Baebele ya Reng
A Mathata a Gago ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?
Mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50 o ne a bolela jaana fa a sena go utlwa gore o na le kankere: “Ke ikutlwa e kete ke a otlhaiwa.” Fa a akanya ka dilo tse di sa siamang tse a di dirileng mo dingwageng tse di fetileng, o swetsa jaana: “E tshwanetse ya bo e le tsela ya Modimo ya go mpolelela gore ke leofile.”
BATHO ba le bantsi fa ba lebana le mathata ba akanya gore Modimo o ba otlhaela sengwe se se sa siamang se ba se dirileng mo nakong e e fetileng. Fa ba aparetswe ke mathata a mantsi a ba sa a lebelelang, ba ka nna ba bolela jaana ka khutsafalo: “Ke ka ntlha yang fa go diragalela nna? Ke dirileng gore ke diragalelwe ke seno?” A re tshwanetse go swetsa gore mathata a rona a bontsha gore go na le sengwe se Modimo a sa se rateng ka rona? A mathata a a re welang tota ke kotlhao e e tswang kwa Modimong?
Baobamedi ba ba Ikanyegang Ba ne Ba Nna le Mathata
Akanya ka se Baebele e se begang ka monna mongwe yo o bidiwang Jobe. O ne a latlhegelwa ke khumo ya gagwe a sa lebelela. Morago ga foo, bana ba gagwe botlhe ba le lesome ba ne ba bolawa ke setsuatsue. Go ise go ye kae morago ga foo, o ne a tlhaselwa ke bolwetse jo bo koafatsang jo bo ferosang sebete. (Jobe 1:13-19; 2:7, 8) Mathata a a ntseng jalo a ne a dira gore Jobe a bolele jaana: “Seatla sa Modimo se nkotlile.” (Jobe 19:21, Baebele ya Tswana Central) Kwantle ga pelaelo, jaaka batho ba le bantsi gompieno, Jobe o ne a akanya gore Modimo o a mo otlhaya.
Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore pele ga diteko tsa ga Jobe di simologa, Modimo ka boene o ne a tlhalositse Jobe e le “monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.” (Jobe 1:8) E re ka Modimo a ile a bontsha gore o amogela Jobe, ga go na pelaelo gore mathata a gagwe e ne e se kotlhao e e tswang kwa Modimong.
Boammaaruri ke gore Baebele e na le dipego tse dintsi tsa batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba lebana le mathata. Le mororo Josefa e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, o ne a itshokela dingwaga tse dintsi tsa go tsenngwa mo kgolegelong ka tsela e e sa tshwanelang. (Genesise 39:10-20; 40:15) Mokeresete yo o ikanyegang e bong Timotheo o ne a nna ‘a bobola gangwe le gape.’ (1 Timotheo 5:23) Tota le Jesu Keresete yo le ka motlha a iseng a ko a dire diphoso, o ne a tshwarwa setlhogo pele ga a swa loso lo lo utlwisang botlhoko. (1 Petere 2:21-24) Ka jalo, ga go a siama go swetsa gore mathata a re nang le one a supa gore Modimo ga a itumela. Mme fa e le gore ga se Modimo a dirang gore re nne le mathata, a bakiwa ke mang?
Se se Dirang Gore re Nne le Mathata
Baebele e bontsha gore Satane Diabolo ke ene a ileng a baka masetlapelo a ga Jobe. (Jobe 1:7-12; 2:3-8) Mo godimo ga moo, e bontsha gore Satane ke ene motswedi o mogolo wa mathata a rona gompieno, fa e bolela jaana: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Jaaka “mmusi wa lefatshe leno” Satane o tlhotlheleditse batho ba le bantsi go dira dilo tse di boikepo tse di bakileng matlhotlhapelo le kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe.—Johane 12:31; Pesalema 37:12, 14.a
Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go itlhaganelela go pega Satane molato ka ntlha ya mathata mangwe le mangwe a re nnang le one. Ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng le ka ntlha ya go sa itekanelang, gantsi re dira ditshwetso tse di sa siamang tse di re bakelang mathata. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Ka sekai, akanya ka monna mongwe yo o itlhophelang go sa je le go sa ikhutse ka tsela e e lekaneng. Fa kgabagare a nna le mathata a a masisi a botsogo, a o tshwanetse go pega Diabolo molato? Nnyaa, monna yoo o nna fela le ditlamorago tse di sa itumediseng tsa tshwetso e e sa siamang e a e dirileng. (Bagalatia 6:7) Mo seemong se se ntseng jalo, go ntse jaaka seane sengwe sa Baebele se tlhalosa: “Boeleele jwa motho bo senya botshelo jwa gagwe.”—Diane 19:3, The New English Bible.
Sa bofelo, re tshwanetse go tlhaloganya gore dilo tse dintsi tse di sa itumediseng tse di re diragalelang di diragala fela ka ntlha ya “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Akanya ka motho yo o kgabeletsweng ke pula ya matlakadibe. Gore a o tla koloba go sekaenyana fela kgotsa o tla koloba thata go ka tswa go ikaegile fela ka gore o eme fa kae fa pula e simolola go na. Ka tsela e e tshwanang, mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ maemo a a sa itumediseng a ka fetoga go nna mathata a magolo. (2 Timotheo 3:1-5) Gore mathata a re ama go le kana kang, gantsi go ikaegile ka nako le maemo a re leng mo go one, a re ka se kang ra kgona go a laola. Mme he, a seno se raya gore re tla nna re welwa ke mathata go ya go ile?
Mathata Otlhe a Tla Tloga a Fela
Se se itumedisang ke gore, Jehofa Modimo o tla fedisa mathata otlhe mo nakong e e sa fediseng pelo. (Isaia 25:8; Tshenolo 1:3; 21:3, 4) Fa re ntse re letile gore a dire seo, o re bontsha gore tota o amega ka rona ka go re “laya” le gore naya “kgomotso ya Dikwalo,” gore gone jaanong re tle re kgone go lepalepana le diteko tse re lebanang le tsone fa re ntse re lebile pele isagwe e e itumedisang e e gaufi. (Baroma 15:4; 1 Petere 5:7) Ka nako eo, batho ba ba ikanyegang mo matlhong a Modimo ba tla itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le go se nang mathata ape mo go lone.—Pesalema 37:29, 37.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng: Satane ke Mang? A ke Motho wa Mmatota?” mo makasineng wa Tsogang! ya February 2007.
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
◼ A ke batho ba ba dirang se se sa siamang fela ba ba nang le mathata?—Jobe 1:8.
◼ A re tshwanetse go pega Diabolo molato ka mathata otlhe a re nang le one?—Bagalatia 6:7.
◼ A mathata a tla nna a le teng go ya go ile?—Tshenolo 21:3, 4.
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
“Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11