LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 172
  • Marea Magadalena E ne E le Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Marea Magadalena E ne E le Mang?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Marea Magadalena e ne e le mogwebakammele?
  • A Marea Magadalena e ne e le moaposetoloi?
  • A Marea Magadalena e ne le mosadi wa ga Jesu Keresete?
  • “Ke Bone Morena!”
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • “Ke Bone Morena!”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 172
Marea Magadalena o eme le Jesu fa pele ga lebitla le le se nang sepe, morago ga gore a tsosiwe.

Marea Magadalena E ne E le Mang?

Karabo ya Baebele

Marea Magadalena e ne e le molatedi yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete. Leina la gagwe e bong Magadalena le ka tswa le tswa mo leineng la toropo nngwe e e bidiwang Magadala (gongwe Magadana), e e neng e le gaufi le Lewatle la Galalea. Gongwe Marea o kile a bo a nna koo.

Marea Magadalena e ne e le mongwe wa basadi ba ba neng ba tsamaya le Jesu le barutwa ba gagwe mme basadi bao ba ne ba ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang. (Luke 8:1-3) O ile a bona fa Jesu a ne a bolawa mme ke mongwe wa batho ba ntlha go bona Jesu morago ga gore a tsosiwe.—Mareko 15:40; Johane 20:11-18.

  • A Marea Magadalena e ne e le mogwebakammele?

  • A Marea Magadalena e ne e le moaposetoloi?

  • A Marea Magadalena e ne le mosadi wa ga Jesu Keresete?

  • Go buiwa ka BoMarea ba le kae mo Baebeleng?

A Marea Magadalena e ne e le mogwebakammele?

Baebele ga e re Marea Magadalena e ne le mogwebakammele. Go na le moo, se e se buang ka botshelo jwa gagwe jwa pele ke gore Jesu o ne a leleka madimona a le supa mo go ene.—Luke 8:2.

Kgopolo ya gore e ne e le mogwebakammele pele a nna molatedi wa ga Jesu e tswa kae? Makgolo a dingwaga morago ga loso la ga Marea Magadalena, batho bangwe ba ne ba re ke ene mosadi (e ka tswa e ne e le mogwebakammele) yo go neng go buiwa ka ene yo o neng a tlhapisa Jesu dinao ka dikeledi a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. (Luke 7:36-38) Le fa go ntse jalo, kgopolo eno ga e a thaiwa mo Dikwalong.

A Marea Magadalena e ne e le moaposetoloi?

Nnyaa. Kereke ya Katoliki e bitsa Marea “Moitshepi Marea Magadalena” gape e mmitsa “moaposetoloi go baaposetoloi,” ka gonne e ne e le mongwe wa batho ba ntlha go bolelela baaposetoloi ka ga tsogo ya ga Jesu. (Johane 20:18) Le fa go ntse jalo, seno ga se mo dire moaposetoloi e bile gape Baebele ga e mmitse moaposetoloi.—Luke 6:12-16.

Baebele e ile ya wediwa fa lekgolo la ntlha le dingwaga  C.E. le tloga le fela. Morago ga makgolo a dingwaga Baebele e sena go wediwa, baeteledipele ba kereke ba ile ba tlhopha go simolola go tlotlomatsa Marea Magadalena. Go na le mekwalo e e neng ya kwalwa ka dingwaga tsa bo100 go ya go 300, e e bontshang gore barutwa bangwe ba ga Jesu ba ne ba fufegela Marea Magadalena, le fa go ntse jalo, mekwalo eo ga se karolo ya Baebele. Ditlhamane tseno ga di a thaiwa mo Baebeleng.

A Marea Magadalena e ne le mosadi wa ga Jesu Keresete?

Nnyaa. Tota e bile Baebele e bontsha gore Jesu ga a ise a ko a nyale.a

a Bona setlhogo se se reng, “A Jesu O ne A Nyetse? A Jesu O ne A na Le Bomonnawe?”

Go buiwa ka BoMarea ba le kae mo Baebeleng?

Mo Baebeleng go na le basadi ba le 6 ba ba neng ba bidiwa Marea.b

  1. 1. Mmagwe Jesu.—Mathaio 1:18.

  2. 2. Kgaitsadia Maratha le Lasaro.—Johane 11:1, 2.

  3. 3. Marea Magadalena.—Luke 8:2.

  4. 4. Mmagwe Jakobe le Josese.—Mathaio 27:56.

  5. 5. Mmagwe Johane Mareko.—Ditiro 12:12.

  6. 6. Mokeresete mongwe wa kwa Roma yo o neng a direla bakaulengwe le bokgaitsadi ka natla.—Baroma 16:6.

b Leina Marea ke Segerika mme ka Sehebera le raya Miriame, e leng leina la ga kgaitsadia Moshe.—1 Ditiragalo 6:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela