MAY 25-31, 2026
PINA 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”
Bontsha Temogo, Mme o “Tla Atlega”
“Motho yo o bontshang temogo mo kgannyeng o tla atlega.”—DIANE 16:20.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore temogo e ka re thusa jang gore re dire se se siameng fa re lebana le maemo a a thata.
1-2. Temogo ke eng, mme e ka re thusa jang?
A MONGWE o kile a go nyatsa mme a ne a tshwanetse go go tlotla? A mongwe o kile a go kgopisa kgotsa a se ka a go tshwara sentle? Kgotsa a go na le boemo bongwe jo bo kileng jwa dira gore o boife? Fa e le gore seo se kile sa go diragalela, go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo gore o bue kgotsa gore o dire se se siameng. Mme gone, Baebele e re ruta ka nonofo e e ka re thusang mo maemong ao le mo maemong a mangwe. Nonofo eo ke temogo.
2 Temogo ke bokgoni jo bo re thusang go sekaseka dintlha tsotlhe tse di amanang le boemo jo re lebaneng le jone go na le go dira ditshwetso re ikaegile fela ka se re se bonang. E dira gore re tlhaloganye gore ke eng se se ka tswang se dirile gore sengwe se direge kgotsa gore ke eng fa mongwe a ka tswa a ile a itshwara ka tsela e e rileng. Ka jalo, temogo e ka re thusa gore re dire dilo ka botlhale. Ka sekai, e ka re thusa go “laola se re se buang” le go itse gore ke leng re tshwanetseng “go didimala.” (Diane 10:19; Pes. 4:4) E ka re thusa go laola bogale Ie go itshwarela ba bangwe. Gape e ka re thusa go amogela kgakololo Ie kgalemelo e re e newang. (Diane 19:20) Go nna le temogo go tla dira gore Jehofa a itumele e bile go tla tswela rona le batho ba bangwe mosola. Fa re lebana le boemo jo bo re utlwisang botlhoko, ga re ka ke ra galefa mo re ka dirang se se sa siamang. A jaanong re tlotleng ka dipego tse tharo tsa Baebele tse di bontshang gore temogo e ka re thusa jang gore re tswelele re ikokobeditse, re ritibetse e bile re ikaega ka Jehofa.
IKOKOBETSE, MME O SE KA WA NNA MABELA
3. Naamane e ne e le mang?
3 Gore re dire se se siameng, ga re a tshwanela go nna mabela. (1 Pet. 5:5) Go nna le temogo go ka re thusa gore re se ka ra nna mabela. Go ka re thusa jang? Akanya ka se se ileng sa diragalela Naamane. O ne a nna kwa Siria, e leng setšhaba se se neng se le kwa bokone jwa Iseraele. Naamane e ne e le molaodi wa masole a Siria e bile o ne a tseelwa kwa godimo tota. Le fa go ntse jalo, o ne a na le bolwetse jo bo maswe jwa letlalo, jo bo bidiwang lepero.—2 Dikg. 5:1.
4. Naamane o ile a bontsha jang gore o ile a akanya ka se mosetsanyana wa Moiseraele a ileng a se bua?
4 Mosadi wa ga Naamane o ne a na le lelata la mosetsanyana wa Moiseraele. Lelata leo le ile la mmolelela gore kwa Iseraele go na le moporofeti mongwe yo o neng a ka fodisa monna wa gagwe. (2 Dikg. 5:2, 3) Naamane o ne a ka ipotsa go re, ‘A tota mosetsanyana yono yo o tswang mo setšhabeng sa baba ba rona a ka nthusa ka sengwe?’ Mme gone, Naamane o ile a akanya ka se mosetsanyana yoo a ileng a se bua. Ga a ka a letla gore go nna mabela go dire gore a mo itlhokomolose. Go na le moo, o ile a ikokobetsa a bo a mo reetsa. O ile a kopa tetla mo kgosing ya Siria gore a ye go batla kalafi kwa Iseraele.—2 Dikg. 5:4, 5.
5. Go ile ga direga eng fa Naamane a ne a goroga kwa Iseraele?
5 Fa Naamane a goroga kwa go Kgosi Jehorame wa Iseraele, o ne a solofetse gore o tla fodisiwa. Le fa go ntse jalo, Jehorame o ne a akanya gore kgosi ya Siria e ne e mo rumola ka go romela Naamane kwa go ene. Fa moporofeti Elisha a utlwa ka kgang eo, o ne a kopa Jehorame gore a romele Naamane kwa go ene. (2 Dikg. 5:6-9) Mme gone, Elisha ga a ka a dira se Naamane a neng a solofetse gore o tla se dira. Tota e bile, Elisha ga a ka a tswa mo ntlong gore a ye go mo amogela kgotsa go bua le ene. Go na le moo, o ne a roma morongwa gore a ye go bolelela Naamane se a neng a tshwanetse go se dira gore a fole.—2 Dikg. 5:10.
6. (a) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Naamane a nne mabela fa morongwa a mmolelela gore a dire eng? (b) Batlhanka ba ga Naamane ba bontshitse jang gore ba na le temogo, mme go ile ga felela jang? (2 Dikgosi 5:13, 14)
6 Kwa tshimologong, Naamane ga a ka a itumelela se morongwa wa ga Elisha a neng a mmolelela sone. Ka jalo, “o ne a galefa” a bo “a tsamaya a galefile.” (2 Dikg. 5:11, 12) Goreng? E re ka e ne e le molaodi wa masole, a ka tswa a ne a tsaya gore Elisha o mo nyaditse. Mo godimo ga moo, gongwe o ne a akanya gore ditaelo tse Elisha a neng a mo naya tsone di ne di bontsha gore ga a tlotle Siria. Le fa mabaka a ga Naamane e ka tswa e ne e le afe, o ne a dira tshwetso ya gore a boele gae a sa fodisiwa. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba gagwe ba ile ba bontsha gore ba na le temogo ka go mo kopa gore a akanyetse tshwetso ya gagwe. Naamane o ne a tlogela go nna mabela a bo a dira se Elisha a neng a se mo laetse, mme o ile a fola.—Bala 2 Dikgosi 5:13, 14.
7. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Naamane? (Diane 22:4) (Bona le ditshwantsho.)
7 Re ka ithuta eng mo pegong eno? Re bontsha gore re na le temogo fa re dira ditshwetso re sa ikaega fela ka se re se bonang. Gape re bontsha gore re na le temogo fa re sa itetle go laolwa ke maikutlo a rona. Temogo e ka re thusa gore re nne boikokobetso. Tota e bile, e ka dira gore re amogele gore ga re itse sengwe le sengwe. Re ka nna ra tlhoka thuso ya batho ba bangwe, segolobogolo ya ga Jehofa. Le fa gone Naamane e ne e ise e nne motlhanka wa ga Jehofa, o ile a bontsha gore o na le temogo ka go reetsa ba bangwe a le boikokobetso. O ile a reetsa lelata la mosadi wa gagwe, batlhanka ba gagwe, mme sa botlhokwa le go feta, o ile a reetsa moemedi wa ga Jehofa, e bong Elisha. Naamane o ile a kgona go tlogela go nna mabela. Seo se ile sa mo thusa gore a dire tshwetso e e siameng, e e neng ya dira gore a fole. Ka jalo, fa re newa kgakololo e e tswang mo Baebeleng mme re sa dumalane le yone, kgotsa re newa kaelo mo phuthegong ya ga Jehofa mme re sa e tlhaloganye, re tshwanetse go ipotsa gore a se re batlang go se bua kgotsa go se dira se tla bontsha gore a re mabela kgotsa re boikokobetso.—Bala Diane 22:4.
Fela jaaka Naamane a ile a reetsa ba bangwe a ikokobeditse, le rona re tshwanetse go reetsa fa ba bangwe ba re gakololwa, ba re bolelela bothata bongwe kgotsa fa re newa kaelo mo phuthegong ya ga Jehofa (Bona serapa 7)
NNA O RITIBETSE, MME O SE KA WA GALEFA
8. Ke maemo afe a a ka dirang gore go nne thata gore re tswelele re ritibetse?
8 Ka dinako dingwe go ka nna le maemo mangwe a a ka re galefisang. Temogo e ka re thusa gore re tswelele re ritibetse mme re se ka ra bua kgotsa ra dira dilo re galefile. Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go leng motlhofo go ritibala, segolobogolo fa mongwe a re tlhaba ka mafoko kgotsa a dira sengwe se se re utlwisang botlhoko. (Baef. 4:26 le ntlha ya go ithuta e e reng “Be wrathful” mo Baebeleng ya Seesemane.) A re boneng gore Dafide le Abigaile ba ile ba bontsha jang gore ba na le temogo fa ba ne ba lebane le boemo jo bo thata.
9. Nabale o ile a tshwara Dafide jang?
9 Akanya ka tiragalo eno: Dafide le banna ba gagwe ba nna kwa nageng ya Parana e le batshabi. (1 Sam. 25:1) Fa ba le koo, ba sireletsa badisa le matsomane a monna mongwe yo o humileng yo o bidiwang Nabale. (1 Sam. 25:15, 16) Fa batlhanka ba ga Nabale ba beola dinku, Dafide o romela barongwa kwa go ene gore ba mo eleletse dilo tse dintle le gore ba kope dijo. Ka jalo, ba ya kwa go Nabale ba bo ba bua le ene ka tlotlo. (1 Sam. 25:6-8) Mme gone, ga a lebogele dilo tsotlhe tse Dafide le banna ba gagwe ba mo diretseng tsone. Ka jalo, ga a neye Dafide se a se kopang, tota e bile o tlhapatsa Dafide le banna ba gagwe.—1 Sam. 25:10, 11.
10. Dafide le Abigaile ba ile ba bontsha jang gore ba na le temogo? (1 Samuele 25:32, 33) (Bona le setshwantsho.)
10 O ne o tla dira eng fa o ne o le mo boemong jo Dafide a neng a le mo go jone? Gongwe le wena o ne o tla tlhaloganya gore ke eng fa Dafide a ne a galefile jalo. Tota e bile, Dafide o ne a galefile thata mo a neng a batla go bolaya Nabale. (1 Sam. 25:13, 21, 22) Mme gone, mosadi yo o botlhale wa ga Nabale e bong Abigaile, o ile a thibela Dafide le banna ba gagwe gore ba se ka ba mmolaya. Abigaile o ile a bontsha jang gore o na le temogo? O ne a itse gore Dafide ke monna yo o siameng e bile o ne a tlhaloganya lebaka la go bo a ne a galefile. Ka jalo, o ne a batla go dira sotlhe se a se kgonang go mo thusa gore a ritibale le gore a lebe dilo sentle. O ile a mo tlisetsa mpho a bo a mo naya kgakololo a le boikokobetso. (1 Sam. 25:18, 23-31) Dafide le ene o ile a bontsha gore o na le temogo ka go reetsa se Abigaile a neng a se bua, e bile o ne a tlhaloganya gore mafoko a ga Abigaile a ne a bontsha tsela e Jehofa a neng a leba kgang eo ka yone. Seo se ile sa dira gore Dafide a ritibale mme a se ka a dira phoso e e masisi.—Bala 1 Samuele 25:32, 33.
Dafide le Abigaile ba ile ba tila mathata ka go nna le temogo fa ba ne ba lebane le boemo jo bo thata (Bona serapa 10)
11. Go nna le temogo go ka re thusa jang fa go na le sengwe se se re galefisang? (Diane 19:11)
11 Re ka ithuta eng mo pegong eno? Go nna le temogo go ka re thusa gore re se ka ra bua kgotsa ra dira dilo ka bogale, tota le fa re na le lebaka le le utlwalang la go galefa. Gape temogo e tla re thusa gore re akanye gore se re batlang go se bua kgotsa go se dira se ka felela jang. (Bala Diane 19:11.) Dafide o ile a ritibala fa Abigaile a sena go mo gopotsa gore Jehofa o leba dilo jang. Ka jalo, fa ka dinako dingwe go na le boemo bongwe jo bo go galefisang, o se ka wa bua kgotsa wa dira sepe ka bogale. (Jak. 1:19) Iphe nako ya go bua le Jehofa le go akanya gore o leba boemo joo jang. Seo se tla go thusa gore o ritibale.
12. Batho ba bangwe ba ka re thusa jang gore re nne le temogo le gore re nne re ritibetse?
12 Fela jaaka Jehofa a ile a dirisa Abigaile go thusa Dafide gore a se ka a dira ditshwetso a ikaegile fela ka se a se bonang, a ka dirisa ba bangwe gore ba re thuse go nna le temogo fa re lebana le maemo mangwe. Ka jalo, fa go direga sengwe se se go galefisang, leka go bua le mongwe yo o lebang dilo jaaka Jehofa, yo o itseng gore o tla go thusa gore le wena o di lebe jalo. (Diane 12:15; 20:18) Kgotsa fa e le gore tsala ya gago e galefisitswe ke sengwe, a o ka etsa Abigaile? A o ka mo thusa gore a lebe dilo jaaka Jehofa? Jehofa o tla go segofatsa ka ntlha ya matsapa a o a tsayang go thusa ba bangwe gore ba nne le temogo le gore ba nne ba ritibetse.
TSHEPA JEHOFA, MME O SE KA WA BOIFA
13. Go nna le temogo go tla re thusa jang fa re boifa?
13 Ka dinako dingwe, re tla lebana le maemo a a tla dirang gore re boife. Fa re lebana le maemo ao, go nna le temogo go tla re thusa go gopola gore Jehofa o na le maatla a magolo go feta ope fela kgotsa sepe fela. (Pes. 27:1) Jehofa a ka re thusa mo boemong bope fela, tota le fa go lebega go se na kgoro ya botso. Seo se ile sa diragalela moporofeti Jona. O ne a rata Jehofa fela thata, mme gone o ne a tlhoka go nna le temogo gore a atlege fa a newa kabelo e e thata.
14. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Jona a se ka a ikobela Jehofa?
14 Jehofa o ile a kopa Jona gore a dire sengwe se se thata tota. O ile a mo laela gore a ye kwa Ninife mme a itsise batho ba motse oo gore o ne a tlile go ba fedisa. (Jona 1:1, 2) O ne o tla ikutlwa jang fa kabelo eo e ne e neilwe wena? Loeto loo lo ne lo tla tlhoka gore Jona a tsamaye kgwedi yotlhe ka dinao go tswa kwa Iseraele go ya kwa motseng wa Ninife o o kwa Asiria. Baasiria ba ne ba le bogale e bile ba rata ntwa. Tota e bile, motse wa Ninife o ne o bidiwa “motse o o bolayang batho.” (Nah. 3:1, 7) Jona ga a ka a dira se Jehofa a neng a se mo laetse, go na le moo o ile a sia.—Jona 1:3.
15. Ke eng se se thusitseng Jona gore a tshepe Jehofa le go feta? (Jona 2:6-9)
15 Fa Jona a ntse a sia jalo, Jehofa o ile a dira kgakgamatso e e neng ya boloka botshelo jwa gagwe. Kgakgamatso eo e ne ya mo gopotsa gore Jehofa o na le maatla a magolo. (Jona 1:15, 17) Jona o ile a ithuta thuto ya botlhokwa mo go seo. O ile a lemoga gore tota o ne a sa tlhoke go boifa go ya kwa Ninife, go na le moo o ne a tshwanetse go akanya thata ka kgang ya gore Jehofa o ne a tla mo sireletsa mo go sepe fela se a neng a ka lebana le sone. (Bala Jona 2:6-9.) Fa Jehofa a ne a mo laela lekgetlo la bobedi gore a ye kwa Ninife, ga a ka a sia. O ile a ya teng, mme batho ba motse oo ba ile ba mo reetsa ba bo ba sa fedisiwe.—Jona 3:5.
16. Go nna le temogo go ka re thusa jang fa re lebana le maemo a a re boifisang? (Diane 29:25) (Bona le ditshwantsho.)
16 Re ka ithuta eng mo pegong eno? Ga re batle go letla go boifa batho go dira gore re se ka ra ikobela Jehofa. (Bala Diane 29:25.) Go nna le temogo go ile ga thusa Jona gore a se ka a akanya thata ka se se neng se tla mo diragalela mo kabelong e a neng a e newa, mme a gopole gore Jehofa o ne a tla mo ema nôkeng. Ka tsela e e tshwanang, ga re batle go boifa se se ka re diragalelang, go na le moo re batla go gopola gore Jehofa o ile a re thusa le go re sireletsa mo nakong e e fetileng. Gape re ka akanya kafa Jehofa a ileng a thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka gone fa ba ne ba lebane le mathata ka gonne ba mo tshepa ka pelo yotlhe.a (Baheb. 13:6) E kete re ka bontsha gore re na le temogo ka go tshepa Jehofa ka pelo yotlhe le go thusa ba bangwe gore le bone ba dire se se tshwanang.
Se se diragaletseng Jona se re ruta gore go nna le temogo go tla re thusa go tshepa Jehofa le go dira se a re laelang gore re se dire (Bona serapa 16)
TSWELELA O ITHUTA GO NNA LE TEMOGO
17. Ke eng se se ka re thusang gore re nne le temogo?
17 Jaaka re bone, go nna le temogo go tla re thusa gore re dire se se siameng fa re lebane le maemo a a thata. Ke eng se se ka re thusang go nna le temogo? Jehofa ke ene a ka re thusang a dirisa Lefoko la gagwe le moya wa gagwe o o boitshepo. (Neh. 9:20; Pes. 32:8) O re naya kgakololo e e re thusang go dira ditshwetso tse di siameng le go laola tsela e re ikutlwang ka yone. (Pes. 119:97-101) Go sekaseka ka kelotlhoko se Baebele e se buang le go kopa Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo, go tla re thusa gore re nne le temogo. Temogo e tla re thusa gore re lebe dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone le go dira se a batlang gore re se dire.—Diane 21:11, ntlh.
18. O ikemiseditse go dira eng?
18 E kete re ka tswelela re kopa Jehofa gore a re thuse go nna le temogo. (Pes. 14:2) Fa re dira jalo, ga re kitla re fapoga “mo tseleng ya temogo.” (Diane 21:16) Re ikemisetse go nna le temogo ka dinako tsotlhe le mo maemong mangwe le mangwe. Seo se tla dira gore re ‘atlege.’
PINA 42 Thapelo ya Motlhanka wa Modimo
a Ka sekai, bala maitemogelo a ga Georgiy Porchulyan mo motseletseleng wa ditlhogo wa “Dipego Tsa Botshelo Tsa Basupi ba ga Jehofa” mo JW Library® kgotsa mo jw.org.