JUNE 1-7, 2026
PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela
O ka Itumela Le fa O Tlhoilwe
“Go itumela lona fa batho ba lo tlhoa.”—LUKE 6:22.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore ke eng se se ka re thusang gore re itumele le fa batho ba re tlhoile ka gonne re direla Jehofa.
1. Jesu o ile a reng, mme goreng se a ileng a se bua se gakgamatsa?
MO Therong ya gagwe ya Kwa Thabeng, Jesu o ile a re: “Go itumela lona fa batho ba lo tlhoa.” (Luke 6:22) Mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a gakgamatsa batho ba ba neng ba mo reeditse. Boammaaruri ke gore ga go na ope yo o batlang go tlhoiwa. Mme gone, goreng Jesu a ile a bua mafoko ao? Go botlhokwa thata gore re akanye ka potso eo ka gonne batho ba le bantsi gompieno ba tlhoile balatedi ba ga Jesu. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng fa re tlhoilwe le gore ke eng fa re ka itumela le fa re tlhoilwe.
GORENG BANGWE BA RE TLHOILE?
2-3. Goreng Bakeresete ba boammaaruri ba bogisiwa, mme seo se dira gore re ikutlwe jang ka batho ba ba re bogisang? (Johane 16:2, 3)
2 Batho ba re tlhoile ka gonne re obamela Jehofa. Jesu o ile a bua jaana ka batho ba ba neng ba tla bogisa balatedi ba gagwe le go bolaya bangwe ba bone: “Ga ba ise ba itse Rara e bile ga ba ise ba nkitse.” (Bala Johane 16:2, 3.) Ke mang tota yo o tlhotlheletsang batho gore ba re tlhoe? Ke Satane. Ke ene “modimo wa lefatshe leno.” (2 Bakor. 4:3, 4) O leka go thibela batho go ithuta boammaaruri ka Jehofa e bile o ba tlhotlheletsa gore ba ganetse batho ba ba itseng Jehofa e bile ba mo rata. (Joh. 8:42-44) Go itse seno go tla dira gore re ikutlwe jang ka batho ba ba re bogisang? Fa re tlhaloganya gore Satane o ba tsieditse, seo se tla re thusa gore re se ka ra ba tlhoa.
3 Akanya ka se se ileng sa diragalela Mokaulengwe Pavel,a yo o nnang kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone. O ile a tshwarwa, a itewa botlhoko a bo a fetsa dikgwedi a tswaletswe mo seleng a le nosi ka gonne a direla Jehofa ka boikanyegi. Pavel a re: “Ga go pelaelo gore Satane le madimona ke bone ba ba lekang go re thibela go obamela Jehofa. Ga go lebege bontsi jwa batho ba ba berekang kwa kgolegelong ba re tlhoile. Ba a bo ba dira tiro ya bone fela.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Croatia yo o ileng a itshokela go bogisiwa setlhogo ke batsadi ba gagwe ba e seng Basupi, a re: “Jaanong ke a tlhaloganya gore Satane ke ene mmaba wa me, e seng batsadi ba me.”—Baef. 6:12.
4. Re ithuta eng mo go Jesu le mo go Setefane? (Bona le setshwantsho.)
4 Ga re tlhoe batho ba ba re ganetsang. Tota e bile, re a ba rapelela. (Math. 5:44) Jesu le Setefane ba ile ba dira jalo. Fa masole a Baroma a ne a kokotela Jesu mo koteng ya tlhokofatso, Jesu o ile a rapela a re: “Rara, ba itshwarele.” (Luke 23:34) Jesu o ne a kopa Jehofa gore a itshwarele masole ano a a neng a laetswe gore a mmolaye. Gape a ka tswa a ne a akantse ka batho ba le bantsi ba ba neng ba goeletsa gore a bolawe ka gonne ba tlhotlheleditswe ke baba ba gagwe. Jesu o ne a lemoga gore batho bao ba ne ba sa itse se ba se dirang. Setefane le ene o ile a rapela Modimo gore a itshwarele batho ba ba neng ba mmolaya. (Dit. 7:58-60) A Jehofa o ile araba thapelo ya ga Jesu le ya ga Setefane? Ee. Batho ba le bantsi ba ba neng ba batla go bolaya Jesu, moragonyana ba ile ba fetoga, ba dumela mo go Jesu ba bo ba kolobediwa. ( Dit. 2:36-41) Saulo yo o tswang kwa Tareso, yo o ileng a dumalana le gore Setefane a bolawe, moragonyana o ile a nna Mokeresete a bo a ikwatlhaela dilo tse a di dirileng ka botlhokakitso.—1 Tim. 1:13.
Fela jaaka Setefane a ile a rapelela batho ba ba neng ba mmogisa, le rona re ka rapelela ba ba re bogisang (Bona serapa 4)
5. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng César?
5 Le rona Jehofa o a re reetsa fa re rapelela batho ba ba re bogisang. Akanya ka se se ileng sa diragalela Mokaulengwe César yo o nnang kwa Venezuela. Rraagwe o ile a mmogisa setlhogo ka gonne e le Mosupi wa ga Jehofa. César a re: “Mama e ne e le motho yo o molemo tota. Le fa a ne a dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele, o ne a sa itlhokomolose Papa. O ne a ruta nna le bonkgonne le bonnake go tlotla Papa. Gape o ile a re ruta gore re mo ikobele mo go sengwe le sengwe kwantle ga fa a batla gore re dire dilo tse di sa dumalaneng le thato ya ga Jehofa.” Fa dingwaga di ntse di tsamaya, rraagwe o ile a simolola go fetoga. César a re: “Letsatsi lengwe fa ke sena go rapela ka tlhoafalo, ke ile ka kopa Papa go ithuta Baebele le ene. Ga ke na mafoko a go tlhalosa kafa ke neng ke itumetse thata ka gone fa a dumela.” Fa nako e ntse e tsamaya, rraagwe César o ile a kolobediwa. Ke boammaaruri gore ga se batho botlhe ba ba re ganetsang ba ba tla dirang diphetogo tseo. Mme gone, bangwe ba a fetoga fa ba lemoga gore re bua le bone ka tlotlo le gore re itshwara sentle. Ruri re a itumela fa ba fetoga! Re lebile pele go bona fa Jehofa, yo e leng “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” yo o kutlwelobotlhoko, a ba gogela kwa go ene.—Gen. 18:25.
6. Go ya ka Johane 15:20 le 21, goreng batho ba re tlhoile?
6 Batho ba re tlhoile ka gonne re tlotla Jesu. Jesu o ile a re Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla tlhoiwa ke batho botlhe “ka ntlha ya leina la [gagwe].” (Bala Johane 15:20, 21.) “Leina” la ga Jesu le emela eng? Le emela dinonofo tse a nang le tsone le tshwanelo ya gagwe ya go nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Batho ba ba tshepang babusi ba lefatshe leno go na le go tshepa kgosi e Jehofa a e tlhophileng e bong Jesu Keresete, ba re tlhoile. Fa e sa le go tloga ka 1914, Jesu o ntse a busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Go ise go ye kae, o tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho.
7-8. Goreng bangwe ba batho ba ga Jehofa ba bogisiwa? (Johane 15:18-20) (Bona le ditshwantsho.)
7 Batho ba lefatshe leno la ga Satane ba re tlhoile ka gonne re sa dire dilo jaaka bone. Jesu o ile a tlhalosa gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla tlhoiwa ka gonne “ba se karolo ya lefatshe.” (Bala Johane 15:18-20.) Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, ga re akanye ka tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone, e bile ga re itshware le go bua jaaka bone. Seno se dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tshwarwe makgwakgwa kwa tirong kgotsa kwa sekolong. (1 Pet. 4:3, 4) Mme gone, re a itumela fa batho bangwe ba ba re bogisang ba fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka rona ba bo ba simolola go re tlotla.
8 Akanya ka se se ileng sa diragalela Mokaulengwe Ignacio wa kwa Central America. Fa a ne a tsena sekolo, morutabana mongwe o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a dira metlae ka ene ka gonne a tlhophile go tshela ka melao ya ga Jehofa. Mme gone, pele Ignacio a fetsa sekolo, morutabana yoo o ile a mmotsa gore o kgona jang go tshela ka melaometheo ya Baebele le fa batho ba le bantsi ba mo nyatsa. Ignacio o ile a mo tlhalosetsa gore melao ya Modimo e a mo sireletsa. Go tswa foo, o ile a mo laletsa gore a tle kwa dipokanong. Ignacio o ile a gakgamala tota fa a mmona kwa dipokanong. Morutabana yoo o ile a kgatlhiwa ke lorato lo a lo boneng mo phuthegong e bile o ile a nna a ya dipokanong. Moragonyana, o ile a bogisiwa ka gonne a ithuta Baebele. Mme gone, botsala jwa gagwe le Jehofa bo ne jwa gola a bo a feleletsa a kolobeditswe.
Le fa re ka tswa re na le dingwaga di le kae, re ka kgona go femela tumelo ya rona re le pelokgale (Bona serapa 8)b
9-10. (a) Goreng re farologane le batho ba lefatshe leno? (b) Re ithuta eng mo go moaposetoloi Paulo?
9 Gape ga re tshwane le batho ba lefatshe leno la ga Satane ka gonne ga re tseye karolo mo dipolotiking e bile ga re ye ntweng. (Joh. 18:36) E re ka re reetsa kgakololo e e mo go Baroma 13:1, re leka ka natla go ikobela melao ya puso. Mme gone, e re ka re le Bakeresete, ga re tsene mo dipolotiking, ga re tlhophe e bile ga re ikwadisetse gore re tlhophiwe. Goreng? Ka gonne re ikanyega mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe jo bo eteletsweng pele ke Keresete. Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba tsenngwa mo dikgolegelong ka ntlha ya se ba se dumelang. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba mo dikgolegelong, ba tswelela ba rera. Ba etsa moaposetoloi Paulo, yo o ileng a fetsa dingwaga a tswaletswe mo ntlong, gape a tsentswe mo kgolegelong. (Dit. 24:27; 28:16, 30) O ile a tswelela a rerela batho ba ba neng ba mo reetsa. Batho bao ba ne ba akaretsa badisa ba kgolegelo, badiredibagolo ba kgotlatshekelo, balaodi, dikgosi, gongwe le badiredibagolo ba Mmusimogolo wa Roma e bong Nero.—Dit. 9:15.
10 Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo dikgolegelong le bone ba rerela batho botlhe ba ba ba reetsang, go akaretsa baatlhodi, balaodi ba puso le badisa ba dikgolegelo. Mokaulengwe mongwe yo o neng a fetsa dingwaga di le thataro kwa kgolegelong ka gonne a sa tsenele dipolotiki a re o ne a tsaya nako ya fa a le kwa kgolegelong e se go otlhaiwa, mme e le kabelo e Jehofa a mo neileng yone ya go batla batho ba ba ka ithutang boammaaruri. Ruri re a itumela fa Jehofa a re dirisa go rerela batho bano dikgang tse di molemo! (Bakol. 4:3) A jaanong re sekasekeng mabaka mangwe a a dirang gore re itumele le fa gone re tlhoilwe ka gonne re direla Jehofa.
GORENG RE KA ITUMELA LE FA RE TLHOILWE?
11. Go bogisiwa go ka nonotsha tumelo ya rona jang? Naya sekai.
11 Re a itse gore batho ba ba re tlhoileng ba diragatsa boporofeti jwa Baebele. Mo boporofeting jwa ntlha jo bo mo Baebeleng, Jehofa o ile a bolelela pele gore Satane le ba ba mo letlhakoreng la gagwe, ba ne ba tla tlhoa batho ba ba mo ratang e bile ba mo direla. (Gen. 3:15) Jesu o ile a bontsha ka makgetlo a le mantsi gore boporofeti joo bo boammaaruri. Re bona seo mo go se bakwadi botlhe ba Diefangele ba se kwadileng. (Math. 10:22; Mar. 13:9-12; Luke 6:22, 23; Joh. 15:20) Bakwadi ba bangwe ba Baebele le bone ba ile ba dira se se tshwanang. (2 Tim. 3:12; Jak. 1:2; 1 Pet. 4:12-14; Jude 3, 17-19) Ka jalo fa re bogisiwa, ga re gakgamale. Go na le moo, re itumelela gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa. Seno se re tlhomamisetsa gore re direla Modimo wa boammaaruri. Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa nageng nngwe e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone a re: “Fa ke ineela mo go Jehofa, ke ne ke itse gore ke tla bogisiwa. Ka jalo, ga ke boife e bile ga ke gakgamale fa ke lebana le diteko.” Monna wa gagwe e ne e le mongwe wa batho ba bantsi ba ba neng ba mo ganetsa. O ne a mo tshwara makgwakgwa, e bile o ile a fisa Baebele ya gagwe le dikgatiso. Mme go na le gore kgaitsadi yono a kate ka morago, tumelo ya gagwe e ne ya nonofa. (Baheb. 10:39) A re: “Go boleletswe pele gore re tla bogisiwa, ka jalo ke ne ke itse gore seo se tshwanetse go direga. Go bogisiwa go ile ga ntlhomamisetsa gore ke mo kobamelong ya boammaaruri.”
12. Ke eng se se thusitseng mokaulengwe mongwe gore a kgone go itshoka fa a bogisiwa?
12 Le fa gone re itse gore re ka bogisiwa, go ka nna thata gore re itshoke. Mokaulengwe mongwe o ile a tlhalosa tsela e a neng a ikutlwa ka yone fa a le kwa kgolegelong. A re: “Ka dinako dingwe, ke ne ke tlhobaela kgotsa ke tshwenyega thata mo maikutlong, ke bo ke lela.” Ke eng se se neng sa thusa mokaulengwe yono gore a itshoke? O ne a re: “Ke ne ke rapela ka metlha. Moso mongwe le mongwe ke ne ke simolola ka go rapela. Motshegare fa go tlhaga maemo ape fela a a thata, ke ne ke rapela. Fa ke ne ke galefisiwa ke tsela e e sa siamang e batho ba bangwe ba neng ba ntshwara ka yone, ke ne ke itswalela mo ntlwaneng ke bo ke rapela.” Gape mokaulengwe yono o ne a akanyetsa kwa teng ka batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le ba motlha wa rona ba ba neng ba ikanyega. Seo se ile sa mo thusa gore a kgone go itshokela go bogisiwa le gore a nne le kagiso e Jesu a ileng a solofetsa gore o tla e naya balatedi ba gagwe.—Joh. 14:27; 16:33.
13. Ke eng se se ka re thusang go itshoka fa re tlhoilwe?
13 Go rata Jehofa le batho ba bangwe go re thusa go itshoka. Jesu o ne a rata Rraagwe ka pelo yotlhe go fitlha a swa. Gape o ne a rata ditsala tsa gagwe. (Joh. 13:1; 15:13) Fa le rona re rata Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi, re tla kgona go itshoka fa re tlhoilwe. Seo se ka direga jang? Gore re bone karabo, a re sekasekeng se se neng sa diragalela moaposetoloi Paulo.
14. Ke eng se se thusitseng Paulo gore a tswelele a ikanyega, le fa a ne a itse gore o tlile go bolawa?
14 Nakwana fela pele ga Paulo a bolawa, o ne a kwalela tsala ya gagwe e a neng a e rata thata e bong Timotheo lekwalo. O ile a mo raya a re: “Moya o o boitshepo o Modimo a re nayang one ga o dire gore re nne magatlapa, go na le moo, o re thusa gore re nne le maatla, re nne le lorato.” (2 Tim. 1:7) Paulo o ne a raya jang? O ne a raya gore fa Mokeresete a rata Jehofa thata, o tla kgona go itshokela maemo ape fela a a thata a a ka lebanang le one. (2 Tim. 1:8) Ga go pelaelo gore tsela e Paulo a neng a rata Jehofa ka yone e ile ya mo thusa gore a nne le bopelokgale jwa go tswelela a ikanyega mo go ene le fa a ne a itse gore o tlile go bolawa.—Dit. 20:22-24.
15. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba motlha wa rona ba bontshitse jang gore ba a ratana? (Bona le setshwantsho.)
15 Ruri re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tswelelang ba ikanyega le fa ba bogisiwa! Bangwe ba bone ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba eme bakaulengwe le bokgaitsadi nôkeng, fela jaaka Akhwila le Peresila ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya ga Paulo. (Bar. 16:3, 4) Ka sekai, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi kwa Russia ba ile ba ya kwa dikgotlatshekelong gore ba ye go kgothatsa badumedimmogo le bone ba ba neng ba tshwerwe. Fa kgaitsadi mongwe yo o neng a tshwerwe a bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tlile kwa kgotlatshekelong, o ne a amega thata jaana mo a ileng a batla go lela. Tsela e ba ileng ba mmontsha ka yone gore ba a mo rata, e ile ya mo kgothatsa thata ka nako e a neng a tlhoka go kgothadiwa ka yone. Ruri re a itumela fa re rata Jehofa le batho ba bangwe!
Tota le kwa tiro ya rona e thibetsweng gone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bontsha Bakeresetemmogo le bone gore ba a ba rata (Bona serapa 15)c
16. Goreng Petere a ne a re ba ba itshokelang go bogisediwa go direla Modimo ba na le lebaka le le utlwalang la go itumela? (1 Petere 4:14)
16 Re a itse gore Modimo o a itumela fa re itshokela go tlhoiwa. (Bala 1 Petere 4:14.) Moaposetoloi Petere o ne a re ba ba itshokelang go sa tshwarwe sentle ka gonne ba direla Modimo, ba na le lebaka le le utlwalang la go itumela. Goreng a ne a rialo? Ka gonne fa re sa tshwarwe sentle, seo se bontsha gore ‘re na le moya wa Modimo.’ Petere o ne a itse gore go ntse jang go amogelwa ke Modimo le go itshokela go bogisiwa. Moragonyana fela ga Pentekosete ya 33 C.E., mapodise a tempele ya Bajuda, a ile a romelwa gore a ye go tshwara Petere le baaposetoloi ba bangwe ka gonne ba ne ba rera. Mme gone, Petere o ile a femela tumelo ya gagwe a le pelokgale. (Dit. 5:24-29) Tota le fa Petere le baaposetoloi ba bangwe ba sena go itewa, ga ba a ka ba tlogela go rera. Go na le moo, ba ile ba itumela ka gonne “ba [neilwe] tshiamelo ya go bogisiwa ka ntlha ya leina la ga Jesu.” Le rona re ka itumela fa re itshokela diteko.—Ditiro 5:40-42.
17. Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a reng mo bosigong jwa pele ga a bolawa?
17 Mo bosigong jwa pele ga Jesu a bolawa, o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Ope fela yo o nthatang, Rre o tla mo rata, mme le nna ke tla mo rata.” (Joh. 14:21) Ruri re lebile pele go bona re tshela go se na ope yo o re tlhoileng, e bile ka nako eo, batho botlhe ba tla bo ba re rata ka gonne re direla Jehofa! (2 Bathes. 1:6-8) Fa re ntse re letetse nako eo, a re nneng re gopotse gore re na le mabaka a mantsi a go itumela le fa re tlhoilwe.
PINA 149 Pina ya Phenyo
a Maina mangwe a fetotswe.
b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ditshwantsho di bontsha se se diragetseng fa Ignacio a ne a rerela morutabana wa gagwe.
c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Setshwantsho se bontsha se se diragetseng fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ema nôkeng modumedimmogo le bone yo o isiwang kwa kgolegelong ka ntlha ya se a se dumelang.