SEPTEMBER 21-27, 2026
PINA 12 Modimo yo Mogolo, Jehofa
Tswelela o Ithuta mo go Oketsegileng ka Jehofa
“Itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng.”—1 DITIR. 28:9.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tla bona gore go itse Jehofa go kaya eng, goreng re tshwanetse go ithuta mo go oketsegileng ka ene le gore re ka dira seo jang.
1. Re ikutlwa jang fa re akanya ka gore Jehofa o itse sengwe le sengwe, o botlhale le gore o dirile dilo tse dintsi tse di gakgamatsang?
MODIMO wa rona e bong Jehofa o itse sengwe le sengwe, o botlhale go gaisa mongwe le mongwe e bile o dirile dilo tse dintsi tse di gakgamatsang. Go akanya ka seo go re jesa kgakge! O ka tswa o ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo. O ile a re: “Ruri dikhumo le botlhale le kitso ya Modimo di boteng! Ruri ga re kitla re itse dikatlholo tsa gagwe ka botlalo e bile ga re kgone go tlhaloganya ditiro tsa gagwe tsotlhe!”—Bar. 11:33, 34.
2. Ke eng se se bontshang gore re ka kgona go itse Jehofa?
2 Le fa gone re se kitla re itse sengwe le sengwe ka Jehofa, re ka kgona go itse gore o ntse jang. Kgosi Dafide o ile a bolelela morwawe e bong Solomone a re: “Itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng . . . Fa o mmatla, o tla dira gore o mmone.” (1 Ditir. 28:9) Dingwaga tse dintsi moragonyana, moaposetoloi Johane o ile a bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi gore ‘ba neilwe temogo gore ba nne le kitso ka Modimo wa boammaaruri.’ (1 Joh. 5:20) Gape Jesu o ile a re o ne a tla thusa batho gore ba ‘itse Rara ka botlalo.’—Math. 11:27.
3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Rotlhe ba re direlang Jehofa, re setse re ithutile dilo di le dintsi ka ene. Le fa go ntse jalo, re tla nna re ithuta ka ene. (Joh. 17:3; bona ntlha ya go ithuta mo Baebeleng ya Seesemane.) Ka sekai, re ka ithuta mo go oketsegileng ka se se itumedisang Jehofa le gore re ka dira jang gore re mo tshepe le go feta. Le fa re ka tswa re na le dingwaga di le mmalwa kgotsa di le dintsi re direla Jehofa, go botlhokwa gore re tlotle ka dipotso tseno tse tharo: Go itse Jehofa go kaya eng? Goreng re tshwanetse go tswelela re ithuta mo go oketsegileng ka ene? Re ka dira eng gore re itse Jehofa mo go oketsegileng?
GO ITSE JEHOFA GO KAYA ENG?
4. Ke eng se re ka se dirang gore re itse Jehofa?
4 Go sekaseka se Jehofa a ileng a se bolelela Bajuda ba ba neng ba tla gololwa kwa botshwarwa, go tla re thusa go mo itse. O ile a re: “Ke tla dira gore ba eletse go nkitse sentle, ba itse gore ke nna Jehofa.” (Jer. 24:7) Bajuda bao ba ba neng ba tswa botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba setse ba itse dilo di le dintsi ka Jehofa. Mme gone, ba ne ba tla tshwanelwa ke go tsaya matsapa go mo itse. Buka nngwe e a re: “Go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga go itse ka Modimo le go itse Modimo. Pharologanyo eno e tshwana le e e leng teng fa gare ga go bala ka lorato le go rata mongwe.” Go itse gore Jehofa o na le leina le gore ke Modimo, ga go a lekana. Gape re tshwanetse go ithuta ka dinonofo tse dintle tse a nang le tsone.
5. Re ithuta eng mo go Kgosi Josia ka go itse Jehofa?
5 Gape re ka itse Jehofa fa re ithuta ka se a se ratang le se a sa se rateng. Ka sekai, akanya ka Kgosi Josia. Baebele e a re: “Mo ngwageng wa bo8 wa puso ya gagwe, fa a ne a sa ntse a le mosimanyana, o ne a simolola go direla Modimo wa ga Dafide rraagwemogolo.” (2 Ditir. 34:3) Mme Josia ga a ka a ithuta fela ka Jehofa, gape o ile a dirisa se a se ithutileng. Jehofa o ile a raya moporofeti Jeremia a re Josia “o ne a diragatsa tshiamiso le tshiamo” le gore o ne a sireletsa ba ba bogisiwang le ba ba humanegileng. Go tswa foo Jehofa o ile a re: “A ga a dira seo ka gonne a nkitse?”—Jer. 22:15, 16.
6. Go tla direga eng fa re ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa? (Pesalema 9:10)
6 Bala Pesalema 9:10. Fa re ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa, re tla mo tshepa le go feta. Seo ke se se diragaletseng moaposetoloi Paulo. Fa a ne a tshwerwe lekgetlo la bofelo e bile a ne a tloga a bolawa, o ne a kwala jaana: “Ga ke tlhabiwe ke ditlhong. Gonne ke itse Modimo yo ke dumetseng mo go ene.” (2 Tim. 1:12) Dilo tse moaposetoloi Paulo a neng a di ithuta le tse di neng tsa mo diragalela, di ne tsa dira gore a tshepe Jehofa ka pelo yotlhe. Ntlha ya go ithuta mo Baebeleng ya Seesemane e tlhalosa temana eno jaana: “Paulo o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a se kitla a mo lebala, gape o ne a se kitla a lebala tiro e a mo diretseng yone le gore o ne a tla mo tsosa mo baswing.”
GORENG RE TSHWANETSE GO TSWELELA RE ITHUTA KA JEHOFA?
7. Go ka direga eng fa dingwaga di ntse di tsamaya?
7 Fa dingwaga di ntse di tsamaya, re ka nna ra se ka ra tlhola re dira ka natla go itse Jehofa mo go oketsegileng jaaka fa re ne re simolola go ithuta ka ene. Goreng? Ka gonne fa re bala Baebele re le rosi kgotsa re le kwa dipokanong, re ka nna ra akanya thata ka gore se re se ithutang se ka re tswela mosola jang kgotsa re ka se dirisa jang go thusa ba bangwe. Tota Baebele e re kgothaletsa go dira sone seo. (2 Tim. 3:16, 17) Mme gape re tshwanetse go akanya thata ka Mokwadi wa yone. (Pes. 25:8-10) Ga re a tshwanela go akanya thata ka gore se re se ithutang se re tswela mosola jang kgotsa se ka thusa ba bangwe jang re bo re lebala go ipotsa go re, ‘Seno se mpolelela eng ka Jehofa Modimo?’a
8. Go itse Jehofa mo go oketsegileng go tla ama botsala jwa rona le ene jang? (Pesalema 73:24-28)
8 Go itse Jehofa mo go oketsegileng go tla dira gore botsala jwa rona le ene bo nonofe. Ka sekai, o a tle o ikutlwe jang ka Jehofa letsatsi le letsatsi fa o sena go bala Baebele, fa o sena go lebelela thulaganyo ya kgwedi le kgwedi ya broadcasting kgotsa morago ga kopano? Gantsi re ikutlwa re atamalane thata le Rraarona yo o kwa legodimong ka gonne re a bo re ithutile dilo di le dintsi ka ene. Ka jalo, seo se dira gore re mmake le gore re mo leboge. Re ikutlwa ka tsela e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a mo tlhokomelang ka yone. O ne a re: “Modimo ke lefika la pelo ya me le kabelo ya me ka bosakhutleng.” (Bala Pesalema 73:24-28.) Matsapa otlhe a re a tsayang go itse Jehofa mo go oketsegileng, a dira gore re lebogele go bo Jehofa e le tsala ya rona e e di gaisang tsotlhe.
9. Go ‘tsaya Jehofa tsia’ go tla re thusa jang fa re dira ditshwetso? Naya sekai.
9 Baebele e a re re ‘tseye Jehofa tsia.’ (Diane 3:5, 6) Seno se raya gore re akanye ka dilo tse re di ithutileng ka ene le gore o ikutlwa jang ka se re se dirang. Go dira jalo go tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Ka sekai, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba baya dinepe tsa balekane ba bone mo tafoleng kwa ba berekelang gone, mo sepatšheng kgotsa mo founong. Seo se dira gore ba nne ba akantse ka balekane ba bone, se ba gopotsa gore ba ba rata thata e bile se ba thusa go dira ditshwetso tse ba itseng gore ga di kitla di ba utlwisa botlhoko. Ka tsela e e tshwanang, fa re nna re akantse ka Jehofa re tla dira ditshwetso tse di mo itumedisang.—Pes. 19:13, 14.
10. Go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa go tla re thusa go dira eng?
10 E re ka re bopilwe mo setshwanong sa ga Jehofa, re na le bokgoni jwa go mo etsa. (Gen. 1:26) Fa re ithuta mo go oketsegileng ka dinonofo tsa ga Jehofa, re kgona go tlhaloganya botoka gore re ka mo etsa jang. Jesu o ne a kgala bakwadi le Bafarasai ka gonne ba ne ba sa ithuta go etsa Modimo. Le fa gone ba ne ba itse Molao sentle, ba ne ba “itlhokomolositse dilo tse di botlhokwa thata tsa Molao, e leng tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.” (Math. 23:23) Ga re batle go tshwana le baeteledipele bao ba bodumedi, go na le moo re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go bona gore melao le melaometheo e e mo Baebeleng e re ruta eng ka dinonofo tsa ga Jehofa. Go dira jalo go tla re thusa go nna le dinonofo tseo.—1 Joh. 4:8, 11.
RE KA DIRA ENG GORE RE ITSE JEHOFA MO GO OKETSEGILENG?
11. Go tlile jang gore o ithute ka Jehofa?
11 Ke mang yo o go rutileng ka Jehofa? Gongwe o rutilwe ke batsadi ba gago. Ba ka tswa ba ile ba go tlotlela ka dipego tsa Baebele tse di go rutileng gore Jehofa o na le dinonofo dife e bile ba ka tswa ba go rutile gore dilo tse Jehofa a di bopileng di bontsha gore ke Modimo yo o ntseng jang. Kgotsa o ka tswa o ile wa dumela gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a go rute. A ka tswa a ile a dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! go go thusa go akanyetsa kwa teng gore dipego tsa Baebele le dilo tse Jehofa a di bopileng di re ruta eng ka dinonofo tsa gagwe tse dintle.b (Neh. 8:8; Dit. 14:17) A re boneng gore re ka dira eng gore re tswelele re ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa.
12-13. Re ka ithuta eng ka Jehofa fa re bala Baebele? Naya sekai. (Jeremia 39:15-18) (Bona le setshwantsho.)
12 Sa ntlha, re ka ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa fa re bala le go ithuta Lefoko la gagwe. Go na le mo Baebele e buang ka tlhamalalo ka dinonofo tsa ga Jehofa. (Ekes. 34:6, 7) Mme gone, gantsi e re bolelela ka batho le ka ditshwetso tse ba ileng ba di dira. Fa o ntse o bala dipego tseo, leka go akanya gore di go ruta eng ka Jehofa.
13 A re re o bala Jeremia 38:6-13 e e buang ka Moethiopia mongwe yo o bidiwang Ebede-meleke, yo o ileng a sireletsa moporofeti Jeremia. Ka bonako fela o lemoga gore o ka etsa Ebede-meleke ka go thusa ba bangwe, ka go nna pelokgale le ka go rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone, a gape o kgona go bona dinonofo tsa ga Jehofa mo pegong eno? (Bala Jeremia 39:15-18.) Ka sekai, ke temana efe e e bontshang gore Jehofa o lebogela se batlhanka ba gagwe ba mo direlang sone? Ke temana efe e e bontshang gore Jehofa o atlhola sentle? Ke temana efe e e bontshang gore Jehofa ga a tlhaole ope? Ke eng gape se o se ithutang ka Jehofa mo pegong eno? Nako le nako fa o bala Baebele, batla se o ka se ithutang ka Jehofa, go tswa foo o bo o mo leboga o mmolelela gore o a mo rata ka ntlha ya dinonofo tse a nang le tsone.
Ebede-meleke o ne a nna pelokgale a bo a ya go ntsha Jeremia mo khuting ya go bolokela metsi e a neng a latlhetswe mo go yone (Bona serapa 12-13)
14. Goreng re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jehofa a di bopileng?
14 Sa bobedi, re ka ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa fa re akanyetsa kwa teng ka dilo tse a di bopileng. (Pes. 145:9, 10) Ke boammaaruri gore go leba popo fela ga go a lekana. Batho bangwe ba fetsa botshelo jotlhe ba ithuta ka popo mme ga ba kgone go lemoga dinonofo tsa Modimo kgotsa gore o teng. Moaposetoloi Paulo o ile a re “le fa re sa kgone go bona Modimo, re ka kgona go mo itse fa re ithuta ka dilo tse a di bopileng.” (Bar. 1:20) Thanolo nngwe fa e bua ka temana eno e a re “motho yo o kgonang go akanya sentle a ka bona dinonofo tsa Modimo.” Ka jalo, re tshwanetse go akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a di bopileng le gore di re ruta eng ka ene.
15. Patrick o ile a dira eng gore a itse Jehofa mo go oketsegileng, mme wena o ka dira seo jang? (Bona le setshwantsho.)
15 E re ka batho ba le bantsi ba nna mo ditoropong, ga ba kgone go bona dilo tse dintsi tse Jehofa a di bopileng. Fa e le gore o nna mo toropong, o sa ntse o ka ithuta dilo di le dintsi mo popong. Akanya ka Patrick yo o nnang kwa toropong nngwe e kgolo e e kwa Republic of the Congo e e bidiwang Brazzaville. A re: “Letsatsi le letsatsi ke ema mo mathuding a folete ya me gore ke bone sengwe se Jehofa a se bopileng. Ke nna ke bona ditshenekegi tse dinnye thata kgotsa dinonyane tse dinnye di batla dijo kgotsa lefelo le di ka nnang mo go lone. Nako nngwe ke ne ka bona dinonyane di dira sentlhaga. Di ne di dirisa dilo tse di neng di di tsaya mo toropong, tse di neng di siametse gore mamphorwana a ka nna mo go tsone.” Gape Patrick o ile a akanyetsa kwa teng ka Mmopi wa tsone. A re: “Ke ithutile gore Jehofa o tlhokomela ditshedi tse a di bopileng tota le tse dinnye. Seo se mpontshitse gore le nna o amega ka nna e bile a ka se palelwe ke go nnaya dilo tse ke di tlhokang.”
Ithute mo go oketsegileng ka Jehofa ka go akanyetsa kwa teng ka dilo tse a di bopileng (Bona serapa 15)
16. Ke eng se se thusitseng mmaagwe Jesu e bong Marea gore a itse Jehofa mo go oketsegileng, mme re ka mo etsa jang? (Bona le setshwantsho.)
16 Sa boraro, re ka kgona go itse Jehofa mo go oketsegileng fa re akanyetsa kwa teng ka se a re diretseng sone. Seo ke se mmaagwe Jesu e bong Marea a ileng a se dira. O ne a setse a itse Jehofa sentle e bile ‘Modimo o ne a mo amogetse.’ (Luke 1:30) Le fa go ntse jalo, o ile a newa kabelo ya botlhokwa thata e bile e se motlhofo ya gore a nne mmaagwe Jesu. Jehofa o ile a dirisa moengele Gabariele le mongwe wa losika lwa ga Marea e bong Elisabetha gore ba nonotshe Marea le go mo tlhomamisetsa gore Jehofa o tla mo thusa. Moragonyana fa Marea a ne a akanyetsa kwa teng ka se se mo diragaletseng, o ile a lemoga gore Jehofa o na le maatla, o kutlwelobotlhoko, ga a tlhaole ope e bile o rata le batho ba maemo a a kwa tlase. (Luke 1:46-55) Marea o ne a lebogela tsela e Jehofa a neng a mo thusa ka yone, le rona re ka lebogela go bo Jehofa a re thusa “ka nako e e tshwanetseng.” (Baheb. 4:16) Fa Jehofa a go thusa, ipotse go re: ‘Seno se nthuta eng ka Jehofa? Ke dinonofo dife tsa gagwe tse ke di lemogang?’
Ithute mo go oketsegileng ka Jehofa ka go akanyetsa kwa teng ka se a go diretseng sone (Bona serapa 16)c
GA RE KITLA RE KGAOTSA GO ITHUTA
17-18. Goreng re ka re go na le dilo di le dintsi tse re tla nnang re di ithuta ka Jehofa?
17 Go na le dilo tse dintsi tse re tla di ithutang ka Jehofa kwa lefatsheng le lesha. Re tla newa memeno e mesha e e tla re bolelelang gore Jehofa o batla gore re tshele jang. (Tshen. 20:12) Re tla bo re ithuta go le gontsi ka ene mo dilong tse a di bopileng. (Isa. 11:6-9) Gape re tla itse Jehofa mo go oketsegileng fa re ntse re ithuta dilo tse disha, go akaretsa ka nako ya fa a tla bo a tsosa batho ba re ba ratang mo baswing le fa a ntse a re thusa gore re se ka ra tlhola re nna le boleo.
18 Go na le dilo di le dintsi tse re tla nnang re di ithuta ka Jehofa. Ga a na tshimologo e bile ga a na bokhutlo, ka jalo “botlhale jwa gagwe ga bo ka ke jwa lekanngwa.” (Pes. 90:2; 147:5) Ga re kitla re “itse ka botlalo tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong.” (Mor. 3:11) Ka jalo, le fa re le basha mo phuthegong kgotsa re na le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa, e kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go ithuta mo go oketsegileng ka Rre wa rona yo o lorato.
PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa
a Bona potso 20 mo karolong e e reng, “Se se Mo Lefokong la Modimo,” e e kwa tshimologong mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
b Bala thuto 07, ntlha 5-7 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!
c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o tshogang fa a neela dipuo o akanya kafa Jehofa a mo thusitseng ka gone fa a ne a neela puo kwa dipokanong tsa mo gare ga beke.