LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 June ts. 2-7
  • Tswelela o Ikanyega fa o Lebana le Diteko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tswelela o Ikanyega fa o Lebana le Diteko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JEHOFA O BOPILE DILO TSOTLHE
  • BAEBELE KE LEFOKO LA MODIMO
  • JEHOFA O KAELA PHUTHEGO YA GAGWE
  • O SE KA WA TLOGELA GO DIRELA JEHOFA
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tse o Nang le Tsone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Nna o Gopotse Gore Jehofa ke “Modimo yo o Tshelang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2025-2026 ka Molebedi wa Potologo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 June ts. 2-7

AUGUST 10-16, 2026

PINA 122 Emang lo Tlhomame, lo sa Tshikhinyege!

Tswelela o Ikanyega fa o Lebana le Diteko

“Morena, re tla ya kwa go mang? Wena o bua mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng.”​—JOH. 6:68.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re ka kgona go tswelela re ikanyega mo go Jehofa le fa re lebana le mathata.

1-2. Ke eng se se ileng sa direga fa Jesu a ne a ruta kwa Kaperenama?

LETSATSI lengwe fa Jesu a ne a ruta setlhopha sa batho ba kwa Kaperenama, o ile a ba raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo kitla lo bona botshelo.” Gape o ile a ba raya a re: “Ope fela yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o tlile go bona botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsosa mo losong ka letsatsi la bofelo.” (Joh. 6:53, 54) Barutwa ba gagwe ba le bantsi, ga ba a ka ba itumelela se a neng a ba bolelela sone, ka jalo ba ile ba re: “Puo eno e tsitsibanya mmele; ke mang yo o ka e reetsang?”​—Joh. 6:60.

2 Batho ba ba neng ba kgopisiwa ke se Jesu a ileng a se bua, ba ile ba tlogela go nna balatedi ba gagwe. A seo se raya gore ba ne ba sa dumele mo go ene? Go lebega bangwe ba ne ba dumela mo go ene ka gonne pelenyana ga foo, ba ne ba kgatlhilwe ke se Jesu a ileng a se dira le se a ileng a se bua. Ba ile ba re: “Ruri yono ke Moporofeti yo o neng a tshwanetse go tla mo lefatsheng.” (Joh. 6:14) Ka jalo, go a bonala gore barutwa bao, ba ne ba dumela mo go Jesu. Mme gone, fa tumelo ya bone e lekwa, ga ba a ka ba tswelela ba ikanyega mo go ene.

3. Baaposetoloi ba ile ba dira eng, mme ka ntlha ya eng? (Bona le setshwantsho.)

3 Baaposetoloi bone, ba ile ba tswelela ba ikanyega mo go Jesu. Fa Jesu a ne a ba botsa gore a le bone ba batla go tsamaya, Petere o ile a araba a re: “Morena, re tla ya kwa go mang? Wena o bua mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng. Re dumetse e bile re a itse gore wena o Motlhanka yo o Boitshepo wa Modimo.” (Joh. 6:68, 69) Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ka tswa ba ne ba sa tlhaloganye se Jesu a neng a se bua fa a ne a re ba je nama ya gagwe le gore ba nwe madi a gagwe. Le fa go ntse jalo, ba ile ba tlhopha go tswelela ba ikanyega mo go Jesu. Goreng? Ka gonne ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jesu e ne e le “motlodiwa wa Modimo.”​—Luke 9:20, 35.

Petere a netefaletsa Jesu gore ene le baaposetoloi ba bangwe ba ka se mo tlogele. Baaposetoloi ba eme fa thoko ga ga Jesu, mme barutwa ba bangwe ba bantsi ba a tsamaya.

Le fa barutwa ba le bantsi ba ga Jesu ba ile ba mo tlogela, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ile ba tswelela ba ikanyega mo go ene (Bona serapa 3)


4. Boikanyegi jwa rona bo ka lekiwa ka ditsela dife?

4 Boikanyegi jwa rona mo go Jehofa, bo ka lekiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, bo ka lekiwa fa phuthego ya Modimo e tokafatsa tsela e re tlhaloganyang temana nngwe ya Baebele ka yone kgotsa fa go tokafadiwa tsela e re rerang ka yone. Gape bo ka lekiwa fa re kopana le mathata re bo re ipotsa gore goreng Jehofa a letlile gore re tlhagelwe ke mathata ao. Mo godimo ga moo, boikanyegi jwa rona bo ka lekiwa fa Mokeresete yo re atamalaneng thata le ene a re kgopisa kgotsa fa mongwe yo re mo tlotlang a sa re tshware sentle.

5. Goreng re tshwanetse go tswelela re nonotsha tumelo ya rona? Naya sekai. (Bakolosa 1:23)

5 Gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa fa re na le mathata, re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo go ene. Ka sekai, kago e tshwanetse go nna le motheo o o nonofileng gore e tswelele e eme le fa go ka nna le thoromo ya lefatshe. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa fa re ka lebana le mathata a a tshwanang le a re buileng ka one mo serapeng se se fetileng. Ka jalo, re tshwanetse go tswelela re nonotsha tumelo ya rona gore re tswelele re direla Jehofa le fa go ka direga eng.​—1 Bakor. 15:58; bala Bakolosa 1:23.

6. Ke eng se se thusitseng baaposetoloi gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jesu?

6 Ke eng se se ileng sa thusa baaposetoloi gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jesu le fa batho ba le bantsi ba ne ba mo tlogela? Baaposetoloi ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tshwanelwa ke go obamelwa ka gonne a bopile dilo tsotlhe; gore Jesu ke Morwa Modimo, yo o nang le “mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng” le gore ka metlha Jehofa o itumedisiwa ke dilo tse Jesu a di dirang. Jaanong a re tlotleng ka dilo tseno tse tharo tse re di ithutileng ka Jehofa tse di tla re thusang go tswelela re ikanyega mo go ene fa tumelo ya rona e lekwa: (1) Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe. (2) Baebele ke Lefoko la Modimo. (3) Jehofa o kaela phuthego ya gagwe. Fa re tlhatswegile pelo ka dintlha tseno tse tharo, re tla tswelela re ikanyega mo go Jehofa le fa tumelo ya rona e lekwa.

JEHOFA O BOPILE DILO TSOTLHE

7. Tshenolo 4:11 e a reng ka Jehofa, mme seo se tla re thusa jang fa re lebana le diteko?

7 Bala Tshenolo 4:11. Temana eno e re gopotsa gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Leno ke lebaka la botlhokwa la go bo re tshwanetse go mo obamela. Gape fa re akanyetsa kwa teng ka maatla a magolo a Jehofa a nang le one, seno se re tlhatswa pelo gore o tla re thusa fa re lebana le mathata ape fela. Le fa go ntse jalo, Satane o tladitse lefatshe ka tshedimosetso ya maaka e e dirang gore batho ba belaele gore Modimo o teng. Tota e bile baitsesaense bangwe ba re go itiragaletse fela go bo botshelo bo le teng. Fa re sa tlhatswega pelo gore Jehofa ke Mmopi le gore o a re rata, re ka simolola go belaela gore o teng le gore o tla re thusa fa re lebana le diteko.​—Baheb. 11:6.

8-9. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re belaela gore Jehofa ke Mmopi? (Bona le setshwantsho.)

8 Fa o simolola go belaela gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe, dira sengwe. Dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona go bona tshedimosetso e e tla go thusang go dumela gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe. O ka bona tshedimosetso e ntsi e e ka nonotshang tumelo ya gago mo boroutšhareng jwa Botshelo​—A ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life​—Five Questions Worth Asking. Mo godimo ga moo, go na le dibidio tse di tla go tlhatswang pelo tsa “A di Dirilwe ke Mongwe?” mo jw.org. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa kwa United States yo o bidiwang Jessica a re: “Fa ke sena go bala boroutšhara jwa Origin of Life, ke ile ka tlhomamisega gore go na le mongwe yo o botlhale yo o bopileng dilo tsotlhe. Ke ne ke setse ke itse seno, mme go bala boroutšhara joo go ile ga ntlhatswa pelo le go feta.” Gape batho ba le bantsi ba ile ba thusiwa ke go bala buka ya Is There a Creator Who Cares About You? O ka tswa o setse o e badile. Mme gone, goreng o sa e bale gape?

9 Fa o ithuta o le nosi, o ka sekaseka bosupi jo bo tla go bontshang gore Jehofa o gone. Tshedimosetso e o tla e bonang, e tla dira gore o dumele le go feta gore Jehofa o gone e bile e tla go thusa go mo itse botoka. (Bar. 1:20) Mo godimo ga moo, o tla kgona go dirisa se o se ithutileng go thusa ba le bone ba belaelang gore Modimo o gone. Ntlha ya botlhokwa ke go re: Jehofa o re neile tshedimosetso e ntsi e e bontshang gore ke ene a bopileng dilo tsotlhe.

Ditshwantsho: Kgaitsadi yo mosha o akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jehofa a di bopileng tse a badileng ka tsone mo boroutšhareng jwa “Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?” 1. Modikologo wa metsi. 2. Lefatshe. 3. Thulaganyo ya masedi a tlholego. 4. Tlhapi ya boxfish e bapile le koloi e e dirilweng go tshwana le yone. 5. Nonyane ya metsi e e bidiwang seagull e bapile le sefofane se se nang le diphuka tse di tshwanang le tsa yone. 6. Leruarua le le nang le serota (humpback whale) le thuma mo lewatleng.

Nebula: IAC/​RGO/​David Malin Images; fish and car: Mercedes-Benz USA; plane: Kristen Bartlett/​University of Florida

O ka tswa o setse o badile boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? Goreng o sa bo bale gape? (Bona serapa 8)


BAEBELE KE LEFOKO LA MODIMO

10. Goreng re tsaya Baebele e le botlhokwa? (2 Timotheo 3:16, 17)

10 Bala 2 Timotheo 3:16, 17. Baebele ke molaetsa o Jehofa a o kwaletseng batho. E araba dipotso tsa botlhokwa tse re nang le tsone mo botshelong e bile e re bolelela se thato ya Modimo e leng sone le gore o batla gore re dire eng. Ga re belaele gore Jehofa ke Mokwadi wa Baebele. Ka jalo, seno se dira gore e nne buka e e botlhokwa thata mo matshelong rona. Re batla go netefatsa gore re a e tlhaloganya le go dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisa se re ithutang sone mo go yone.

11. Ke eng se se go tlhatswang pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo?

11 Goreng o tlhatswegile pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo? Go na le mabaka a le mantsi. Ka sekai, ditiragalo tse Baebele e ileng ya di bolelela pele, di ile tsa diragala fela jalo. (Luke 3:1, 2) E bua boammaaruri fa e tlhalosa popo. (Jobe 26:7) Le fa gone Satane a ile a leka ka makgetlo a le mantsi gore Baebele e se ka ya tlhola e nna teng, ke yone fela e e nang le dikhopi di le dintsi go gaisa dibuka tsotlhe mo lefatsheng. E ile ya kwalwa ke banna ba ka nna 40, mo dingwageng di ka nna 1 600, le fa go ntse jalo se ba se kwadileng se a dumalana. Gape e na le tshedimosetso e e sa felelweng ke nako, e e ileng ya thusa batho ba le bantsi. (Diane 13:20; 15:21; Math. 7:12) Boporofeti bo le bontsi jwa Baebele bo ile jwa diragadiwa, mme seno ke bosupi jo bo bontshang gore re ka e tshepa. (Josh. 23:14) Tota Baebele ke Lefoko la Modimo!

12. Re tshwanetse go dira eng fa re belaela gore Baebele ke Lefoko la Modimo?

12 Re tshwanetse go dira eng fa re simolola go belaela gore Baebele ke Lefoko la Modimo? Re tshwanetse go bolelela Jehofa gore re ikutlwa jang, re mo kope gore a re thuse go tswa foo re bo re dira dipatlisiso. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang Jordan, yo batsadi ba gagwe ba mo rutileng ka Jehofa a re: “Ga ke dumele sengwe le sengwe fela se batho ba mpolelelang sone, ke tlhoka go itlhatswa pelo. Go bua nnete fela, ka dinako dingwe ke na le go belaela se ke se balang kgotsa se ke se bolelelwang. Mme fa seo se direga, ke itirela dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona gore ke bone dikarabo tsa dipotso tse ke nang le tsone.” Fa re ikgopotsa lebaka la go bo re dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo, tumelo ya rona e tla nonofa.​—1 Bakor. 3:12, 13.

JEHOFA O KAELA PHUTHEGO YA GAGWE

13. Re ka dira eng fa re simolola go belaela gore totatota Jehofa o kaela bomang?

13 Fa re simolola go belaela gore Jehofa o kaela phuthego ya gagwe, re tshwanetse go dira sengwe ka gone. Ka sekai, dipotso tse di latelang di ka re thusa go tlosa dipelaelo tse re nang le tsone: “Ke bomang ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang gore ba tshele go dumalana le melaometheo ya Baebele? Ke bomang ba tumelo ya bone e theilweng mo Baebeleng?” (2 Tim. 4:3, 4) “Ke bomang ba ba dirang thato ya Modimo?”​—Math. 7:20, 21.

14. Jehofa o dirisa jang Basupi ba gagwe go diragatsa Mathaio 24:14?

14 Gore re itse gore ke bomang ba ba dirang thato ya Modimo, re ka ipotsa go re, ‘Ke bomang ba ba dirang tiro ya go rera e Jesu a ileng a bolelela pele gore e tla dirwa mo malatsing a bofelo?’ (Math. 24:14) Karabo e tlhamaletse. Jehofa o dirisa Basupi ba gagwe go dira tiro eno. Ke rona fela ba re dirang tiro eno ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo mo dinageng di feta 240. Re na le dingwaga di feta 100 re dira tiro eno. Ga re bolo go tsaya tiro ya go rera le ya go ruta e le botlhokwa thata.​—Math. 28:19, 20.

15. Basupi ba ga Jehofa ba bontshitse jang gore ba tlotla leina la Modimo? (Mathaio 6:9; Isaia 43:10)

15 Bala Mathaio 6:9 le Isaia 43:10. Re motlotlo tota go bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Batho ba le bantsi mo lefatsheng gompieno ga ba itse gore leina la Modimo ke Jehofa. Re ile ra dira ka natla gore re busetse leina la Modimo mo Baebeleng mo le tlhagang gone mo mekwalong ya ntlhantlha. Leina leo le tlhaga makgetlo a feta 7 000 mo Baebeleng ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo.

16. Goreng re ka re Basupi ba ga Jehofa ba ikobela taelo e e mo go Johane 13:34 le 35? (Bona le setshwantsho.)

16 Bala Johane 13:34, 35. Gompieno batho ba le bantsi ga ba dumalane ka sepe e bile ba tlhoane. Mme rona ga re a nna jalo. Re a ratana e bile re seoposengwe. Re tswa mo dinageng tse di farologaneng e bile re godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng, le fa go ntse jalo re dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisana ka kagiso le go ratana. A o kile wa ya dipokanong kwa lefelong le o neng o etetse kwa go lone? Gongwe fa o le koo, o ile wa lemoga gore batho ba ga Jehofa ba a ratana e bile ba seoposengwe. Seno se bontsha gore Jehofa o dirisa Basupi ba gagwe go diragatsa thato ya gagwe. Go nna re akantse ka seno go tla re thusa gore re tswelele re ikanyega fa tumelo ya rona e lekwa.

Kgaitsadi le morwadie ba mo beseng mme ba itumelela go bona Basupi ba rera ba dirisa kolotsana.

Jehofa ke ene a thusang batho ba gagwe mo lefatsheng lotlhe gore ba ratane le gore ba utlwane (Bona serapa 16)a


O SE KA WA TLOGELA GO DIRELA JEHOFA

17-18. Re ka diragalelwa ke eng, mme re ka bua mafoko afe re tlhatswegile pelo?

17 Re tshela mo malatsing a bofelo, ka jalo rotlhe fela re tla nna le mathata. (2 Tim. 3:1, 13) Gape go ka nna le dilo tse dingwe tse di ka dirang gore re tlhobaele. Ka sekai, phuthego ya Modimo e ka nna ya dira ditshwetso tse re sa di tlhaloganyeng sentle. Kgotsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ka re utlwisa botlhoko. Re ka tswa re sa itse gore re ka rarabolola jang bothata jo re nang le jone, kgotsa ra se ka ra tlhaloganya lebaka la go bo re diragaletswe ke sengwe.

18 Le fa re ka tswa re hutsafetse kgotsa re tlhobaela ka ntlha ya dilo tse di re diragalelang, re ka tswelela re ikanyega mo go Jehofa. Goreng? Ka gonne re a itse gore ke ene a bopileng dilo tsotlhe, Baebele ke Lefoko la gagwe le gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba gagwe. Le rona re ka bolelela Jehofa mafoko ano a Petere a ileng a a bolelela Jesu: “Morena, re tla ya kwa go mang? Wena o bua mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng.”

GO TLHALOGANYA DINTLHA TSENO SENTLE GO TLA RE THUSA JANG FA RE LEBANA LE DITEKO?

  • Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe

  • Baebele ke Lefoko la Modimo

  • Jehofa o ema batho ba gagwe nôkeng

PINA 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mmê le morwadie ba mo beseng mme ba itumelela go bona Basupi ba le mo bodireding.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela