SEPTEMBER 14-20, 2026
PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me
Buka ya Isaia E ka Go Gomotsa
“Seno ke se Jehofa a se buang: . . . ‘Ke tla nna ke lo gomotsa fela jaaka mmê a gomotsa morwawe.’”—ISA. 66:12, 13.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore go akanyetsa kwa teng ka buka ya Isaia go tla re gomotsa jang fa re hutsafetse kgotsa re kgobegile marapo.
1-2. Jehofa o re thusa jang fa re hutsafetse?
LEKA go akanya ka ngwana yo o lelang botlhoko ka gonne a hutsafetse. Gongwe ba lelapa la gaabo ba fudugela kwa lefelong le lengwe, mme seo se dira gore a kgaogane le ditsala tsa gagwe. Kgotsa a kwa tswa a utlwisitswe botlhoko ke phoso nngwe e a e dirileng. Ke eng se mmê yo o lorato a tla se dirang mo maemong ano? A ka mo haka, a mo reetsa fa a ntse a tlhalosa gore o lelela eng a bo a mmolelela gore o a mo rata.
2 Mo Baebeleng, Jehofa o itshwantsha le mmê yo o lorato yo o gomotsang ngwana wa gagwe. A re: “Ke tla nna ke lo gomotsa fela jaaka mmê a gomotsa morwawe.” (Isa. 66:13) Jehofa o re rata go feta kafa motsadi a ratang ngwana wa gagwe ka gone. (Isa. 49:15) O dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele go re gomotsa le go re nonotsha fa re kgobegile marapo kgotsa re lebana le mathata.—Bar. 15:4.
3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Buka ya Isaia e na le mafoko a a gomotsang a Jehofa a ileng a a bua. (Isa. 40:1) Rre wa rona yo o lorato, o ile a laela Isaia gore a kwale buka eno go gomotsa batho ba gagwe ba ba neng ba nna kwa Juda fa go ne go na le mathata a le mantsi. Le rona re tshela ‘mo dinakong tse di thata e bile di le kotsi.’ Ka jalo, re tlhoka go gomodiwa. (2 Tim. 3:1) A re tlotleng ka ditemana dingwe tse di mo bukeng ya Isaia tse di ka re gomotsang le go re nonotsha fa (1) maemo a rona a fetoga re sa lebelela, (2) fa re nna re ikutlwa molato ka ntlha ya diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng kgotsa (3) fa re hutsafetse ka gonne re tlhokafaletswe ke motho yo re mo ratang.
FA MAEMO A FETOGA RE SA LEBELELA
4. Maemo a a fetogang re sa a lebelela a ka re ama jang?
4 Botshelo jwa rona bo ka fetoga re sa lebelela. (Mor. 9:11; 1 Bakor. 7:31) Ka tshoganyetso fela re ka nna ra lwala, ra felelwa ke tšhelete, ga nna le dintwa mo nageng ya rona kgotsa ra newa kabelo e nngwe. Diphetogo tseo di ka dira gore re tshoge kgotsa re tlhobaele re bo re ipotsa gore re tla dira eng. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Joseph, yo o feditseng dingwaga di le 17 a direla kwa Bethele, o ne a kopiwa gore a ye go direla Jehofa kwa tshimong. A re: “Ke ne ke tlhakane tlhogo. Go ne go le thata go simolola botshelo sesha morago ga go fetsa dingwaga di le dintsi jalo ke direla kwa Bethele. Ke ne ke sa itse gore ke simolole kae.” Jehofa o re gomotsa jang a dirisa buka ya Isaia fa maemo a rona a fetoga?
5. Go ya ka Isaia 42:16, Jehofa a re o tla re direla eng? (Bona le setshwantsho.)
5 Bala Isaia 42:16. Jehofa o solofetsa gore o tla kaela difofu mo ditselaneng tse ba sa di tlwaelang le gore o tla dira gore lefifi le fetoge lesedi. Mafoko “difofu,” ‘ditselana tse di sa tlwaelegang,’ “lefifi” le “naga e e nang le maje,” a ka tswa a bontsha tsela e re ikutlwang ka yone ka bokamoso jwa rona fa maemo a rona a fetoga re sa lebelela. Re ka nna ra ikutlwa jaaka e kete re tsamaya mo sekgweng se se kitlaneng re sa kgone go bona tsela sentle. Mme gone, Jehofa o re tlhomamisetsa gore o tla re kaela mo maemong ape fela a re lebanang le one e bile ga a kitla a re latlha. O tla re tshwara ka seatla, a bo a re kaela fa go le lefifi. O tla dira gore go nne lesedi mo tseleng e re tsamayang mo go yone e bile o tla dira gore e nne borethe gore go nne motlhofo go tsamaya mo go yone. Jehofa o dira seo jang? Ka go re naya kgakololo e e re tswelang mosola a dirisa Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. (Pes. 119:105; Isa. 30:21) Gape o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba bangwe go re thusa ka ditsela tse di farologaneng. Tota le fa tsela e re tsamayang mo go yone e sa bonale sentle kgotsa go lebega e kete go thata go tsamaya mo go yone, ga re belaele gore Jehofa o tla re kaela ka gonne o a re rata e bile o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone.—Isa. 41:10; 1 Pet. 5:6, 7.
Tota le fa maemo a gago a ka fetoga o sa lebelela, Jehofa ga a kitla a go latlha (Bona serapa 5)b
6. Re ka tlhomamisega ka eng fa maemo a rona a fetoga?
6 Joseph yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o tlhalosa kafa Jehofa a ileng a ema ene le mosadi wa gagwe nôkeng ka gone fa ba sena go tswa kwa Bethele. A re: “Jehofa o ile a re thusa thata a bo a re bontsha gore o a re rata mo nakong eo. O ile a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi, a re kgothatsa a bo a re naya dilo tse re di tlhokang ka nako e re neng re di tlhoka ka yone, e bile o ntse a dira jalo le gone jaanong.” Le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go nonotsha le go go kaela fa maemo a gago a fetoga le fa go ka lebega go le thata jang. (Isa. 54:10; 58:11) Gape Joseph a re: “Ke rata mafoko a nngwe ya dipina tsa rona a a reng, ‘Tsa kamoso tsone, ga ke di’itse. Mme ke itse gore ga ke nosi.’a Ka jalo, le fa maemo a gago a ka fetoga o sa lebelela, tlhomamisega gore Jehofa o tla nna a go thusa.”
FA RE NNA RE IKUTLWA MOLATO KA DIPHOSO TSE RE DI DIRILENG
7. Ke maikutlo afe a bangwe ba a tleng ba nne le one ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng?
7 Fa re boleletse bagolwane ka boleo jo bo masisi jo re bo dirileng, ba tla re thusa ka gonne ba a re rata. Gape re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra bo dira gape. (Diane 28:13; Jak. 5:14-16; 1 Joh. 1:9) Le fa go ntse jalo, tota le fa Jehofa a sena go re itshwarela, re sa ntse re ka ikutlwa molato ka phoso e re e dirileng. Re ka nna ra akanya gore Jehofa ga a ka ke a re itshwarela ka ntlha ya se re se dirileng. (2 Bakor. 2:7) Re ka ikutlwa jalo ka gonne go ka nna thata go lebala diphoso tse re di dirileng e bile seo se ka re hutsafatsa. Kgosi Dafide o ile a re: “Ga go na kagiso mo teng ga me ka ntlha ya boleo jwa me. Ke kgwaraletse e bile ke gateletswe fela thata.” (Pes. 38:3, 8) Fa e le gore o a tle o ikutlwe jalo ka ntlha ya maleo a o a dirileng, buka ya Isaia e ka go gomotsa.
8-9. Isaia 1:18 e bontsha jang gore Jehofa o re itshwarela ka pelo yotlhe?
8 Bala Isaia 1:18. Jehofa o dirisa setshwantsho se se utlwalang sentle go bontsha gore o re itshwarela ka pelo yotlhe fa re dirile maleo. A re tota le fa maleo a rona a ka nna “mahibidu,” o tla dira gore a nne “masweu fela jaaka kapoko.” Fa seaparo sa rona se ka tshelegelwa ke sengwe se sehibidu, go tla nna thata gore se phimoge. Mme Jehofa ene o re tlhomamisetsa gore fa a re itshwaretse, ga a kitla a nna a gopola maleo a re a dirileng.
9 Akanya ka se se ileng sa diragalela Kgosi Dafide. Le fa a ne a ikutlwa molato ka gonne a dirile boaka e bile a bolaile motho, Jehofa o ile a mo itshwarela e bile moragonyana o ile a mo tlhalosa e le motho yo o ikanyegang. (2 Sam. 11:3, 4, 14, 15; 12:13; 1 Dikg. 9:4, 5) Jehofa o ne a gopola Dafide ka boikanyegi jwa gagwe, e seng ka maleo a a a dirileng. Le rona Jehofa o a re itshwarela fa re ikwatlhaya e bile o re thusa gore re tswelele re mo direla ka segakolodi se se phepa. Buka ya Isaia e re gomotsa jang gape fa re nna re ipona molato ka ntlha ya diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng?
10. Isaia 38:17 e re gomotsa jang?
10 Bala Isaia 38:17 le ntlha e e kwa tlase. Mafoko a a reng, “o latlhetse maleo a me otlhe kwa morago ga gago” gape a ka ranolwa e le “o ne wa tlosa maleo a me otlhe fa pele ga gago.” Ka jalo, temana eno e tlhalosa gore fa Jehofa a itshwaretse motho yo o ikwatlhayang, o latlhela maleo a a a dirileng kwa morago ga Gagwe, kwa a ka se kang a a bona gone kgotsa a akanya ka one gape. Dikishinare nngwe e ranola temana eno jaana: “O dirile gore [maleo a ke a dirileng] a nne jaaka e kete ga ke ise ke ko ke tsamaye ke a dire.” Ka jalo, fa Jehofa a re itshwarela maleo a re a dirileng, mo go ene go nna jaaka e kete ga re ise re ko re a dire. Fa Jehofa a re itshwarela, ga a kitla a re otlhaya gape ka ntlha ya maleo ao a re a dirileng, ka gonne ga a a gopole gotlhelele. O re solofetsa jaana: “Ga nkitla ke gakologelwa maleo a gago.” (Isa. 43:25) Ruri mafoko ano a a gomotsa! Fa e le gore Jehofa, yo e leng Moatlhodi yo Mogolo, ga a sa tlhole a re bona molato ka ntlha ya maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng, a go tla bo go siame gore rona re dire jalo?
O se ka wa letla maleo a o a dirileng mo nakong e e fetileng gore a go amoge boitumelo
11. Ke eng se Jehofa a se lebang mo go rona le fa re ka tswa re dirile maleo a a masisi mo nakong e e fetileng? (Bona le setshwantsho.)
11 Nako le nako fa re ikutlwa molato ka ntlha ya maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng, re tshwanetse go gopola mafoko a a gomotsang a Jehofa a re bolelelang one. Fa a re itshwarela, o dira jalo ka pelo yotlhe. Maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng, ga a dire gore a tlhabiwe ke ditlhong fa a re leba e bile ga a tshwane le batho ba ba nang le boleo ba ba tshwarang sekgopi. (Isa. 57:16) Se se botlhokwa mo go ene ke se re se dirang gone jaanong le se re tla se dirang mo nakong e e tlang, e seng se re se dirileng mo nakong e e fetileng. (Isa. 55:7) Ruri Modimo yo re mo direlang o lorato e bile o a itshwarela! Ka jalo, ga re a tshwanela go letla maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng gore a re amoge boitumelo kgotsa a dire gore re se ka ra bona botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang.
Jehofa ga a nnele go akanya ka diphoso tse re di dirileng (Bona serapa 11)c
FA RE HUTSAFETSE KA GONNE RE TLHOKAFALETSWE KE MOTHO YO RE MO RATANG
12. Re ka ikutlwa jang fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala?
12 Fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala, re ka utlwa botlhoko thata e bile go ka tsaya lobaka gore kutlobotlhoko eo e fele. Ka dinako dingwe re ka ipotsa gore goreng Jehofa a letlile gore motho yoo a tlhokafale. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Michael o ne a tlhokafalelwa ke batsadi. Ba ne ba shela mo ntlong. A re: “Ke ne ke ngomogile pelo tota e bile ke galefetse Jehofa ka gonne a letlile gore ba tlhokafale. Ke ne ke itse gore ga se ene a dirileng gore ba tlhokafale, mme ke ne ke ipotsa gore goreng a sa ba sireletsa.” Gongwe le wena o kile wa ikutlwa jalo. Jehofa a ka go gomotsa le go go naya tsholofelo jang fa o hutsafetse thata?
13. Jehofa o re solofetsa eng mo go Isaia 25:8?
13 Bala Isaia 25:8. Jehofa o solofetsa gore o tla “kometsa loso ka bosakhutleng.” Leka go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa loso lo tla bo lo seyo. Ga o kitla o tlhola o utlwisiwa botlhoko ke go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang. (Isa. 35:10) Gape ga o kitla o tlhola o utlwisiwa botlhoko ke go bona mabitla a a go gopotsang kwa batho ba o ba ratang ba fitlhetsweng gone. Go na le moo, batho ba o ba ratang ba tla tswelela ba tshela e bile ba sa lwale. Tsholofetso eno ga se go ijesa dijo tsa ditoro. E tla direga ka gonne Jehofa ke ene a solofetsang e bile ke ene fela a ka kgonang go e diragatsa.—Tshen. 21:4, 5.
14. O ikutlwa jang fa o akanya ka tsogo ya baswi? (Isaia 26:19) (Bona le setshwantsho.)
14 Bala Isaia 26:19. Jehofa ga a kitla a fedisa loso fela, gape o tla tsosa batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng. Fa a bua ka bone, a re: “Ditopo tsa me di tla tsoga.” Seno se raya gore Jehofa o ba tsaya e le ba gagwe. Ba nna ba le mo mogopolong wa gagwe, mme ka nako e a e beileng o tla ba tsosa. Fela jaaka metsi a dira gore dijalo tse di suleng di tshele gape, Jehofa yo e leng Motswedi wa botshelo, o tla tsosa batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng. Ruri re tla itumelela go ba amogela!—Bapisa le Mareko 5:42.
Tsholofelo ya gore baswi ba tla tsosiwa ga se go ijesa dijo tsa ditoro (Bona serapa 14)
15. Tsholofetso ya gore batho ba re ba ratang ba tla tsosiwa, e re thusa jang?
15 Tota le fa re dumela gore Jehofa o tla tsosa baswi, re sa ntse re utlwa botlhoko thata fa batho ba re ba ratang ba tlhokafala. Mme gone, re gomodiwa ke go itse gore Jehofa ga a ba lebala. Tsholofelo ya gore Jehofa o tla tsosa baswi, e ile ya gomotsa Michael yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng. A re: “Isaia 26:19 e nthusitse go tlhaloganya gore Jehofa o rata batsadi ba me. Ga a kitla a ba lebala e bile ba tla tswelela ba le mo mogopolong wa gagwe go fitlha a ba tsosa ka nako e e tshwanetseng. Go itse seo go a nkgomotsa e bile go a nnonotsha.” E kete le rona re ka nna re akantse ka tsholofetso ya gore re tla bona batho ba re ba ratang gape. Go dira jalo, go tla re thusa go itshokela kutlobotlhoko e re leng mo go yone.
16. Ke temana efe e e go gomotsang fa o lebana le maemo a a thata?
16 Re tlotlile ka ditemana di le mmalwa mo bukeng ya Isaia tse di ka re gomotsang fa maemo a rona a fetoga, fa re nna re ipona molato ka ntlha ya maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng le fa re hutsafaditswe ke go tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang. Ruri re lebogela go bo Jehofa a re gomotsa e bile a re sidila a dirisa Lefoko la gagwe! (Pes. 94:19) A go na le temana e e go gomotsang fa o lebana le maemo a a thata? Leka go e tshwara ka tlhogo, e kwale mo bukeng kgotsa o e beye mo o tla nnang o e bona gone. E kete o ka gomodiwa ke se Rre wa rona yo o lorato yo o kwa legodimong e bong Jehofa a se buang mo Lefokong la gagwe.
PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona
a Mafoko ano a tswa mo pineng ya setlhogo se se reng, “Jehofa O na Le Nna.”
b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Banyalani ba ba neng ba direla kwa Bethele ba amogelwa ke phuthego e ba fudugetseng kwa go yone.
c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o tlogela go akanya ka maleo a a a dirileng mo nakong e e fetileng e bile o kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela.