AUGUST 17-23, 2026
PINA 90 A re Kgothatsaneng
Nonotsha Botsala Jwa Gago le Bakaulengwe le Bokgaitsadi
“Nnang le lorato le bopelotlhomogi, bopelonomi, boikokobetso, bonolo le bopelotelele.”—BAKOL. 3:12.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tla bona gore re ka lebana jang le dikgwetlho tse di ka senyang botsala jo re nang le jone le Bakeresetemmogo le rona.
1. Re ka bona kae ditsala tsa mmatota?
GONGWE o tla dumalana le mafoko ano a a simololang a pina ya “Ditsala Tsa Nnete” a a reng: “Batho botlhe, bagolo le basha, ba tlhoka ditsala. Rara Mmopi o lorato, o tlhaloganya seno.” Re itumelela go bo re kgona go nna le ditsala tsa mmatota mo phuthegong ya ga Jehofa. (Pes. 119:63) Re mo lelapeng la batho ba ba obamelang Jehofa e bile ba ratana.
2. Re batla go nna le botsala jo bo ntseng jang le Bakeresetemmogo le rona?
2 Botsala jo re batlang go nna le jone le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, ga se jwa go ba itse fela. Go na le moo, re batla go nna ditsala tse di atamalaneng thata le tse di ikanyegang. Re mo lelapeng la batho ba ba ratang Jehofa le Jesu, mme seo se dira gore re nne seoposengwe. (Joh. 13:35) Mme gone, botsala jo bo ntseng jalo ga bo itiragalele fela. Bo tlhoka go tseelwa matsapa. Le fa go ntse jalo, e re ka re na le boleo, ka dinako dingwe re ka lebana le maemo a a dirang gore go nne thata gore re tswelele re le ditsala.
3. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore re tswelele re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi?
3 Boammaaruri ke gore re ka nna ra ikutlwa re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe go feta ba bangwe. Goreng? Ka gonne re ka tswa re rata dilo tse di tshwanang kgotsa re na le botho jo bo tshwanang le jwa bone. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra fitlhela go le thata go nna ditsala le bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe mo phuthegong. Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra se ka ra dumalana ka dilo dingwe, mme seo se ka dira gore go nne thata go atamalana. Gongwe re ka tswa re na le botho jo bo sa tshwaneng, mme seo se ka dira gore re se ka ra itumelela go fetsa nako mmogo. Ka dinako tse dingwe, go ka nna thata gore re tswelele re atamalane le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o lwalang kgotsa yo o tshwenyegileng mo maikutlong. Mo setlhogong seno, re tla bona kafa sekao sa ga Jesu se ka re thusang ka gone gore re tswelele re le ditsala le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le fa re lebane le dikgwetlho. Mme pele ga moo, a re boneng gore go nna le dinonofo tse Modimo a batlang gore re nne le tsone go tla re thusa jang gore re tswelele re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi.
DINONOFO TSE MODIMO A BATLANG RE NNA LE TSONE DI RE THUSA GO ATAMALANA
4. Re ka nonotsha botsala jwa rona jang?
4 Fa re batla gore botsala jwa rona le badumedimmogo le rona bo nonofe, re tshwanetse go leka go bona dinonofo tse dintle tse ba nang le tsone. Go fetsa nako re na le bone, go tla re gopotsa dinonofo tsa bone tse dintle. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhologeletswe go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. O ne a kwalela Bathesalonika jaana: “Re ne ra dira sotlhe se re se kgonang gore re tle go lo bona.” (1 Bathes. 2:17) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lemogile gore go fetsa nako ba le mmogo e bile ba tlotla, go nonotsha botsala jwa bone. Re na le ditshono tse dintsi tsa go fetsa nako le ba bangwe kwa tshimong, kwa dipokanong le kwa dikopanong. Mme gone, go fetsa nako le ba bangwe, go ka nna ga se ka ga thibela mathata a a ka senyang botsala jwa rona.
5. Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re le ditsala le fa re lebana le dikgwetlho? Naya sekai. (Bakolosa 3:12)
5 Go nna le dinonofo tse Modimo a batlang re nna le tsone go tla re thusa gore botsala jwa rona bo nne bo nonofile le fa go na le maemo a a ka dirang gore bo senyege. (Bala Bakolosa 3:12.) Fa re le boikokobetso, re le pelotelele, re le pelonomi e bile re le pelotlhomogi, re tla kgona go fenya dikgwetlho tse di ka senyang botsala jwa rona. Ka sekai, fela jaaka oli e dira gore enjene e nne e bereka sentle, dinonofo tse Modimo a batlang re nna le tsone di tla re thusa gore re dirisane le ba bangwe sentle. A jaanong re tlotleng ka dikgwetlho tse di ka senyang botsala jo re nang le jone le badumedimmogo le rona. Re tla bona gore go nna le boikokobetso, bopelotelele, bopelonomi le bopelotlhomogi jaaka Jesu, go tla re thusa jang gore re tswelele re le ditsala tsa mmatota.
FA LO SA DUMALANE
6. Goreng go ka nna thata gore lo tswelele lo le ditsala fa lo sa dumalane?
6 Goreng e le kgwetlho? Fa batho ba babedi ba sa dumalane, mongwe le mongwe wa bone o akanya gore tsela e a lebang dilo ka yone, ke yone e e siameng. Ka sekai, bakaulengwe ba babedi ba ka nna ba se ka ba dumalana ka gore setlhopha sa bone sa tshimo se ka bereka tshimo jang. Mongwe le mongwe wa bone o dumela gore kakantsho ya gagwe ke yone e e siameng. Mo boemong jono, go ka nna motlhofo gore selo se sennye se ba sa dumalaneng ka sone, e nne selo se segolo se se ka senyang botsala jwa bone. Ba ka simolola go tsaya se ba reng se siame se le botlhokwa go gaisa botsala jwa bone. Fa ba sa rarabolole bothata joo, ba ka nna ba galefelana. Mme fa nako e ntse e tsamaya, botsala jwa bone bo ka senngwa ke selo seo se sennye.
7. Jesu o ile a dira eng go ruta barutwa ba gagwe gore boikokobetso bo ne bo tla ba thusa fa ba sa dumalane?
7 Nna boikokobetso jaaka Jesu. Jesu o ile a ruta barutwa ba gagwe gore go nna boikokobetso go ne go tla ba thusa fa ba sa dumalane ka sengwe. Go ne go fetile lobakanyana barutwa ba gagwe ba ntse ba ngangisana ka gore ke mang yo o neng a le mogolo mo go bone. Gore Jesu a ba thuse go tlogela mokgwa oo, o ile a ba tlhalosetsa gore ba ne ba tshwanetse go tsaya ba bangwe ba le bagolo mo go bone. (Math. 20:25-28) O ne a ba ruta go nna boikokobetso. Tota le mo bosigong jwa pele ga a bolawa, o ile a ba ‘tlhomela sekao’ ka go ba tlhapisa dinao, e leng tiro e gantsi e neng e dirwa ke batlhanka. (Joh. 13:3-5, 12-16) Fa a ne a dira seo, o ne a ba bontsha gore ba ka dira eng gore botsala jwa bone bo se ka jwa senyega. Go tsaya ba bangwe ba le bagolo mo go bone, go ne go tla ba thusa gore ba nne boikokobetso fa ba sa dumalane. Seo se ne se tla dira gore go nne motlhofo gore ba tswelele e le ditsala tse di atamalaneng tota le fa ba sa lebe dilo ka go tshwana.
8. Boikokobetso bo ka go thusa jang gore o nne o atamalane le ba bangwe le fa lo sa dumalane? (Bakolosa 3:13) (Bona le ditshwantsho.)
8 O ka dira eng gore o nne o atamalane le ba bangwe? Boikokobetso bo tla re thusa go itlhokomolosa dilo tse dinnye tse re sa dumalaneng ka tsone le go itshwarela ba bangwe ka pelo yotlhe. (Bala Bakolosa 3:13.) Fa re le boikokobetso, ga re kitla re galefela ba bangwe fa re sa dumalane le bone, mme seo se tla dira gore re tswelele re le ditsala. (Pes. 4:4) Tota le fa re ile ra tlhabana ka mafoko, re tshwanetse go gopola gore rotlhe re a tle re bue dilo tse re di ikwatlhaelang moragonyana. (Mor. 7:21, 22) Ipotse go re, ‘A ke tsaya se ke akanyang gore se siame se le botlhokwa go gaisa botsala jwa rona?’ Go ka nna molemo go amogela se yo mongwe a se akanyang. Fa o sa nnele go akanya ka kgang eo kgotsa go bua ka yone gape mo nakong e e tlang, o tla nna le kagiso.
Boikokobetso bo tla re thusa go itlhokomolosa dilo tse dinnye tse re sa dumalaneng ka tsone le go itshwarela ba bangwe ka pelo yotlhe (Bona serapa 8)a
9. Boikokobetso bo tla go thusa jang fa go se motlhofo gore lo rarabolole sengwe se lo sa dumalaneng ka sone? (Diane 17:9)
9 Gape boikokobetso bo ka go thusa fa go se motlhofo go rarabolola sengwe se lo sa dumalaneng ka sone. O se ka wa ngangisana le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o sa dumalaneng le ene ka sengwe, o leka go mmontsha gore ga o phoso. (Bala Diane 17:9; 1 Bakor. 6:7) O ka thusiwa ke go nna o gopotse gore o batla gore lo tswelele lo le ditsala. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba kgona go dira jalo ka go bua ka bonolo le motho yo ba sa dumalaneng le ene, ka gonne boikaelelo jwa bone e ne e le go rarabolola bothata. (Pes. 34:14) O ka nna wa re: “Go setse go fetile lobaka lo loleele re le ditsala. A re ka bua ka se se diragetseng?” Ikemisetse go amogela gore o nnile le seabe mo bothateng jo lo nang le jone, mme o bolelele tsala ya gago gore o a itse gore o utlwile botlhoko, go tswa foo o bo o mo kopa gore a go itshwarele. Mme fa e le gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi le ene o kopa gore o mo itshwarele, nna boikokobetso mme o mo itshwarele. (Luke 17:3, 4) Gopola gore boikaelelo jwa gago ga se go bontsha gore ke mang yo o phoso, mme ke go dira sotlhe se lo ka se kgonang go rarabolola se lo sa dumalaneng ka sone le gore lo tswelele lo le ditsala.—Diane 18:24.
FA BOTHO JWA RONA BO SA TSHWANE LE JWA BA BANGWE
10. Goreng go ka nna thata gore re nne re atamalane le ba bangwe?
10 Goreng e le kgwetlho? Go ka nna thata gore re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba botho jwa bone bo sa tshwaneng le jwa rona. Bangwe ba ka tswa ba na le mekgwa e re sa e rateng. Ba bangwe bone ba ka tswa ba itshwara ka tsela e re sa e tlwaelang ka gonne ba ne ba sa tshwarwe sentle mo nakong e e fetileng kgotsa batho ba setso sa bone ba sa phuthologe go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka gone kgotsa e le batho ba ba ratang go bua thata. Gape re ka tswa re farologane le bakaulengwe le bokgaitsadi ka gonne re rata go fetsa nako le batho ba bangwe mme bone ba sa nna jalo.
11. Ke eng se se thusitseng Jesu gore a tswelele a atamalane le batho ba ba neng ba na le botho jo bo sa tshwaneng le jwa gagwe?
11 Nna pelotelele jaaka Jesu. O ne a na le ditsala tse di neng di na le botho jo bo neng bo sa tshwane le jwa gagwe. Ka sekai, fa moaposetoloi Jakobe le Johane ba ne ba kopa Jesu gore a ba neye maemo a a kgethegileng mo Bogosing, ba ne ba bontsha gore ba batla gore batho ba ba tseye ba le botlhokwa. (Mar. 10:35-37) Jesu ene o ne a ikokobeditse ka gonne o ile a tlogela maemo a a kwa godimo a a neng a na le one kwa legodimong le tiro ya botlhokwa e a neng a e dira gore a tle mo lefatsheng. (Bafil. 2:5-8) Ruri Jesu o ne a farologane le Jakobe le Johane! Le fa go ntse jalo, o ne a le pelotelele le bone le batho ba bangwe.
12. Ke eng se se neng sa thusa Jesu gore a nne pelotelele le ditsala tsa gagwe?
12 Jesu o ne a itse gore ka dinako dingwe barutwa ba gagwe ba ne ba ka se ka ba akanya sentle kgotsa ba se ka ba dira dilo dingwe sentle. O ne a itse gore fela jaaka Jakobe le Johane, barutwa ba gagwe ba le bantsi ba ne ba akanya thata ka go nna le maemo. (Mar. 9:34) Le ene o ne a goletse mo setsong se ba neng ba goletse mo go sone. Ka nako eo, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba kgothaletsa batho gore ba itseye ba le botlhokwa le gore ba rate maemo, ka jalo Jesu o ne a tlhaloganya lebaka la go bo ba ne ba akanya jalo. O ile a nna pelotelele le bone ka gonne o ne a itse gore go ne go ka tsaya nako gore ba tlogele mokgwa oo o ba neng ba feditse dingwaga di le dintsi ba na le one.—Mar. 10:42-45.
13. Go nna pelotelele go tla re thusa jang gore re nne re na le ditsala? (Baefeso 4:2)
13 O ka dira eng gore o nne o atamalane le ba bangwe? Tswelela o le pelotelele ka go dira sotlhe se o ka se kgonang go itshokela mekgwa e o sa e rateng e bakaulengwe le bokgaitsadi ba nang le yone. (Diane 14:29) Rotlhe re na le dinonofo le mekgwa e e sa tshwaneng, mme bontsi jwa yone ga e phoso, ke tsela e re leng ka yone. Ka jalo, re itumela tota fa ba bangwe ba re itshokela. (Bala Baefeso 4:2.) Go botlhokwa gore le rona re dire se se tshwanang ka go amogela ba bangwe jaaka ba ntse. Ka sekai, akanya ka matsapa a motho yo o ditlhong a a tsayang gore a fetse nako le batho ba bangwe le gore a tlotle le bone. Gape leka go nna pelotelele le motho yo o ratang go fetsa nako le batho ba bangwe e bile a bua thata. Ke boammaaruri gore ga re ka ke ra nna ditsala tse di ntshanang seinong le batho botlhe, mme gone re tshwanetse go nna re gopotse gore tota le Bakeresete ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng, ba ka nna ditsala.
14. Bopelotelele bo tla re thusa gore re tlhome mogopolo mo go eng?
14 Bopelotelele bo tla re thusa go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse dintle tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba nang le tsone. Fa re dira jalo, ga re kitla re letla botho jo bo sa tshwaneng gore bo re thibele go nna ditsala. Ka sekai, Jakobe le Johane ba ne ba batla maemo, mme gone seo se ne se bontsha gore ba ne ba dumela gore Bogosi bo tla tla. Jesu o ile a lemoga gore ba na le tumelo. Fa re tlhoma mogopolo mo dinonofong tse dintle tse ditsala tsa rona di nang le tsone, re a bo re etsa Jesu le Rraagwe e bong Jehofa.
15. Ke mang yo o ka re thusang gore re tswelele re le ditsala le batho ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng le jwa rona?
15 Sa botlhokwa le go feta, re ka kopa Jehofa gore a re thuse gore re tswelele re le ditsala le batho ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng le jwa rona. Leka go akanya ka maemo a a ka dirang gore tsala ya gago e dire sengwe se o sa se itumeleleng, mme o rapele go sa le gale gore o ritibale. Gopola gore Jehofa o a itse gore ga re tshwane ka gonne ke ene a re bopileng. Ka jalo fa o rapela, tlhomamisega gore Jehofa o itse se o se tlhokang gore o tswelele o itshokile. Mme fa go le thata gore o nne pelotelele, mo kope gore a go neye moya o o boitshepo gore o se ka wa galefa.—Luke 11:13; Bagal. 5:22, 23.
FA BAKERESETEMMOGO LE RONA BA LWALA KGOTSA BA TSHWENYEGILE MO MAIKUTLONG
16. Re ka lebana le dikgwetlho dife fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba lwala kgotsa ba tshwenyegile mo maikutlong?
16 Goreng e le kgwetlho? Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba lwala kgotsa ba tshwenyegile mo maikutlong, ba ka nna ba itshwara ka tsela e e ka re thatafaletsang go dirisana le bone. Ka sekai, ba ka nna ba batla go nna ba le nosi, ba kgopisega motlhofo kgotsa ba itshwara ka tsela e e re gakgamatsang. Gongwe ba ka bua kgotsa ba dira dilo tse di re utlwisang botlhoko. (Jobe 6:2, 3) Go ka direga gore re se ka ra itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba lebana le mathata afe. Ka jalo, ba ka nna ba se ka ba itshwara ka tsela e re lebeletseng gore ba itshware ka yone.
17. O ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a dirisana le Baratimeo ka yone?
17 Nna pelonomi e bile o nne pelotlhomogi jaaka Jesu. O ne a le pelonomi e bile a tlhomogela batho ba ba bogang pelo, tota le fa a ne a sa ba itse. Ka sekai, akanya kafa a ileng a dirisana ka gone le monna yo o neng a foufetse e bong Baratimeo. Fa Baratimeo a utlwa gore Jesu o ne a feta le boidiidi jwa batho, o ile a simolola go goa gore Jesu a mmone. Bangwe mo boidiiding joo ba ne ba raya Baratimeo ba re a didimale. Mme e re ka a ne a batla gore Jesu a mo fodise, o ile a goa le go feta. Gongwe se a ileng a se dira se ne sa tena bangwe ba bone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo “tlhomogela pelo,” mo go rayang gore o ne a mo utlwela botlhoko e bile a batla go mo thusa. (Math. 20:34; Mar. 10:46-52) O ile a bua le ene a le pelonomi, e bile o ile a mo akgolela gore o na le tumelo. Ka jalo, o ile a dira gore a kgone go bona gape.
18. O tshwanetse go dirisana jang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lwalang kgotsa ba ba tshwenyegileng mo maikutlong? (1 Bathesalonika 5:14)
18 O ka dira eng gore o nne o atamalane le ba bangwe? Nna pelonomi o bo o nne pelotlhomogi. Dinonofo tseno di tla go thusa gore o “gomotse” bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lwalang kgotsa ba ba tshwenyegileng mo maikutlong. (Bala 1 Bathesalonika 5:14.) Gopola gore tsala ya boammaaruri e nna e ikemiseditse go thusa, segolobogolo ka “dinako tsa matshwenyego.” (Diane 17:17) Tsala e e ntseng jalo ga e utlwele ba bangwe botlhoko fela, mme gape e dira sotlhe se e ka se kgonang go ba thusa gore ba ritibale, e a ba kgothatsa e bile e ba thusa le ka ditsela tse dingwe.
19. O ka bontsha jang bakaulengwe le bokgaitsadi bopelonomi le bopelotlhomogi? (Bona le ditshwantsho.)
19 Re ka bontsha jang bakaulengwe le bokgaitsadi bopelonomi le bopelotlhomogi? Ke boammaaruri gore ga re ka ke ra ba fodisa kgotsa ra dira gore ba se ka ba tlhola ba tshwenyega mo maikutlong. Mme gone, re ka leka go tlhaloganya seemo sa bone le gore ba ikutlwa jang. (Math. 7:12; 1 Pet. 3:8) Ba reetse ka kelotlhoko fa ba go tlhalosetsa boemo jo ba leng mo go jone. Fa go tshwanela, leka go ba gomotsa. (Diane 12:25) Nna kelotlhoko gore o se ka wa akanya gore o itse sengwe le sengwe se se ba diragalelang. (Diane 18:13) O se ka wa ba felela pelo e bile o se ka wa lebelela gore ba itshware ka tsela e o batlang gore ba itshware ka yone.—Baef. 4:32.
Ditsala tsa boammaaruri di kgothatsana ka go bontshana bopelonomi le bopelotlhomogi (Bona serapa 19)
20. O batla go nna tsala e e ntseng jang?
20 Rotlhe re lebogela ditsala tsa boammaaruri tse re nang le tsone mo phuthegong ya ga Jehofa. Mme gone, e re ka re na le boleo e bile bontsi jwa rona re diragaletswe ke dilo dingwe tse di utlwisang botlhoko mo botshelong, ka dinako tse dingwe re ka bua kgotsa ra dira dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko. Ka jalo, re a itumela fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le boikokobetso, ba sa re felele pelo, ba dirisana le rona ba le pelonomi, ba re tlhomogela pelo e bile ba tlhopha go tswelela e le ditsala tsa rona. E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne le dinonofo tseo.
PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha
a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o godileng le mokaulengwe yo mosha ga ba dumalane ka tsela e tshimo ya phuthego ya bone e tshwanetseng go rulaganngwa ka yone. Moragonyana ba rera mmogo ba itumetse.