Johane Mokolobetsi E ne E le Mang?
Karabo ya Baebele
Johane Mokolobetsi e ne e le moporofeti wa Modimo. (Luke 1:76) O tshotswe pele ga Jesu a tsholwa mme o ile a tshela go fitlha ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Modimo o ile a mo naya kabelo ya go baakanyetsa Mesia kgotsa Keresete tsela. Johane o ile a dira seno ka go rerela Bajuda molaetsa wa Modimo gore ba busetse dipelo tsa bone kwa Modimong.—Mareko 1:1-4; Luke 1:13, 16, 17.
Molaetsa wa ga Johane o ne o thusa batho go lemoga gore Jesu wa Nasaretha ke ene Mesia yo o solofeditsweng. (Mathaio 11:10) Johane o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba ikwatlhaele maleo a bone le gore ba kolobediwe e le go bontsha gore ba a ikwatlhaya. (Luke 3:3-6) Johane o bidiwa Mokolobetsi ka gonne o ile a kolobetsa batho ba le bantsi. Kolobetso e e botlhokwa thata e a ileng a e dira ke ya ga Jesu.a—Mareko 1:9.
Mo setlhogong seno
Ke eng se se neng se dira gore Johane Mokolobetsi a tlhomologe?
Go ile ga bolelwa pele gore o tla dira tiro efe: Johane o ile a diragatsa boporofeti jwa go nna morongwa wa ga Jehofa ka go dira tiro ya go rera. (Malaki 3:1; Mathaio 3:1-3) O ile a bontsha gore ke ene yo o neng a tla ‘baakanyetsa Jehofa batho,’ seno se raya gore o ne a tla thusa Bajuda go amogela molaetsa wa ga Jesu Keresete, yo e leng ene moemedi yo mogolo wa ga Jehofa.—Luke 1:17.
Boswa: Jesu o ne a re “ga go ise go ke go nne le ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi, le fa go ntse jalo, motho yo o nang le maemo a a kwa tlase mo Bogosing jwa magodimo o mogolo go mo feta.” (Mathaio 11:11) Ga go na motlhanka ope wa Modimo yo o kileng a tshela pele ga Johane yo o neng a ka tsewa a le mogolo go mo gaisa, ka gonne Johane e ne e se moporofeti fela mme gape e ne e le “morongwa.” Gape mafoko a ga Jesu a ne a bontsha gore Johane o ne a se na tsholofelo ya go tshela kwa legodimong.b Moporofeti yono yo o ikanyegang o ile a tlhokafala pele Keresete a bula tsela e e isang botshelong kwa legodimong. (Bahebera 10:19, 20) Le fa go ntse jalo, fa Bogosi Jwa Modimo bo busa mo lefatsheng, Johane o tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo Paradaiseng.—Pesalema 37:29; Luke 23:43.
Batsadi ba ga Johane Mokolobetsi e ne e le bomang?
Batsadi ba ga Johane e ne le Sekarea le Elisabetha. Sekarea e ne e le moperesiti wa Mojuda. Go tsholwa ga ga Johane e ne e le kgakgamatso ka gonne mmaagwe e ne e le moopa e bile banyalani bano “ba ne ba setse ba godile thata.”—Luke 1:5-7, 13.
Ke mang yo o bolaileng Johane Mokolobetsi?
Kgosi Herode Antipase o ile a kgaola Johane tlhogo. Herodiase o ile a tlhotlheletsa morwadie gore a kope Herode go dira jalo. O ne a tlhoile Johane ka gonne a ne a kile a bolelela Herode yo o neng a re ke Mojuda, gore go ya ka molao wa Sejuda lenyalo la bone le ne le se kafa molaong.—Mathaio 14:1-12; Mareko 6:16-19.
A Johane Mokolobetsi le Jesu ba ne ba sa utlwane?
Ga go na bosupi bope mo Baebeleng jo bo bontshang gore ba ne ba sa utlwane. (Johane 3:25-30) Go na le moo, Johane o ne a bontsha gore ke maikarabelo a gagwe go baakanyetsa Mesia tsela e seng go gaisana le ene. Johane o ne a re: “Ke kolobetsa mo metsing . . . gore batho ba Iseraele ba tle ba mo itse.” O ne a oketsa ka go re: “Yono ke Morwa Modimo.” (Johane 1:26-34) Johane o ne a itumeletse go utlwa ka go atlega ga ga Jesu mo bodireding.
a Jesu “ga a ka a dira boleo bope.” (1 Petere 2:21, 22) O ne a sa kolobediwe ka gonne a tlhoka go ikotlhaela maleo mme o ne a bontsha gore o batla go dira thato ya Modimo. Seno se akaretsa le go re swela.—Bahebera 10:7-10.
b Bona setlhogo se se reng “Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?”