JUNE 8-14, 2026
PINA 8 Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona
Ka Metlha “Modimo wa Boammaaruri” o Diragatsa Se a Se Solofeditseng
“O nkgolotse Jehofa, Modimo wa boammaaruri.”—PES. 31:5.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore ke eng se se ka re tlhatswang pelo gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe, le gore go ise go ye kae Bogosi jwa gagwe bo tla fedisa maaka otlhe a Satane a dirileng gore batho ba a dumele.
1. Go ya ka Pesalema 31:2-5 goreng re ka tshepa Jehofa?
RE TSHELA mo lefatsheng le le laolwang ke Satane. Batho ba le bantsi ba bua maaka, e bile ga re tlhole re itse gore re tshepe mang. Borakgwebo ga ba ikanyege. Babapatsi ba tsietsa batho ba ba ba rekisetsang fa ba buelela dilo tse ba di rekisang. Batho ba bangwe bone ga ba tshepe ditsala tsa bone ka gonne di sa dire se di ba solofeditseng sone. Mme gone, re ka tshepa Jehofa ka gonne ke “Modimo wa boammaaruri.” (Bala Pesalema 31:2-5.) Jehofa ga a ke a bua maaka, sengwe le sengwe se a se buang se boammaaruri. Re ka tlhatswega pelo gore o tla dira sengwe le sengwe se a reng o tla se dira.
2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
2 Mo setlhogong seno, re tla simolola ka go tlotla ka mabaka mangwe a go bo re ka tshepa Jehofa ka pelo yotlhe. Go tswa foo, re tla bona gore Modimo wa boammaaruri o tla fedisa jang lefatshe leno le le bosula la ga Satane le gore o diragatsa maikaelelo a gagwe jang gone jaanong. Setlhogo seno se tla re thusa gore re bolelele ba bangwe boammaaruri ka Jehofa re le pelokgale.
GORENG RE KA TSHEPA MODIMO WA BOAMMAARURI?
3. Goreng re ka tshepa Jehofa ka pelo yotlhe?
3 Re ka tshepa Jehofa ka gonne ke Mmopi. O bopile legodimo le lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go tsone. (Gen. 1:1; Pes. 36:9; Tshen. 4:11) Fa a ne a bopa lefatshe, o dirile gore le nne le sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go tshela, jaaka metsi a re a nwang le mowa o re o hemang. Ka jalo, Jehofa o laola sengwe le sengwe. E re ka a re bopile, o na le maatla e bile o itse sengwe le sengwe. Re ka tshepa gore a ka re kaela mo botshelong e bile re ka tlhomamisega gore o tla re naya bokamoso jo bo itumedisang.
4. Re itse jang gore Jehofa o a re rata?
4 Re ka tshepa Jehofa ka gonne o a re rata. Jehofa o bopile batho ka gonne a batla gore ba itumelele botshelo jaaka ene. O re bopile re na le bokgoni jwa go nna le dinonofo tse a nang le tsone, tse di jaaka lorato le bopelonomi. (Gen. 1:26) O re neile bokgoni jwa go itirela ditshwetso. Gape o re diretse legae le lentle e leng lefatshe. (Pes. 115:16) O ile a naya batsadi ba rona ba ntlha tiro e e itumedisang ya go dira lefatshe paradaise. (Gen. 1:28; 2:15) Gape o ile a ba naya dijo tse dintsi tse di monate, dijalo, diphologolo tse di farologaneng le dilo tse dingwe tse dintsi. O dirile jalo gore ba itumelele botshelo. Seno se bontsha gore Jehofa o a re rata le gore ‘lorato lwa ga gagwe lo lo sa kgaotseng ke lwa bosakhutleng.’—Pes. 103:17.
5. (a) Jehofa o ile a dira eng fa Adame le Efa ba mo tlhanogela? (b) Dingwe tsa ditsholofetso tse Jehofa a di diragaditseng ke dife? (Bona lebokoso le le reng, “Ka Metlha Jehofa o Bua Boammaaruri.”)
5 Re ka tshepa Jehofa ka gonne ka metlha o diragatsa se a se solofeditseng. Jehofa ga a bopela lefatshe ‘lefela mme o le bopetse gore le nniwe.’ (Isa. 45:18, 19) Fa Adame le Efa ba tlhanogela Jehofa, ba ile ba atlholelwa loso. Ka jalo, go ne go ka lebega e kete boikaelelo jwa ga Jehofa bo iteile sefololetse. Mme ka metlha Jehofa o diragatsa se a se solofeditseng. (Isa. 46:10, 11) Boikaelelo jwa gagwe jwa gore lefatshe le tlale ka batho ba ba siameng ga bo a fetoga. Ke gone ka moo a ileng a letla gore Adame le Efa ba nne le bana. Gape o ile a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo gore re nne le tsholofelo ya go tshelela ruri.—Joh. 3:16.
JEHOFA O DIRAGATSA JANG SE A SE SOLOFEDITSENG?
6. Ke eng se Jehofa a ileng a se bolelela pele fa Adame le Efa ba sena go mo tlhanogela?
6 “Noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane,”a e ile ya raela Adame le Efa gore ba tlhanogele Modimo. (Tshen. 12:9; Gen. 3:4, 5; Joh. 8:44) Jehofa o ile a bolelela pele gore Satane o tlile go fedisiwa. (Gen. 3:15) Mme pele seo se direga, batho ba le bantsi ba ne ba tla nna mo letlhakoreng la ga Satane ba bo ba dira dilo tse di bosula jaaka ene. Mme gone, bangwe ba ne ba tla tswelela ba ikanyega mo go Jehofa.
7. Ke bomang ba ba leng ka fa letlhakoreng la ga Satane, mme go tla direga eng ka bone?
7 Go na le baengele le batho ba ba ileng ba tlhanogela Jehofa ba bo ba nna mo letlhakoreng la ga Satane. E re ka ba le kgatlhanong le boikaelelo jwa ga Jehofa, ke karolo ya losika lwa ga Satane. Mme gone, Jehofa o tlhomile nako e Satane le botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe ba tla fedisiwang ka yone.—Dan. 2:44; Bar. 16:20.
8. Jesu o ile a dira eng ka 1914? (Bona le ditshwantsho.)
8 Ke bosupi bofe jo bo re tlhatswang pelo gore boikaelelo jwa Modimo jwa go fedisa Satane le botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe bo tla diragadiwa? Ka 1914, Jesu o ile a lwa le Satane le madimona a gagwe a bo a ba latlhela mo lefatsheng. (Tshen. 12:7-9) Le fa ntwa eo e lolwe kwa legodimong, batho ba ile ba utlwa manokonoko a yone. Baebele e a re: “Lefatshe le lewatle di tlhomola pelo, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka gonne a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane fela.” (Tshen. 12:12) Fa e sa le ka 1914, boikaelelo jwa ga Satane ke go dira gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone ba nne mo letlhakoreng la gagwe, mme seo se dirile gore go nne le mathata a mantsintsi mo lefatsheng. Ruri “lefatshe . . . le tlhomola pelo”! Mme go ise go ye kae, Jesu o tla “digela phenyo ya gagwe” e bile Satane le botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe ba tla fedisiwa. (Tshen. 6:2) Jesu o tla dira gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe. (Pes. 45:4-6) Ka nako eo, mongwe le mongwe o tla itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!—Esek. 38:23.
World War I: U.S. National Archives photo; bomb: USAF photo; pandemic: blvdone/stock.adobe.com; riot: inhauscreative/E+ via Getty Images
Fa e sa le go tloga ka 1914, maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele (Bona serapa 8)
JEHOFA O PHUTHA BOTLHE BA BA RATANG BOAMMAARURI
9. Jehofa o phutha bomang gompieno?
9 Jehofa o ntse a phuthela “dilo tsotlhe mmogo mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baef. 1:10) “Dilo tse di kwa magodimong” ke batlodiwa ba Jehofa a ba tlhophileng gore ba ye go busa le Keresete kwa legodimong. Mme “dilo tse di mo lefatsheng” tsone ke ba ba tlileng go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Batlhanka bano ba ga Jehofa ba thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri ka ene e bile ba bontsha gore Satane ke moaki.
10. Jehofa o golola batho jang mo maakeng a a anamisiwang ke bodumedi jwa maaka? (Tshenolo 14:6, 7)
10 Jehofa o phutha batho ba ba batlang boammaaruri a dirisa batho ba gagwe mo lefatsheng lotlhe gore ba ba rute boammaaruri ka ene. (Bala Tshenolo 14:6, 7.) Le fa gone Jehofa a dirisa batho go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, baengele le bone ba thusa mo tirong eno ka go kaela batho ba ba ratang boammaaruri gore ba tle mo phuthegong ya ga Jehofa. Tiro eno e thusa batho go lemoga gore Diabolo ga a bolo go anamisa maaka ka Jehofa a dirisa Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshen. 18:2, 4) Go ise go ye kae, madumedi otlhe a maaka a tlile go fedisiwa mme batho ba ba ratang Modimo wa boammaaruri ba tla mo naya kgalalelo e e mo tshwanelang.—Tshen. 17:16.
11. Re ka lemoga jang batho ba ba obamelang Jehofa ka tsela e a e amogelang?
11 Jehofa o thusa batho ba mefuta yotlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe gore ba tle mo phuthegong ya gagwe. (Tshen. 7:9, 10) Fa ba utlwa “dikgang tse di molemo” lekgetlo la ntlha ba kgona go lemoga gore se ba se ithutang se boammaaruri e bile ba batla go obamela Jehofa mmogo le batho gagwe. (Mar. 13:10) Gompieno go bonala sentle gore ke bomang ba ba obamelang Jehofa ka tsela e a e amogelang. Moporofeti Malaki o ile a bolelela pele jaana: “Gape lo tla bona pharologanyo fa gare ga motho yo o siameng le motho yo o bosula, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direleng.” (Mal. 3:18) Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba itshwarang ka yone le tiro e ba e dirang ya go rera dikgang tse di molemo, e bontsha gore ba obamela Modimo wa boammaaruri.
12. Tiro ya go rera e thusa jang gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo diragale?
12 Fa re rera ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi,’ re ikobela kaelo e Jesu a re neileng yone e bile re diragatsa boporofeti. (Math. 24:14; 28:18-20) Tiro eno ya go rera e thusa batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe gore e nne balatedi ba ga Jesu le gore ba lebe pele kwa nakong ya fa ba tla bo ba direla Jehofa ka bosakhutleng. Re itumelela go bo Jehofa a re dirisa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe!
RE TLHATSWEGILE PELO GORE JEHOFA O TLA DIRA SE A SE SOLOFEDITSENG
13. Satane o bogisa bomang thata, mme ka ntlha ya eng?
13 Satane o galefile tota ka gonne o a itse gore “o saletswe ke nako e khutshwane” pele lefatshe leno la gagwe le fedisiwa. (Tshen. 12:12, 13) O bogisa segolobogolo batlodiwa ba Jehofa a ba tlhophileng gore ba ye go busa mo Bogosing jwa gagwe. Ba ‘boloka ditaelo tsa Modimo e bile ba neilwe kabelo ya go naya bosupi ka ga Jesu.’ (Tshen. 12:17; 14:12) Gape o bogisa ope fela yo o ba emang nôkeng e bile a dira tiro ya go rera.
14. Go tla direga eng fa Satane a leka go tlhasela batho ba ga Jehofa? (Bona le setshwantsho.)
14 Fa Babelona yo Mogolo a sena go fedisiwa, Satane le ba ba mo letlhakoreng la gagwe ba tla leka go fedisa batho botlhe ba ga Jehofa. Seo se tla dira gore ntwa ya Aramagedona e simologe. (Tshen. 16:13, 14, 16) Jesu le masomosomo a a kwa legodimong ba tla falotsa batho ba ga Jehofa e bile ba tla fedisa dilo tsotlhe tse di tla bong di setse tse Satane a di dirisang go laola lefatshe. (Tshen. 19:19-21) Ga go kitla go tlhola go nna le batho ba ba bosula, ba ba buang maaka e bile ba tsietsa. (Tshen. 21:8) Modimo wa boammaaruri le wa tshiamo o tla tlotlomadiwa.
Jesu le masole a gagwe ba palame dipitse kwa ntweng ya Aramagedona ba fedisa baba ba Modimo (Bona serapa 14)
15. Ke eng se se re tlhatswang pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng? (Isaia 65:16, 17) (Bona le setshwantsho.)
15 Batho mo lefatsheng lotlhe, ba nna fela ba lwa e bile ba aketsana. Mme batho ba ga Jehofa bone, ba seoposengwe ka gonne o a ba thusa. Jehofa o phutha batho botlhe ba ba ratang boammaaruri gore ba tle mo phuthegong ya gagwe. Ga go na sepe se se ka mo thibelang go segofatsa batho ba gagwe le tiro e ba e dirang. (Bala Isaia 65:16, 17.) Re ka tlhatswega pelo gore o tla dira sotlhe se a se solofetsang. Goreng? Ka gonne moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jaana mo go Baroma 8:38, 39: “Loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse di leng teng gone jaanong kgotsa dilo tse di tla tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa sepe fela se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go dira gore Modimo a se ka a tlhola a re rata ka lorato lo a re bontshitseng lone a dirisa Keresete Jesu Morena wa rona.”
Kwa lefatsheng le lesha, go tla bo go se na mathata e bile re ka se tlhole re a gopola (Bona serapa 15)
16. Goreng re tshepa Jehofa ka pelo yotlhe?
16 Re na le mabaka a a utlwalang a go tshepa Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Ke Mmopi wa rona. O re rata fela thata. Gape Jehofa o ntse a phutha batho ba ba oketsegileng mo lefatsheng lotlhe gore ba mo direle ka tsela e a e batlang. (Isa. 60:22; Seka. 8:23) Mo godimo ga moo, re a itse gore ka metlha o diragatsa se a se solofeditseng le gore go ise go ye kae, o tla fedisa Satane e bile go tla bo go ile fela jalo ka maaka a gagwe. Re rapela jaana, jaaka Dafide: “E kete Jehofa Modimo a ka bakwa, . . . yo e leng ene fela a dirang dilo tse di gakgamatsang. E kete leina la gagwe le le galalelang le ka bakwa ka bosakhutleng, mme e kete kgalalelo ya gagwe e ka tlala mo lefatsheng lotlhe.”—Pes. 72:18, 19.
PINA 2 Leina la Gago ke Jehofa
a Baebele ga e re bolelele gore Satane o ne a bidiwa mang pele e nna moengele yo o bosula. E re bolelela fela gore ke “Diabolo” [mo go kayang Yo o Senyang ba Bangwe Leina] le “Satane” [mo go kayang Yo o Ganetsang Modimo].