LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 June ts. 14-19
  • Thulaganyo ya Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo e re Tswela Mosola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo e re Tswela Mosola
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MOLEBEDI WA SETLHOPHA LE MOTHUSI WA GAGWE
  • O KA DIRA ENG GORE SETLHOPHA SA LONA SE ATLEGE?
  • SETLHOPHA SA LONA SA TIRELO YA TSHIMO SE KA GO THUSA JANG?
  • Kafa o ka Solegelwang Molemo ka Gone ke Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Thuso ya ka Nako Eo E Tlhokwang ka Yone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Balebedi ba ba Disang Letsomane
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go ya Tshimong le Setlhopha go a Itumedisa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 June ts. 14-19

AUGUST 24-30, 2026

PINA 65 Gatelang Pele!

Thulaganyo ya Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo e re Tswela Mosola

“Ke tla baka Jehofa ka pelo ya me yotlhe mo setlhopheng se se phuthegileng sa batho ba ba ikanyegang.”​—PES. 111:1.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo e re tswela mosola jang.

1-2. Baboledi ba le bantsi ba ikutlwa jang ka thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo?

A O GOPOLA letsatsi la fa o ne o bolelelwa gore o tshwanelega go nna mmoledi wa dikgang tse di molemo? O tshwanetse wa bo o ne o itumetse tota ka gonne o ile wa nna mongwe wa batho ba le bantsi ba ba bakang leina la ga Jehofa. (Pes. 148:1, 2, 12, 13) Gape o ka tswa o ile wa nna karolo ya setlhopha se sennye sa tirelo ya tshimo mo phuthegong ya lona, se se ka tswang se ne se na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa. Ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di re thusa go diragatsa taelo e re e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi “mo lefatsheng lotlhe.”​—Math. 24:14.

2 O ikutlwa jang ka thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Wendya a re: “Setlhopha sa rona sa tirelo ya tshimo, se nthusitse ka ditsela tse di farologaneng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba nthusitse go tokafatsa tsela e ke rerang ka yone le e ke rutang ka yone. Ba ile ba nkgothaletsa go dira dilo tse di nthusang go atamalana le Jehofa e bile ke ile ka dira ditsala di le dintsi.” Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Rich a re: “Go nna molebedi wa setlhopha sa tshimo ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Baboledi ba kgona go thusa motho gore a tshwanelege go kolobediwa mme molebedi wa setlhopha sa tshimo ene, o tswelela a thusa motho yoo gore a gatele pele fa a sena go kolobediwa.” Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Dinah a re: “Ke itumelela thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo. Ke tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba setlhopha sa rona e le ba lelapa la me.”

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka maikarabelo a molebedi wa setlhopha le mothusi wa gagwe le gore ba ka dira eng go tlhokomela baboledi ba ba mo setlhopheng sa bone. Gape re tla bona gore re ka dira eng go thusa baboledi ba ba mo setlhopheng sa rona sa tirelo ya tshimo. Kwa bofelong re tla bona gore setlhopha sa tirelo ya tshimo se ka re tswela mosola jang.

MOLEBEDI WA SETLHOPHA LE MOTHUSI WA GAGWE

4. (a) Molebedi wa setlhopha o na le maikarabelo afe? (b) Molebedi wa setlhopha o tlhokomela jang baboledi ba ba mo setlhopheng sa gagwe? (Bona lebokoso le le reng, “Dikakantsho Tse di ka Thusang Molebedi wa Setlhopha.”)

4 Molebedi wa setlhopha sa tirelo ya tshimo ke mogolwaneb yo o tlhophilweng ke setlhopha sa bagolwane gore a thuse baboledi ba ba mo setlhopheng sa gagwe gore ba gatele pele. O dira seno jang? Sa ntlha, o bontsha gore o amega ka mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng sa gagwe. (Diane 27:23) Molebedi wa setlhopha sa tshimo o itse baboledi ba ba mo setlhopheng sa gagwe sentle e bile o nna a bua le bone go tlhomamisa gore ba ntse ba tsoga sentle. Seo se dira gore a kgone go ba thusa go atamalana le Jehofa, go ba bontsha gore o a ba rata fa ba tlhobaela kgotsa ba tshwenyegile thata mo maikutlong le go ba thusa ka ditsela tse dingwe. (Diane 12:25; Isa. 32:2; Jak. 2:15-17) Sa bobedi, o thusa mmoledi mongwe le mongwe gore a nne gone ka metlha mo bodireding. O dira sotlhe se a ka se kgonang gore a nne gone mo bodireding, segolobogolo ka mafelobeke. Gape o nna a bereka le mmoledi mongwe le mongwe mo bodireding gore a mo kgothatse le go mo katisa. Mme ka dinako dingwe fa a sa kgone go nna gone mo bodireding, o tlhomamisa gore mothusi wa gagwe kgotsa mmoledi yo o tshwanelegang, o gone gore a tlhokomele setlhopha. Sa boraro, o thusa bakaulengwe ba ba kolobeditsweng gore ba tshwanelege go nna le maikarabelo mo phuthegong. (1 Tim. 3:1) O a ba akgola, o ba naya kgakololo go tswa mo Baebeleng e bile o a ba katisa gore ba tshwanelege go nna batlhanka ba bodiredi le bagolwane. Tiro e molebedi wa setlhopha sa tshimo a e dirang e botlhokwa thata, ka jalo setlhopha sa bagolwane se tlhopha bagolwane ba ba tla kgonang go dira tiro eno sentle.

Dikakantsho Tse di ka Thusang Molebedi wa Setlhopha

  • Dira gore pokano ya tshimo e nne khutshwane mme e se ka ya feta metsotso e le supa gore baboledi ba se ka ba diega go tsena mo tshimong.

  • Bereka le baboledi botlhe mo setlhopheng sa gago, go akaretsa le ba ba sa kgoneng go nna gone ka metlha mo pokanong ya tirelo ya tshimo. O ka rulaganya go bereka le bone ka letsatsi le lengwe kgotsa maitseboa.

  • Nna o direla baboledi botlhe ba ba mo setlhopheng sa gago maeto a bodisa. O ka dira maeto a bodisa kwa magaeng a baboledi, kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa lefelong le lengwe le le siameng. Gape o ka ba founela kgotsa wa ba kwalela makwalo.

  • Katisa bakaulengwe gore ba dire ka natla o bo o ba thuse gore ba tshwanelege go nna le maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong.

  • Nna gone mme o rulaganye gore setlhopha sa gago se tla bereka jang, tota le fa lo kopana le ditlhopha tse dingwe.

5. Balebedi bangwe ba ditlhopha ba lebana le dikgwetlho dife?

5 Molebedi wa setlhopha a ka lebana le dikgwetlho fa a ntse a tlhokomela ba ba mo setlhopheng sa gagwe. Molebedi mongwe wa setlhopha yo o bidiwang Jörg wa kwa Germany, o na le dikabelo di le dintsi mo phuthegong fela jaaka bagolwane ba le bantsi. A re: “Ga go motlhofo go nna molebedi wa setlhopha le go dira dikabelo tse dingwe mo phuthegong. Ka jalo, go thata gore ke fitlhelele mokgele wa me wa go tlhola mongwe le mongwe mo setlhopheng.” Mogolwane mongwe yo o nang le dingwaga di le 70 wa kwa Uganda yo o bidiwang Abel a re: “Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ga ba bantsi mo phuthegong ya rona, ka jalo ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di dikgolo. Seo se dira gore go nne thata gore ke direle mmoledi mongwe le mongwe loeto lwa bodisa jaaka ke eletsa.” Mogolwane mongwe wa kwa Suriname yo o bidiwang Obed a re: “Ke rata go katisa ba bangwe, mme gone go tlhokega nako le maatla e bile go ka tsaya nako gore motho yo ke mo katisang a dire se ke mo rutang sone. Ka jalo, seo se dira gore ke se ka ka katisa ba bangwe mme ke dire ditiro tse dingwe.” Ke eng se se ka thusang balebedi ba ditlhopha ba ba lebanang le dikgwetlho tseno le tse di tshwanang le tsone?

6. Fa ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di le dinnye, seo se tla thusa balebedi ba ditlhopha jang?

6 Fa go kgonega, ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di tshwanetse go nna di le dinnye gore balebedi ba ditlhopha tsa tshimo, ba kgone go itse botlhe mo ditlhopheng tsa bone le go ba thusa go tswelela ba atamalane le Jehofa. Mme go tweng fa e le gore phuthego e na le bagolwane ba le mmalwa fela? Go na le gore ditlhopha tsa tshimo di nne dikgolo mo balebedi ba ditlhopha ba sa kgoneng go dira maikarabelo otlhe a bone, setlhopha sa bagolwane se ka tlhoma motlhanka wa bodiredi gore a tlhokomele setlhopha ka nakwana. Fa ditlhopha di le dinnye, balebedi ba ditlhopha ba tla kgona go dira maikarabelo a bone a botlhokwa a go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba nne ba atamalane le Jehofa.

7. Fa bagolwane ba le mmalwa mo phuthegong, balebedi ba ditlhopha ba ka dira eng go tlhokomela baboledi botlhe mo ditlhopheng tsa bone? (1 Petere 5:2) (Bona le setshwantsho.)

7 Fa e le gore o molebedi wa setlhopha mo phuthegong e e nang le bagolwane ba le mmalwa, katisa mothusi wa gago gore a go thuse go tlhokomela letsomane la Modimo. (Bala 1 Petere 5:2.) Mo neye ditiro tse di amanang le setlhopha. Ka dinako dingwe o ka mo kopa gore a tshware pokano ya tshimo le gore a rulaganyetse ba ba mo setlhopheng tshimo e ba tla e berekang mo letsatsing leo. Gape lo ka kopa Jehofa gore a lo thuse fa lo ntse lo tlotla ka se lo ka se dirang go thusa mmoledi mongwe le mongwe go tokafatsa bokgoni jwa gagwe mo bodireding le gore a tswelele a atamalane le Jehofa. Ka metlha tsamaya le mothusi wa gago fa o ya maetong a bodisa. Pele lo etela mongwe, buang ka gore lo tla mo kgothatsa jang, mme morago ga loeto, akgolela mothusi wa gago dilo tsotlhe tse dintle tse a di dirileng. Mme fa go tlhokega, mmolelele gore a ka tokafatsa kae. Fa nako e ntse e tsamaya, mothusi wa gago a ka tshwanelega go nna molebedi wa setlhopha. (2 Tim. 2:2) Gape o ka kopa Bakeresete ba bangwe gore ba katise baboledi ba bangwe. Ka sekai, babulatsela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba rera, ba ka thusa baboledi ba basha le ba ba tlhokang thuso. Ba ka ba thusa go simolola motlotlo mo bodireding, go dira maeto a go boela kgotsa go tshwara dithuto tsa Baebele. A jaanong re tlotleng ka dilo tse tharo tse re ka di dirang gore setlhopha sa rona sa tshimo se atlege.

Molebedi wa setlhopha o katisa mokaulengwe a dirisa boroutšhara jwa “Rata Batho—Dira Barutwa.”

Mogolwane a ka katisa motlhanka wa bodiredi yo o mo setlhopheng sa gagwe ka go mo kopa gore a tshware pokano ya tirelo ya tshimo (Bona serapa 7)


O KA DIRA ENG GORE SETLHOPHA SA LONA SE ATLEGE?

8. O ka dira eng gore setlhopha sa lona se atlege? (Baroma 1:12)

8 Rera le setlhopha. Fa o rera le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo setlhopheng sa lona, o tla kgona go ba kgothatsa mme le bone ba tla go kgothatsa. (Bala Baroma 1:12.) Gape go rera mmogo go tla lo thusa gore lo se ka lwa tshoga thata fa lo bua le batho le gore lo nne lo sireletsegile fa lo rera mo mafelong mangwe. Fa e le gore tiro ya boitshediso e dira gore o se ka wa kgona go rera le setlhopha sa lona, o ka kopa mothapi wa gago gore a go fokoletse nako e o e fetsang kwa tirong. Gongwe a ka dumela. (Neh. 2:4-6) Fa e le gore bolwetse kgotsa bogodi bo dira gore o se ka wa kgona go bereka le setlhopha, goreng o sa bolelele molebedi wa lona wa setlhopha? A ka dira dithulaganyo tsa gore wena le bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe mo setlhopheng sa lona, lo kwale makwalo kgotsa lo founele bangwe lo le mo Zoom. Fa e le gore o mosha e bile ga o lwale mme ga o kgone go nna gone ka metlha mo bodireding, go dira thulaganyo ya go bereka le baboledi ba ba farologaneng mo setlhopheng sa lona beke le beke go ka go thusa. O ka nna wa tlhoka go sekaseka gore ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa gago le gore o dirisa nako jang, mme o bo o dira diphetogo fa go tlhokega. (Bar. 12:11; Bakol. 4:5) Fa o dira sotlhe se o ka se kgonang go nna gone ka metlha mo bodireding, seo se tla lo tswela mosola lotlhe mo setlhopheng. Kopa Jehofa gore a go thuse mme ‘o tla go naya keletso le maatla a gore o dire jalo.’​—Bafil. 2:13.

9. Re ka dira eng gore bakaulengwe le bokgaitsadi mo setlhopheng sa rona ba ikutlwe ba ratiwa? (Baroma 12:13)

9 Amogela baeng. Re ka dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo setlhopheng sa rona ba ikutlwe ba ratiwa ka go ba ‘amogela ka lorato’ mo malapeng a rona. (Bala Baroma 12:13.) Ka sekai, re ka letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tle go tshwarela pokano ya tshimo mo legaeng la rona. Mo diphuthegong dingwe, ditlhopha di refosana go amogela sebui sa moeng. Setlhopha se se abetsweng go amogela sebui sa moeng, se ka rulaganya go ja mmogo le go kgothatsana, tota le fa sebui sa moeng se sa kgone go nna gone. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng yo o bidiwang Sarah a re: “Go amogela baeng go a ntshosa, ka jalo ga ke dire dilo tse dintsi. Ke leka go amega thata ka go itse ba bangwe go na le go tshwenyega ka go re a dijo di tla lekana.” Fa re dira ka natla go bontsha ba ba mo setlhopheng sa rona gore re a ba rata le go amogela baeng, seo se tla dira gore re atamalane le Jehofa le gore re nne ditsala.​—Neh. 8:10; Dit. 20:35.

10. Ke eng se re ka se dirang fa re batla go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone? (Diane 1:5; 27:17) (Bona le setshwantsho.)

10 Tokafatsa tsela e o rerang le e o rutang ka yone. Fa re na le bokgoni jwa go rera le jwa go ruta, re tla itumelela go ya tshimong le ditlhopha tsa rona tsa tirelo ya tshimo. A go na le sengwe se o ka se dirang go tokafatsa tsela e o rerang le e o rutang ka yone? Kopa mongwe mo setlhopheng sa lona gore a go thuse. (Bala Diane 1:5; 27:17.) Bolelela molebedi wa lona wa setlhopha gore o ka rata go tokafatsa eng mo bodireding. A ka go thusa gore o fitlhelele mokgele wa gago. Gape o ka kopa mmoledi yo o nang le dingwaga di le dintsi a rera gore a go thuse. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Heather o ile a dira jalo le fa gone a le ditlhong. A re: “Ke ile ka kopa kgaitsadi mongwe wa mmulatsela gore a nthuse go dira maeto a go boela. O ne a le lorato e bile a le pelonomi. O ne a nna a dira dithulaganyo tsa go bereka le nna mo tshimong. Gape o ile a nthusa go simolola thuto ya Baebele le mongwe wa batho ba ke neng ke rulagantse go boela kwa go bone. Ke itumelela go bo ke ile ka mo kopa gore a nthuse ka gonne gone jaanong ke itumelela bodiredi gape.” Tota go na le dilo di le dintsi tse re ka di dirang gore setlhopha sa rona sa tirelo ya tshimo se atlege.

Kgaitsadi yo mosha o kopa kgaitsadi yo o godileng gore a bereke le ene mo tshimong.

Fa setlhopha sa tirelo ya tshimo se le sennye, baboledi ba kgona go itsane le go dira mmogo mo tshimong (Bona serapa 10)


SETLHOPHA SA LONA SA TIRELO YA TSHIMO SE KA GO THUSA JANG?

11-12. Setlhopha sa tirelo ya tshimo se ka go thusa jang go atamalana le Jehofa? Tlotla ka maitemogelo.

11 Se re thusa go atamalana le Jehofa. Setlhopha sa tirelo ya tshimo se ka tswela mongwe le mongwe wa rona mosola. Ka sekai, Jehofa a ka dirisa molebedi wa setlhopha go thusa ba a ba ratang thata ba ba jaaka batlholagadi, dikhutsana le bagodi. (1 Bathes. 2:8; Jak. 1:27) Gape go ya bodireding le setlhopha go ka re thusa go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone. Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng e bile ba tlhoma sekao, ba katisiwa gore ba tshwanelege go nna le maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong.​—1 Tim. 3:10.

12 Thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo e ile ya thusa Kgaitsadi Wendy yo re tlotlileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng. A re: “E re ka Papa a ne a sa batle gore re direle Jehofa, ka mafelobeke go ne go le thata gore Mama a ye tshimong le setlhopha sa tirelo ya tshimo. Mme nna ke ne ke letleletswe go ya. Kgaitsadi mongwe yo o godileng wa mmulatsela o ile a nna tsala ya me e bile re ne re bereka mmogo mo bodireding. O ile a nkatisa gore ke nne le bokgoni jo bo ileng jwa nthusa mo bodireding le mo phuthegong. Ke sa ntse ke gopola gore molebedi wa rona wa setlhopha o ne a nnaya kgakololo e e tswang mo Baebeleng ka makgetlo a le mantsi e bile e sa ntse e nthusa le gone jaanong.”

13. Setlhopha sa tirelo ya tshimo se ka re thusa jang gore re nne le ditsala tse di re ratang e bile di re ema nôkeng? (Bona le setshwantsho.)

13 Se re thusa go nna le ditsala tse di re ratang e bile di re ema nôkeng. Re atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo setlhopheng sa rona fa re bereka tshimo le bone. (Bafil. 1:27) E re ka ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di se na batho ba bantsi, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ditlhong kgotsa ba ba sa phuthologeng fa go na le batho ba bantsi, ba kgona go dira ditsala. (2 Bakor. 6:13) Ditsala tseo di ka re ema nôkeng ka dinako tsa mathata jaaka fa re lwala, re tshwenyegile thata mo maikutlong kgotsa re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang. (1 Bathes. 5:14) Ga go pelaelo gore re tlile go tlhoka ditsala tse di ntseng jalo le go feta mo nakong e e tlang. (Math. 24:21) Mathata a rona a ka nna a se ka a fela, mme gone re ka kgona go a itshokela fa re itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba a re rata le gore ba tla re ema nôkeng.​—Diane 17:17.

Bokgaitsadi ba ba mo setshwantshong se se fetileng ba tswa mo pokanong ya tshimo, mme ba ya tshimong mmogo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo setlhopheng seo sa tshimo le bone ba ya tshimong.

Bokgaitsadi ba babedi ba ba mo setlhopheng se le sengwe ba bereka tshimo mmogo (Bona serapa 13)


14. Setlhopha sa tirelo ya tshimo se re thusa jang fa go na le masetlapelo a tlholego kgotsa maemo a potlako?

14 Se re thusa ka nako ya maemo a tshoganyetso. Setlhopha sa tirelo ya tshimo se re thusa fa go na le malwetse a leroborobo, masetlapelo a tlholego, fa re tlhoka thuso ya kalafi, re bogisiwa le fa go na le mathata a ikonomi. Ka sekai, mo phuthegong nngwe le nngwe Komiti ya Tirelo ya Phuthego e dira mmogo le balebedi ba ditlhopha go dira thulaganyo ya go thusa ba ba tlhokang thuso. Balebedi ba ditlhopha ba ikgolaganya le malapa otlhe a a mo ditlhopheng tsa bone go bona gore ke bomang ba ba tlhokang thuso ya kalafi, dijo, metsi, lefelo le ba tla nnang kwa go lone le diaparo, ba bo ba ba thusa. Ruri thulaganyo ya ditlhopha tsa tirelo ya tshimo e re tswela mosola!

15. Batlhanka ba ga Jehofa ba tsaya matsapa afe?

15 Phuthego ya ga Jehofa e kgolo thata. Kwa legodimong, go na le baengele ba le bantsintsi, gongwe ba le dibilione, mme botlhe ba a ikanyega. Mo lefatsheng go na le batho ba feta dimilione di le robongwe ba ba direlang Jehofa, mme palo eo e nna e oketsega letsatsi le letsatsi. (Seka. 8:23; Tshen. 5:11) Batlhanka bano botlhe ba ga Jehofa ba tsaya matsapa a gore batho ba itse dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Tshen. 14:6, 7) E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo e re tswele mosola. Thulaganyo eno, e re thusa go baka Jehofa ka pelo yotlhe.​—Pes. 111:1.

O KA ARABA JANG?

  • Molebedi wa setlhopha sa tirelo ya tshimo le mothusi wa gagwe ba ka thusa jang baboledi ba ba mo setlhopheng sa bone?

  • O ka dira eng gore setlhopha sa lona sa tirelo ya tshimo se atlege?

  • Thulaganyo ya setlhopha sa tirelo ya tshimo e ka go tswela mosola jang?

PINA 61 Tswelelang, Lona Basupi!

a Maina mangwe a fetotswe.

b Fa go tlhokega, motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang a ka tlhokomela setlhopha go fitlha go nna le mogolwane yo o ka dirang tiro eo. Motlhanka wa bodiredi yo o tlhokomelang setlhopha sa tirelo ya tshimo o bidiwa motlhanka wa setlhopha ka gonne e se molebedi mo phuthegong. Fa a dira tiro eno, o thusa bagolwane e bile ba mo naya kgakololo ya gore a ka dira seo jang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela