LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 132
  • Ntwa ya Kwa Middle East—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ntwa ya Kwa Middle East—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A dipuso di tla fedisa ntwa ya kwa Middle East?
  • A ntwa ya kwa Middle East e diragatsa boporofeti?
  • A ntwa ya Aramagedona e tla simologa kwa Middle East?
  • Ke eng se se ka re thusang gore re ritibale mo dinakong tseno tse di thata?
  • Dintwa di Tla Fela Leng?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A Aramagedona e Tla Simologa Kwa Iseraele?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Gaufi-ufi le Aramagedona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Hara-Magedona—Seo E Sa Se Reyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 132
Mosi o o tlhatlogang mo toropong nngwe kwa Middle East, o o bakilweng ke go thunya ga mmisaele.

Photo by Stringer/Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Ntwa ya Kwa Middle East​—⁠Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Batho mo lefatsheng lotlhe ba tshwenyegile, ba ipotsa gore go tla direga eng ka ntwa e e amang United States, Iseraele le Iran. A ntwa eno e tla gakala e bo e ama dinaga tse dintsi? A dipuso di ka kgona go thibela dintwa di bo di dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng?

Batho ba ba balang boporofeti jwa Baebele ba ka tswa ba ipotsa gore a ntwa eno ya kwa Middle East ke tshimologo ya ntwa ya Aramagedona e go buiwang ka yone mo bukeng ya Tshenolo.

Baebele e a reng ka kgang eno?

A dipuso di tla fedisa ntwa ya kwa Middle East?

Baebele e a re: “O se ka wa ikanya dikgosana kgotsa morwa motho, yo a ka se kang a kgona go go boloka.”—Pesalema 146:3.

Ga re itse gore a dipuso di tla kgona go dira gore go nne le kagiso mo karolong eo ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore ga go na moeteledipele ope wa dipolotiki, puso epe ya batho kgotsa setlhopha sepe sa batho se se ka fedisang dintwa le go tlisa kagiso e e tla nnelang ruri. Modimo ke ene fela a tla ‘fedisang dintwa mo lefatsheng lotlhe.’—Pesalema 46:9.

  • Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala makasine wa Tora ya Tebelo wa setlhogo se se reng “Ntwa e Tla Fedisiwa ke Eng?”

A ntwa ya kwa Middle East e diragatsa boporofeti?

Baebele e a re: “Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa. . . . Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.”—Mathaio 24:6, 7.

Ntwa eno e e runtseng kwa Middle East ke bosupi jo bongwe jwa gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo,’ e leng nako e Baebele gape e e bitsang ‘malatsi a bofelo.’ (Mathaio 24:3, ntlh.; 2 Timotheo 3:1) Dintwa tse re di bonang gompieno di bontsha gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa dintwa le mathata a mangwe a a dirang gore batho ba boge.

  • Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Sesupo sa ‘Malatsi a Bofelo’ Kgotsa sa ‘Bokhutlo’ ke Eng?”

A ntwa ya Aramagedona e tla simologa kwa Middle East?

Baebele e a re: “Di ne tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang Aramagedona ka Sehebera.”—Tshenolo 16:16.

Ntwa ya Aramagedona ga se ntwa e e simologileng kwa Middle East magareng ga dipuso tsa batho. Ke ntwa e e tla amang lefatshe lotlhe, mme e tla bo e le magareng ga dipuso tsotlhe tsa batho le Modimo.

  • Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Ntwa ya Haramagedona ke Eng?”

Ke eng se se ka re thusang gore re ritibale mo dinakong tseno tse di thata?

Baebele e a re: “Lo se ka lwa tshwenyega ka sepe, mme rapelang Modimo ka metlha, lo mo kope gore a lo kaele mo go sengwe le sengwe e bile lo mo leboge ka metlha.”—Bafilipi 4:6.

Jehofaa Modimo o re laletsa gore re mo rapele. E re ka Modimo a re kgathalela, o tla reetsa dithapelo tsa rona a bo a re thusa gore re ritibale. (1 Petere 5:7) Tsela nngwe e a dirang seo ka yone ke ka go re tlhalosetsa lebaka la go bo go na le dintwa, kafa a tla di fedisang ka gone le se a tla se dirang go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko.—Tshenolo 21:3, 4.

  • Fa o batla go itse mo go oketsegileng kafa Modimo a re thusang ka gone, bala setlhogo se se reng “A Baebele e ka Nkgomotsa?”

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela