JULY 20-26, 2026
PINA 133 Direla Jehofa o sa Ntse o le Mosha
Dira Ditshwetso Tse di Siameng fa o Ipotsa Gore a o Tsweletse Dithuto
“Yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.”—DIANE 14:15.
SE GO BUIWANG KA SONE
Dintlha tsa botlhokwa le melaometheo ya Baebele e o tlhokang go akanya ka yone fa o dira tshwetso ya gore a o tsweletse dithuto kgotsa nnyaa.
1-2. (a) Basha ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso dife? (b) Mafoko a a reng “go tsweletsa dithuto” a kaya eng? (Bona “Tlhaloso.”)
“O BATLA go dira eng fa o gola?” Eno ke potso e basha ba le bantsi ba e bodiwang. Selo sa botlhokwa se o ka se dirang mo botshelong ke go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Mme gone, o tla tlhoka madi gore o itlamele ka dilo tse o di tlhokang. (2 Bathes. 3:10) Ga go pelaelo gore o setse o akanyeditse tiro e o batlang go e dira mo nakong e e tlang.
2 Gantsi fa basha bangwe ba sena go bua le batsadi ba bone ka tiro e ba batlang go e dira fa ba setse ba godile, ba tlhopha go tsweletsa dithuto tsa bone fa ba fetsa sekolo.a Gongwe le wena o ka tswa o ipotsa gore a o tsweletse dithuto tsa gago. Fa e le gore go ntse jalo, o tla dira khoso efe? Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka melaometheo e e tla thusang go dira ditshwetso tse di siameng ka go tsweletsa dithuto. Le fa gone setlhogo seno se kwaletswe basha, se ka thusa Bakeresete botlhe ba ba batlang go tsweletsa dithuto. Gape melaometheo e e mo go sone e tla thusa batsadi gore ba thuse bana ba bone go dira ditshwetso tse di siameng.
A O TLHOKA GO TSWELETSA DITHUTO?
3. Goreng Bakeresete bangwe ba ka dira tshwetso ya gore ba tsweletse dithuto tsa bone?
3 Mo mafelong mangwe, motho a ka kgona go bona tiro a sa tsweletsa dithuto. Mo go a mangwe, o tlhoka go tsweletsa dithuto gore a kgone go bona tiro e e duelang sentle kgotsa e e dirang gore a se ka a bereka diura tse dintsi. Tiro eo e ka dira gore Mokeresete a kgone go fetsa nako e ntsi mo tshimong kgotsa mo ditirong tse dingwe tse di direlwang Bogosi. Mme gone, ba ba tsweletsang dithuto, ba ka tshwanelwa ke go fetsa nako, maatla le madi mo go tsone, e bile ba ka lebana le dikgwetlho dingwe.
4. Ke mang yo o tshwanetseng go direla Mokeresete tshwetso ya gore a o tla tsweletsa dithuto? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)
4 Baebele e a re mongwe le mongwe o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe.” (Bagal. 6:5, bona ntlha ya go ithuta mo Baebeleng ya Seesemane.) Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla tsweletsa dithuto tsa gagwe.b Batsadi le bone ba na le boikarabelo jwa go dira ditshwetso tsa gore bana ba bone ba bannye ba tla newa thuto e e ntseng jang. (Baef. 6:1) Gape ba ka thusa bana ba bone go dira ditshwetso tse di siameng tsa gore a ba tla tsweletsa dithuto tsa bone fa ba setse ba godile.—Diane 22:6.
5. Motho o tshwanetse go dira tshwetso ya go tsweletsa dithuto leng, mme ka ntlha ya eng? (Bona le setshwantsho.)
5 Gantsi basha ba tlhoka go akanya gore a ba tla tsweletsa dithuto pele ba fetsa thuto e puso e batlang gore ngwana mongwe le mongwe a nne le yone. Go botlhokwa thata gore mosha a bue le batsadi ba gagwe pele a dira tshwetso eo. Seo se tla ba thusa gore ba dire dipatlisiso mmogo go bona gore ke eng se se tla ba berekelang. Ba ka nna ba tlhopha gore mosha yoo a dire dirutwa tse di tla mo thusang fa a tsweletsa dithuto mo nakong e e tlang kgotsa gore a bone tiro. A ba tshwanetse go dira tshwetso pele ngwana wa bone a fetsa sekolo? Nnyaa. (Diane 21:5) Basha bangwe ba ile ba fetsa sekolo, ba bereka e bo e nna babulatsela pele ba dira tshwetso ya gore a ba tsweletse dithuto tsa bone. Tota e bile, motho a ka dira tshwetso eo moragonyana mo botshelong.
Batsadi ba Bakeresete ba thusa ngwana wa bone go dira tshwetso e e siameng ka go tsweletsa dithuto (Bona serapa 5)
6. Ke eng se se ka thusang motho yo o batlang go tsweletsa dithuto gore a dire tshwetso e e siameng?
6 Ke eng se se ka go thusang go dira tshwetso e e siameng fa o batla go tsweletsa dithuto? Bolelela Jehofa ka kgang eo. (Jak. 1:5) Gape akanya ka dilo tseno tse pedi. Sa ntlha, ipotse gore ke eng fa o batla go tsweletsa dithuto. (Pes. 26:2) Sa bobedi, akanya gore go tsweletsa dithuto go tla go tswela mosola jang le gore go tla dira gore o lebane le dikgwetlho dife. (Diane 14:15) A re tlotleng ka dintlha tseo tse pedi.
KE ENG FA O BATLA GO TSWELETSA DITHUTO?
7. Mokeresete o tshwanetse go akanya ka eng fa a akanyetsa go tsweletsa dithuto?
7 Fa e le gore o akanyetsa go tsweletsa dithuto, ipotse go re, ‘Goreng ke batla go tsweletsa dithuto?’ Batho ba le bantsi ba tsweletsa dithuto ka gonne ba batla tiro e ba e ratang kgotsa e e duelang madi a a oketsegileng. A seo se phoso? Nnyaa. (1 Tim. 5:8) Mme gone, Baebele e re tlhagisa ka dikotsi tsa go rata dikhumo le go akanya gore madi ke one fela a a ka re sireletsang. (Diane 23:4, 5; 1 Tim. 6:8-10; 1 Joh. 2:17) Fa e le gore o tsweletsa dithuto ka gonne o batla go huma kgotsa gore batho ba bangwe ba go tlotle, seo ka dira gore o se ka wa itumela. Tota e bile, se ka senya botsala jwa gago le Jehofa.
8-9. (a) Bakeresete ba tshwanetse go leba thuto jang? (Mathaio 6:33) (b) O ithuta eng mo go se Josefina, Morine le Iris ba ileng ba se bua?
8 Thuto e tshwanetse go nna botlhokwa go le kana kang mo go rona? Ga go na sepe se se tshwanetseng go nna botlhokwa go feta go direla Jehofa. (Math. 22:37, 38; Bafil. 3:8) Ka jalo, tsaya thuto e le sengwe se se go thusang go nna le dilo tse o di tlhokang fa o ntse o direla Jehofa ka pelo yotlhe.—Bala Mathaio 6:33.
9 Ke eng se se thusitseng basha bangwe gore ba lebe go tsweletsa dithuto ka tsela e Jehofa a go lebang ka gone? Kgaitsadi Josefina wa kwa Chile a re: “Ke ile ka tsweletsa dithuto tsa me gore ke kgone go bona tiro e e neng e tla ntetla go fetsa nako e ntsi ke direla Jehofa. Ke ile ka tlhomamisa gore botsala jwa me le Jehofa e nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me, e seng se ke neng ke se ithuta.” Kgaitsadi mongwe yo o bidiwa Morine o ile a tlhopha khoso ya go dira moriri e e tsayang ngwaga. Goreng a ile a dira jalo? A re: “Ke ne ke batla go direla kwa go nang le tlhokego gone, ka jalo ke ile ka dira khoso e e neng e tla nthusa go dira jalo. Fa ke sena go e fetsa, ke ile ka dira batho meriri gore ke kgone go nna le madi a a neng a tla nthusa fa ke setse ke fudugetse kwa go nang le tlhokego gone. Fa ke sena go fuduga, ke ile ka kgona go bona tiro. Kgaitsadi Iris o ile a dira khoso ya go ithutela go nna ngaka ya meno e e ileng ya tsaya lobakanyana. A re: “Go tsweletsa dithuto go ka tswela motho mosola, mme ga go ka ke ga dira gore a nne le boitumelo jwa mmatota. Gore a nne le boitumelo jwa mmatota, o tshwanetse go gopola gore Jehofa o tshwanetse go tla pele mo botshelong jwa gagwe.” Fa re dira gore botsala jwa rona le Jehofa e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong, re tla itumela go ya go ile.
AKANYA KA MELEMO LE DIKGWETLHO TSA GO TSWELETSA DITHUTO
10. O ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Duteronome 32:29 fa o ipotsa gore a o tsweletse dithuto?
10 Go ka tswa go na le khoso nngwe e o akanyang go e dira. Mme gone, o ka akanya ka dikhoso tse dingwe tse o ka di dirang. E ka tswa e le dikhoso tse di tshwanang le eo kgotsa tse di sa tshwaneng le yone gotlhelele. (Bapisa le Diane 18:17.) Gompieno go na le ditshono tse dintsi tsa go tsweletsa dithuto go feta mo nakong e e fetileng. Ka sekai, batho ba kgona go dira dikhoso dingwe ba le kwa gae mo Internet. Mme gone, ipotse gore a o ka kgona go itlamela ka dilo tse o di tlhokang le fa o sa tsweletsa dithuto. Ka sekai, Kgaitsadi Johanna wa kwa Finland ga a ka a tsweletsa dithuto. A re: “Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ile ka bereka ka malatsi mangwe ke ntse ke le mmulatsela. Ke ile ka dira ditiro tse di farologaneng, mme ke ile ka lemoga gore ka metlha Jehofa o re naya se re se tlhokang jaaka a solofeditse.” Gopola gore tshwetso epe fela e re e dirang ya gore a re tla tsweletsa dithuto le gore re tla dira khoso efe, e tla nna le melemo le dikgwetlho. Ka jalo, ipotse go re, ‘A melemo e mentsi go na le dikgwetlho?’ (Bala Duteronome 32:29; 1 Bakor. 10:23) A re tlotleng ka dintlha dingwe tse di tla go thusang go araba potso eo.
11. Goreng go le botlhokwa go akanya gore o tla fetsa nako e kana kang beke le beke o dira khoso e o e akanyetsang? (Bona le ditshwantsho.)
11 O tla fetsa nako e kana kang? Ipotse gore o tla fetsa diura di le kae beke le beke o ya sekolong, o ithuta tiro e bile o dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. A o sa ntse o tla kgona go dira dilo tse di go thusang go atamalana le Jehofa, le go dira maikarabelo a gago a lelapa? (Bafil. 1:10) A khoso e o e akanyetsang e tla dira gore o nne o lapile thata mo o sa kgoneng go baakanyetsa dipokano kgotsa go ithuta o le nosi? Seo ke se se ileng sa diragalela Mokaulengwe Jeroz wa kwa India. A re: “Go ne go le thata gore ke ye tshimong le gore ke ye dipokanong ka metlha. Ka dinako dingwe ke ne ke sa kgone go ya dipokanong. Gone jaanong ke a lemoga gore khoso eo, e ne e ntseela nako le maatla.” Mme go na le dikhoso tse di sa tseyeng nako e ntsi ka gonne dingwe tsa tsone di tshwarwa ka malatsi mangwe, tse dingwe tsone ga di na tiro e ntsi ya sekolo e e direlwang kwa gae. Ka sekai, Kgaitsadi Rabeca wa kwa Mozambique, o itumelela khoso e a e dirileng. A re: “Khoso eo e ne e tsaya diura di le pedi ka letsatsi. Ke ne ke kgona go e dira ke ntse ke le mmulatsela wa ka metlha.”
Fa o akanyetsa go tsweletsa dithuto, tlhomamisa gore o nna le nako ya go dira maikarabelo a mangwe a botlhokwa (Bona serapa 11)
12. Ke dipotso dife tse di ka go thusang go dirisa nako ya gago ka botlhale fa o akanyetsa go tsweletsa dithuto? (Moreri 12:1)
12 E tla tsaya lobaka lo lo kae? Ipotse gore khoso e o batlang go e dira e tla tsaya dikgwedi kgotsa dingwaga di le kae. A o tla bo o dirisa nako ya gago sentle fa o e dira? (Baef. 5:15-17) A khoso eo e tla go letla go direla Jehofa ka bojotlhe fa o sa ntse o le mosha, gongwe gore o tsenele tiro ya nako e e tletseng? (Bala Moreri 12:1.) A go na le dikhoso tse dikhutshwane tse di ka go thusang go nna le bokgoni bongwe jo o bo tlhokang gore o bone tiro e o e batlang? Ka sekai, dikolo dingwe kgotsa dikhampani dingwe di ka go thusa go nna le bokgoni bongwe ka bonako e bile o dirisa madi a a kwa tlase ga a a tlhokegang kwa yunibesithing. Mokaulengwe Mario wa kwa Chile a re: “Ke ile ka tlhopha go dira khoso ya dingwaga di le pedi e e neng e sa ture jaaka ya yunibesithi. Ke ne ke ya sekolong malatsi a le manê fela mo bekeng, ka jalo ke ile ka kgona go nna mmulatsela ke ntse ke dira khoso eo.”
13. Go ka direga eng fa o dira khoso nngwe o le kgakala le kwa gae?
13 O tla e direla kwa kae? O ka nna wa dira khoso nngwe kwa sekolong se se mo lefelong la lona. Mme go tweng fa e le gore khoso eo e tshwarelwa kwa sekolong se se kgakala le lefelo la lona? Kgotsa go tweng fa e le gore khoso eo e tlhoka gore o ye go nna kwa sekolong? Gopola gore go nna le batho ba ba sa direleng Jehofa go ka senya botsala jwa gago le ene. (Diane 22:3; 1 Bakor. 15:33) Mokaulengwe Matias wa kwa Mozambique, o ile a dira khoso ya ngwaga e e neng e sa ture. Mme gone, a re o ikwatlhaela tshwetso e a ileng a e dira. Goreng? A re: “Ke ile ka fetsa nako eo yotlhe ke nna kwa sekolong. Letsatsi le letsatsi ke ne ke raelesega go dira dilo tse di sa siamang. Ke kgothaletsa ope fela gore a se ka a dira khoso e e tla dirang gore a nne kgakala le legae. Kgaitsadi mongwe wa kwa Russia a re: “Go nna le batsadi ba me kwa gae, go na le go nna kwa sekolong go ile ga nthusa gore ke se ka ka wela mo mathateng le gore ke se ka ka raelesega go dira dilo tse di sa siamang.” Tota e bile, o ka nna wa bona khoso mo Internet e o ka e dirang o le kwa gae.
14. Molaomotheo o o mo go Luke 14:28 o ka go thusa jang fa o akanyetsa go tsweletsa dithuto?
14 E tla tlhoka madi a a kana kang? Dikhoso tse dingwe ga di ture kgotsa puso e ka di duelela. Mo maemong ao, o ka kgona go nna le bokgoni jo bo tla go thusang gore o nne le tiro mme o sa dirisa madi a mantsi. Mme mo maemong a mangwe, go tsweletsa dithuto go ka tura. Ka sekai, o ka nna wa tlhoka go hira mongwe gore a go tsenye ditlelase tse di tla go thusang gore o amogelwe kwa sekolong sengwe. Dikhoso tse dingwe di tlogela baithuti ba le mo dikolotong tse ba tshwanelwang ke go di duela ka dingwaga di le dintsi. Mokaulengwe Adilson wa kwa Mozambique o ikwatlhaela khoso e a ileng a e tlhopha. A re: “Rremogolo le mmemogolo ba ne ba sa kgone go reka dijo le dilo tse dingwe tse re neng re di tlhoka ka gonne ba ne ba tshwanetse go duelela khoso ya dingwaga di le nnê e ke neng ke e dira.” Fa o akanyetsa go dira khoso nngwe, ipotse go re, ‘E tla tlhoka madi a a kana kang? A ba lelapa la gaetsho ba tla kgona go e duelela? A go na le khoso e nngwe e e sa tureng e nka e dirang?’ (Bala Luke 14:28.) ‘Go tla ntsaya lobaka lo lo kae gore ke duele sekoloto se ke tla bong ke na le sone? A tiro eo e tla ntuela madi a a lekaneng gore ke kgone go itlhokomela le go duela sekoloto seo?’—Diane 22:7.
15. Goreng go le botlhokwa gore o ipotse gore a o tla bona tiro fa o akanyetsa go dira khoso nngwe?
15 A o tla bona tiro? Ipotse gore go na le ditiro dife mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa le o batlang go nna kwa go lone? A khoso e o batlang go e dira e tla go thusa gore o bone tiro? Dikhoso tse dingwe ga di thuse batho go nna le bokgoni jwa gore ba bone tiro. Go na le moo, di ba thusa fela gore ba nne le kitso ka tiro nngwe e e rileng. (Bakol. 2:8) Kgaitsadi mongwe wa kwa India a re: “Khoso e ke neng ke e dira, ga e a nthusa gore ke nne le bokgoni jo bathapi ba bo batlang. Seo se ile sa dira gore ke se ka ka bona tiro e ke neng ke e ithutetse.” Mo maemong mangwe o ka nna wa dira khoso nngwe e e rileng, mme o bo o sa kgone go bona tiro ya se o se ithutetseng. Sublime wa kwa Central African Republic o ile a dira khoso ya go baakanya di-air conditioner. Le fa go ntse jalo, a re: “Batho ba le bantsi mo lefelong le ke nnang mo go lone ba ipaakanyetsa dilo, ka jalo go thata go bona tiro.”
16. Goreng o tshwanetse go akanya gore o tla dira tiro efe fa o sena go dira khoso e o e akanyetsang?
16 Gape akanya ka tiro e o tla e dirang fa o sena go fetsa khoso e o batlang go e dira. A o tla e itumelela? (Mor. 3:12, 13) O tla bereka le batho ba ba ntseng jang? A tiro e o tla e dirang e tla bo e le kotsi, a o tla bo o bereka le batho ba ba ratang go gaisana kgotsa a e tla go bakela seterese? E tla go duela bokae? A o tla kgona go itlhokomela? A o tla tlhoka go nna o tsweletsa dithuto gore o se ka wa felelwa ke tiro? Sa botlhokwa le go feta, a e tla go letla gore o dire gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa gago? (Mor. 12:13) Ke boammaaruri gore fa ditiro di seyo, re ka nna ra tshwanelwa ke go dira ditiro tse re sa di rateng. Mme gone, re tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng ka khoso e re batlang go e dira gore re kgone go bona tiro moragonyana. Kgaitsadi Tabitha wa kwa India, o ile a dira khoso ya go roka e e tsayang dikgwedi di le thataro. A re: “Ke ne ke lemoga gore go roka go ne go tla nthusa gore ke nne mmulatsela. Ke tiro e e nnang e le teng. Ke kgona go itlhophela gore ke bereka leng, e bile ke ne nka se tlhoke madi a le mantsi gore ke e simolole.” Khoso eo e ile ya thusa Tabitha gore a kgone go itlhokomela fa e le mmulatsela.
17. (a) Mokeresete a ka bona jang tshedimosetso e e ka mo thusang go dira tshwetso ya gore a ka dira khoso efe? (b) Melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang fa o dira tshwetso eo? (Bona lebokoso le le reng, “Melaometheo E o Ka Akanyang ka Yone.”)
17 Re setse re tlotlile ka dintlha tse dintsi tse o ka di akanyetsang fa o batla go tsweletsa dithuto. Mme o ka bona jang tshedimosetso e o e tlhokang gore o kgone go dira tshwetso e e siameng? Dira dipatlisiso tse di oketsegileng ka khoso e o batlang go e dira ka go ya kwa sekolong se e dirwang kwa go sone kgotsa ka go tsena mo websaeteng. Ipotse gore ke ditiro dife tse o ka kgonang go di dira fa o dira khoso eo. Gape o ka botsa batho ba ba e dirileng kgotsa ba ba setseng ba bone tiro. (Diane 13:10) Ba botse go re: “Khoso kgotsa tiro eo e na le melemo le dikgwetlho dife?” Bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirileng khoso eo mme ba sa ntse ba direla Jehofa ba itumetse. (Diane 15:22) Ba akantsha gore o dire khoso efe kgotsa gore o dire tiro efe? Gongwe ba ka go akantsha gore o dire tiro e o iseng o ko o akanye ka yone.
18. Ke eng se se ka dirang gore re nne le boitumelo jwa mmatota?
18 Jaaka re bone, go tsweletsa dithuto go na le melemo le dikgwetlho. Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse go dira tshwetso e e siameng. Ke boammaaruri gore go tsweletsa dithuto, go ka dira gore motho a bone tiro e e tla mo duelang madi a a lekaneng gore a kgone go nna le dilo tse a di tlhokang. Mme gone, go atamalana le Jehofa ke gone go dirang gore motho a nne le boitumelo jwa mmatota. (Pes. 16:9, 11) Ka metlha Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe, ba ka tswa ba tsweleditse dithuto kgotsa ba sa di tsweletsa. (Baheb. 13:5) Mme go tweng fa e le gore o dirile tshwetso ya go tsweletsa dithuto? Ke eng se se ka go thusang gore o nne o atamalane le Jehofa fa o ntse o ithuta? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.
PINA 45 Dikakanyo Tsa Pelo ya Me
a TLHALOSO: Mo setlhogong seno le mo go se se latelang, mafoko a a reng “go tsweletsa dithuto” a kaya bokgoni kgotsa thuto epe fela e motho a ka nnang le yone mo godimo ga thuto e puso e batlang gore ngwana mongwe le mongwe a nne le yone. Thuto eo e ka akaretsa khoso e e tsayang lobaka lo loleele kgotsa lo lokhutshwane e e dirwang kwa yunibesithing kgotsa khoso e e dirwang kwa sekolong sengwe kgotsa kwa tirong, e e thusang motho gore a nne le bokgoni jo bo rileng.
b Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di sa kgothaletse Basupi go dira dithuto dingwe. Ka sekai, setlhogo se se reng, “Batsadi—lo Batlela Bana ba Lona Isagwe e e Ntseng Jang?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2005 se ne sa re tlhagisa ka dikotsi tsa fa mongwe a fetsa dingwaga di le nnê kgotsa go feta a ithuta kwa kholetšheng kgotsa kwa yunibesithing. E re ka dikotsi tseno di sa ntse di le teng, mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla tsweletsa dithuto kgotsa nnyaa. Pele Mokeresete mongwe le mongwe a dira tshwetso ya gore a o tla tsweletsa dithuto, o tshwanetse go rapela le go akanya thata ka melaometheo ya Baebele le gore khoso e a batlang go e dira e tla tlhoka gore a dire eng. Tlhogo nngwe le nngwe ya lelapa, yo o nang le bana ba bannye, le ene o tshwanetse go dira jalo. Ga go na Mokeresete ope, go akaretsa bagolwane, yo o tshwanetseng go tshwayatshwaya Mokeresete mmogo le ene phoso ka tshwetso e a e dirileng mo kgannyeng eno.—Jak. 4:12.