LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 112
  • Dintwa di Tla Fela Leng?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintwa di Tla Fela Leng?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintwa mo lefatsheng
  • Ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe
  • Ntwa ya Kwa Middle East—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Dintwa di re Ama Rotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • “Lo Tlile go Utlwalela ka Dintwa”
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ntwa ya Russia le Ukraine ga e Ise e Fele—Baebele e re Naya Tsholofelo Efe?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 112
Mmê le morwawe yo mmotlana ba lebile toropo e e sentsweng ke ntwa, go na le matlo le dikago tse di senyegileng le dikoloi tsa ntwa tse di tletsetletseng mo mmileng.

NNANG LO DISITSE!

Dintwa di Tla Fela Leng?​—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Ntwa e e kwa Botlhabagare ke nngwe ya dintwa tse dintsi tse di leng gone mo lefatsheng.

“Fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, go na le dintwa di le dintsi thata go feta le fa e le leng pele mme di amile batho ba le bantsi thata mo lefatsheng.”​—United Nations Security Council, January 26, 2023.

Dinaga tse di amegang mo dintweng tseno di akaretsa Israel, Gaza, Syria, Azerbaijan, Ukraine, Sudan, Ethiopia, Niger, Myanmar, le Haiti.a

Dintwa tseno di tla fela leng? A baeteledipele ba lefatshe ba ka dira gore go nne le kagiso? Baebele e a reng ka seno?

Dintwa mo lefatsheng

Dikgotlhang tse di mo lefatsheng di supa gore go gaufi gore dintwa di fele. Dintwa tseno di diragatsa boporofeti jwa Baebele jo bo ka ga malatsi a re tshelang mo go one. Baebele e a re ke “malatsi a bofelo.”​—Mathaio 24:3.

  • “Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa. . . . Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.”​—Mathaio 24:6, 7.

Bala setlhogo se se reng “Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa ‘Bokhutlo’ ke Eng?” go bona gore dintwa di diragatsa jang boporofeti jwa Baebele.

Ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe

Baebele e bolelelapele gore dikgotlhang di tla fela. Seo se tla direga jang? Seo ga se na go direga ka maatla a batho mme se tla direga ka Aramagedona e leng, “ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14, 16) Ntwa eno e tla dira gore Modimo a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe a gore batho ba itumelele kagiso e e nnelang ruri.​—Pesalema 37:10, 11, 29.

Go ithuta mo go oketsegileng ka ntwa ya Modimo e e tla fedisang dintwa tsotlhe bala setlhogo se se reng “Ntwa ya Haramagedona ke Eng?”

a ACLED Conflict Index, “Palo ya dintwa tse di leng gone mo lefatsheng,” January 2024

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela