Ke ka Bona Kae Tsholofelo?
Karabo ya Baebele
Baebele e a re Modimo o “batla go lo naya bokamoso le tsholofelo.”a (Jeremia 29:11) Lebaka la go bo Modimo a re file Baebele ke gore “Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.” (Baroma 15:4) Jaaka re tla bona, Baebele e re fa kgakololo e e utlwalang ya go leba dilo ka tsela e e siameng, gape e re naya tsholofelo ka bokamoso jo bo itumedisang.
Mo tsebeng eno:
Baebele e re naya tsholofelo jang?
Baebele e ka re thusa go nna le pono e e siameng ka bokamoso, ka go re bontsha se re tshwanetseng go se dira gore re tokafatse botshelo jwa rona. Bona dikai tsa seno.
Bona dikgakololo go tswa mo Baebeleng. Pesalema 119:105 e a re: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, Le lesedi la tselana ya me.” Lesedi le le maatla, le ka dira dilo di tse pedi. Le ka dira gore re bone se se gaufi le rona le se se kgakala tota. Ka tsela e e tshwanang, kgakololo ya Baebele e ka re thusa ka mathata a re lebanang le one le go leba dilo ka tsela e e siameng. Dithuto tsa Baebele di kgona go re naya maatla mme tsa “itumedisa pelo.” (Pesalema 19:7, 8) Mo godimo ga moo, Baebele e re fa lesedi ka boikaelelo jo bontle jo Modimo a nang le jone ka bokamoso jwa batho le lefatshe. Tsholofelo eo e ka re tlisetsa boitumelo jo bo kgotsofatsang ka bosakhutleng.
Letla ba bangwe ba go thuse. Fa mathata a rona a lebega a sena tharabololo, re ka nna ra iphitlhela re itlhaola mo go ba masika le ditsala. Baebele e a re tlhagisa gore re se ka ra dira jalo go tila go tsaya ditshwetso le go dira dilo tse di seng botlhale. (Diane 18:1) Batho ba ba re ratang ba ka re thusa go akanya sentle. Gape ba ka nna le dikakantsho tse di ka re thusang go lebana le maemo a a thata. (Diane 11:14) Ka dinako tse dingwe ba ka re gomotsa ba bo ba re kgothatsa, mme seo sa re naya maatla a go itshoka go fitlha dilo di tokafala.—Diane 12:25.
Rapela Modimo. Baebele e a re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, Mme o tla go tshegetsa. Le ka motlha ga a kitla a letlelela mosiami go wa.”b (Pesalema 55:22) Go a tshwanela go bo Jehofa a bidiwa “Modimo yo o nayang tsholofelo.” (Baroma 15:13) O ka mo rapela ka “ditlhobaelo tsotlhe tsa” gago o tlhomamisegile gore o a go kgathalela. (1 Petere 5:7, ntlha e e kwa tlase) Mme gone Baebele e a re: “O tla lo nonotsha, o tla lo thusa gore lo tswelele lo ikanyega e bile o tla dira gore lo nne lo tiile”—1 Petere 5:10.
Letla diteko di nonotshe tsholofelo ya gago. Baebele e solofetsa gore: “Yo o [reetsang Modimo] o tla nna ka pabalesego e bile ga a kitla a tshwenngwa ke go boifa matlhotlhapelo.” (Diane 1:33) Fa setsuatsue se ne se senya ntlo ya ga Magaret yo o nnang kwa Australia, o ile a latlhegelwa ke bontsi jwa dithoto tsa gagwe. Go na le gore a tshwenyege thata, o ile a ithuta thuto ya botlhokwa ya gore dithoto ga di nnele ruri. Morago ga moo, o ile a ikemisetsa go tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa e leng balelapa la gagwe, ditsala, botsala jwa gagwe le Modimo le tsholofelo e e mo Baebeleng.—Pesalema 37:34; Jakobe 4:8.
Baebele e solofetsa batho eng?
Baebele e solofetsa batho le lefatshe bokamoso jo bontle. Bokamoso joo bo tla direga mo bogautshwaneng. Eleruri mathata a batho ba lebanang le one a bontsha gore re tshela “mo malatsing a bofelo” a lefatshe leno. (2 Timotheo 3:1-5) Mo bogautshwaneng Modimo o tla laola se se diregang mo lefatsheng mme o tla fedisa tshiamololo le pogo. O tla dira jalo a dirisa puso ya lefatshe lotlhe e e bidiwang Bogosi Jwa Modimo. (Daniele 2:44; Tshenolo 11:15) Mo thapelong ya sekao, Jesu o ne a akantse ka puso ya kwa legodimong fa a ne a re: “A Bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale mo lefatsheng.”—Mathaio 6:9, 10.
Baebele e tlhalosa boikaelelo jwa Modimo ka batho. Bona mangwe a mathata a Puso ya Modimo e tla a fedisang:
Go tla bo go sena tlala. “Lefatshe le tla ungwa”—Pesalema 67:6.
Go tla bo go sena bolwetse. “Ga go na motho ope yo o nnang mo lefatsheng leo yo o tla reng: “Ke a lwala.””—Isaia 33:24, ntlha e e kwa tlase.
Go tla bo go sena loso. Modimo “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [batho], mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”—Tshenolo 21:3, 4.
a Fa re na le tsholofelo mo sengweng, re a bo re na le keletso ya sone e bile re dumela gore re tla se bona. Tsholofelo e ka nna sengwe se re lebileng pele go se bona.
b Jehofa ke leina la Modimo jaaka go tlhalosiwa mo Baebeleng.—Pesalema 83:18.