SEPTEMBER 28–OCTOBER 4, 2026
PINA 79 Ba Rute go Nitama
Thusa ba Bangwe go Itse Jehofa
“E le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go go itse, wena Modimo yo o esi wa boammaaruri.”—JOH. 17:3.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore re ka thusa jang batho ba re ba rutang Baebele go itse Jehofa, dinonofo tsa gagwe le gore ke eng se se mo itumedisang le se se sa mo itumediseng.
1. O ikutlwa jang fa motho yo o mo rutang Baebele a gatela pele?
O IKUTLWA jang fa motho yo o mo rutang Baebele a tla dipokanong lekgetlo la ntlha, a simolola go arabela, a bolelela batho ba bangwe se a se dumelang, mme fa nako e ntse e tsamaya a bo a kolobediwa? Ga go pelaelo gore o itumela tota! Boammaaruri ke gore, Jehofa ke ene a thusang motho yoo gore a gatele pele, ka jalo re tshwanetse go mmaka.—1 Bakor. 3:5-9; 3 Joh. 3, 4.
2. Ke eng se Jehofa a se batlelang batho ba re ba rutang Baebele? (1 Timotheo 2:3, 4)
2 Jehofa o batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba nne le kitso ya boammaaruri.” (Bala 1 Timotheo 2:3, 4.) O batla gore batho ba mo itse le gore ba itse se a ikaeletseng go se dira. (Jer. 9:24) Seo se raya gore ba tshwanetse go nna le kitso ya boammaaruri. Mme gone, “kitso ya boammaaruri” ke eng? Ga se tshedimosetso fela e motho a nnang le yone ka Modimo. Moithuti mongwe wa Baebele a re kitso eo ke se motho a se ithutang ka Modimo “se se mo tlhotlheletsang gore a dire diphetogo mo botshelong.” Ka jalo, fa motho yo o mo rutang Baebele a itse Jehofa, kitso eo e fetola botshelo jwa gagwe e bile e dira gore a nne le tsholofelo ya go bona “botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 17:3.
3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Jehofa o re neile tiro e e itumedisang ya go thusa ba bangwe go mo itse. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tse di latelang: Goreng batho ba re ba rutang Baebele ba tshwanetse go itse Jehofa sentle? Re ka ba thusa jang gore ba itse gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang? Gape re ka ba thusa jang go dirisa kitso e ba nang le yone ka Jehofa?
THUSA MOTHO YO O MO RUTANG BAEBELE GO ITSE JEHOFA SENTLE
4. Go ya ka Mareko 12:30, boikaelelo jwa rona ke eng fa re ruta mongwe Baebele?
4 Jesu o ile a re taelo e e di gaisang tsotlhe ke gore re rate Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe. (Bala Mareko 12:30.) Batho ba re ba rutang Baebele ba tshwanetse go itse Jehofa gore ba kgone go mo rata. Re batla gore ba kolobediwe ka gonne ba rata Jehofa, e seng ka gonne ba batla go nna ditsala tsa rona kgotsa tsa ba bangwe mo phuthegong kgotsa fela ka gonne ba rata dithuto dingwe tsa Baebele. Ka jalo fa re ruta mongwe Baebele, boikaelelo jwa rona ke gore a itse Jehofa le gore a mo rate.
5. Go rata Jehofa go tla rotloetsa motho yo re mo rutang Baebele gore a dire eng?
5 Fa motho yo re mo rutang Baebele a itse Jehofa e bile a mo rata, o tla batla go mo ikobela. Se Jesu a ileng a se bua se re bontsha gore fa motho a rata Jehofa, o tla batla go mo ikobela. O ile a re: “Gore lefatshe le itse gore ke rata Rara, ke dira fela jaaka Rara a ntaetse gore ke dire.” (Joh. 14:31) Ka jalo fela jaaka Jesu, fa motho yo re mo rutang Baebele a rata Jehofa, o tla batla go mo ikobela le go tswelela a ikanyega mo go ene.—1 Joh. 5:3.
6. Go itse Jehofa go tla thusa jang motho yo re mo rutang Baebele gore a dire ditshwetso tse di siameng? Naya sekai.
6 Fa motho yo re mo rutang Baebele a itse Jehofa sentle, o tla dira ditshwetso tse di siameng. Ka sekai, motho yo o batlang go itse go kgweetsa koloi, ga a ithute go kgweetsa ka go bala melao ya tsela fela kgotsa ka go kwala ditlhatlhobo. Gape o tshwanetse go kgweetsa ka makgetlo a le mantsi. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla kgona go kgweetsa mo maemong a a farologaneng a bosa e bile o tla dira ditshwetso tse di siameng fa a ntse a kgweetsa. Ka tsela e e tshwanang, motho yo re mo rutang Baebele o tla itse Jehofa sentle fa a ithuta Lefoko la Gagwe le fa a bona botshelo jwa gagwe bo nna botoka ka gonne a dira ditshwetso tse di dumalanang le melaometheo ya Baebele. Fa a ntse a ithuta ka Jehofa e bile a bona kafa a mo thusang ka gone, o tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng mo maemong ape fela a a lebanang le one.
7. Go itse Jehofa go ile ga thusa Josefa jang gore a dire tshwetso e e siameng?
7 Go itse Jehofa go ile ga thusa Josefa fa mosadi wa ga Potifaro a ne a batla gore a tlhakanele dikobo le ene. Ga go pelaelo gore go tloga fela fa Josefa a sa le monnye, o ile a rutiwa ka pego ya ga Adame le Efa le ya ga Aborahame le Sara. (Gen. 2:24; 20:3, 6) Dipego tseo di ile tsa thusa Josefa gore a lemoge gore Jehofa o leba lenyalo le mpho ya tlhakanelodikobo jang. E re ka Josefa a ne a itse Jehofa sentle, ga a ka a dumela go tlhakanela dikobo le mosadi wa ga Potifaro e bile o ile a mo raya a re: “Nka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” (Gen. 39:7-9) Josefa o ne a itse gore ke eng se Jehofa a se ratang le se a sa se rateng. O ne a itse se se neng se ka mo utlwisa botlhoko. Ka jalo, o ile a dira tshwetso e e siameng. Fa re thusa motho yo re mo rutang Baebele gore a itse Jehofa sentle le gore ke Modimo yo o ntseng jang, le ene o tla dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa.
MO RUTE GORE JEHOFA KE MODIMO YO O NTSENG JANG
8. O ka dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! jang go thusa motho yo o mo rutang Baebele go itse Jehofa?
8 O ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele go itse gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang? Jehofa o ile a thusa Jobe go ithuta mo go oketsegileng ka ene ka go mmotsa dipotso di feta 50. (Jobe 38:1–41:34) Le rona re ka dira se se tshwanang. Dipotso tse di mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! di diretswe go thusa motho yo o mo rutang Baebele go itse gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang. (Bona lebokoso le le reng, “Dipotso Tse di re Thusang fa re Ruta.”) Ka jalo, di dirise go thusa motho yo o mo rutang Baebele go itse Jehofa.
9-10. (a) Ke eng se se tla thusang motho yo o mo rutang Baebele gore a ithute mo go oketsegileng ka Jehofa? (Jakobe 5:11) (b) O ka dirisa pego ya Baebele jang go thusa motho yo o mo rutang go lemoga se se itumedisang Jehofa le se se sa mo itumediseng?
9 Fa re simolola go ruta mongwe Baebele, re mo kgothaletsa gore a bale Baebele letsatsi le letsatsi.a Re ka mo thusa jang gore a ithute mo go oketsegileng ka Jehofa fa a bala Baebele? Re ka nna ra mo akantsha gore nako le nako fa a bala pego nngwe, a ipotse gore ke eng fa Jehofa a dirile gore e kwalwe mo Baebeleng le gore e mo ruta ka dinonofo dife tsa ga Jehofa. Seo ke se morutwa Jakobe a ileng a se dira fa a ne a bua ka pego ya ga Jobe. Ga a ka a tlhoma mogopolo fela mo nonofong e Jobe a neng a na le yone e leng boitshoko. Gape o ile a bua ka dinonofo tse Jehofa a nang le tsone e leng bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko.—Bala Jakobe 5:11.
10 Re batla gore fa motho yo re mo rutang Baebele a bala pego nngwe, a lemoge gore ke eng se se itumedisang Jehofa le se se sa mo itumediseng. Ka sekai, a ka nna a go bolelela gore o dirisa tšhate ya setlhogo se se reng, “Simolola go Bala Baebele” e e mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! le gore o tlhophile go bala pego ya Daniele a le mo khuting e e nang le ditau. O ka nna wa mo kgothaletsa gore a dirise dipotso tseno fa a akanyetsa kwa teng: ‘Goreng Jehofa a ile a sireletsa Daniele? Ke eng se pego eno e nthutang sone ka se se itumedisang Jehofa?’ (Dan. 6:10, 22) Gape a ka nna a ipotsa go re: ‘Go ne ga direga eng ka banna ba ba neng ba latofatsa Daniele? Ke eng se pego eno e nthutang sone ka se se sa itumediseng Jehofa?’ (Dan. 6:4, 5, 24) Gape o ka mo kgothaletsa gore a akanye gore pego eo e mo ruta gore Jehofa o na le dinonofo dife.—Dan. 6:26, 27.
11. Re ka thusa jang motho yo re mo rutang Baebele go lemoga gore Jehofa ke ene a mo rutang?
11 Re a itumela fa re bona motho yo re mo rutang a lemoga gore dilo tse a di ithutang di tokafatsa botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore re mo thuse go lemoga gore se a se ithutang se tswa kwa go Jehofa yo e leng Motlhatlheledi yo Mogolo. (Isa. 30:20, 21) Motho yo re mo rutang Baebele a ka nna a lebogela dilo tse a di ithutang a bo a re akgolela tsela e re rutang ka yone. Le fa go dira jalo go se phoso, re tshwanetse go mo gopotsa gore o tshwanetse go leboga Jehofa ka gonne ke ene a mo rutang.
MO THUSE GO DIRISA KITSO E A NANG LE YONE KA JEHOFA
12-13. Go itse Jehofa go tla thusa jang motho yo re mo rutang fa a sa tlhaloganye pego nngwe ya Baebele? (Bona le setshwantsho.)
12 Kitso ya boammaaruri e re tswela mosola fa re dirisa se re se itseng ka Jehofa. Ka jalo, o ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele gore a dire jalo? Sa ntlha, mo thuse gore a akanye ka se a se itseng ka Jehofa fa a bala pego ya Baebele e go leng thata gore a e tlhaloganye. Ka sekai, fa a bala ka dikatlholo tsa ga Jehofa, a ka tswa a ipotsa gore goreng Jehofa a ile a fedisa batho bangwe mme a tlogela ba bangwe ba tshela. O ka mo thusa jang gore a tlhaloganye kgang eo?
13 O ka thusa motho yo o mo rutang Baebele go tlhaloganya kgang eo ka go mo kgothaletsa gore a akanye ka se a setseng a se itse ka Jehofa. Ka sekai, o ka mo akantsha gore a ipotse dipotso tseno: ‘Jehofa o ikutlwa jang ka batho? (2 Pet. 3:9) O dirile eng go re boloka le fa gone re le baleofi? (Baef. 2:4, 5) A Jehofa o otlhaya batho ba ba siameng? A Jehofa o tlogela batho ba ba sa siamang ba sa otlhaiwe?’ (Ekes. 34:6, 7) Ka dinako dingwe dipego tsa Baebele ga di na tshedimosetso e e re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a dirile ditshwetso dingwe. Mme gone, ga re tlhoke go itse sengwe le sengwe. Re itse Modimo wa rona e bile re tlhatswegile pelo gore ka metlha o dira se se siameng.
Thusa motho yo o mo rutang Baebele gore a akanye ka se a se itseng ka Jehofa fa a bala pego ya Baebele e go leng thata gore a e tlhaloganye (Bona serapa 12-13)
14. Re ka thusa jang motho yo re mo rutang Baebele fa a thatafalelwa ke go dirisana le mongwe mo phuthegong?
14 Akanya ka tsela ya bobedi e re ka thusang motho yo re mo rutang Baebele gore a dirise se a se itseng ka Jehofa. A re re motho yo o mo rutang Baebele o setse a simolotse go ya dipokanong mme o thatafalelwa ke go dirisana le mongwe mo phuthegong. Gongwe mokaulengwe kgotsa kgaitsadi o mo kgopisitse. Kgothaletsa motho yo o mo rutang gore a ipotse gore Jehofa o leba bakaulengwe le bokgaitsadi jang. Ka sekai, a ka ipotsa go re, ‘Jehofa o dirile eng go bontsha gore o a ba rata? (Joh. 3:16) Go botlhokwa go le kana kang mo go Jehofa gore re dirisane ka kutlwano? (Pes. 133:1) Jehofa o ikutlwa jang fa re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re dirisane ka kagiso?’ (2 Bakor. 13:11) Thusa motho yo o mo rutang Baebele gore a lemoge gore Jehofa o a itumela fa re tlhoma mogopolo mo dinonofong tse ba bangwe ba nang le tsone, e seng mo diphosong tse ba di dirang.
15-16. (a) Motho yo o mo rutang Baebele a ka etsa Jesu jang fa a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa? (Johane 8:29) (b) Kgaitsadi Marianne o ile a thusa jang mosadi yo a neng a mo ruta Baebele gore a dire tshwetso e e siameng? (Bona le setshwantsho.)
15 Tsela e nngwe e o ka thusang motho yo o mo rutang Baebele gore a dirise se a se itseng ka Jehofa, ke fa a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa. O ka simolola ka go mmontsha thuto 35 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! mo setlhogong se se reng, “Kafa re ka Dirang Ditshwetso Tse di Molemo ka Gone.” Mme go tweng fa e le gore motho yo o mo rutang Baebele o ile a rapela a bo a dira dipatlisiso mme o sa ntse a sa kgone go dira tshwetso? A ka tswa a sa itse gore a ka dirisa molaomotheo ofe mo ditemaneng tse dintsi tse a di boneng fa a dira dipatlisiso ka kgang eo. O ka mo akantsha gore a akanye ka sekao sa ga Jesu. Jesu o ne a dira ditshwetso jang? O ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di . . . itumedisang [Rara].” (Bala Johane 8:29.) Kgothaletsa motho yo o mo rutang Baebele gore a ipotse go re, ‘Ke akantse ka se ke se ithutileng mo dikgatisong le se ke se itseng ka Jehofa, ke tshwetso efe e e ka mo itumedisang?’ Mo thuse go lemoga gore tshwetso nngwe le nngwe e e itumedisang Jehofa, e siame.
16 Mosadi mongwe wa kwa Chile yo o neng a ithuta Baebele o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa. Ba lelapa la gagwe ba ne ba batla gore a amogele tiro e e neng e tla mo duela madi a mantsi. Mme fa a ne a ka e amogela, e ne e tla dira gore a se ka a nna teng kwa dipokanong tsotlhe. Kgaitsadi Marianne, yo o neng a mo ruta Baebele a re: “Ke ile ka mo kgothaletsa gore a akanye gore tshwetso e a neng a tla e dira, e ne e tla dira gore Jehofa a ikutlwe jang. A o ne a tla itumela kgotsa o ne a tla utlwa botlhoko? Gape ke ile ka mo kgothaletsa gore a rapele Jehofa a mmolelele ka kgang eno le gore a bone kafa a tla mo arabang ka gone. Ga a ka a amogela tiro eo mme go ise go ye kae, o ile a bona tiro e e ileng ya mo letla gore a nne gone kwa dipokanong ka metlha.” Ela tlhoko gore Kgaitsadi Marianne ga a ka a bolelela mosadi yoo yo o neng a ithuta Baebele le ene gore a dire eng. Go na le moo, o ile a mo thusa gore a akanyetse kwa teng ka se a neng a setse a se itse ka Jehofa. Seo se ile sa dira gore a atamalane le Kgaitsadi Marianne mme sa botlhokwa le go feta, a atamalane le Jehofa. Kgaitsadi Marianne a re: “Mosadi yoo o ile a ithuta gore Jehofa o amega ka rona fa re dira gore kobamelo ya gagwe e tle pele.”
Thusa motho yo o mo rutang Baebele gore a kgone go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa (Bona serapa 15-16)b
JEHOFA O SEGOFATSA BA BA MO ITSENG SENTLE
17. Selo sa botlhokwa thata se re batlang gore batho ba re ba rutang Baebele ba se dire ke eng?
17 Batho ba re ba rutang Baebele ba ithuta dilo tsa botlhokwa fa re tsweletse ka thuto. Ka sekai, ba ithuta dithuto tse di jaaka gore go direga eng fa mongwe a tlhokafala, goreng Jesu a ile a re swela le gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng. Gape ba ithuta gore Basupi ba ga Jehofa ba rulagantswe jang, jaaka gore go direga eng kwa dipokanong tsa rona, bagolwane ba dira tiro efe le gore Setlhopha se se Laolang se dira eng. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe sa botlhokwa thata se re batlang gore batho ba re ba rutang Baebele ba se dire. Re batla gore ba itse Jehofa sentle.
18. Jehofa o tla segofatsa jang ba ba ithutang ka ene?
18 Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go ruta batho ba bangwe go itse Jehofa! Ba ba itseng Jehofa e bile ba mo direla, ba tshela botshelo jo bo itumedisang gone jaanong. (Pes. 25:12-15) Mo nakong e e tlang, ba ba ‘nang le kitso ka Modimo wa boammaaruri’ e bong Jehofa, ba tla tshelela ruri. (1 Joh. 5:20) Mme ga se gone gotlhe. Baebele e re bolelela gore ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go itse Jehofa le go mo rata, ‘Modimo o a ba itse.’ (1 Bakor. 8:3) Go a itumedisa gore Mothatayotlhe o a re bona e bile o re tsaya re le ditsala tsa gagwe. Eno ke tsela e ba ba itseng Modimo yo o esi wa boammaaruri ba segofadiwang ka yone!
PINA 84 Go Dira ka Natla
a Karolo ya leka go dira seno e e mo thuto 05 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! e a re: “Bala Baebele ka metlha, o dirisa tšhate e e reng, ‘Simolola go Bala Baebele.’”
b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Setshwantsho seno se re thusa go akanya ka se se diragetseng fa mosadi yo Kgaitsadi Marianne a neng a mo ruta Baebele a ne a gana go amogela tiro e a neng a e newa.