Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Ditšhaba di tla goeletsa “kagiso le polokesego” leng?
Mo makasineng wa Tora ya Tebeloa wa bosheng mo setlhogong se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading,” re ithutile gore go ise go ye kae, Jehofa o tla tsenya mo pelong ya “dinaka di le lesome” (dipuso tsotlhe) “kakanyo ya gagwe” ya gore di neye “sebatana se sehibidu,” e leng Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng maatla le taolo ya tsone. Gape sebatana seo se bidiwa “setshwantsho sa sebatana.” (Tshen. 13:14, 15; 17:3, 16, 17) Go tswa foo, “dinaka di le lesome” le sebatana se se sa tswang go newa maatla, di tla fedisa bodumedi jwa maaka. Mme gone, ditšhaba di tla goeletsa leng “kagiso le polokesego”?b A e tla nna pele kgotsa morago ga gore bodumedi jwa maaka bo fedisiwe?—1 Bathes. 5:3.
Boammaaruri ke gore ga re itse gore go tla goelediwa “kagiso le polokesego” leng. Fa re ka bo re itse dintlha tseno tsotlhe, re ne re ka se tlhoke go ntsha matlho dinameng le go nna re disitse. Mme gone, gangwe le gape Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ‘ba nne ba disitse.’ (Math. 24:42; 25:13; 26:41) A jaanong re sekasekeng se Jehofa a ileng a se bolelela pele a dirisa moaposetoloi Paulo mo lekwalong le a neng a le kwalela Bathesalonika.
Paulo o ne a kwala jaana: “Ka nako e ba tla bong ba re, ‘Kagiso le polokesego!’ foo ba tla senngwa ka tshoganyetso.” (1 Bathes. 5:2, 3) Dikgatiso tsa rona di ntse di tlhalosa mafoko a ga Paulo ka tsela eno: Go goelediwa ga “kagiso le polokesego,” go tla dirwa pele fela ga pitlagano e kgolo e simologa ka go senngwa ga Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Gape re ile ra tlhalosa gore go goelediwa ga “kagiso le polokesego” ke sesupo sa bofelo sa gore pitlagano e kgolo e tloga e simologa.
Mme gone, fa re sena go sekaseka dintlha tseno ka kelotlhoko, go lebega go na le tsela e nngwe e re ka tlhaloganyang kgang eno ka yone. Gongwe go ka goelediwa “kagiso le polokesego” morago ga gore bodumedi jwa maaka bo senngwe. Goreng re rialo? Ela tlhoko dipotso tse di latelang.
Bodumedi jwa maaka bo nnile le seabe sefe mo dintweng? Baebele e a re: “Mo motseng ono [“seaka se segolo,” e leng Babelona yo Mogolo] go ne ga fitlhelwa madi a . . . batho botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshen. 17:1, 5; 18:24) Fa e sa le go tloga bogologolo, seaka se segolo se ntse se rotloetsa dintwa mo ditšhabeng e bile se tlhotlheletsa ditiro tsa borukhutlhi. Ka jalo, bodumedi jwa maaka bo ntse bo baka dintwa le thubakanyo, e seng kagiso le polokesego. Seno se ka dira gore re ipotse go re: A ditšhaba di tla goeletsa “kagiso le polokesego” morago ga gore di fedise Babelona yo Mogolo? Go ka direga, mme ga re a tlhomamisega ka seno.
Go tla diragala eng morago ga gore ditšhaba di goeletse “kagiso le polokesego”? Paulo a re: “Foo ba tla senngwa ka tshoganyetso.” (1 Bathes. 5:3) Fa e le gore ditšhaba di ne di tla goeletsa “kagiso le polokesego” pele bodumedi jwa maaka bo senngwa, seno se raya gore go ne go tla tlhokega nako e nngwe gape gore ditšhaba tseo le tsone di senngwe. Mme gone, e re ka Paulo a re di tla “senngwa ka tshoganyetso,” go ka direga gore ditšhaba di goeletse “kagiso le polokesego” morago ga gore di fedise bodumedi jwa maaka.
Batho ba ga Jehofa ba tla itshwara jang fa ditiragalo tseno tse di boleletsweng pele di direga? Paulo a re: “Bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo e leng gore letsatsi leo le ka lo wela ka tshoganyetso.” (1 Bathes. 5:4) Akanya ka seno: Fa e le gore ditšhaba di tla goeletsa “kagiso le polokesego” morago ga gore bodumedi jwa maaka bo senngwe, seno se raya gore batho ba ga Jehofa ba tla itse gore go senngwa ga ditšhaba go gaufi. Le fa go ntse jalo, ditšhaba tsone di tla ikutlwa di sireletsegile morago ga go goeletsa “kagiso le polokesego,” mme di tla bo di sa lebelela gore di tla senngwa. Go senngwa ga tsone go tla di wela jaaka legodu.
Mme rona re tlhatswegile pelo ka eng? Mo bogautshwaneng, “dinaka di le lesome” le sebatana se se sa tswang go newa maatla a a seng kana ka sepe di tla senya bodumedi jwa maaka. Seno e tla bo e le tshimologo ya pitlagano e kgolo. Gape re a itse gore mo nakong e e rileng, ditšhaba di tla goeletsa “kagiso le polokesego.” Seno se tla direga leng? Re tlotlile ka dintlha di le pedi tse di ka diregang. Ya ntlha: Go ka goelediwa “kagiso le polokesego” pele bodumedi jwa maaka bo fedisiwa. Ya bobedi: Go ka goelediwa “kagiso le polokesego” morago ga gore dipuso di fedise bodumedi jwa maaka. Re tla tshwanelwa ke go leta gore re bone gore go tla diragala eng. Gakologelwa gore boporofeti jwa Baebele bo tlhaloganngwa botoka fa bo ntse bo diragadiwa kgotsa fa bo sena go diragadiwa.—Bapisa le Johane 12:16.
Mme gone, selo sa botlhokwa mo go rona ke gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa, e seng gore “kagiso le polokesego” e tla goelediwa leng. Re tshwanetse go nna “re tsogile re bo re dirise ditlhaloganyo tsa rona” gore re ipaakanyetse sengwe le sengwe se se tla diragalang.—1 Bathes. 5:6.
a Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 2025.
b Tsela e moaposetoloi Paulo a dirisitseng mafoko ano ka yone, e bontsha gore go goelediwa ga “kagiso le polokesego” go ka direga makgetlo a le mmalwa e seng gangwe fela.