LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 February ts. 26-29
  • Bana ke “Boswa jo bo Tswang Kwa go Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bana ke “Boswa jo bo Tswang Kwa go Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIKGWETLHO
  • JEHOFA O LEBELETSE GORE BATSADI BA DIRE ENG?
  • JEHOFA O BATLA GO LO THUSA
  • Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 February ts. 26-29
Rre le mmê ba kukile morwadiabone ba itumetse.

Bana ke “Boswa jo bo Tswang Kwa go Jehofa”

LEFOKO “boswa” le kaya eng mo go wena? O ka tswa o akanya ka madi, lefatshe kgotsa sengwe se se botlhokwa se o se tlogeletsweng ke wa losika. Go sa kgathalesege gore boswa joo ke eng, ga go pelaelo gore bo botlhokwa fela thata, mme o tlhoka go bo tlhokomela.

Baebele e a re bana ke “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pes. 127:3) Batsadi ba Bakeresete ba tsaya bana e le dimpho tse di rategang tse di tswang kwa go Jehofa. Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhomamisa gore bana ba bone ba na le dilo tse ba di tlhokang, ba na le botsogo jo bo siameng, ba itumetse e bile ba ba thusa go nna ditsala tsa ga Jehofa.

Ka maswabi, batsadi bangwe ga ba tseye bana ba bone e le dimpho tse di tswang kwa Modimong. (Isa. 49:15; 2 Tim. 3:1-3) Batsadi ba bangwe bone ba batla go tlhokomela bana ba bone, le fa go ntse jalo ba lebana le dikgwetlho. Ke dikgwetlho dife tseo? Jehofa o lebeletse gore batsadi ba dire eng? Batsadi ba Bakeresete ba ka godisa bana ba bone jang ka katlego?

DIKGWETLHO

  • Kgatelelo e e tswang mo masikeng le mo bathong ba bangwe. Mo dinageng tse dingwe, batsadi ba ba nang le bana ba le bantsi ba tlotliwa fela thata. Ka jalo, banyalani ba ka ikutlwa ba patelesega go nna le bana ba le bantsi ka ntlha ya se ba masika kgotsa batho ba bangwe ba se akanyang, le fa gone ba se kitla ba kgona go tlhokomela bana bao.

  • Go tshwenyega ka bokamoso. Mo mafelong a mangwe ga go na dijo tse di lekaneng, ga go na ditirelo tsa kalafi e bile go na le malwetse a le mantsi. Ka ntlha ya seno, banyalani ba nna le bana ba le bantsi gore fa ba bangwe ba ka tlhokafala ba sale ka ba bangwe. Bangwe ba nna le bana ba le bantsi gore ba tle ba ba tlhokomele fa ba setse ba tsofetse. Seno se direga thata mo dinageng di le dintsi tse go se nang thulaganyo ya go thusa bagodi mo go tsone.

  • Go thibela pelegi. Mo mafelong a mangwe, banyalani ga ba na dilo tse dintsi tse ba ka di dirisang go thibela pelegi. Bangwe ga ba batle go dirisa dithibelapelegi tsa maemo a kwa tlase ka gonne ba tshaba gore di ka ba lwatsa. Ba bangwe bone ga ba di dirise ka gonne di tura.a

JEHOFA O LEBELETSE GORE BATSADI BA DIRE ENG?

Lelapa le iketlile kwa phakeng. Rre o reeditse ka tlhoafalo fa morwadie yo o mo dingwageng tsa bosha a mo tshololela mafatlha, mmê ene o tshameka bolo le morwaabone.

Fetsang nako le ngwana mongwe le mongwe

Tlamela bana ba gago ka se ba se tlhokang. Jehofa o lebeletse gore batsadi ba dire ka natla go tlamela bana ba bone ka dijo, diaparo le lefelo la bonno go fitlha ba gola. Gape o lebeletse gore batsadi ba rute bana ba bone. Ka jalo, batsadi ga ba ise bana ba bone kwa dikolong tse di kgakala tse baithuti ba nnang kwa go tsone. Go na le moo, ba tlhomamisa gore ba tsena sekolo ba nna mo gae go fitlha ba gola, e bile ba ba thusa go nna le bokgoni jo ba ka bo dirisang fa ba setse ba godile. Gape ba fetsa nako le ngwana mongwe le mongwe wa bone gore a ikutlwe a sireletsegile e bile a ratiwa. Mme gone, Jehofa ga a lebelela gore batsadi e nne bahumi. Tota e bile, batsadi ba Jehofa a ba tlhophileng gore ba godise Morwawe ba ne ba se na madi a mantsi, mme ba ne ba dira ka natla gore ba mo tlamele.​—Math. 13:55, 56; Luke 2:24.

Molaomotheo wa Baebele: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba a nang le maikarabelo a go ba tlhokomela, mme segolobogolo maloko a lelapa la gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o sa dumeleng mo Modimong.”​—1 Tim. 5:8.

Jehofa o a itse gore batsadi ba ka tlhoka thuso fa ba setse ba godile. Tota e bile, bana ba bontsha gore ba tlotla batsadi ba bone fa ba rulaganya gore ba ba tlhokomele fa ba setse ba godile. (Ekes. 20:12; 1 Tim. 5:4) Le fa go ntse jalo, Jehofa o a itumela fa batsadi ba akanya ka gore ba tla tlhokomela bana ba bone jang, go na le go akanya ka gore bana ba bone ba tla ba tlhokomela jang.​—2 Bakor. 12:14.

Ruta bana ba gago ka Jehofa. Batsadi ba Bakeresete ba na le maikarabelo a go ruta bana ba bone go rata Jehofa le go mo obamela. Jehofa o tsaya tiro e batsadi ba e dirang ya go ruta bana ka ene e le selo sa botlhokwa fela thata.​—Dute. 6:6, 7.

Molaomotheo wa Baebele: “Tswelelang lo . . . godisa [bana ba lona] ka go ba otlhaya le go ba kaela ka tsela e Jehofa a batlang ka yone.”​—Baef. 6:4.

JEHOFA O BATLA GO LO THUSA

Monna le mosadi ba tlotla ba le mo ntlong ya bone. Go na le Baebele e e butsweng mo tafoleng e e fa pele ga bone.

Buisanang gore lo tla nna le bana ba le kae

Ithulaganyeng. Fa e le gore lo batla go nna le bana, akanyetsang maemo a lona sentle. Ka sekai, a lo tla nna le madi a a lekaneng a go tlhokomela bana ba bantsi? Fa e le gore ga go a nna jalo, bua le molekane wa gago mme lo dumalane gore lo tla nna le bana ba le ba kae. Fa lo ntse lo tlotla ka kgang eno, gopolang gore lo tlhoka go tlhokomela bana ka tsela e Jehofa a lebeletseng gore lo ba tlhokomele ka yone. Ke boammaaruri gore, Jehofa o a tlhaloganya gore mo botshelong ga se ka metlha dilo di tsamayang jaaka lo rulagantse. (Mor. 9:11) Mme gone, fa lo leka go dira se Jehofa a reng lo se dire, o tla segofatsa maiteko a lona.

Melaometheo ya Baebele: “Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege, mme botlhe ba ba dirang dilo ka mafega ba feleletsa ba humanegile.”​—Diane 21:5.

“Ke mang mo go lona yo e ka reng fa a batla go aga tora a bo a sa nne fa fatshe pele a bala ditshenyegelo, gore a bone gore a o na le madi a a lekaneng go e wetsa?”​—Luke 14:28.

Dirang gore Jehofa a tle pele mo lelapeng la lona. Dirang gore go obamela Jehofa e nne selo sa botlhokwa fela thata. Fa e le gore lo setse lo na le bana, ikemisetseng go ruta mongwe le mongwe wa bone ka Jehofa. Ba thuseng go tlhoma mogopolo le go ithuta fa ba le kwa dipokanong. Tlhomamisang gore lo nna le Kobamelo ya Lelapa beke le beke. Rutang bana ba lona go rera fa ba le mo tshimong. Lo se ka lwa kopa bana ba lona ba ba setseng ba godile, mongwe wa losika kgotsa motho ope fela go lo direla maikarabelo ao. Go thusa bana gore ba rate Jehofa go tlhoka nako le maatla a le mantsi, mme fa lo dira jalo lo tla itumelela masego a le mantsi.

Molaomotheo wa Baebele: “Ga go na sepe se se intumedisang go feta seno: go utlwa gore bana ba me ba sa ntse ba tsamaya mo boammaaruring.”​—3 Joh. 4.b

Ikanyeng Jehofa. Fa e le gore lo akanyetsa go nna le bana kgotsa lo setse lo na le bone, ikanyeng tsela ya ga Jehofa ya go godisa bana go na le go dira se se tlwaelegileng mo lefelong la lona.

Ditshwantsho: 1. Batsadi ba ntse go bapa le morwaabone kwa dipokanong. Morwaabone o tsholetsa seatla gore a arabele. 2. Lelapa lengwe le bereka mmogo mo tshimong. Rre o bereka le morwadiabone yo o mo dingwageng tsa bosha mo tshimong, mmê ene o bereka le bana ba bangwe ba babedi ba bannye.

Go thusa bana go direla Jehofa go tlhoka nako le maatla

Fa lo tlhopha go sa nne le bana ba le bantsi, tshepang gore Jehofa o tla lo tlhokomela fa lo setse lo godile. Lo se ka lwa ikutlwa lo patelesega go nna le bana ba le bantsi fela ka gonne lo batla gore ba lo tlhokomele fa lo setse lo godile. Ga lo tlhoke go tshwenyega ka gore ga go na ope yo o tla lo tlhokomelang. Jehofa o solofetsa gore o tla lo tlhokomela, mme ka metlha o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.​—Josh. 23:14.

Melaometheo ya Baebele: “Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe, mme o se ka wa ikanya tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ene o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”​—Diane 3:5, 6.

“Nkile ka bo ke le monnye mme jaanong ke tsofetse, le fa go ntse jalo, ga ke ise ke bone ope yo o siameng a latlhilwe.”​—Pes. 37:25.

“Ka jalo, nnang lo batle Bogosi le tshiamo ya gagwe pele, mme dilo tseno tse dingwe tsotlhe lo tla di okelediwa.”​—Math. 6:33.

Bana ke dimpho tse di rategang tse di tswang kwa go Jehofa. Eleruri Jehofa o a itumela fa batsadi ba ba godisa ka tsela e e siameng! Batsadi bano ba tsaya go godisa bana ka tsela ya ga Jehofa go le botlhokwa go na le se batho ba mo lefelong la bone ba se akanyang. Ka jalo, ba rulaganya gore ba nna le bana ba le kae e le gore ba kgone go ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang, go tlhomamisa gore ba itumetse le gore ba rata Jehofa. Fa batsadi ba dira jalo, ba bontsha gore ba rata bana ba bone fela thata ka gonne ba ba tsaya e le “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.”

Ga ba Ikwatlhaele Sepe

Rre le mmê ba kukile morwadiabone ba itumetse.

A batsadi ba lebana le dikgwetlho fa ba tlhopha go sa nne le bana ba le bantsi? Batsadi ba ba nnang mo dinageng tse di humanegileng ba nna ba ipotsa potso eno. Bona gore borre bangwe ba ba nnang mo dinageng dingwe tse di tshwanang le tseo ba reng ka kgang eno.

A batho ba ile ba lo gatelela gore lo nne le bana ba le bantsi?

“Ee, tota le bangwe mo phuthegong. Banyalani bangwe ba ile ba re botsa go re, ‘Goreng lo na le ngwana a le mongwe? Mono mo Africa, fa o na le morwa a le mongwe go tshwana fela le fa o se na ngwana. Fa o na le ba le babedi, go tshwana le fa o na le a le mongwe.’ Tota le morago ga gore re nne le ngwana wa bobedi ga ba a ka ba tlogela go re gatelela.”​—Jeremias

A lo lebane le dikgwetlho ka gonne lo tlhophile go sa nne le bana ba le bantsi?

“Nnyaa. E re ka re tlhophile go sa nne le bana ba le bantsi, nna le mosadi wa me re kgona go tlhokomela bana ba rona sentle. Sa botlhokwa le go feta, re kgona go ba thusa go atamalana le Jehofa. Ke goletse mo lelapeng la bana ba le bantsi, mme ke ile ka bona gore batsadi ba me ba ne ba sokola go re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang le go re tsenya sekolo.”​—Jeremias

Bana ba lona ba ikutlwa jang ka tshwetso e lo e dirileng?

“Bana ba rona ba itumetse e bile ba a lemoga gore ga ba lebane le dikgwetlho tse bana ba bangwe ba lebanang le tsone ka gonne batsadi ba bone ba sa kgone go ba tlhokomela sentle.”​—Filipe

“Fa bana ba rona ba ntse ba gola ba ne ba itumetse ka gonne ba ikutlwa ba sireletsegile e bile ba ratiwa. Re ne re tlhola re laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhomang sekao, mme ba ne ba re kgothaletsa go direla Jehofa mo go oketsegileng. Gompieno re kgona go bona bana ba rona ba etsa sekao sa bone.”​—Carlos

A go tlhopha go sa nne le bana ba le bantsi go lo tswetse mosola?

“Ka ntlha ya tshwetso e re e dirileng, re ile ra kgona go tlhokomela bana ba rona sentle. Mo e ka nnang dingwaga di le tharo tse di fetileng, ke ile ka latlhegelwa ke tiro e e neng e ntuela sentle. E re ka lelapa la rona le le lennye re ne re sa tlhoke madi a mantsi go reka se re neng re se tlhoka.”​—Jeremias

“Tshwetso ya rona e re thusitse gore re kgone go tlhokomela bana ba rona ka dilo tse ba di tlhokang, le go ba thusa go atamalana le Jehofa. Re ile ra kgona go direla kwa mafelong a go nang le tlhokego gone. Go motlhofo go fetsa nako le ngwana mongwe le mongwe wa rona le go mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang. Bana ba rona botlhe ba direla Jehofa e bile ba fitlheletse mekgele ya go mo direla mo go oketsegileng.”​—Lenadi

O ka rata go raya batsadi ba bangwe o reng?

“Ke bone boammaaruri jwa mafoko a a mo go Pesalema 34:10b. A re: ‘Ba ba senkang Jehofa bone, ga ba kitla ba tlhoka sepe se se molemo.’ Jehofa o re tlametse ka sengwe le sengwe se re se tlhokang.”​—Rafael

a Monna le mosadi ba tla itirela tshwetso ya gore ba tla nna le bana ba le kae, ba tla nna le bone leng le gore a ba tla dirisa dithibelapelegi. Ga go na ope yo o tshwanetseng go ba tshwayatshwaya phoso ka ditshwetso tse ba di dirang. (Bar. 14:4, 10-13) Le fa go ntse jalo, ga ba a tshwanela go dirisa dithibelapelegi tse di tla dirang gore ba senye mpa. Mo godimo ga moo, fa banyalani ba dira ditshwetso tseno ba tshwanetse go gopola kgakololo e e mo go 1 Bakorintha 7:3-5.

b “Bana” ba go buiwang ka bone mo temaneng eno, ke bangwe ba barutwa ba Johane a neng a ba ruta boammaaruri. Le fa go ntse jalo, batsadi le bone ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka bana ba bone ba ba direlang Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela