LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 April ts. 2-7
  • Jehofa o Simolotse go Nkatisa Ke sa Le Mosha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Simolotse go Nkatisa Ke sa Le Mosha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JEHOFA O ILE A TSWELELA A NKATISA
  • BOBULATSELA BO DIRA GORE KE ITUMELE
  • RE YA KWA SENEGAL
  • RE LE BABULATSELA KWA BRUNSWICK LE KWA QUEBEC
  • GA RE LEBALE BA BA NENG BA DIRA KA NATLA
  • KE ITHUTILE GO LE GONTSI MO BAKAULENGWENG BA BANGWE
  • RE FUDUGELA KWA UNITED STATES
  • Jehofa o Ile a Ntshegofatsa ka Gonne ke Ithutile mo Dikaong Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Re ne ra Retologela kwa Motsweding wa Tshiamo ya Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Rata ba Bangwe Go na Le Melemo e Mentsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go Thapisa Badiredi ba Bogosi
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 April ts. 2-7
Mokaulengwe David Splane a bereka kwa ofising ya gagwe.

KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o Simolotse go Nkatisa Ke sa Le Mosha

JAAKA GO BOLETSE DAVID SPLANE

KE NE ke gakgametse tota fa mokaulengwe mongwe a nnaya pampitshana. E ne e kwadilwe, “David Splane, April 8, 1953: ‘Go Rera ka Aramagedona.’” Ke ile ka mmotsa jaana: “Ke ya eng?” Mokaulengwe yoo o ile a nthaya a re: “Ke puo e o tla e neelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.”a Ke ile ka mo raya ka re: “Ga ke ise ke ikwadise!”

Ke ise ke ye kgakala le dikgang, a ke simolole sentle. Ke tshotswe ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe kwa Calgary, kwa Canada. Kwa bowelong jwa bo1940, mmulatsela mongwe yo mosha yo o bidiwang Donald Fraser, o ile a tsena kwa gae a le mo tshimong, mme Mama o ile a dumela go ithuta Baebele. O ne a rata boammaaruri tota, mme o ne a sa kgone go ya dipokanong ka metlha ka gonne a ne a lwala. Le fa go ntse jalo, o ile a gatela pele mo e leng gore ka 1950 o ile a kolobediwa. Ka maswabi, mo e ka nnang dingwaga di le pedi moragonyana, o ile a tlhokafala. Le fa Papa e ne e se Mosupi ka nako eo, o ile a dumela gore Mama a fitlhiwe ke Basupi.

Malatsi a le mmalwa morago ga phitlho, kgaitsadi mongwe yo o godileng yo e neng e le motlodiwa yo o bidiwa Alice, o ne a nkopa gore ke tle kwa dipokanong. O ne a nkitse ka gonne o ne a tle a mpone kwa dipokanong ke na le Mama, fa a ne a le botoka. Ke ile ka botsa Papa gore a nka ya. O ne a dumela, a bo a re o tla tsamaya le nna gangwe fela gore a ye go leboga mokaulengwe yo o ileng a neela puo ya phitlho. Mo maitseboeng ao, go ne go tshwerwe Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo. E re ka Papa a ne a dirile khoso ya go bua phatlalatsa, o ne a itumelela dipokano tseo le se a neng a se utlwa mo e leng gore o ne a nna gone kwa pokanong eo beke le beke. Fa nako e ntse e tsamaya, o ile a simolola go nna teng kwa dipokanong tse dingwe.

Ka nako eo, motlhanka wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o ne a tle a simolole pokano ka go bitsa maina a bakaulengwe ba ba neng ba ikwadisitse mo Sekolong, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a re, “Ke teng.” Mo maitseboeng mangwe, ke ile ka kopa mokaulengwe yoo gore a bitse leina la me mo pokanong e e latelang. O ile a nkakgola tota, mme ga a ka a mpotsa gore a ke tlhaloganya gore seo se kaya eng.

Ke ne ke sa itse gore seo se ne se raya gore ke ithaopela go neela dipuo mo sekolong. Nna ke ne ke ipatlela fela gore leina la me le bidiwe! Mo bekeng e e latelang leina la me le ne la bidiwa, mme ke ne ka araba ke itumetse ke re: “Ke teng!” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba nkakgola tota morago ga dipokano. Mme dibeke di le mmalwa moragonyana, ke ile ka neelwa pampitshana ya puo e ke buileng ka yone kwa tshimologong.

Ke ne ke tshogile tota! Ka nako eo baithuti ba ne ba newa dipuo tse di neng di tsaya metsotso e le merataro go ya go e le robedi. Re ne re sa bale Baebele fela re bo re feditse. Papa o ne a nthusa go baakanyetsa puo ya me, e bile o ne a dira gore ke e boeletse makgetlo a le 20 pele ke ya go e neela. Fa ke sena go e neela ke ile ka newa kgakololo e e neng ya nthusa. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, Jehofa o ne a nkatisa a dirisa Papa, bakaulengwe le bokgaitsadi le phuthego ya Gagwe.

JEHOFA O ILE A TSWELELA A NKATISA

Alice yo ke buileng ka ene pelenyana, o ne a nkatisa fa ke simolola go ya tshimong. Ka nako eo, re ne re kgothalediwa gore re balele mongwe wa ntlo ditemana tse tharo, go tswa foo re bo re mo naya buka. Fa e ne e le nako ya gore go bue nna, Alice o ne a simolola motlotlo a bo a nkopa gore ke bale temana ya ntlha. Go tswa foo, ke ne ke tswelela ka motlotlo, ke bala temana ya bobedi le ya boraro ke bo ke mo naya kgatiso. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ile ka kgona go simolola motlotlo. Kwa bowelong jwa 1954 fa Papa a sena go kolobediwa, ke ene a ileng a tswelela a nkatisa mo tshimong. E re ka a ne a nkgodisa a le nosi, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go nthuta boammaaruri. Dipokano le tshimo e ne e le dilo tsa botlhokwa thata mo go ene. Ke ne ke itse gore re ya dipokanong tsotlhe le gore ka mafelobeke re ya tshimong.

Ke feditse dingwaga di le 12 ke tsena sekolo. Se ke se rutilweng, se ile sa nthusa thata moragonyana mo botshelong. Ka sekai, ke ile ka rutiwa dipalo. Gape ke ile ka rutiwa thutapuo ya Seesemane. Go ithuta Seesemane le go kwala ditlhamo go nthusitse thata mo kabelong e ke e dirang gone jaanong mo Lefapheng la Bokwadi.

Batho ba a tle ba mpotse gore goreng ke rata mmino. Batsadi ba me ba ne ba rata mmino. Fa ke na le dingwaga di le supa, ke ile ka tsenngwa ditlelase tsa piano ka nakwana mme morutabana o ne a re ga ke na bokgoni. Ka jalo o ile a bolelela Papa gore go botoka gore ke kgaotse go ithuta piano. Gone ke ne ke tlhaloganya gore goreng a rialo, ka gonne ke ne ke sa kgatlhegele go ithuta piano.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Papa o ne a mpatlela morutabana yo mongwe. Ka nako eo ke ile ka ithuta piano le go opela, e bile ke ne ke dira bontle tota. E re ka ke ne ke le mosimanyana wa soprano, lentswe la me le ne le le monate, e bile ke ile ka fenya mo dikgaisanong dingwe. Fa ke ne ke ithuta mmino, ke ne ke batla go nna le dikirii e e neng e tla nthusa gore ke rute ba bangwe mmino mme ke kgone go itlhokomela fa ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, fa ke le gaufi go nna le dikirii, ke ile ka lemoga gore ke tla tlhoka nako e ntsi go ipaakanyetsa ditlhatlhobo. Ke ne ke tla tlhoka go ithuta ka hisitori ya mmino, go tlhama dipina le gore dinoto tse di farologaneng di kopana jang. Ka jalo, ke ile ka tlogela go ithutela mmino ke bo ke nna mmulatsela wa ka metlha ka 1963.

BOBULATSELA BO DIRA GORE KE ITUMELE

Fa ke sena go fetsa ngwaga ke le mmulatsela, ke ile ka kopiwa gore ke ye go direla ke le mmulatsela yo kgethegileng kwa Kapuskasing, kwa Ontario. Ke ne ke bereka le Daniel Skinner yo o neng a mpheta thata ka dingwaga. O nthutile dilo tse dintsi ka gore phuthego e rulaganngwa jang. Ke ne ke tlhoka go ithuta go le gontsi ka gonne fa ke na le dingwaga di le 20, ke ile ka tlhomiwa go direla mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego. Ke itumelela gore phuthego ya ga Jehofa e sa ntse e gatelela gore bakaulengwe ba basha ba katisiwe. Fa ba ka dira ka natla, Jehofa o tla ba dirisa, tota le fa ba sa ntse ba le bannye thata!

Ka dinako dingwe go ne go le thata go nna kwa Kapuskasing. Mariga a ne a le tsididi thata, dithemperetšha di ne di kgona go ya kwa tlase thata kwa go -44°C kgotsa fa re re go botokanyana di ne di ya kwa go -33°C. Gantsi nna le Daniel re ne re tsamaya ka maoto gongwe le gongwe kwa re neng re ya gone. Mme sengwe sa dilo tse ke neng ka di itumelela thata mo kabelong eno, ke go kopana le kgaitsadi yo bidiwang Linda Cole, yo moragonyana e ileng ya nna Linda Splane.

Linda o ne a rata bodiredi, e bile o ne a na le dipoelo tse dintsi. O ne a rata go aba, a le pelontle e bile a rata batho. Mmaagwe e bong Goldie e ne e le kgaitsadi yo o ikanyegang. Kwa tshimologong rraagwe Linda e bong Allen, o ne a sa rate Basupi ba ga Jehofa. Le fa a ne a ganetsa, mmaagwe Linda o ne a tla le Linda le bokgaitsadie Linda e bong John le Gordon kwa Holong ya Bogosi e bile o ne a ba katisa mo tshimong. Ka nako nngwe, mmaagwe Linda, Linda, John, le Gordon e ne ya nna babulatsela. Dingwaga moragonyana, rraagwe Linda e ne ya nna Mosupi wa ga Jehofa e bile o ne a dira ka natla mo phuthegong.

Ka 1965, ke ile ka lalediwa kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa Bethele ya kwa Canada gore ke katisiwe mo go oketsegileng. Sekolo seo se ile sa tsaya kgwedi yotlhe. Fa ke le kwa sekolong ke ile ka kopiwa go tlatsa foromo ya go ya kwa Sekolong sa Gileade. Ke ne ke ise ke ko ke akanyetse go nna morongwa ka gonne ke ne ke tsaya gore ga ke tshwanelege, mme gone ke ile ka tlatsa foromo eo. Ke ile ka lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo42 ya Sekolo sa Gileade. Fa re le koo barutisi ba ne ba nna ba re naya dipego tsa gore re ntse re dira jang. Mo pegong ya me ya ntlha, ke ile ka kgothalediwa gore ke dire sotlhe se nka se kgonang fa ke le mo sekolong go ithuta ka phuthego ya ga Jehofa. Ke ne ke na le dingwaga di le 21 fela ka jalo ke ne ke tlhoka kgakololo eo.

Fa re le kwa Gileade, re ne re rutiwa go buisana le babegadikgang ba radio, ba thelebishene le ba makwalodikgang. Khoso eo e ne e nkgatlha tota. Mme gone, ke ne ke sa itse gore e tla ntswela mosola thata mo nakong e e tlang, ke tla tlhalosa kgang eo moragonyana.

RE YA KWA SENEGAL

Malatsi a le mmalwa fa re sena go aloga, nna le Michael Höhle yo ke neng ke abetswe go direla le ene re le barongwa, re ne ra ya kwa kabelong ya rona kwa Senegal kwa Africa. Ka nako eo, go ne go na le baboledi ba ka nna 100 mo nageng eo.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa ke le mo kabelong ya me, ke ile ka kopiwa go bereka kwa ofising ya lekala gangwe mo bekeng. Ofisi eo ya lekala e ne e le phaposi e le nngwe fela mo legaeng la barongwa. Mokaulengwe Emmanuel Paterakis, yo e neng e le motlhanka wa lekala o ne a nna a nkgopotsa gore le fa ofisi eo ya lekala e le nnye, e ne e emela phuthego ya ga Jehofa mo nageng eo. Nako nngwe Mokaulengwe Paterakis o ne a re re kwalele barongwa makwalo go ba kgothatsa. Ka nako eo go ne go se motlhofo e bile go tura go dira dikhopi, ka jalo re ile ra dirisa di-typewriter. Eo e ne e le tiro e e seng kana ka sepe ka gonne re ne re tlhoka go tlhomamisa gore ga re dire phoso epe!

Mo maitseboeng ao fa ke ne ke ipaakanyetsa go boela kwa ntlong e ke neng ke nna kwa go yone, Mokaulengwe Paterakis o ne a nnaya enfelopo. O ne a re, “David, Phuthego ya ga Jehofa e go kwaletse lekwalo.” Fa ke bula enfelopo eo kgantele, ke ile ka fitlhela lekwalo le ke neng ke le thaepile! Seo se ile sa nthuta gore ke tshwanetse go tlotla phuthego ya ga Jehofa le fa e ka tswa e le mo lefelong le lennye kgotsa le legolo.

Mokaulengwe Splane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumetse e bile ba smaela fa ba tsewa senepe.

Ke na le barongwa ba bangwe kwa Senegal, ka 1967

Ke ile ka nna le ditsala tse dintsi mo phuthegong, e bile gantsi ka Matlhatso ke ne ke fetsa nako le tsone. Go ne go le monate tota! Le gone jaanong re sa ntse re tlholana. Go itse Se-French, go nthusitse fa ke ntse ke etela diofisi tsa makala tse di farologaneng.

Ka 1968, ke ile ka solofetsa Linda gore ke tla mo nyala. Morago ga moo, ke ile ka fetsa dikgwedi di le mmalwa ke batlana le tiro e nka e dirang ka malatsi a a rileng gore nna le Linda re kgone go nna babulatsela kwa Senegal, mme ka maswabi bathapi ba ne ba sa letlelelwe go hira batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Fa ke sena go boela kwa Canada, nna le Linda re ile ra nyalana re bo re newa kabelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Edmundston, kwa New Brunswick, e leng motse o monnye o o mo molelwaneng wa porofense ya Quebec.

David le Linda Splane ba smaela ba eme mo tselaneng e e nang le malômô.

Fa re ne re nyalana ka 1969

RE LE BABULATSELA KWA BRUNSWICK LE KWA QUEBEC

Go ne go se na baboledi mo toropong eo, e bile batho ba ba neng ba ithuta Baebele ba ne ba le mmalwa. Kereke ya Katoliki e ne e laola batho. Bontsi jwa matlo a ne a na le letshwao le le reng, Basupi ba ga Jehofa Ga ba A Letlelelwa. Re ne re tsena mo ntlong nngwe le nngwe, e ka tswa e na le letshwao kgotsa e se na lone, ka gonne mo phuthegong ka nako eo go ne go sa buiwe thata ka gore re se ka ra tsena mo matlong a a nang le letshwao leo. Beke le beke kereke ya Katoliki e ne e kwala mafoko ano mo lokwalodikgannyeng: “A re yeng go batla Basupi ba ga Jehofa re ba fedise.” Re ne re itse gore go buiwa ka rona, ka gonne kwa Edmundston go ne go na le Basupi ba le banê fela, Victor le Velda Norberg, le nna le Linda!

Ga nkitla ke lebala ketelo ya ntlha ya molebedi wa potologo. Fa a sena go fetsa beke a na le rona o ile a re raya a re: “Sengwe se lo ka se dirang fa lo sa ntse lo le fano, ke go thusa batho go leba Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e siameng.” Fa e sa le go tloga ka nako eo, re ile ra ipeela mokgele wa go dira jalo! Mme re ile ra atlega. Ka iketlo ka iketlo batho ba ile ba simolola go lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba boikokobetso, mme baeteledipele ba kereke ya Katoliki bone ba a ikgogomosa. Gone jaanong go na le phuthego e nnye mo motseng oo.

Morago ga mo e ka nnang ngwaga re le kwa kabelong eo, re ile ra kopiwa gore re ye go thusa phuthego ya kwa Quebec City e e neng e le kgolo. Re ile ra itumelela go fetsa dikgwedi di le thataro re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ba ba ratang go amogela baeng, pele re kopiwa gore re dire tiro ya go potologa.

Mo dingwageng di le 14 tse di neng tsa latela, re ne re direla mo dipotologong tse di mo porofenseng ya Quebec. Re ne re itumelela dinako tseo! Tiro ya go rera kwa Quebec e ne e nna le diphelelo tse dintle, e bile gantsi fa re ne re etela diphuthego go ne go tlwaelegile go bona malapa a le mmalwa a a neng a ithuta Baebele a nna Basupi!

GA RE LEBALE BA BA NENG BA DIRA KA NATLA

Go motlhofo go rata bakaulengwe ba kwa Canada ba ba buang Se-French. Ba bua ba sa potapote, ba itumetse e bile ba matlhagatlhaga. Mme gone, go ne go se motlhofo gore ba amogele boammaaruri ka gonne ba malapa a bone ba ne ba ba ganetsa setlhogo. Batsadi bangwe ba ne ba raya bana ba bone ba ba ithutang Baebele ba re: “Emisa go ithuta le Basupi ba ga Jehofa kgotsa o re tswele ka ntlo!” Bontsi jwa bone ga ba a ka ba emisa go ithuta. Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a itumelela seo!

Nka dira phoso tota fa nka se ka ka bua ka babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng ba ba neng ba direla kwa Quebec ka dingwaga tseo. Bontsi jwa bone ba ne ba tswa kwa dikarolong dingwe tsa Canada. Ba ne ba sa ithute Se-French fela, gape ba ne ba ithuta setso sa batho ba kwa Quebec le tsela e ba akanyang ka yone. Bontsi jwa dilo tse batho bao ba neng ba di akanya di ne di tlhotlheleditswe ke baeteledipele ba kereke ya Katoliki.

Gantsi babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba abelwa go ya go direla kwa ditshimong tse di kgakala kwa go se nang baboledi gone. E re ka batho ba mo lefelong leo ba ne ba sa rate Basupi, go ne go le thata gore babulatsela bao ba bone lefelo le ba ka nnang mo go lone, e bile go ne go le thata le go feta gore ba bone tiro. Tota le ba ba neng ba sa tswa go nyalana, ba ne ba nna le ba bangwe ba le banê, ba le barataro kgotsa ba le robedi gore ba kgone go thusana go duela rente. Ruri botshelo bo ne bo le thata, le fa go ntse jalo babulatsela bao ba ne ba dira ka natla. Fa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le mongwe, ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go mo thusa. Gone jaanong Quebec e na le baboledi ba le bantsi, ka jalo bontsi jwa babulatsela bao ba ile ba ya kwa go nang le tlhokego gone.

Fa re le mo tirong ya potologo, gantsi ka Matlhatso mo mosong re ne re leka go bereka le basha ba diphuthego tse re neng re di etela. Seo se ne se re thusa gore re itse dikgwetlho tse ba neng ba lebana le tsone. Gone jaanong, bangwe ba basha bao ke barongwa kwa dinageng tse dingwe kgotsa ba na le maikarabelo mangwe mo phuthegong ya ga Jehofa.

Ka nako eo, diphuthego dingwe di ne di sa kgone go re thusa ka madi a go reka peterolo le dijo, ka jalo ka dinako dingwe fa kgwedi e fela re ne re se na madi. Mo maemong ao, re ne re ikaega ka Jehofa ka gonne o ne a tlhaloganya maemo a rona. Ga a ka a re latlha. Ka metlha re ne re kgona go ya kwa phuthegong e e latelang.

KE ITHUTILE GO LE GONTSI MO BAKAULENGWENG BA BANGWE

Jaaka ke setse ke tlhalositse, khoso e re ileng ra e dira kwa Gileade ya go buisana le babegadikgang e ile ya nthusa fela thata. Ka nako eo fa re ne re le kwa Quebec, re ile ra nna le ditshono di le dintsi tsa go neela bosupi mo radiong, mo thelebisheneng le ka makwalodikgang. Gantsi ke ne ke abelwa go bereka le Mokaulengwe Léonce Crépeault, yo le ene e neng e le molebedi wa potologo e bile a na le bokgoni jwa go buisana le babegadikgang. Fa re ya go bua le batho ba ba botlhokwa mo go tsa kgaso, o ne a sa leke go ba bontsha gore o itse go le kana kang ka tiro eno, go na le moo o ne a tle a re: “Nna le tsala ya me re batho fela. Ga re itse go le kalo ka tsa kgaso mme re romilwe gore re itsise batho ka kopano e kgolo e e tla tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, re ka itumelela thuso epe fela e lo ka re nayang yone.” Gantsi seo se ne se dira gore batho ba re thuse.

Moragonyana ofisi ya lekala e ile ya kopa nna le Mokaulengwe Glen How, yo e leng mongwe wa babueledi ba rona, gore re bereke ka dikgetsi tse di raraaneng tse di neng di ka dira gore babegadikgang ba bue ka tsone. Katiso e ke ileng ka e bona kwa Gileade le maitemogelo a ke ileng ka nna le one fa ke bereka le Mokaulengwe Léonce a ile a nthusa fela thata. Jaanong ke ne ke itumelela go bereka le Mokaulengwe How. O ne a sa tshabe go femela phuthego ya ga Jehofa semolao, e bile o ne a rata Jehofa fela thata.

Ka 1985 re ile ra abelwa go ya go dira kwa potologong e e gaufi le kwa Papa a neng a nna gone, kwa bophirima jwa Canada. Seo se ile sa dira gore re kgone go mo thusa ka se a se tlhokang. O ile a tlhokafala dikgwedi di le tharo moragonyana. Re ile ra tswelela re direla kwa dipotologong tsa kwa bophirima jwa Canada go fitlha ka 1989 fa re ne re kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya United States. Re ne re gakgametse. Seo se ne se raya gore re ne re tla tshwanela go tlogela tiro ya potologo e re neng re feditse dingwaga di ka nna 19 re e dira. Mo nakong eo yotlhe re ne re nna mo matlong a bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi, e bile re ne re ja le bone. Re leboga botlhe ba ba ileng ba re bontsha bopelotshweu!

RE FUDUGELA KWA UNITED STATES

Fa re goroga kwa Brooklyn, ke ile ka abelwa go bereka mo Lefapheng la Tirelo. Ke sa ntse ke lebogela katiso e ke e neilweng koo. Sengwe sa dilo tse ke di ithutileng ke gore ga ke a tshwanela go akanya gore ke tlhaloganya sengwe pele ke utlwa dintlha tsotlhe. Go tswa foo ka 1998, ke ne ka abelwa go dira kwa Lefapheng la Bokwadi, mme ke sa ntse ke ithuta go le gontsi. Ka dingwaga di le mmalwa, ke ile ka nna le tshiamelo ya go thusa Mokaulengwe John Barr, yo e neng e le morulaganyi mo Komiting ya Bokwadi. Ke leboga katiso e a ileng a nnaya yone le nako e ke ileng ka e fetsa ke na le ene. O ne a na le dinonofo tse dintle tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone.

David le Linda Splane ba tsewa senepe ba na le John le Mildred Barr.

Re na le John le Mildred Barr

Ke itumelela go bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba boikokobetso mo Lefapheng la Bokwadi. Ka metlha ba kopa Jehofa gore a ba thuse mo kabelong ya bone, e bile ba a itse gore se ba se fitlhelelang e a bo e le ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa, e seng ka ntlha ya bokgoni jwa bone.

Mokaulengwe Splane a opedisa khwaere ya Watchtower ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 20 fa kgaitsadi mongwe a ntse a letsa piano.

Ke opedisa khwaere ya Watchtower kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya 2009

Mokaulengwe Splane o naya kgaitsadi Baebele a itumetse.

Kwa kopanong ya boditšhabatšhaba kwa Seoul kwa Korea ka 2014 ke naya ba ba tlileng kopanong Dibaebele

Gape nna le Linda re ile ra nna le tshiamelo ya go etela bakaulengwe le bokgaitsadi mo dinageng di le 110. Re bone kafa barongwa, maloko a Dikomiti tsa Lekala le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nakong e e tletseng ba ratang Jehofa ka gone. Gape re bone gore baboledi mo dinageng tseo ba direla Jehofa ka boikanyegi, e bile ba le matlhagatlhaga le fa go na le dintwa, ba lebana le mathata a ikonomi e bile ba bogisiwa. Ga go pelaelo gore Jehofa o ba rata fela thata!

Linda ga a bolo go nthusa fa ke ntse ke leka go dira dikabelo tsa me. Ke motho wa batho. Ka metlha o nna a batla ditsela tsa go thusa ba bangwe. Gape o na le bokgoni jwa go simolola motlotlo le batho. O thusitse batho ba le bantsi go ithuta ka Jehofa, e bile o thusitse bangwe ba ba neng ba tlogetse go direla Jehofa. Ruri Linda ke mpho e e tswang kwa go Jehofa! E re ka re tsofala, re lebogela tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba re thusang ka yone fa re tsaya maeto le ka dilo tse dingwe.​—Mar. 10:29, 30.

Ke lebogela dingwaga di le 80 tse ke di tshetseng. Ke dumalana le se Mopesalema a ileng a se bua, o ne a re: “Wena Modimo, o nthutile go tloga ke sa le mosha, mme go tla go fitlha jaanong ke ntse ke bolela ka ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.” (Pes. 71:17) Ke ikemiseditse go tswelela ke dira jalo fa ke sa ntse ke tshela.

a Gompieno re bona katiso eo mo pokanong ya mo gare ga beke.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela