JULY 27–AUGUST 2, 2026
PINA 56 Tlhopha go Tshelela Boammaaruri
Tswelela o Atamalane le Jehofa fa o Tsweletsa Dithuto
“A re tsweleleng re tsamaya ka mokgwa ono go ya ka tsela e re gatetseng pele ka yone.”—BAFIL. 3:16.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tla tlotla ka melaometheo e le menê e e tla go thusang go nna o atamalane le Jehofa fa o tlhopha go tsweletsa dithuto.
1-2. (a) Fa o dirile tshwetso ya go tsweletsa dithuto, o tshwanetse go nna o dira eng? (b) Go ‘tsamaya ka mokgwa ono’ go kaya eng? (Bafilipi 3:16)
BANGWE ba batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba dira tshwetso ya gore ba tsweletse dithuto mo godimo ga thuto e puso e batlang gore ngwana mongwe le mongwe a nne le yone. Ba ka tswa ba dumela gore thuto eo e tla ba thusa go bona tiro e e tla ba thusang go itlhokomela fa ba ntse ba direla Jehofa. Fa e le gore o dirile tshwetso ya go tsweletsa dithuto, ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o atamalane le Jehofa? (Jak. 4:8a) Ga go pelaelo gore fa o ne o tsena sekolo, o ile wa lebana le maemo a a ileng a leka tumelo ya gago, mme o ile wa tswelela o itumedisa Jehofa o bo o atlega. Jaanong o tshwanetse go ‘tswelela o tsamaya ka mokgwa ono.’ Seno se raya gore o tla tswelela o direla Jehofa ka boikanyegi fela jaaka o ntse o dira.—Bala Bafilipi 3:16.
2 Mo puong ya ntlha e Baebele e kwadilweng ka yone, mafoko a a reng go ‘tsamaya ka mokgwa ono,’ a ile a dira gore batho ba akanye ka masole a a gwantang mmogo a sa eme kgotsa a sa lebe kwa morago. Fa e le gore o dirile tshwetso ya go tsweletsa dithuto, o tla tshwanelwa ke go etsa masole ao. O tla tlhoka go tsamaya le bakaulengwe le bokgaitsadi ka go nna o dira dilo tse di go thusitseng go atamalana le Jehofa. O tshwanetse go nonotsha botsala jwa gago le Jehofa gore bo se ka jwa koafala. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka melaometheo e le menê e e ka go thusang. O setse o itse melaometheo eno, e go thusitse gore o dire ditshwetso tse di siameng mo botshelong, e bile e tla tswelela e go thusa gore o atamalane le Jehofa fa o ntse o tsweletsa dithuto le fa o sena go di wetsa.
TSWELELA O NONOTSHA BOTSALA JWA GAGO LE JEHOFA
3. Go tsweletsa dithuto go ka ama jang dilo tse o tlhokang go di dira letsatsi le letsatsi?
3 Kgwetlho. Go tsweletsa dithuto go ka dira gore o nne fela o le makgabe a dipapetla ka ntlha ya dilo tse di oketsegileng tse o tshwanetseng go di dira letsatsi le letsatsi. E re ka o batla go dira sentle kwa sekolong, o ka nna wa simolola go dira tiro ya sekolo ka nako e o tshwanetseng go direla Jehofa ka yone. O ka nna wa simolola go lofela dipokano, go sa ye tshimong ka metlha, go sa bale Baebele letsatsi le letsatsi, le go sa rapele ka metlha.—Tshen. 2:4.
4. Ke eng se se ka go thusang go nna “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena”? (1 Bakorintha 15:58)
4 Bala 1 Bakorintha 15:58. Gore baesekele e tsamaye, motho o tshwanetse go e kgweetsa. Ka tsela e e tshwanang, gore o tswelele o atamalane le Jehofa, o tshwanetse go nna o le matlhagatlhaga mo tirong ya gagwe. Ke gone ka moo Baebele e reng re nne “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” Ke boammaaruri gore fa o bala mafoko ao, o ka nna wa akanya ka nako e o e fetsang o direla Jehofa. Mme selo sa botlhokwa ke gore o direle Jehofa ka gonne go dira jalo go le botlhokwa mo go wena. Gopola gore go direla Jehofa go botlhokwa thata mo botshelong go gaisa go tsweletsa dithuto. (Math. 22:37) Kgaitsadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Samantha a re: “Pele ke tsweletsa dithuto, ke ne ka ipolelela gore fa sekolo se ka nkgoreletsa go direla Jehofa, ke tla se tlogela.”
5. O ka dira eng gore o nne o le matlhagatlhaga mo tirong ya ga Jehofa?
5 Se o ka se dirang pele o tsweletsa dithuto. Tlhomamisa gore o tla tswelela o dira gore Jehofa e nne motho wa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Ipotse go re, ‘A ke itiretse thulaganyo ya go baakanyetsa dipokano ka metlha, go nna kwa go tsone, go ya tshimong le go bala Baebele?’ (Josh. 1:8; Math. 28:19, 20; Baheb. 10:25) Gape akanya ka se o ileng wa se dira mo nakong e e fetileng. Ipotse go re, ‘Ke eng se se neng se nthusa gore ke dire dilo tseno fa ke ne ke tsena sekolo?’ Fa e le gore go na le dilo dingwe tse o neng o tlhoka go di tokafatsa, ke eng se se ka go thusang gore o dire jalo gone jaanong? Ikemisetse go nna o le matlhagatlhaga mo tirong ya ga Jehofa fa o ntse o tsweletsa dithuto. Dira ka natla mo dithutong tsa gago, mme o se ka wa di letla gore di go kgoreletse go direla Jehofa.a—Math. 6:24.
6. Ke dipotso dife tse o ka ipotsang tsone fa o itlhatlhoba? (Bona le setshwantsho.)
6 Fa o ntse o tsweletsa dithuto, iphe nako ya go itlhatlhoba kgwedi le kgwedi. Ipotse go re: ‘A ke sa ntse ke tsaya Jehofa a le botlhokwa mo botshelong jwa me? A ke na le mokgwa wa go lofela dipokano kgotsa wa go goroga thari kwa go tsone? A ke nna ke akanya ka tiro ya me ya sekolo fa ke le kwa dipokanong? A ke simolotse go tsena dipokano ka videoconference go na le go ya kwa Holong ya Bogosi?’ Gape ipotse go re, ‘A ke sa ntse ke rapela e bile ke bala Baebele jaaka pele? A ke ya tshimong fela ka gonne ke tshwanetse go dira jalo, e bile ke batla go fetsa ka bonako?’ Fa o lemoga gore go na le sengwe se o tlhokang go se tokafatsa, dira jalo ka bonako. O se ka wa letla go tsweletsa dithuto go nna botlhokwa go feta go direla Jehofa.
O se ka wa letla dithuto tsa gago di go kgoreletsa go direla Jehofa (Bona serapa 6)
“SIRELETSA BOKGONI JWA GAGO JWA GO AKANYA”
7. Go tsweletsa dithuto go ka ama jang tsela e o akanyang ka yone?
7 Kgwetlho. Go ikaegile ka khoso e o e dirang, ka dinako dingwe o ka rutiwa dilo tse di phoso tse Baebele e reng ke “botlhale jwa lefatshe le maaka.” Ka sekai, o ka rutiwa gore Modimo ga a yo e bile o ka rutiwa ka evolution. (Bakol. 2:8) Gape o ka rutiwa gore o tshwanetse go ikaega ka bokgoni jo o nang le jone gore o atlege mo botshelong. Mokaulengwe mongwe yo mosha a re: “Re ne re sa rutiwe fela go nna le bokgoni, gape re ne re rutiwa gore re tshwanetse go akanya jang. Mme seo se ne se farologane thata le tsela e Jehofa a batlang gore re akanye ka yone. Ka sekai, re ne re rutiwa gore fa re batla go atlega, re tshwanetse go ikaega ka bokgoni jwa rona. Seo se ne se dira gore ke akanye gore nka kgona go itumela le fa Jehofa a sa nthuse. Go ne go le thata gore ke mo tshepe mo dilong tsotlhe.”
8. Goreng go le botlhokwa gore o “sireletse bokgoni jwa gago jwa go akanya”? (Diane 5:1, 2)
8 Bala Diane 5:1, 2. Baebele e go kgothaletsa gore o “sireletse bokgoni jwa gago jwa go akanya.” Re sireletsa sengwe fa mongwe a leka go se senya kgotsa go re tseela sone. Seo ke se Satane le batho ba ba sa direleng Jehofa ba nnang ba leka go se dira ka bokgoni jwa gago jwa go akanya. (1 Pet. 5:8) Se batho ba se akanyang ka boitsholo, gore botshelo bo simologile jang le gore a Modimo o teng, se ka dira gore o belaele se Jehofa a re rutang sone mo Baebeleng. Barutabana le batho ba bangwe, ba ka leka go dira gore o akanye gore se ba se akanyang ka dintlha tseo, se botoka go gaisa sepe fela. Mme boammaaruri ke gore dikakanyo tsa bone ke “boeleele mo Modimong.”—1 Bakor. 3:18-20.
9. O ka sireletsa jang bokgoni jwa gago jwa go akanya?
9 Se o ka se dirang pele o tsweletsa dithuto. Gore o sireletse bokgoni jwa gago jwa go akanya, netefatsa gore o tlhatswegile pelo ka se Baebele e se rutang pele o tsweletsa dithuto. Ipotse go re, ‘A ke dumela mo Modimong? Ke itse jang gore Baebele ke Lefoko la gagwe? Ke eng se se ntlhatswang pelo gore melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang e gaisa se batho ba reng se siame kgotsa ga se a siama? Akanya ka se se ileng sa direga mo nakong e e fetileng. Ga go pelaelo gore fa o ne o tsena sekolo, o ile wa lemoga kafa batho ba ba sa direleng Jehofa ba akanyang ka gone. Ipotse go re, ‘A ke ile ka simolola go belaela gore Modimo o teng le gore o bopile sengwe le sengwe, fa ke utlwa batho ba bangwe ba bua ka evolution? A ke ne ke raelesega go tshela ka tsela e e sa siamang e batho ba ke neng ke tsena sekolo le bone ba neng ba tshela ka yone? Fa e le gore go na le sengwe se o ka bong o ile wa se tokafatsa mo nakong e e fetileng, o ka dira eng gone jaanong gore o itlhatswe pelo gore se Baebele e se rutang ke boammaaruri? Fa o ntse o tsweletsa dithuto, ikemisetse go sireletsa bokgoni jwa gago jwa go akanya.—2 Tim. 2:16-18.b
10. Ke eng se se tla go thusang go tswelela o sireleditse bokgoni jwa gago jwa go akanya?
10 Fa o ntse o tsweletsa dithuto, nna o itlhatlhoba. Ipotse go re, ‘A ke simolola go akanya gore dilo tse di sa siamang tse ba bangwe ba di dirang di itshiametse fela? A ke kgona go lemoga fa ke rutiwa sengwe se se sa dumalaneng le se Baebele e se buang? A ke tlhatswegile pelo gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo ka rarabololang mathata a batho?’ Gore o sireletse bokgoni jwa gago jwa go akanya, tswelela o ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo. Go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se o se ithutang, go tla go tlhatswa pelo le go feta gore se Baebele e se buang ke boammaaruri.—1 Tim. 4:15.
DIRISA NAKO YA GAGO SENTLE
11. Fa o ntse o tsweletsa dithuto, goreng go ka nna thata gore o dirise nako sentle?
11 Kgwetlho. Go tsweletsa dithuto go ka go tlhoka nako e ntsi, segolobogolo fa o kwala ditlhatlhobo kgotsa fa go na le porojeke e o tshwanetseng go e dira. Fa o sa dirise nako sentle, o ka nna le seterese kgotsa wa nna le letsapa le le tseneletseng. Ka jalo, go botlhokwa gore o iphe nako ya go itlhokomela.
12. Ke dilo dife tse o tshwanetseng go di dira? (Baefeso 5:15, 16)
12 Bala Baefeso 5:15, 16. Go ka nna thata gore o ‘dirise nako ya gago sentle.’ O tlhoka go nna tekatekano. Ka sekai, le fa gone o tlhoka go bala, gape o tlhoka go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi le ba lelapa la gaeno. (Pes. 133:1; Diane 18:1) Sa botlhokwa le go feta, o tlhoka go dira dilo tse di tla go thusang gore o tswelele o atamalane le Jehofa. (Math. 6:33) Gape o ka tswa o tlhoka go thusa ba lelapa la gaeno ka dilo dingwe e bile o bereka. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go tlhokomela botsogo jwa gago ka go ikhutsa mo go lekaneng le go ipha nako ya go ikatisa. (Mor. 4:6; 1 Tim. 4:8) Gore o kgone go dira dilo tseno tsotlhe, o tlhoka go dirisa nako ya gago sentle.
13. Ke eng se se ka go thusang gore o dirise nako ya gago sentle?
13 Se o ka se dirang pele o tsweletsa dithuto. Baebele e a re go nna le thulaganyo go ka dira gore motho a atlege. (Diane 21:5) Ka jalo, itirele thulaganyo e o ka kgonang go e latela pele o tsweletsa dithuto. Gore o kgone go dira jalo, akanya ka se se ileng sa direga mo nakong e e fetileng. Ipotse go re, ‘Ke ne ke dirisa nako ya me jang fa ke ne ke tsena sekolo?’ Fa o lemoga gore o ne o tlhoka go tokafatsa, o ka dira eng gone jaanong? Tlhomamisa gore o nna le thulaganyo e e tla go thusang gore o nne le nako ya go dira sengwe le sengwe se o tlhokang go se dira.c
14. Ke dipotso dife tse di ka go thusang go itlhatlhoba?
14 Fa o ntse o tsweletsa dithuto, nna o itlhatlhoba. Ipotse go re, ‘A thulaganyo ya me e ntetla go ikhutsa mo go lekaneng le go ikatisa? A ke sa ntse ke kgona go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi? A ke kgona go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae ka nako? Fa e le gore ga go a nna jalo, a seo se ka tswa se direga ka gonne ke na le tiro e ntsi kgotsa ke nna ke e beela nako e e tlang? A batho ba bangwe, go akaretsa ba lelapa la gaetsho, ba ka dumalana le tsela e ke arabang dipotso tseno ka yone?’ Fa o lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo mo thulaganyong ya gago kgotsa go tokafatsa tsela e o dirang dilo ka yone, dira jalo ka bonako. Gongwe o ka nna wa tlhoka go bua le batho ba ba dirisang nako ya bone sentle.—Diane 11:14.
NNA ‘O TSAMAYA LE BATHO BA BA BOTLHALE’
15. Fa o tsweletsa dithuto, o ka lebana le kgwetlho efe?
15 Kgwetlho. Fa o tsweletsa dithuto, baithutimmogo le wena ba ka nna ba go laletsa gore o itlose bodutu le bone. O ka nna wa raelesega go dumela. Boammaaruri ke gore go na le dilo di le dintsi tse wena le batho ba o tsenang sekolo le bone lo tshwanang ka tsone ka gonne lo fetsa nako mmogo kwa tlelaseng. Tota e bile, o ka nna wa akanya gore go na le dilo tse dintsi tse o tshwanang le bone ka tsone go feta tse o tshwanang le bakaulengwe le bokgaitsadi ka tsone. Mme gone, o tlhoka go nna kelotlhoko. Le fa gone lo tsena sekolo mmogo, wena o farologane le bone ka gonne o batla go itumedisa Jehofa. Mme fa o fetsa nako le bone, o ka feleletsa o akanya jaaka bone. (1 Bakor. 15:33) Seo se ile sa diragalela Michael yo o neng a dira khoso ya motlakase ya dingwaga di le nnê. A re: “Beke le beke ke ne ke fetsa diura di feta 40 le batho ba ke neng ke bereka le bone. Ba ne ba sa tlotle basadi, ba reetsa mmino o Bakeresete ba sa tshwanelang go o reetsa, e bile ba rogana. Ke ile ka simolola go akanya gore se ba neng ba se bua le se ba neng ba se dira, ga se maswe go le kalo.”
16. Go ‘tsamaya le batho ba ba botlhale’ go kaya eng? (Diane 13:20)
16 Bala Diane 13:20. Baebele e re tlhagisa gore go itsalanya le batho ba ba sa siamang go kotsi. Mme fa re ‘tsamaya le batho ba ba botlhale re tla nna botlhale.’ Re ithuta eng? Batho ba re fetsang nako le bone, ba ka dira gore re dire dilo tse di siameng kgotsa tse di sa siamang. Ka jalo, itsalanye le batho ba ba ratang Jehofa fela jaaka wena e bile ba go batlela se se molemo.—Pes. 101:6, 7; 119:63.
17. O ka dira eng gore o se ka wa itsalanya le batho ba ba sa siamang?
17 Se o ka se dirang pele o tsweletsa dithuto. Dira tshwetso ya gore o tla fetsa nako e kana kang o na le batho ba o tsenang sekolo le bone le gore o tla atamalana go le kana kang le bone. Mosupi mongwe yo o bidiwang Trenton a re: “Ke dirisana sentle le batho ba ke tsenang sekolo le bone, mme ga ke fetse nako le bone morago ga sekolo. Ke tsena sekolo le bone, mme ga se ditsala tsa me.” Wena o tla dira eng gore o se ka wa fetsa nako e ntsi le batho ba o tsenang sekolo le bone kgotsa gore o se ka wa atamalana thata le bone? Go araba potso eno, akanya ka se se ileng sa direga mo nakong e e fetileng. O ile wa dira eng gore o se ka wa fetsa nako e ntsi le bana ba o neng o tsena sekolo le bone? Fa e le gore o ne o tlhoka go tokafatsa, o ka dira eng gone jaanong? Ikemisetse go nna o ‘tsamaya le batho ba ba botlhale,’ mme o se ka wa itsalanya le batho ba ba sa rateng Jehofa.d
18. O ka ipotsa dipotso dife? (Bona le setshwantsho.)
18 Fa o ntse o tsweletsa dithuto, nna o itlhatlhoba. Ipotse go re, ‘A ke atamalana thata le batho ba ke tsenang sekolo le bone? A ke simolotse go bua, go akanya le go dira dilo jaaka bone? A Jehofa o tla dumalana le tsela e ke arabang dipotso tseno ka yone?’ (Pes. 1:1) Fa o lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo, dira jalo ka bonako. Tlhomamisa gore batho ba o itsalanyang le bone ba rata Jehofa jaaka wena. Gape o se ka wa okaoka go rerela batho ba o tsenang sekolo le bone. O na le tshono ya go ba thusa go ithuta boammaaruri.
O se ka wa okaoka go rerela batho ba o tsenang sekolo le bone (Bona serapa 18)e
IPAAKANYE
19. O ka ipaakanyetsa jang dikgwetlho tse o ka lebanang le tsone fa o tsweletsa dithuto? Naya sekai.
19 Akanya ka sekai seno. Motho yo o yang go palama thaba, o tshwanetse go tlhomamisa gore o na le sengwe le sengwe se a tla se tlhokang pele a dira jalo. Le fa gone a sa itse sengwe le sengwe se se tla diregang mo tseleng, o tlhomamisa gore o na le maatla a go palama thaba, o apara sentle e bile o itse kwa a yang teng. O ka dira se se tshwanang fa o tsweletsa dithuto. Tswelela o nonotsha tumelo ya gago ka go ‘apara diaparo tsa ntwa tse di feletseng tse di tswang kwa Modimong.’ Boikaelelo jwa gago e tshwanetse go nna go galaletsa Jehofa mo go sengwe le sengwe se o se dirang, e seng go nna le madi a le mantsi kgotsa go batla go nna motho wa botlhokwa mo lefatsheng leno.—Baef. 6:11-13; 1 Bakor. 9:26, 27; 10:31.
20. O ka dira eng gore o nne o ‘itlhatlhoba gore a o mo tumelong’?
20 Baebele e a re: “Nnang lo itlhatlhobe gore a lo mo tumelong; nnang lo itshupe gore lo batho ba ba ntseng jang.” (2 Bakor. 13:5) O ka dira seno fa o ntse o tsweletsa dithuto. Nna o itlhatlhoba ka go ipotsa gore o ntse o dira jang mo dintlheng tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno. A o dira dilo tse di go thusang go atamalana le Jehofa? A o sireletsa bokgoni jwa gago jwa go akanya gore o se ka wa akanya jaaka batho ba ba sa direleng Jehofa? A o dirisa nako ya gago sentle? A o tlhopha ditsala tse di direlang Jehofa, mme o tila go itsalanya le ba ba sa mo direleng? Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa dipotso tseo a ka tswa a tsena sekolo kgotsa a bereka. Ikemisetse go nna o nonotsha tumelo ya gago mo maemong mangwe le mangwe a o lebanang le one. O ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a o a dirang a go nna o atamalane le ene.—Diane 3:5, 6.
PINA 87 Tlang lo Lapolosiwe
a Fa o batla dikakantsho tse di tla go thusang go nna o le matlhagatlhaga mo tirelong ya ga Jehofa, bala setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Tshwanetse go Dira Eng Morago ga go Kolobediwa?—Karolo 1: Nna o Tlhagafetse” mo jw.org.
b Fa o batla dikakantsho tse di tla go thusang go sireletsa bokgoni jwa gago jwa go akanya, bala setlhogo se se reng, “O se Ka wa Tsiediwa ke ‘Botlhale Jwa Lefatshe Leno’” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 2019.
c Fa o batla dikakantsho tse di tla go thusang go itirela thulaganyo ya dilo tse o tlhokang go di dira letsatsi le letsatsi, bala setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng Se se Ka Nthusang go Dirisa Nako ya me Sentle?” mo jw.org.
d Fa o batla dikakantsho tse di tla go thusang go tlhopha ditsala sentle, bala thuto 48 ya setlhogo se se reng, “Tlhopha Ditsala ka Botlhale” mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!
e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o dirang khoso ya moriri o rerela motho yo a tsenang sekolo le ene.