopolong wa gagwe di golaganeng le boemo.
14 Botlhale jwa monna yo o ikgogomosang, yo o omanang bobe gape ke jwa sephologolo kana setshedi, ke gore, ka tlholego bo tswa mo go nneng setshedi se se ikutlwang ga motho, se eleng moya. Go ya ka dikwalo, motho le diphologolo ka bobedi ke meya. (Gen. 2:7; Dipa. 31:28; Tshen. 16:3) Batho jaaka ditshedi tse di ikutlwang (meya) ba tlhodilwe ba na le boitsholo le botlhale, mme diphologolo jaaka ditshedi tse di ikutlwang ga di akanye. (2 Pet. 2:12; Yude 10) Ka gone he, mo go buiweng ka jone jaaka jwa ‘sephologolo’ kana ‘setshedi,’ botlhale jone jo bo bontshiwa e se jwa dikwalo, leungo la boikutlo jwa senama, dikeletso le ditshekamelo.
15 Jalo, gape, Jakobe o bo bitsa botlhale jwa bodimona sentle. Ke ka gonne badimona (meya e e bosula) ba bontsha mekgwa e e ganetsanang le botlhale jwa bomodimo. Ga ba bonolo mme ba bogale le kotsi, jaaka go bonwa mo pitlaganong e e hutsafatsang ya batho bao ba neng ba le mo go bone. (Mar. 5:2-5) Fa e le ka Satane Diabolo, kgosana ya badimona, Bibela e senola gore boikgodiso jwa bogagapa le boikgogomoso di ne tsa felela ka go wa ga gagwe.—1 Tim. 3:6.
DINONOFO TSE Dl ELETSEGANG TSE Dl GOLAGANENG LE BOTLHALE JWA SELEGODIMO
16. Dibopego tsa botlhale jwa selegodimo ke dife?
16 Gore motho a tshwanelege jaaka morutisi wa badumedi-ka-ene o tshwanetse a ba a gololesegile mo botlhaleng jwa selefatshe, jwa setshedi le jwa bodimona. Botshelo jwa gagwe bo tshwanetse go senola gore o laolwa ke botlhale jwa selegodimo. Morutwa Jakobe o ne a tlhalosa botlhale jo jaaka go latela: “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō, hoñ bo nne kagishō, bo bonōlō, bo rapelesege ka boheho, bo tletse kutlwèlō botlhoko le mauño a a molemō, bo sena kakabalō, bo sena boitimokanyō.” (Yak. 3:17) Elatlhoko gore se se rayang.
17. Go rewang ka go nna “boitshèkō” le “kagishō”?
17 Bao ba tshwanelegang go direla jaaka barutisi ba bolelwa ba le “boitshèkō,” ba le phepa ba sa leswafala mo mogopolong le pelong. Mo go nneng “kagishō,” ke batho ba ba agisanyang. Ga ba tile go nna borumolano kana baratantwa fela, mme ba iketleeletsa go simolola botsalano jo bo molemo le eleng gareng ga ba bangwe. (Bar. 14:19; 1 Tim. 3:3) Ga ba ikamantse le kana go amogela sengwe le sengwe se se kgoreletsang kagiso.—Bapisa Diane 16:28; 17:9.
18. Motho o bontsha jang (a) “bonōlō,” (b) ‘go rapelesega ka bofefo’ le (c) go ‘tlala ga gagwe ka kutlwelo botlhoko le maungo a a molemo’?
18 Monna yo o “bonōlō” o a ineela, o lekalekane kana o boiphapaanyo, ga a fetelela mo kgotelong. Ga kake a gatelela ka tsela ya gagwe kana lokwalo lwa molao mme o tla leba kgang ka tsela ya botho, ka kakanyetso e e tshwanetseng. (Bapisa 1 Petere 2:18.) Go na le go nna tlhogo-e-thata, yo o nang le botlhale jwa selegodimo o ‘rapelesega ka boheho.’ O na le moya wa tirisano-mmogo, thato ya go arabela dikopo tse di tlhamaletseng. Monna yo o ntseng jalo o tla ineela mo go se Dikwalo di se buang, eseng go dira boemo mme a ganelela mo go jone, bo le molemo kana bosula. O tla fetoga ka bonako fa go na le bosupi jo bo phepa jwa gore o tsere boemo jo bo phoso kana o dirile diphetso tse di phoso. Yo o nang le botlhale jwa selegodimo gape o “tletse kutlwèlō botlhoko le mauñō a a molemō” a kopanyeletsa ditiro sotlhe tse di nyalanang le bomolemo, tshiamo le boammaaruri.—Baef. 5:9.
19. Go rewang ka go sa nne le ‘go tlhaola batho’ ga motho?
19 Motho yo o gogiwang ke botlhale jwa selegodimo ga ‘tlhaole batho.’ Ga tshware ba bangwe botoka ka baka la tebego ya bone ya ka kwantle, boemo, khumo, seemo mo botshelong kana tlhotlheletso ya bone mo phuthegong. (Bapisa Yakobe 2:1-4.) Mo ditirisanong tsa gagwe le ba gagabo, o leka thata go se nne motlhaodi.
20. (a) Moitimokanyi ke eng? (b) Motho yo o nang le botlhale jwa selegodimo o ka bontsha jang gore ga a itimokanye?
20 Botlhale jwa selegodimo ga bo ke bo dira motho “moitimokanyi.” Moitimokanyi o itira se a seng sona. Monna yo o bontshang botlhale jwa selegodimo ga apare letlalo la nku, re ka rialo. Mo dikamanong tsotlhe tsa gagwe, o thokgame le go ikanyega.—Baef. 4:25.
21. Re ka dirisa se Bibela e se buang kaga ditlhokafalo tsa go direla jaaka morutisi mo phuthegong mo go rona jang?
21 Se se tlhokegang mo barutising ba Bakeresete se tshwanetse go re dira gore re itlhatlhobe ka kelotlhoko. A re neela bosupi jwa gore re batla go tshela mo tumalanong le botlhale jwa selegodimo? Lefa re ka ne re se barutisi mo phuthegong, rotlhe re na le boikarabelo jaaka barutwa ba ga Keresete jwa go ruta ba bangwe boammaaruri. Ka jalo he, go botlhokwa gore maikutlo a rona, mafoko le ditiro di dumalane le se re ipolelang go nna sone. (Bar. 2:21, 22) Ekete re ka tswelela ka go leka ka thata go nna batlhanka ba ba botoka ba Rraarona wa selegodimo le go itumela mo masegong ao a re neelang.—Bapisa 1 Timotheo 4:15, 16.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
“Me ha sehohu se gōga sehohu . . .”—Math. 15:14.