LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 April ts. 14-19
  • Kgakololo E e Ka re Thusang Fa re Na le Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgakololo E e Ka re Thusang Fa re Na le Mathata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • LEBA MATHATA KA TSELA E E SIAMENG
  • DIKOTSI TSA GO SA LEBE MATHATA KA TSELA E E SIAMENG
  • SE RE KA SE DIRANG FA RE NA LE MATHATA
  • A Mathata a Gago ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?
    Tsogang!—2009
  • Nna o Gopotse Gore Jehofa ke “Modimo yo o Tshelang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Jehofa o re Thusa Jang go Itshoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 April ts. 14-19

JUNE 15-21, 2026

PINA 122 Emang lo Tlhomame, lo sa Tshikhinyege!

Kgakololo E e Ka re Thusang Fa re Na le Mathata

“Le fa ke na le matshwenyego le mathata, ke tswelela ke rata ditaelo tsa gago.”​—PES. 119:143.

SE GO BUIWANG KA SONE

Go leba mathata ka tsela e e siameng go ka re thusa gore re tswelele re ikanyega le gore re itumele.

1-2. Re tshwanetse go dira eng gore re kgone go itshokela mathata? (Bona le setshwantsho.)

JEHOFA o rata batlhanka ba gagwe. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba na le mathata e bile botshelo jwa bone bo “tletse matshwenyego le mahutsana.” (Pes. 90:10) Bangwe ba bone ba sotliwa ke ba malapa a bone, ba a bogisiwa kgotsa ba tsentswe mo kgolegelong ka gonne ba rera. Bontsi jwa bone ba mo ditlhabing ka gonne ba lwala kgotsa ba tsofetse. Mme ba bangwe bone ba tlhokafaletswe ke batho ba ba ba ratang kgotsa ba diragaletswe ke sengwe se se utlwisang botlhoko mo botshelong. Wena o na le mathata afe?

2 Fa re na le mathata, re tshwanetse go a leba ka tsela e Jehofa a batlang re a leba ka yone gore re kgone go a itshokela. Goreng seno se le botlhokwa? A re dire sekai: Mathata a re kopanang le one mo botshelong a tshwana le dikotsi tse o ka lebanang le tsone fa o kgweetsa. O ka tshwanelwa ke go ya ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng, go fokotsa lobelo kgotsa go ema go se kae go ikaegile ka gore kotsi e o lebaneng le yone e fa kae. Gore o dire tshwetso e e siameng, o tshwanetse go bona dikotsi tseo sentle. Mme fa difensetere di le leswe, go ka nna thata gore o kgone go di bona. Ka tsela e e tshwanang, gore re kgone go itshokela mathata, re tshwanetse go a leba ka tsela e Jehofa a batlang re a leba ka yone. Mo setlhogong seno, re tla bona (1) gore re tshwanetse go leba jang mathata, (2) gore dikotsi tsa go sa lebe mathata ka tsela e e siameng ke dife, le (3) gore ke dilo dife tse re ka di dirang fa re na le mathata.

Monna yo o kgweetsang koloi difensetere di le leswe, ka tshoganyetso fela o gakgamadiwa ke go bona letshwao le le bontshang gore tsela e tswetswe.

Re tshwanetse go leba mathata ka tsela e e siameng gore re kgone go a itshokela (Bona serapa 2)


LEBA MATHATA KA TSELA E E SIAMENG

3. Goreng re ka se tile mathata?

3 Rotlhe re tla nna le mathata mo lefatsheng leno le le bosula. Fa fela re sa ntse re na le boleo e bile Satane a busa lefatshe, re tla nna le mathata. Mo godimo ga moo, fa bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela re tla lebana le mathata a a oketsegileng. E ka tswa e le a a bakilweng ke masetlapelo a tlholego kgotsa ke batho ba ba dirang dilo tse di bosula. (Math. 24:8; 2 Tim. 3:13) Fa Jehofa a ne a ka baakanya mathata otlhe a a leng teng gone jaanong, go ne go ka lebega e kete o thusa Satane go busa lefatshe. Boammaaruri ke gore re tla nna fela re na le “mathata” fa Satane a sa ntse a busa lefatshe leno.​—Mor. 9:12.

4. Ke mathata afe gape a Bakeresete ba lebanang le one?

4 Bakeresete ba lebana le mathata a a oketsegileng. Gantsi Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba tla bogisiwa ka ntlha ya se ba se dumelang. (Math. 24:9; Joh. 16:2) Go itse seo go re thusa gore re se ka ra letla go bogisiwa go koafatsa tumelo ya rona. (1 Bathes. 3:3, 4) Mme fa re itshokela mathata ka gonne re na le tumelo e e nonofileng, re ka tlhatswega pelo gore re sa ntse re le mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Gape re bontsha gore re tlhophile go direla Jehofa ka gonne e le mmusi yo o ba gaisang botlhe e bile re bontsha gore Satane ke moaki. Mangwe a maaka a Satane a a buang ke gore batho ba direla Jehofa fela ka gonne Jehofa a ba naya dilo dingwe. Ka jalo, o leka go bontsha gore se a se buang se boammaaruri ka go tlhasela batho ba Modimo. (Jobe 1:9-11) Fa re itshoka, re bontsha gore re rata Jehofa e bile re dira gore a itumele.​—Diane 27:11.

5. Re ka ithuta eng mo go Moreri 7:13 le 14? (Bona le ditshwantsho.)

5 Jehofa o letlelela mathata. Jehofa ga a ke a dira dilo tse di bosula e bile ga a re leke ka dilo tse di bosula. (Jak. 1:13) Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone o ile a re ‘letsatsi la matshwenyego’ ke “tiro ya Modimo wa boammaaruri.” (Bala Moreri 7:13, 14.) O ne a sa reye gore Jehofa ke ene a dirang gore dilo tse di bosula di direge, mme gone di direga ka gonne a di letlelela. Solomone o ile a re naya kgakololo e e molemo e e ka re thusang gore re lebe mathata ka tsela e e siameng. Sa ntlha, re tshwanetse go gopola gore malatsi ga a tle ka go tshwana. Ka dinako dingwe re a itumela, ka dinako dingwe re a hutsafala. Fa re itumetse, re ka leboga Jehofa ka gonne mpho nngwe le nngwe e e molemo e tswa kwa go ene. Sa bobedi, Solomone o re gopotsa gore ‘ga re itse se se tla re diragalelang.’ Ka jalo, ga re ka ke ra itse gore re tla itumelela letsatsi kgotsa re tla diragalelwa ke dilo tse di bosula. Batho ba ba siameng le ba ba sa siamang ba welwa ke mathata ba sa a lebelela.

Ditshwantsho: Tshingwana ya monna mongwe e a ungwa ka malatsi mangwe, mme ka a mangwe ga e ungwe. 1. O itumelela go kgetla ditamati. 2. Mme mo letsatsing le lengwe ga a itumela ka gonne ditamati di senyegile.

Re tshwanetse go gopola gore malatsi ga a tle ka go tshwana. Ka dinako dingwe re a itumela, ka dinako dingwe re a hutsafala (Bona serapa 5)


6. Goreng Jehofa a letlelela gore re lebane le mathata? (Bahebera 12:7, 11)

6 Fa re leba mathata ka tsela e e siameng, re lemoga gore Jehofa o re ruta gore re ikaege ka ene go na le go leka go a itharabololela. Jehofa o bona mathata a rona e bile seo se mo utlwisa botlhoko. Le fa a re letla gore re tsamaye “mo mokgatšheng o o lefifi le lentshontsho” o nna a re kaela e bile o re netefaletsa gore o a re rata le gore o tla re naya maatla a re a tlhokang gore re itshoke. (Pes. 23:4) Gape mathata a ka re thusa go lemoga makoa a rona le go tokafatsa botho jwa rona. (Bala Bahebera 12:7, 11.) Ka sekai, Jobe o ne a tlhoka go nna boikokobetso. Jehofa ga se ene a mmaketseng mathata. Le fa go ntse jalo, o ile a a letlelela a bo a a dirisa go mo ruta dithuto tsa botlhokwa. (Jobe 42:1-6) Le fa re ka welwa ke mathata ape fela, re a itse gore Jehofa ga a kitla a a letlelela gore a re utlwise botlhoko go ya go ile. Fa re itshokela mathata ka boikanyegi, “re a fenya.”​—Bar. 8:35-39

7. Ke eng se se ka go thusang gore o itumele le fa o bogisiwa?

7 Re ka itumela le fa re bogisiwa. Fa e le gore o bogisiwa ka ntlha ya se o se dumelang, o se ka wa akanya gore Jehofa o go latlhile. Go na le moo, fa o bogisiwa gopola gore seo se bontsha gore Jehofa o a go amogela. (Math. 5:10-12) Fa o leba go bogisiwa ka tsela eo, o tla itumela jaaka baaposetoloi. (Dit. 5:40-42) Mo godimo ga moo, o ka thusa batho ba e seng Basupi gore ba ithute boammaaruri le gore “ba galaletse Modimo.” (1 Pet. 2:12) Fela jaaka Jehofa a ile a thusa Josefa, le wena o tla go thusa fa o na le mathata, e seng fela fa a setse a fedile.​—Gen. 39:3, 23.

8. Ke eng gape se se re thusang gore re itshoke fa re na le mathata?

8 Mathata a rona ga a kitla a nnela ruri. Se se diragaletseng Jobe se re gopotsa gore mathata a rona a tlile go fela. Tota e bile, “Jehofa o ne a segofatsa Jobe go feta kafa a neng a mo segofaditse ka gone kwa tshimologong.” (Jobe 42:12) Le rona Jehofa o re solofetsa gore o tla re segofatsa thata kwa lefatsheng le lesha go feta kafa a re segofatsang ka gone mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Seno se re rotloetsa gore re itshoke go fitlha kwa bokhutlong!​—Math. 24:13.

DIKOTSI TSA GO SA LEBE MATHATA KA TSELA E E SIAMENG

9. Go dumela dilo tse di seng boammaaruri go ka gakatsa mathata a rona jang?

9 Go dumela dilo tse di seng boammaaruri go ka re gakaletsa mathata. Ka sekai, re ka akanya gore Jehofa ke ene a re baketseng mathata. Jobe o ile a ikutlwa jalo ka nakwana, mme seo se ile sa dira gore a leke “go supa gore o siame go feta Modimo.” (Jobe 32:2) Kwa tshimologong, Naomi le ene o ne a akanya gore Jehofa ke ene a mmaketseng mathata. (Ruthe 1:13, 20, 21) Fa Jobe le Naomi ba ne ba ka tswelela ba akanya jalo, seo se ne se ka senya botsala jwa bone le Jehofa. (Diane 19:3) Mme gone, Jehofa o ile a ba thusa go leba dilo sentle e bile o ile a ba segofatsa ka gonne ba ne ba ikanyega.

10. Fa re na le mathata re ka simolola go akanya eng?

10 Tota le fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa ga se ene a re bakelang mathata, re ka nna ra simolola go ipotsa gore a o sa ntse a amega ka rona. Go akanya jalo go ka re kgoba marapo. (Diane 24:10) Kgosi Dafide le moporofeti Habakuke ba ile ba nna le mathata a mantsi, mme ka dinako dingwe ba ne ba ipotsa gore a Jehofa o reetsa dithapelo tsa bone. (Pes. 10:1; Hab. 1:2) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tlogela go rapela. Jehofa o ile a ba netefaletsa gore o tla ba thusa, mme le wena o tla go thusa.​—Pes. 10:17.

11. Ke eng se se ka diregang fa re sa lebe mathata ka tsela e e siameng?

11 Fa re sa lebe mathata ka tsela e e siameng re ka gakgamala fa a re tlela, gongwe e bile re ipotsa gore goreng a re tlhagela. (1 Pet. 4:12) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye lebaka la go bo Jesu a ne a tshwanetse go bogisiwa. (Luke 18:33, 34) Tota le fa Jesu a sena go ba tlhalosetsa se se neng se tla mo diragalela, moaposetoloi Petere o ne a sa dumele gore seo se ne se tla direga. Jesu o ne a itse gore go akanya jaaka Petere go ne go tla dira gore a se ka a dira thato ya ga Jehofa, ka jalo o ile a kgalemela Petere. (Mar. 8:31-33) Tota le fa Jesu a sena go swa, barutwa ba gagwe ba ne ba sa ntse ba sa tlhaloganye se se mo diragaletseng. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a ba tlhoboga. Fa a sena go tsosiwa, o ile a ba “tlhalosetsa Dikwalo sentle” a ba thusa gore ba lebe dilo sentle. (Luke 24:25-27, 32, 44-48) Go akanyetsa kwa teng ka se Jesu a ileng a se ba ruta, go ne go tla ba thusa go ipaakanyetsa pogiso e ba neng ba tla lebana le yone mo bogautshwaneng ka gonne e le balatedi ba ga Jesu. Le rona fa re akanya ka se Baebele e se buang ka pogiso le ka diteko, re tla kgona go ipaakanyetsa mathata.

12. Go sa lebe boemo jwa rona ka tsela e e siameng go ka dira gore re ikutlwe jang?

12 Go sa lebe boemo jwa rona ka tsela e e siameng go ka dira gore re akanye gore bo maswemaswe mme go sa nna jalo. Jesu o ile a bontsha gore seno se ka direga jang mo setshwantshong sa gagwe sa badiri ba mo tshimong ya morara. Badiri bangwe ba ne ba ngongorega ka gonne ba akanya gore ba ne ba sa duelwe madi a a lekaneng. Mme gone, mong wa bone o ile a raya mongwe wa bone a re: “Mogaetsho, ga ke go direle phoso epe.” (Math. 20:10-13) Ga se gore mong wa bone o ne a sa ba tshware sentle, bothata ke gore ba ne ba lebeletse go newa se se fetang se ba neng ba se solofeditswe. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ka ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa ba sa newe tshiamelo nngwe e e rileng kgotsa ba tshwanelwa ke go tlogela tshiamelo e ba e neilweng. Ke eng se se ka re thusang go leba dilo sentle fa re na le mathata?

SE RE KA SE DIRANG FA RE NA LE MATHATA

13. Go ka direga eng fa re tlhagelwa ke mathata?

13 O ka tswa o itse ditemana tsa Baebele tse di buang ka mathata e bile o ka tswa o ile wa di dirisa go kgothatsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa mathata a tlhagela wena go ka nna thata gore o tswelele o leba dilo ka tsela e e siameng. Ka sekai, o ka akanya gore Jehofa o a go otlhaya kgotsa ga a reetse dithapelo tsa gago. Ke eng se se ka go thusang gore o lebe dilo sentle?

14. O ka rapelela eng fa o na le mathata? (Bafilipi 4:13)

14 Kopa Jehofa gore a go thuse. Bolelela Jehofa mathata a gago le gore a dira gore o ikutlwe jang. Gape o ka mmolelela gore o ka itumelela gore a go thuse jang. Mo godimo ga moo, o ka mo kopa gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo gore o nne le maatla le botlhale jwa go itshoka. Mme gone, gopola gore Jehofa a ka araba thapelo ya gago ka tsela e o neng o sa e lebelela. (Baef. 3:20) Gape a ka kaela baengele kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba go thuse. (Pes. 34:7) Ka jalo, amogela thuso ya ga Jehofa. O ka tlhatswega pelo gore mo maemong ape fela, o tla go naya moya o o boitshepo.​—Bala Bafilipi 4:13.

15. Ke eng se se ka go thusang go itshoka fa o na le mathata? (Bona le setshwantsho.)

15 Dira dilo tse di ka go thusang go atamalana le Jehofa. Leka go dira dilo tse di ka go thusang go atamalana le Jehofa tota le fa o sa kgone go di dira jaaka pele. Mme gone, fa o na le “matshwenyego le mathata” ke gone mo o tlhokang go akanya thata jaaka Jehofa. (Pes. 119:143) Tswelela o ithuta Baebele letsatsi le letsatsi le go akanya ka se o se ithutileng. Dira sotlhe se o ka se kgonang go rerela batho dikgang tse di molemo. Nna gone kwa dipokanong o bo o arabele. Gape fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi. Mo godimo ga moo, o se ka wa itlhaola.​—Diane 18:1.

Mokaulengwe o mo pokanong ya Thuto ya “Tora ya Tebelo” ka videoconference a le kwa bookelong. O tshwere makasine wa “Tora ya Tebelo” le Baebele.

Tswelela o dira dilo tse di tla go thusang go atamalana le Jehofa (Bona serapa 15)


16. O ka nna le dipelaelo dife fa o na le mathata, mme o ka di tlosa jang? (2 Bakorintha 10:4, 5)

16 Tlosa dipelaelo. Fa o nna le mathata, o ka nna wa tshwanelwa ke go pitikolola dikakanyo tse di “nweleletseng kwa teng thata” tse di akaretsang go akanya dilo tse di sa siamang ka wena le ka Jehofa. (Bala 2 Bakorintha 10:4, 5.) Go bala Baebele le dikgatiso tsa rona go ka go thusa go dira jalo. Ka sekai, fa o belaela gore Jehofa o a go amogela, ithute ka se se diragaletseng moaposetoloi Paulo. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe o ile a lebana le mathata a le mantsi, mme a ile a dira gore a tlhatswege pelo gore o itumedisa Jehofa le Jesu. (2 Bakor. 11:23-27) A o belaela gore Jehofa o go itshwaretse maleo a o a dirileng mo nakong e e fetileng? Fa go ntse jalo, kwala ditemana tse di bontshang gore Jehofa o re itshwarela maleo. (Isa. 43:25) Go tswa foo, bala ditemana tseo o bo o akanyetsa kwa teng ka tsone. (Pes. 119:97) A mathata a o nang le one a dira gore o ipotse gore a Jehofa o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla sireletsa batlhanka ba gagwe. Fa go ntse jalo, dirisa dikgatiso tsa rona go bona mabaka a go bo Jehofa a letlelela batho gore ba boge le gore re ka tlhomamisega jang gore o tla re thusa gore re tswelele re atamalane le ene. (Pes. 91:9-12) Gape bala ka maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kgonneng go itshokela mathata.a

17. Re ka dira eng fa re tlhagelwa ke mathata?

17 Gongwe gone jaanong ga o na mathata a a kalo. Fa go le jalo, leboga Jehofa mme o dirise nako eno go akanyetsa kwa teng ka dilo tse dintle tse a go direlang tsone. (Mor. 7:14) Mme gone, fa o tlhagelwa ke mathata, leba dilo ka tsela e e siameng mme o tshepe Jehofa. Fa o dira jalo, Jehofa o tla ‘go naya tsela ya go tswa, gore o kgone go a itshokela.’ (1 Bakor. 10:13) Mme gone, re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba tlhagetswe ke mathata? Re tla araba potso eo mo setlhogong se se latelang.

O KA ARABA JANG?

  • Ke eng se se ka re thusang go leba mathata ka tsela e e siameng?

  • Go sa lebe mathata ka tsela e e siameng go ka nna kotsi jang?

  • Re ka dira eng fa re tlhagelwa ke mathata?

PINA 150 Tlang mo go Jehofa Gore lo Bolokwe

a Ka sekai, kgang ya botshelo ya setlhogo se se reng, “Lelapa le le Neng le Hutsafetse le Boa le Itumela Gape” e e mo jw.org e tlhalosa kafa Mokaulengwe David Maza le ba lelapa la gagwe ba ileng ba itshoka ka gone fa morwawe a tlhokafala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela