Go Itisa Kgatlhanong le “Kagishō le Thagamō” ya Maano a Merafè
“E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō.”—1 BATHESALONIA 5:3.
1, 2. (a) Ke ka ntlhayang fa go le botlhale go batla kagiso? (b) Ka gone, ditsamaiso tsa sepolotiki tse di kgatlhanong le seo di tla dumalana mo go eng?
LEFATSHE lotlhe la setho ga le ise le ko le tlhoke polokesego jaaka go ntse gompieno. Go na le boikutlo jwa poifo ya ntwa ya boraro ya lefatshe e e tla kopanyeletsang merafe ya dibetsa tse di borai thata e e nang le se jaanong se lebegang e le sebetsa sa bofelo se segolo—bomo ya nuklea. Go kgona ga merafe go dira gore pelo ya atomo e dirisiwe mo ntweng go ba kgonisitse go fitlhelela gotlhe mo ba ka go kgonang mo kgailong ya batho ba bantsi. Ka gone, go botlhale go batla kagiso.
2 Ee, ruri, ka gonne mo motlheng wa rona ntwa ya lefatshe ya boraro go dirisiwa dibetsa tse di ntseng jalo ga go na go raya sepe fela fa e se go ipolaya ga batho ba lefatshe lotlhe, batho ba phatlakanngwa go fitlhela go sala lerole fela tota kana ba bolawa ke ditlamorago tsa tshenyo e kgolo ya nuklea. Bo-radipolotiki ba ba tlhagafetseng le balaodi ba masole ba lemoga selo seo sentle. Ga ba batle go ikarabelela mo tshenyong eo ya lefatshe lotlhe. Ka gone, ditsamaiso tsa sepolotiki tse di ganetsanang le seo gotlhelele ba tla bona go tshwanela go dumalana, ee, go latela seane se se itsegeng se se reng “ga e ke e latelelwa mosimeng.”
3. Merafe e tla goeletsa “Kagishō le thagamō” ka ntlha ya lebaka lefe?
3 Lefa go ntse jalo, merafe ga e tshepane ka botlalo. Gore ba nne ba le podimatseba, ba boloka dibetsa tsa bone di nonofile ka botlalo. Ka gone, a babusi ba tla kopanela go goeletsa polelo ya “Kagishō le thagamō” ya lefatshe lotlhe la setho ka go bo ba ratana ka bopeloephepa, ka boammaaruri jaaka maloko a lelapa le le lengwefela la batho? Nnyaa, mme e tla bo e le go kokobetsa go boifa mo go tshwanetseng ga batho.—1 Bathesalonia 5:3.
Karabelo ya Baruti le Batho Botlhe mo Kgoeletsong e e Tlang
4, 5. (a) Re ka lebelela karabelo efe ya batho mo kgoeletsong e e tlang? (b) Go sa kgathalesege go tshegetsa ga baruti kgoeletso e e tlang, go tsoga dipotso dife malebana le gore a Modimo o tla e ema nokeng ?
4 Fa kgoeletso eno e dirwa labofelo, karabelo ya batho go dikologa lefatshe lotlhe e tshwanetse go nna ya go e amogela. Kwantle ga pelaelo baeteledipele ba lefatshe ba bodumedi, go kopanyeletsa le baruti ba La-Bodumedi, Bakatoliki le Baporosetanta, ba tla itumelela kamogelo eno e e supiwang ke lefatshe lotlhe. Baruti ba ya le morafe mo go sengwe le sengwe se ba se dirang, e le gore ba tle ba nne ba ratwe ke batho le go thusiwa le go tlotlwa ke bo-radipolotiki.
5 Lefa go ntse jalo, go tshegetsa ga baruti kgoeletso e kgolo ya thulaganyo ya sepolotiki ga go reye gore Modimo wa lobopo, le le kopanyeletsang lefatshe la rona, o tla e ema nokeng. Ka megopolo ya bone ya bodumedi, baruti ba ka nna ba dira dithapelo tse ditelele ba rapelela kwa godimo gore barotloetsi ba bone ba bodumedi ba utlwe gape ba ka nna ba kopela dikgato tsa bo-radipolotiki tsa kagiso ya lefatshe lotlhe le polokesego tshegofatso ya bomodimo. Mme a dithapelo tseo tsotlhe tsa bodumedi, tse diphuthego tsotlhe tse di reeditseng di di digelang ka matlhagatlhaga ka gore “Amen,” di amogelwa ke Modimo wa lobopo leno? A o ka tswa a agisane le lefatshe le le kgaoganeng ka bodumedi, le dithapelo tsa lone tsa kagiso le polokesego tse di dirwang tumalanong le makoko le dikereke tsa bodumedi tse di sa dumalaneng?
6, 7. a) Jaaka Bajuda ba metlha ya bogologolo La-Bodumedi e tsere kgato efe? (b) Go tshegetsa kgoeletso ya “Kagishō le thagamō” ga baruti go tla felela ka eng?
6 Ga go na gope mo maiphako a go tshegediwa ke Modimo a bolelwang thata teng go feta mo merafeng ya La-Bodumedi. Mme Modimo wa lobopo ga se Ene yo o busang La-Bodumedi. O tsere tsela e e tshwanang le ya Baiseraele ba bogologolo. Fa ba ne ba sa kgotsofadiwe ke thulaganyo ya ga Jehofa ya puso ya bone mme ba simolola go akanya gore thulaganyo ya sepolotiki ya merafe ya seheitane e e neng e ba dikologile e ne e le botoka, ba ne ba ya kwa moperofeting wa ga Jehofa Samuele mme ba mo kopa gore a ba tlhomele kgosi. Samuele o ne a itumololwa fela thata le go hutsafadiwa ke seo. Mme go ne go tshwana fela le ka Modimo yo a neng a le moperofeti wa gagwe.
7 Ka tshwanelo Jehofa o ne a utlwisiwa botlhoko ke kopo eno ya go tlogela thulaganyo ya gagwe ya bolegodimo mo Iseraele. Jaaka a ne a bolelela moperofeti wa gagwe Samuele a re: “Ga baa gana wèna, ba gannè nna, gore ke se ka ka nna kgosi ea bōnè.” (1 Samuele 8:4-9) Seno se ne se tshwantshetsa tsela eo La-Bodumedi a e tsereng mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga. Jalo go itumelela kgoeletso ya “Kagishō le thagamō” ga nako e e tlang ga baruti ga go kitla go nna le diphelelo dipe tse di molemo, ga e kitla e segofadiwa ke Modimo.
Go Dira Gore Merafe e Kgobe ngtsi
8. Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ka nna la tsaya boemo bofe mo kgoeletsong e e tlang, mme ke ka ntlhayang fa lekgotla leno le dira gore setho se kgobe keetsi?
8 Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ka nna la ikgantsha ka gore le na le maloko a le 159 gompieno, le kopanyeletsa mo e ka nnang merafe yotlhe. Kwantle ga pelaelo mo nakong e e tshwanetseng Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le tla di goga kwa pele malebana le kgoeletso e e tlang ya “Kagishō le thagamō!” Ka bohutsana, lekgotla leo la lefatshe le dira gore merafe e le dimilione tse di diketekete e kgobe kgetsi. Ka ntlhayang go ntse jalo? Ka gonne kagiso ya mofuta oo, lemororo e tshegediwa ke makgotla a bodumedi a lefatshe leno, go kopanyeletsa le a La-Bodumedi, ga go reye gore ke kagiso ya Mmopi wa lobopo, yo o nang le maatla a go naya botshelo le go bo tsaya go ya kafa a atlholang dilo tsa botlhokwa ka teng mo magodimong le mo lefatsheng.
9, 10. Boemo jwa Basupi ba ga Jehofa ke bofe malebana le “Kagishō le thagamō” ya maano a merafe, mme ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?
9 Mo boperofeting jwa ga Isaia, Mmopi o bua jaana ka tlhamalalo: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeèō sa me sa dinaō.” (Isaia 66:1) Merafe e e mono mo sebeong sa gagwe sa dinao ga e se kgabise ka lekgotla la yone la Merafe e e Kopaneng. Ba leka ka tsela ya sepolotiki go boloka kagiso le polokesego mo lefatsheng lotlhe mme ka go rialo ba tsweledise lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa mo lefatsheng ga ba kake ba kopanela le lefatshe mo go ikaegeng ka maiteko a batho a a dirwang a kagiso le polokesego ya merafe ya lefatshe. Ba akanyetsa mafoko a a mo go Yakobe 4:4 a a reng: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ya lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.”
10 Lemororo ba sa tlhagafalela go nna kgatlhanong le kagiso le polokesego ya maano a merafe, Basupi ba ga Jehofa ga ba kake ba e hakela dimilione tsa batho ba ba batlang pabalesego fa bothata jo bogolo jwa lefatshe bo simologa mme bo fedisa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:21) Ka gonne ke tsamaiso e ntšha ya dilo ya Modimo eo e tla lereng polokesego ya lefatshe lotlhe tlase ga “Kgōsana ea kagishō,” ebong Jesu Keresete. —Isaia 9:6, 7.
11. Baruti ba ne ba leba jang mogopolo wa go tlhoma lekgotla la Kgolagano ya Merefe morago ga Ntwa ya Lefatshe I?
11 Ditiragalo di supa go retelelwa ga maano a batho a go lere kagiso. Re gakologelwa gore kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918, go ne ga akantshiwa lekgotla la Kgolagano ya Merafe jaaka le le tla thibelang ntwa ya lefatshe. Lekgotla la Federal Council of the Churches of Christ in America le ne la amogela mogopolo oo mme la re: “Kgolagano eo ga se leano la bopolotiki fela; go na le moo ke tshupo ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” A mme selo seo go neng go twe ke tshupo ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo jwa selefatshe se ne sa lere kagiso le polokesego mo lefatsheng?
12. (a) Tshenolō 17:8 e ile ya diragadiwa jang? (b) Ke mang yo o tsweletsang go pagama ga gagwe ‘sebatana sa mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ pele, mme o tla go tsweletsa ka lobaka lo lo kae?
12 Jaaka ‘sebatana sa mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ sa tshwantshetso sa Tshenolō kgaolo 17, seo se pagangweng ke seaka sa bogologolo, “Babelona o Mogolo,” lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne la ya “mo moletiñ o o senañ bolekelecō” fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa ka 1939. Seno se ne sa pateletsa mopalami wa sone wa seaka go fologa. Morago ga bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe II ka 1945, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ne la tlhongwa jaaka motlhatlhami wa lekgotla la Kgolagano ya Merafe le le tlhokileng lesego. Le na le maloko a mantsi a a fetang la Kgolagano, jalo le tshwanetse ya bo e le lekgotla le le nonofileng ebile le tshwanelwa go tlotliwa ke batho ba lefatshe. Ka gone ‘sebatana sa mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ sa tshwantshetso se ne sa tlhatloga “mo moletiñ o o senañ bolekeleco” ka 1945, mme seaka sa tshwantshetso, “Babelona o Mogolo,” se ne sa palama gape mo godimo ga sone, koo se ntseng teng ka matlhabisa-ditlhong go fitlha motlheng ono. (Tshenolō 17:3, 5, 8) Mme ga go na go tsaya lobaka lo loleele jaanong, go ya kafa Tshenolō 17:16–18:24 e bolelelang-pele ka teng. Ka ntlhayang?
13. (a) Lekgotla la Merafe e e Kopanyeng ke eng? (b) Le ne la bolelelwa-pele jang bogologolo?
13 Lekgotla la Merafe e e Kopaneng tota ke lekoko la selefatshe le le kgatlhanong le Jehofa Modimo le Basupi ba gagwe ba ba ineetseng ba ba mo lefatsheng. Tota ke moreto, o merafe ya lefatshe e kopantseng ditlhogo mo go one go loga leano la se ba ka se dirang kgatlhanong le phuthego e e bonalang ya ga Jehofa Modimo e e mo lefatsheng Mo ‘bokhutlong [jono] jwa tsamaiso ya dilo,’ go ne ga bolelelwa-pele ka morero o go neng go lebisitswe go one mo go Isaia 8:12.—Mathaio 24:3.
Leba go Jehofa go Bona Kagiso le Polokesego
14. Ke ka ntlhayang fa bogosi jwa ditso tse lesome jwa Iseraele bo ne jwa kopanela mo mererong le Siria, mme jalo bogosi jwa Juda bo ne bo lebanywe ke potso efe?
14 Pele ga motlha wa ga Isaia morafe wa ditso tse 12 tsa lseraele o ne o kgaogane ka baka la kgang ya Bogosi. Seno e ne e le morago ga Bogosi jo bo galalelang jwa ga Kgosi Solomone. Ditso tse some tse di itomolotseng tse di kwa bokone di ne tsa tlhoma se se neng sa bidiWa bogosi jwa Iseraele, toropokgolo ya jone e le kwa Samaria. Ditso tse pedi tse dingwe, ditso tsa Juda le Benjamine, di ne tsa nna di ikanyegile mo pusong ya segosi ya ga Kgosi Dañde e e neng e le kwa motsemogolo wa Jerusalema Bogosi jwa ditso tse some tsa lseraele bo ne jwa ila bogosi jwa ditso tse pedi tsa Juda. Fa nako e ntse e ya, bogosi jwa lseraele bo ne jwa golagana le bogosi jwa Siria, jo toropo-kgolo ya jone e neng e le kwa Damaseko. Mogopolo e ne e le go thankgola bogosi jwa Juda le go bo laola. A bogosi jwa Juda ka gone bo ne bo tshwanetse go tsenelela mo morerong le morafe o mongwe o o thata e le gore bo tle bo emelane le tlhaselo ya morafe wa lseraele o o neng o inaakantse le morafe wa boheitane wa Siria?—Isaia 7:3-6.
15. (a) Batho bangwe mo bogosing jwa Juda ba ne a rata eng, mme boikutlo jono bo ne jwa supa eng? (b) Moperofeti Isaia o ne a bua kgatlhanong le ikutlo jono jang?
15 Go ne ga nna le bangwe mo bogosing jo bo botlana jwa Juda bao ba neng ba latlhegelwa ke tumelo mo Modimong wa morafe wa bone ebong Jehofa. Bano ba ne ba dumalana le go nna lekoko, kana mo morerong, le bogosi jwa seheitane jo bo nonofileng jwa lefatshe leno. Bangwe fa ba ne ba buelela go gokagana mo ga bosaikanyegeng ga Bogosi jwa ga Jehofa jwa Juda le bogosi jwa lefatshe le le senang bomodimo, ba ne ba re, “Go morèrō” ba raya ba ba neng ba le maikutlo mabedi mo bogosing jwa Juda. Ka gone ba ne ba supa go tlhaela tumelo ga bone le tshepo mo Modimong yo tempele ya gagwe e neng e le mo Jerusalema Moperofeti Isaia mo go Isa kgaolo 8, temana 12 o ne a tlhotlhelediwa go bua kgatlhanong le morero oo, ka go re: “Lo se ka loa re, Go morèrō, kaga señwe le señwe se batho ba ba reñ, Go morèrō: le gōna lo se ka loa boiha se bōnè ba se boihañ: leha e le go boborana kaga shōna.”
16, 17. Ke eng se se neng se kaya kagiso ya boammaaruri le polokesego mo bathong ba ga Jehofa ba bogologolo, mme seno se ne sa supiwa jang fa Kgosi ya Asiria Senakaribe a ne a tshosetsa Jerusalema?
16 Go nna ga ga Jehofa le batho ba ba neng ba amana le ene ka kgolagano go ne go raya kagiso le polokesego mo go bone. Seno se ne sa bontshiwa ke fa kgosi ya Asiria Senakaribe a ne a romela lekoko la basimegi ba maemo a a kwa godimo ba le bararo go ya go bolelela Kgosi Hesekia le batho ba Jerusalema go ineela mo go Senakaribe. Mosimegi wa Asiria le mmueledi, Rabeshake, o ne a ema fa pele ga dipota tsa Jerusalema mme ka lonyatso a nyenyefatsa Jehofa Modimo e le gore a koafatse kana a senye tshepo ya Bajuda mo go Ene. A utlwisitswe botlhoko thata ke go ngotliwa mo ga Modimo o o osi o o tshelang le wa boammaaruri Jehofa mme ebile ka tshwanelo a lemoga kotsi e Jerusalema a leng mo go yone ka baka la matshutitshuti ano a a tshosang a Baasiria, Kgosi Hesekia o ne a ya kwa tempeleng mme a baya kgang fa pele ga ga Jehofa Modimo. A itumedisitswe ke pontsho e kgolo eno ya tumelo mo go ene le go retologela go ene go bontsha bolaodi jwa gagwe jwa lebopo, Jehofa o ne a neela karabo e e itumedisang Moperofeti wa gagwe Isaia le ene o ne a akgela tumalanong le seo. Rabeshake wa Moasiria yo o neng a tshosa o ne a seka a fetolwa ka gope, fela jaaka Kgosi Hesekia a ne a laotse.—2 Dikgosi 18:17-36; 19:14-34.
17 Kwantle ga pelaelo a gakgamaditswe ke seno, Rabeshake o ne a boela kwa bothibelelong jwa ga Senakaribe, yo ka nako eo a neng a tlhabana le Libena. (2 Dikgosi 19:8) Morago ga go utlwa pego ya ga Rabeshake, Senakaribe o ne a romela makwalo a a tshosang kwa go Hesekia, a tlhagisa ka gore: “A Modimo oa gago o u ikanyañ mo go ōna o se gu tsietse, o re, Yerusalema ga o ketla o tseñwa mo seatleñ sa kgosi ea Asiria.” (2 Dikgosi 19:9, 10) Fa go sena go nna bosigo, Jehofa o ne a iphetolela mmueledi wa Asiria, Rabeshake, mme Ene ka boene o ne a fetola dikwalo tse di tshosang tsa ga Senakaribe go supa gore e ne e le Eue yo mogolo go feta modimo wa bogosi jwa Baasiria. Bokhutlo jwa pego ya ditiragalo tseno tse di tlhomaganeng, jaaka bo bolelwa mo go 2 Dikgosi 19:35, jwa re: “Me ga dihala ea re bosigo youō, moengele oa ga Yehofa a cwa, me a tsèna bothibeleloñ yoa Baasiria, a gaila batho ba le bothousanda ba ba lekgolo, le ba mashomè a a hetañ mebedi le ba botlhano: me ea re batho ba phakela ka moshō, bōnañ, ba bo ba le ditoto botlhe hèla.” Mo maphakeleng fa Baasiria ba ba setseng, go akareletsa le Kgosi Senakaribe mme gongwe le Rabeshake, ba tsoga, ba ne ba bona pono e e tshosang go ba dikologa ya batho ba ba bolailweng mo ntweng ke Jehofa Modimo.
18. (a) Phelelo e ne ya nna efe malebana le Senakaribe yo o ratang dilo? (b) Polelo eno ya bogologolo e tshwanetse go neela asupi ba ga Jeho a ba gompieno sekao sefe?
18 A fentswe mo maanong a keletso ya gagwe kgatlhanong le phuthego ya ga Jehofa a bile a swabisitswe mo go setlhogo, Senakaribe o ne a boela morago ka potlako “ka ditlhoñ” kwa motsemogolong wa morafe wa gagwe, ebong Ninife, koo a neng a bolawa ke barwa ba gagwe ba babedi. (2 Ditihalō 32:21; 2 Dikgosi 19:36, 37) Ga go ise go ko go tlhole go diragala gore Bogosi jwa Asiria bo tshosetse phuthego ya ga Jehofa e e bonalang. Tota, seno, e ne e le tlotlomatso e e kwa godimo ya bolaodi jwa lebopo lotlhe jwa Modimo Mogodimodimo. Mo godimo ga moo, go babalelwa ga Jerusalema ke sekao se se molemo se se bontshang yo Basupi ba ga Jehofa ba segompieno ba tshwanetseng go mo tshepa ka botlalo go bona kagiso le polokesego ya ka metlha, e e ritibetseng—eseng morero wa sepolotiki mme e leng Jehofa Modimo.
Go Nna o Disitse
19. Mokgatlho wa Watch Tower o tla tswelela o dira eng?
19 Go go thusa go nna o disitse, Mokgatlho wa Watch Tower o tla tswelela go gatisetsa batho ba ba balang ditlhagiso tse di mo nakong mo dikgatisong tsa one, e le gore o tle o seka wa tshwarwa o sa itebetse ke maiphako a kgoeletso e e tlang ya “Kagishō le thagamō,” ya maano a merafe ya tsamaiso eno e kgologolo ya dilo.
20. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa le ka motlha ba tla seke ba buelele go ikanya “Kagishō le tlolagamō” e e tlang mme jaanong ke nako ya eng?
20 Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa le ka motlha ga ba kake ba buelela go ikanngwa ga “Kagishō le thagamō” e e tla goelediwang ke merafe ya selefatshe ka tshepo; le gone ga ba kake ba akgolela balega-maano bao ba “Kagishō le thagamō” ya lefatshe lotlhe mme, ka nako e e tshwanang, ba nna mo letlhakoreng la ga Jehofa Modimo. Ba itisitse kgatlhanong le go golagana le merafe ya tsamaiso eno e kgologolo ya dilo. Kwantle ga go ipona tsapa ba ikgakolola gore “morahe” o mosha, o o kgaoganyeng ebile o sa amane ka gope le lekgotla la Kgolagano ya Merafe, o ne wa tlhongwa mo ngwageng wa morago ga ntwa wa 1919. “Morahe” ono o mosha o ntse o gola le go atologa mo lefatsheng lotlhe, fela jaaka go ne ga bolelelwa-pele mo go Isaia 60:22 ga twe: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” Ee, jaanong ke nako ya gore botlhe ba itise kgatlhanong le “Kagishō le thagamō” ya maano a merafe.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Karabelo ya batho e tla nna efe malebana le kgoeletso ya “Kagishō le thagamō”?
◻ “Morèrō” wa Isaia 8:12 o ne o tshwantshetsa eng?
◻ Lekgotla la UN le dira gore batho ba kgobe kgetsi jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tla seke ba tshwarwe ba sa itebetse?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Mosimegi wa Asiria Rabeshake o ne a nyenyefatsa Modimo wa Iseraele, mme phelelo e ne e supa gore kagiso ya boammaarurile thagamo di tswa kwa go Jehofa Modimo fela
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Kwantle ga pelaelo lekgotla la UN le tla di goga kwa pele mo kgoeletsang ya ”Kagishō le thagamō” e e tlang