LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 12/1 ts. 28-31
  • Re ne ra Retologela kwa Motsweding wa Tshiamo ya Mmatota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ne ra Retologela kwa Motsweding wa Tshiamo ya Mmatota
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla Tshiamo
  • Ditiro tse di Farologaneng—Tshwabo e e Botlhoko!
  • Linda o Mpolelela ka Modimo
  • Go Tsaya Tsela e e Siameng
  • Mekgele e Mesha mo Tseleng ya Tshiamo
  • Kgabagare re Kopane!
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Go Utlwisiwa Botlhoko—Fa re Na le “Lebaka la go Ngongorega”
    Boela Kwa go Jehofa (rj)
  • Jehofa o Simolotse go Nkatisa Ke sa Le Mosha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Modimo
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 12/1 ts. 28-31

Re ne ra Retologela kwa Motsweding wa Tshiamo ya Mmatota

Jaaka go boletse Erwin Grosse

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, mo mosong mongwe le mongwe ke ne ke tsogela kwa dikgorong tsa madirelo a magolo a dikepe mo Kiel, kwa Jeremane, ke aba dipampitshana le go rekisa Rote Fahne, eleng makasine wa KPD/ML.a Ka nako e e tshwanang ke ne ke etla ke ntse ke leka go gogela badiri le baithutatiro mo dikgannyeng. Go leka go ba fenya ka dikgopolo tsa me tsa bokomanisi go ne go sa ba kgatlhe.

Lefa go ntse jalo, ke ne ke sa letle sena go nkgoba marapo. Ke ne ke fitlheletse mokgele mo botshelong: go thusa go lere maemo a a siameng go tlisa diphetogo mo lefatsheng. Ke ne ke fitlheletse kakanyo eo jang? A mokgele o o jalo wa botshelo o ne o tla kgotsofatsa keletso ya me ya gore go nne tshiamo?

Go Batla Tshiamo

Tsela ya botshelo ya batsadi ba me e ne e le go leka bojotlhe ka mo go ka kgonegang go bona letlotlo la dilo tse di bonalang, mme sena se ne se sa nkgatlhe gotlhelele. Rona basha re ne re batla sengwe se se botoka. Mekgwa e mesha ya botshelo e ne e lekwa mme mekgele e mesha ya botshelo e ne e kgothalediwa. Ka nako eo, ntwa ya Vietnam le khuduego e e neng e dirwa ke baithuti e ne e le kgangkgolo. Mo go rona go ne go lebega ekete batho ba ba senang molato ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bone ka ntlha ya boikgogomoso jwa bakapitalisiti. Boemo jono bo ne jwa tshwenya tlhaloganyo ya me, mme ka simolola, go tlhoa tsamaiso ya bokapitalisiti.

Se sengwe gape ke ne ka tlhanogela bodumedi jwa me. Boitemogelo jo ke neng ka nna najo fa ke ne ke le mo bosoleng jwa Jeremane Bophirima bo ne jwa ntlhotlheletsa go dira tshwetso eno. Ditiro tsa bosole tseo re neng re tshwaregile mo go tsone di ne tsa kgaupediwa ka nakwana ke merapelo ya mo kampeng, mme masole a ne a kgaoganngwa ka ditlhopha tsa Bakatoliki le Baporotesetanta. Fa tirelo e khutla, baruti ba ba mo dikerekeng tsoopedi ba ne ba segofatsa dibetsa tse dikgolo tsa ntwa! Ke ne ka gakgamala thata. A ditlhabano tseno di ne di sa direlwa go bolaya? Mme fa ke ne ke rutiwa bodumedi kwa sekolong, a ke ne ke sa rutiwa go re: “U se ka ua bolaea motho”?—Ekesodo 20:13.

Ke ne ke ikutlwa gore Karl Marx o ne a nepile fa a ne a bitsa bodumedi “matekwane a batho” ka bo sa neye batho thata epe kgatlhanong le dikgatlhego tsa bokapitalisiti. Jalo morago ga go tlogela bosole, ke ne ka tswa mo kerekeng mme ka nnela dithuto tsa Marxism-Leninism. Ke ne ka bala gape dikwalo tsa ga Mao Tse-tung. Tsotlhe tseno di ne tsa nonotsha go tlhatswega pelo ga me gore bosula bo ka tlosiwa fela fa lefatshe le ka tlisediwa diphetogo. Ke ne ke akanya gore ke fela ka tsela eo, go neng go ka nna le mofuta o mosha wa batho ba ba siameng.

KPD/ML e ne ya nkatisa gore ke kgone go gapela badiri mo dithutong tsa ga Lenin le go ba fa dipampitshana tsa Rote Fahne. Ke ne ke tle ke tsamaye ke tsholeditse difolaga le go kgweetsa dikara tse di nang le dibuelagodimo mo ditshupo-kgananong. Lefa go ntse jalo, ke ne ke lejwa fela jaaka moema-nokeng wa phathi. Pele komiti e kgolo e nkamogela jaaka leloko la yone, ke ne ke tshwanetse go itshupa, ka go direla phathi sebakanyana le go e tshegetsa ka madi.

Ditiro tse di Farologaneng—Tshwabo e e Botlhoko!

Ke ne ke katisitswe jaaka mothadi wa moenjenere, mme ke ne ke kgatlhegela thata bokgabisi jwa bataki ba puso ya bojammogo, mme ke ne ke eletsa ekete le nna nka bo ke dira bontle jo ba neng ba bo dira. Ka jalo, ke ne ka kopa phatlha kwa West Berliñ College of Art. Ke ne ka amogelwa mme ka simolola thuto ya me ya bokgabisi ka February 1972.

Fa ke le fano ke ne ka ikgolaganya gape le phathi mme go ise go e kae ka rekisa gape Rote Fahne fa pele ga dikgoro tsa madirelo. Ke ne ke dira dipolakate mme ke taka le ditshwantsho tsa bo-Marx, Engels, Leniñ, le Mao Tse-tung mo difolageng tse dikhibidu.

Ke ne ke ikaeletse gore ga ke kitla ke nyala—ke gore, pele ke kopana le Linda. Ke ne ka fitlhela gore o ne a na le mokgwa mongwe o o sa tlwaelesegang, boikanyegi, mme sena sa dira gore ke fetole mogopolo. Morago ga dikgwedi di le tlhano re ne ra nyalana, re simolola seo e neng e tla nna lenyalo le le nang le kutlwano.

Pele ga foo, ke ne ke nna le setlhopha sa basha bangwe ba ba neng ba na le dikakanyo tse di farologaneng tsa kganetso. Re ne re nna le dipuisano tse di farologaneng, mme go ne go na le dikgotlhang le letlhoo. Go ne go tshwana fela le mo diphathing tse dintsi tsa bokomanisi. Nngwe le nngwe ya tsone e ne e tsaya gore tsotlhe tse dingwe di ne di sa tlhaloganye gore tota bokomanisi ke eng mme di ikopanye le phathi “ya boammaaruri.” Dintwa tsa simolola gone fela foo!

Mo teng ga phathi ya me ka sebele, go ne go tlwaelesegile gore go nne le dikgogakgogano fa gare ga letlhakore le lengwe le le le le ganetsang. Maloko a maemo a a kwa godimo a ne a le ka go digana. Ke ne ka lapisiwa ke dintwa le diphapaano, mme sena sa nt ira gore ke kgaole dikgolagano tsa me le phathi ka bonya ka bonya. Ke ne ke sa bone go utlwala go kopanela mo sengweng se tota-tota se neng se ka seka sa tlisa phetogo. Maikaelelo a bokomanisi a ne a itshupile gore a ne a ka seka a fitlhelelwa! Mme mo pelong ya me ke ne ka tswelela ke ntse ke le molatedi wa ga Marx.

Linda o Mpolelela ka Modimo

Bosigo bongwe, fa ke ntse ke le mo tseleng ka koloi go tswa kwa Kiel go ya kwa Berlin, Linda o ne a nkgakgamatsa thata. O ne a nthaya are: “Ke tlhatswegile pelo gore go na le Modimo, mme totatota, ke a dumela.” Ke ne ke sa solofela go utlwa selo sa go nna jalo gotlhelele! Linda o ne a ntse a tshegetsa dikgopolo tsa me tsa ga Marx.

Go ne ga tsoga kgaruru e kgolo malebana le dilo tse di bonalang le dikgopolo tsa ga Marx. Dikgopolo tsa ga Marx tsa re botshelo jwa bomoya, thuto, le boitsholo di bopiwa ke maemo a lefelo le a nnang mo go lone. Ka phelelo ya gore motho yo “mosha” o nna gone ka ntlha ya go tsenngwa megopolo ya bokomanisi mme le ka go fetoga ga tikologo ya gagwe. Lefa go ntse jalo, Linda e ne e le motegeniki wa laboratori yo o katisitsweng, mme o ne a tlhaloganya dilo botoka. O ne a kgona go ntsha bosupi jwa gore boitsholo jwa motho bo tlhotlhelediwa ke tlhago ya gagwe. Re ne ra kgaola kgang gore go seka ga tsoga dikomano.

Mo loetong lo longwe lo lo latelang, Linda o ne a eletsa gape go bua le nna ka Modimo. Go ya ka pono ya me, kgopolo ya thuto-tlhagelelo e ne e gatelela gore sengwe le sengwe se ne se tswa mo dilong tse dingwe mme se nnile gone ka kotsi fela. Linda o ne a ntlhokomedisa ka melao ya go lelafala ga dilo, le molao wa dilo tse di sa tshikinyegeng, le melao e mengwe e e neng e tlhomamisa gore go na le mmopi yo o botlhale. Ke ne ka nna ka ganelela mo go seo ke neng ke se dumela. Lefa go ntse jalo, botlhajana jwa me ka botshelo le dikgopolo tsa me, di ne di sa tlhole di na le bokao bope.

Ngwaga o ne wa feta. Moso mongwe wa Sontaga ka bofefo fela Linda o ne a ntsha buka nngwe e kima mme a simolola go mpalela mo go yone. E ne e le polelo kaga monna mongwe yo o neng a rema setlhare, a dirisa bontlhanngwe jwa sone go dira modimo wa disetwa yo o sa tsheleng mme a bo a o rapela are: “Nkgolola tlhè.” Tlhaloso e e nepileng eno ya bodumedi e ne ya nkgatlha thata. A o ko o akanye ka moo ke ileng ka gakgamala ka gone go bo seo se ne se tswa mo Bibeleng.—Isaia 44:14-20.

Ke ne ka kopa mosadi wa me go mpolelela mo go oketsegileng. O ne a dira jalo ka dioura di le tlhano—a simolola ka go leofa ga monna kwa Edena mme a feleletsa ka go tsosolosiwa gape ga Paradaise goo go neng go tlhalosiwa mo bukeng ya Tshenolō. Linda o ne a sala a lapile thata, mme ke ne ka utlwa ekete go wele dikgapa mo matlhong a me le gore ke ne ke simololang go bona lantlha. Ka tlholego fela ke ne ke batla go itse gore Linda o ithutile kae dilo tsotlhe tseno.

O ne a mpolelela gore o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mo Berliñ fa a ne a le dingwaga tse 14, mme morago a bo a kolobediwa. Fa a le dingwaga di le 18, o ne a tshwanelwa ke go fuduga koo ka ntlha ya tiro, mme ka maswabi o ne a tlogela tsela ya boammaaruri. Morago fa jaanong a boela mo Berliñ, o ne a kopana le mapolotiki a a ganetsang puso. Boitumelo jo jaanong a neng a itemogela jone mo lenyalong la rona bo ne jwa mo tlhotlheletsa go batla Modimo gape. Mme a o ne a tla mo itshwarela ditlolo tsotlhe tsa gagwe? O ne a itse gore tsela e le nngwe fela ya go boloka botshelo jwa rona le boitumelo jwa lenyalo la rona ke ka go ikwatlhaya le go boelana le Modimo. Mme ke ne ke ise ke fitlhelele seemo seo. Ke ne ke tlhoka nako e e oketsegileng.

Go Tsaya Tsela e e Siameng

Maitsiboa mangwe mo selemong, re ne re ntse re lebeletse phatsimo ya letsatsi jaaka le nt se le wela kafa bophirima jwa motse. Linda o ne a re: “Erwiñ, ka gongwe re ka ipelela dilo tse di tshwanang le tseno ka nakonyana. Mme a Modimo o tla re boloka re tshela fa a tla go senya dilo? Re mo naya lebaka lefe la go dira jalo?” Seno se ne sa ntira gore ke akanye. Ke ne ke ithutile sengwe kaga Jehofa mme ka phepafalo se ne se sa lekana. Jalo ke ne ka fetsa mogopolo go retologela kwa go ene.

Moragonyana ga seno, re ne re le kwa marekelong fa re ne re bona mosadimogolo mongwe a le mo setilong sa maotwana a tshwere Tora ya Tebelo. Re ne ra mo kopa gore a re bolelele dinako tsa dipokano tsa Holo ya Bogosi ya mo lefelong leo, mme sefatlhego sa gagwe se ne sa thama. O ne a re tlamparela ka diatla, mme a nnela go re, “Ke itumelela go bo batho ba basha jaaka lona ba batla go itse Bibela.” A tletse boitumelo, o ne a tlhamalala mo setilong sa gagwe sa maotwana mme a atla Linda. Re ne ra amogela dimakasine dingwe mme ra mo solofetsa go tla kwa pokanong e e latelang.

Re ne ra goroga pele fela e simolola. Ke ne ke na le moriri o moleele le ditedu ke ikaparetse borokgwe jwa matalanyane le sekipara. Linda o ne a apere mosese wa ga rakgadiagwe wa lenyalo o o dingwaga di 30 o o podudu. Ke ne ka bona monna mongwe a apere baki le thai a eme fa mojako mme ke ne ka ithaya ka re: ‘Abo a le bothakga jo bo feteletseng jang ne! Re ipaketse mathata!’ Lefa go ntse jalo, o ne a le botsalano, mme a re: “Re ntse re lo emetse.” Ke ne ka gakgamala thata mme ka mo raya ka re: “Re eletsa go nna le thuto ya Bibela.” Mme seo ga se a ka sa mo gakgamatsa. “E setse e rulaganyeditswe,” o ne a araba jalo. Re ne ra tsena, re etsaetsega go le gonnye.

Fa pokano e tsweletse, ke ne ka utlwa ka makgetlonyana ekete sebui se bua le nna ka namana. Mme bangwe mo phuthegong ba ne ba gakgamadiwa ke go bona Linda a ntsha Tora ya Tebelo e e baakanyeditsweng go sale pele. Morago ga dioura tse pedi, kgaitsadi yo o godileng o ne a tla mme a re kampa, sefatlhego sa gagwe se phatsima ke boipelo. Ke ene a neng a anamisitse dikgang kaga go tla ga rona. Dipaakanyetso di ne tsa dirwa gore re nne le thuto ya ka metlha le mokaulengwe yo o neng a re amogela, mme dikgwedi di le robong moragonyana, ka April 4, 1976, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me go Jehofa ka kolobetso ya metsi.

Abo ke ne ke itumetse jang ne go itse ene Yo o neng a solofetsa are: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha”! (Tshenolō 21:5) Mme Mmopi o ne a tla tlisa tshiamo ya boammaaruri jang? Diane 2:21, 22 e re neela karabo eno: “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”

Lemororo pele ke ne ke ema ka Rote Fahne fa pele ga dikgoro tsa difeketiri jaanong ke ema ka bo-Matlhatso mo Mmileng wa Karl Marx mo Berlin-Neukölln ka Tora ya Tebelo. Jaanong ke kgona go bua ka sengwe seo go senang tsamaiso epe ya motho e e ka se lereng: botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 17:3) Ke ne ka ithuta ka moo “bathōkgami” le eleng jaanong ba katisiwang go apara “motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ.” (Bakolosa 3:10) Thuto eno ya lefatshe je lesha ga e kitla e palelwa!

Linda ene, o ne a ikemisetsa gore ga a kitla a tlhola a kgaogana le Motswedi wa tshiamo ya mmatota. Peter le Reni, bao ba neng ba re ruta ditsela tsa ga Jehofa, ba ne ba lemoga seo a neng a se tlhoka mo semoyeng mme ba mo thusa go dira botswelelopele.

Mekgele e Mesha mo Tseleng ya Tshiamo

Kwa kholetšheng, go ne go ganediwa ditumelo tse nna ka tlhagafalo ke neng ke tshwareletse mo go tsone. Porofesa wa mophato wa me, yo e neng e le motaki yo o itsegeng, o ne a bontsha gore ke ne ke tla tshwanela go tlhopha gareng ga botaki le tumelo ya me e ntšha. Ka jalo ka tlogela tiro ya me ya botaki mme ka senka e e neng e tla nthusa go fitlhelela mokgele wa me o mosha: tirelo ya bobulatsela. Re nt se re akantse seno, nna le Linda re ne ra bolelela Jehofa ka thapelo kgafetsa kgafetsa ka keletso ya rona. Re ne ra dira dikopo tsa rona sephatlo sa ngwaga pele ga letlha leo re neng re batla go simolola ka lone, eleng ka September 1, 1977.

Ebu, go ne go se motlhofo, mme re ne ra fitlhelela mokgele wa rona ka thuso ya ga Jehofa. Fa esale ka January 1, 1985, nna le Linda re ntse re direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng—jalo keletso e nngwe gape e e tlhoafetseng e ne ya kgotsofadiwa. Go dirisa nonofo ya rona go thusa batho go ithuta tsela ya tshiamo ya boammaaruri go re kgotsofatsa fela thata.

Mme go tweng ka go eletsa ga me tshiamo? A go setse go kgotsofaditswe? Ee. Gompieno ke itse se tota se bolelwang ke mafoko ana a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:6: “Go segō ba ba bolaecweñ tshiamō ke tlala le lenyōra: gonne ba tla kgorisiwa.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kommunistische Partei Deutschlands/Marxisten-Leninisten (Lekoko la Jeremane la Bokomonisi/Marxists-Leninists).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela