LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 March ts. 32
  • Nna Pelokgale O bo O Ikanyege Jaaka Benaia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelokgale O bo O Ikanyege Jaaka Benaia
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute mo Batlhankeng ba ba Ikanyegang ba ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “Nthuta go Dira Thato ya Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Nna Pelokgale Jaaka Sadoke
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • “O Tla Dira ka Boikanyegi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 March ts. 32

MOTHO YO GO BUIWANG KA ENE MO BAEBELENG

Nna Pelokgale O bo O Ikanyege Jaaka Benaia

Benaia e ne e le motlhabani yo o pelokgale ka nako ya fa Kgosi Dafide le Kgosi Solomone ba ne ba busa. E ne e le morwa wa moperesiti. Gantsi Balefi le baperesiti ba ne ba sa dirise dibetsa. Mme gone, o ne a ya go lwa kwa dintweng tsa ga Jehofa. O ne a le pelokgale tota. Ka sekai, o ne a tsena mo khuting a bo a bolaya tau e bile o ne a fenya motlhabani mongwe wa seganka. Dafide o ne a tshepa Benaia thata jaana mo a neng a mo tlhoma go nna mookamedi wa bafemedi ba gagwe.​—2 Sam. 23:20-23.

Benaia o ile a tswelela a ikanyega mo go Dafide le fa Abesalome le Adonija ba mo tlhanogela. (2 Sam. 8:18; 15:18; 1 Dikg. 1:8) Tota le fa Dafide a setse a tsofetse, Benaia o ne a ikanyega mo go ene e bile o ile a tlhomamisa gore Solomone o tlhomiwa go nna kgosi. (1 Dikg. 1:32-40) Ruri Benaia o ne a ikanyega mo go Jehofa le mo dikgosing tse Jehofa a neng a di tlhomile, le fa gone ba bangwe ba ne ba sa ikanyege.

Le rona re tlhoka go nna pelokgale go lwantsha mmaba wa rona e bong Satane le ba ba mo emang nôkeng. Re tshwanetse go ikemisetsa go tswelela re tshela ka melao ya ga Jehofa. (Baef. 6:11; 1 Pet. 5:8, 9) Tota le fa bangwe ba tlogela go direla Jehofa, re nna re ikanyega mo go ene re tlhomamisegile gore o tla re segofatsa.​—2 Sam. 22:26.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela